LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • 2 Ditiragalo 30
  • Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

Dintlha Tsa 2 Ditiragalo

      • Hesekia o keteka Tlolaganyo (1-27)

2 Ditiragalo 30:1

Ditshupiso

  • +2Dt 11:14, 16
  • +2Dt 34:1, 6, 7
  • +Ek 12:43; Lef 23:5; Dut 16:2; 2Dt 35:1

2 Ditiragalo 30:2

Ditshupiso

  • +Dip 9:10, 11

Dikgatiso Tse di Farologaneng

  • Kaedi ya go Dira Dipatlisiso

    “Lokwalo Longwe le Longwe,” ts. 83

2 Ditiragalo 30:3

Ditshupiso

  • +Ek 12:18
  • +2Dt 29:34

2 Ditiragalo 30:5

Ditshupiso

  • +Baa 18:29
  • +2Dt 35:18

2 Ditiragalo 30:6

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Seheb., “batabogi.”

Ditshupiso

  • +2Dk 15:29; 1Dt 5:26; 2Dt 28:20, 21

2 Ditiragalo 30:7

Ditshupiso

  • +2Dt 29:8, 9

2 Ditiragalo 30:8

Ditshupiso

  • +Ek 32:9
  • +Dut 12:5, 6; Pes. 132:13
  • +2Dt 29:10

2 Ditiragalo 30:9

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Kgotsa “pelontle.”

Ditshupiso

  • +1Dk 8:49, 50
  • +Dut 30:1-3
  • +Ek 34:6; Pes. 86:5; Mik 7:18
  • +2Dt 15:2; Isa 55:7; Jak 4:8

2 Ditiragalo 30:10

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Seheb., “batabogi.”

Ditshupiso

  • +2Dt 30:1
  • +2Dt 36:15, 16

2 Ditiragalo 30:11

Ditshupiso

  • +2Dt 11:14, 16

2 Ditiragalo 30:12

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Seheb., “gore a ba neye pelo e le nngwe.”

2 Ditiragalo 30:13

Ditshupiso

  • +Lef 23:6
  • +Dip 9:10, 11

2 Ditiragalo 30:14

Ditshupiso

  • +2Dk 18:22
  • +2Dt 28:24

2 Ditiragalo 30:16

Ditshupiso

  • +Lef 1:5

2 Ditiragalo 30:17

Ditshupiso

  • +2Dt 29:34

2 Ditiragalo 30:18

Ditshupiso

  • +2Dt 30:1
  • +Pes. 86:5

2 Ditiragalo 30:19

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Kgotsa “baakantseng pelo ya gagwe.”

Ditshupiso

  • +2Dt 19:2, 3; Esr 7:10
  • +Dip 9:6, 10

2 Ditiragalo 30:20

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Seheb., “fodisa.”

2 Ditiragalo 30:21

Ditshupiso

  • +Lef 23:6
  • +Dut 12:5, 7; Neh 8:10
  • +2Dt 29:25

2 Ditiragalo 30:22

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Seheb., “a bua le pelo ya bone.”

Ditshupiso

  • +Lef 23:6
  • +Lef 3:1

2 Ditiragalo 30:23

Ditshupiso

  • +1Dk 8:65

2 Ditiragalo 30:24

Ditshupiso

  • +2Dt 35:7, 8
  • +2Dt 29:34

2 Ditiragalo 30:25

Ditshupiso

  • +2Dt 30:11, 18
  • +Ek 12:49

2 Ditiragalo 30:26

Ditshupiso

  • +1Dk 8:65, 66

2 Ditiragalo 30:27

Ditshupiso

  • +Dip 6:23-26; Dut 10:8

Ditemana Tse dingwe

2 Ditir. 30:12Dt 11:14, 16
2 Ditir. 30:12Dt 34:1, 6, 7
2 Ditir. 30:1Ek 12:43; Lef 23:5; Dut 16:2; 2Dt 35:1
2 Ditir. 30:2Dip 9:10, 11
2 Ditir. 30:3Ek 12:18
2 Ditir. 30:32Dt 29:34
2 Ditir. 30:5Baa 18:29
2 Ditir. 30:52Dt 35:18
2 Ditir. 30:62Dk 15:29; 1Dt 5:26; 2Dt 28:20, 21
2 Ditir. 30:72Dt 29:8, 9
2 Ditir. 30:8Ek 32:9
2 Ditir. 30:8Dut 12:5, 6; Pes. 132:13
2 Ditir. 30:82Dt 29:10
2 Ditir. 30:91Dk 8:49, 50
2 Ditir. 30:9Dut 30:1-3
2 Ditir. 30:9Ek 34:6; Pes. 86:5; Mik 7:18
2 Ditir. 30:92Dt 15:2; Isa 55:7; Jak 4:8
2 Ditir. 30:102Dt 30:1
2 Ditir. 30:102Dt 36:15, 16
2 Ditir. 30:112Dt 11:14, 16
2 Ditir. 30:13Lef 23:6
2 Ditir. 30:13Dip 9:10, 11
2 Ditir. 30:142Dk 18:22
2 Ditir. 30:142Dt 28:24
2 Ditir. 30:16Lef 1:5
2 Ditir. 30:172Dt 29:34
2 Ditir. 30:182Dt 30:1
2 Ditir. 30:18Pes. 86:5
2 Ditir. 30:192Dt 19:2, 3; Esr 7:10
2 Ditir. 30:19Dip 9:6, 10
2 Ditir. 30:21Lef 23:6
2 Ditir. 30:21Dut 12:5, 7; Neh 8:10
2 Ditir. 30:212Dt 29:25
2 Ditir. 30:22Lef 23:6
2 Ditir. 30:22Lef 3:1
2 Ditir. 30:231Dk 8:65
2 Ditir. 30:242Dt 35:7, 8
2 Ditir. 30:242Dt 29:34
2 Ditir. 30:252Dt 30:11, 18
2 Ditir. 30:25Ek 12:49
2 Ditir. 30:261Dk 8:65, 66
2 Ditir. 30:27Dip 6:23-26; Dut 10:8
  • Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
  • 1
  • 2
  • 3
  • 4
  • 5
  • 6
  • 7
  • 8
  • 9
  • 10
  • 11
  • 12
  • 13
  • 14
  • 15
  • 16
  • 17
  • 18
  • 19
  • 20
  • 21
  • 22
  • 23
  • 24
  • 25
  • 26
  • 27
Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
2 Ditiragalo 30:1-27

Ditiragalo wa Bobedi

30 Hesekia o ne a romela molaetsa kwa bathong botlhe ba Iseraele+ le ba Juda, e bile o ne a kwalela batho ba Eferaime le Manase+ makwalo, gore ba tle kwa ntlong ya ga Jehofa kwa Jerusalema go tla go ketekela Jehofa, Modimo wa Iseraele Tlolaganyo.+ 2 Le fa go ntse jalo, kgosi, dikgosana tsa yone le phuthego yotlhe kwa Jerusalema ba ne ba swetsa ka gore ba keteke Tlolaganyo mo kgweding ya bobedi,+ 3 ka gonne ba ne ba sa kgona go e keteka ka nako ya gale le gale,+ ka ntlha ya gore baperesiti ba ba neng ba kgonne go iphepafatsa+ ba ne ba le mmalwa e bile batho ba ne ba sa phuthegela kwa Jerusalema. 4 Thulaganyo eno e ne ya lebega e siame mo matlhong a kgosi le mo phuthegong yotlhe. 5 Ka jalo, ba ne ba swetsa ka gore go dirwe kitsiso mo Iseraele yotlhe, go tswa kwa Beere-sheba go ya kwa Dana,+ ya gore batho ba tle go ketekela Jehofa, Modimo wa Iseraele Tlolaganyo mo Jerusalema, ka gonne ba ne ba sa e keteka e le setlhopha go ya ka se se kwadilweng mo Molaong.+

6 Foo barongwa* ba ne ba ralala Iseraele yotlhe le Juda ba tshotse makwalo a a tswang kwa kgosing le kwa dikgosaneng tsa yone, ba bua jaaka kgosi e ne e laetse ba re: “Batho ba Iseraele, boelang kwa go Jehofa, Modimo wa ga Aborahame, Isake le Iseraele, gore le ene a boele mo go ba ba setseng ba lona, ba ba falotseng mo seatleng sa dikgosi tsa Asiria.+ 7 Lo se ka lwa tshwana le borraalonamogolo le bomorwarraalona ba ba neng ba se ka ba ikanyega mo go Jehofa, Modimo wa borraabonemogolo, mo a neng a ba dira selo se se tshosang, fela jaaka lo bona.+ 8 Jaanong lo se ka lwa nna tlhogoethata jaaka borraalonamogolo.+ Ikobeleng Jehofa mme lo tle mo lefelong la gagwe le le boitshepo+ le a le dirileng boitshepo ka bosakhutleng mme lo direle Jehofa, Modimo wa lona, gore bogale jwa gagwe jo bo tukang bo fapoge mo go lona.+ 9 Gonne fa lo boela kwa go Jehofa, batho ba ba dirileng bomorwarraalona le bomorwaalona batshwarwa, ba tla ba utlwela botlhoko+ mme ba tla ba letla go boela mo lefatsheng leno+ ka gonne Jehofa, Modimo wa lona o pelotlhomogi*+ e bile o kutlwelobotlhoko, mme ga a kitla a faposa sefatlhego sa gagwe mo go lona fa lo boela kwa go ene.”+

10 Ka jalo, barongwa* ba ne ba tswa mo motseng o mongwe ba ya kwa go o mongwe go ralala lefatshe la Eferaime le la Manase,+ tota le go ya kwa Sebulone, mme batho ba ne ba dira metlae ka bone e bile ba ba sotla.+ 11 Le fa go ntse jalo, batho bangwe go tswa kwa Ashera, Manase le Sebulone ba ne ba ikokobetsa mme ba tla mo Jerusalema.+ 12 Gape seatla sa Modimo wa boammaaruri se ne se na le batho ba Juda gore a ba dire seoposengwe* gore ba diragatse se kgosi le dikgosana di neng di se laetse go ya ka se Jehofa a se buileng.

13 Boidiidi jwa batho bo ne jwa phuthegela kwa Jerusalema go ya go keteka Moletlo wa Senkgwe Se se Se Nang Sebediso+ mo kgweding ya bobedi;+ e ne le phuthego e kgolo thata. 14 Ba ne ba tlosa dibeso tse di neng di le mo Jerusalema+ e bile ba ne ba tlosa dibeso tsotlhe tsa maswalo+ ba bo ba di latlhela mo Mokgatšheng wa Kiderone. 15 Go tswa foo, ba ne ba tlhaba phologolo ya Tlolaganyo mo letsatsing la bo14 la kgwedi ya bobedi. Baperesiti le Balefi ba ne ba tlhabilwe ke ditlhong, ka jalo ba ne ba iphepafatsa ba bo ba tlisa ditlhabelo tse di fisiwang mo ntlong ya ga Jehofa. 16 Ba ne ba ema mo maemong a bone a gale le gale, go ya ka Molao wa ga Moshe monna wa Modimo wa boammaaruri; go tswa foo baperesiti ba ne ba kgatšha madi+ a ba a neilweng ke Balefi. 17 Go ne go na le batho ba le bantsi mo phuthegong ba ba neng ba sa iphepafatsa, mme Balefi ke bone ba ba neng ba tlhaba diphologolo tsa go dira ditlhabelo tsa Tlolaganyo ba di tlhabela botlhe ba ba neng ba itshekologile,+ gore ba ba phepafaletse Jehofa. 18 Gonne palo e kgolo ya batho, segolobogolo ba ba tswang kwa Eferaime, Manase,+ Isakare le Sebulone, ba ne ba sa iphepafatsa, mme gone ba ne ba ja Tlolaganyo, e leng se se sa dumalaneng le se se kwadilweng mo Molaong. Mme Hesekia o ne a ba rapelela a re: “E kete Jehofa, yo o molemo,+ a ka itshwarela 19 mongwe le mongwe yo o ikemiseditseng* go direla Modimo wa boammaaruri,+ e bong Jehofa, Modimo wa borraagwemogolo, le fa gone a ise a itshekise go ya ka melao ya boitshepo.”+ 20 Mme Jehofa o ne a reetsa Hesekia mme a itshwarela* batho.

21 Ka jalo, Baiseraele ba ba neng ba le kwa Jerusalema ba ne ba keteka Moletlo wa Senkgwe Se se Se Nang Sebediso+ malatsi a le supa ka boitumelo jo bogolo,+ mme Balefi le baperesiti ba ne ba opelela Jehofa letsatsi le letsatsi, ba leletsa diletswa tsa bone kwa godimo, ba di leletsa Jehofa.+ 22 Mo godimo ga moo, Hesekia o ne a bua le Balefi botlhe ba ba neng ba direla Jehofa ka botlhale a bo a ba kgothatsa.* Mme ba ne ba ja mo malatsing ao otlhe a a supa a moletlo,+ ba ntsha ditlhabelo tsa go abelana+ e bile ba leboga Jehofa, Modimo wa borraabonemogolo.

23 Go tswa foo, phuthego yotlhe e ne ya swetsa ka gore e keteke moletlo oo malatsi a mangwe gape a le supa, ka jalo ba ne ba o keteka ka boitumelo malatsi a mangwe gape a le supa.+ 24 Mme Kgosi Hesekia wa Juda o ne a ntshetsa phuthego moneelo wa dipoo di le 1 000 le dinku di le 7 000, mme dikgosana di ne tsa ntshetsa phuthego moneelo wa dipoo di le 1 000 le dinku di le 10 000;+ mme baperesiti ba ne ba iphepafatsa ba le bantsi.+ 25 Mme phuthego yotlhe ya Juda, baperesiti, Balefi, phuthego yotlhe e e neng e tswa kwa Iseraele+ le batswakwa+ ba ba neng ba tswa kwa lefatsheng la Iseraele le ba ba nnang mo Juda ba ne ba tswelela ba itumetse. 26 Go ne ga nna le boitumelo jo bogolo mo Jerusalema, ka gonne go simologa mo motlheng wa ga Solomone morwa Dafide, kgosi ya Iseraele, go ne go ise go ke go direge sengwe se se tshwanang le seno mo Jerusalema.+ 27 La bofelo baperesiti ba Balefi ba ne ba ema mme ba segofatsa batho;+ mme Modimo o ne a utlwa lentswe la bone e bile thapelo ya bone e ne ya fitlha kwa lefelong la gagwe le le boitshepo, e leng magodimo.

Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2025)
Tswa
Tsena
  • Setswana
  • Romela
  • Tse O ka Di Tlhophang
  • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
  • Melawana ya Tiriso
  • Molawana wa Tshireletsego
  • Di-setting Tsa Websaete
  • JW.ORG
  • Tsena
Romela