LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • 1 Bakorintha 3
  • Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

Dintlha Tsa 1 Bakorintha

      • Bakorintha ba sa ntse ba akanya ka tsela e batho ba ba laolwang ke dikeletso tsa bone ba akanyang ka yone (1-4)

      • Modimo o a godisa (5-9)

        • Re dira mmogo le Modimo (9)

      • Aga ka dilo tse di sa sheng (10-15)

      • Lo tempele ya Modimo (16, 17)

      • Botlhale jwa lefatshe ke boeleele mo Modimong (18-23)

1 Bakorintha 3:1

Ditshupiso

  • +1Bk 2:15; Bak 1:9
  • +1Bk 14:20

1 Bakorintha 3:2

Ditshupiso

  • +Bah 5:12-14

1 Bakorintha 3:3

Ditshupiso

  • +Bar 8:7, 8
  • +Bag 5:19, 20

1 Bakorintha 3:4

Ditshupiso

  • +Dit 18:24, 25

1 Bakorintha 3:5

Ditshupiso

  • +2Bk 3:5, 6; Bak 1:23; 1Ti 1:12

1 Bakorintha 3:6

Ditshupiso

  • +Dit 18:4
  • +Dit 18:26-28; 19:1

1 Bakorintha 3:7

Ditshupiso

  • +Bar 9:16

Dikgatiso Tse di Farologaneng

  • Kaedi ya go Dira Dipatlisiso

    Tora ya Tebelo,

    7/15/2008, ts. 12, 16

1 Bakorintha 3:8

Ditshupiso

  • +Bar 2:6; 1Bk 4:5; Tsh 22:12

Dikgatiso Tse di Farologaneng

  • Kaedi ya go Dira Dipatlisiso

    Bogosi Jwa Modimo bo a Busa!, ts. 92

    Tora ya Tebelo,

    7/15/2008, ts. 14

1 Bakorintha 3:9

Ditshupiso

  • +Bae 2:22; 1Pe 2:5

Dikgatiso Tse di Farologaneng

  • Kaedi ya go Dira Dipatlisiso

    Tora ya Tebelo,

    11/15/2012, ts. 17

    ‘Molatedi wa Me,’ ts. 132

1 Bakorintha 3:10

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Bona Ditlhaloso Tsa Mafoko.

  • *

    Kgotsa “mokaedi yo o botlhale wa ditiro.”

Ditshupiso

  • +Bar 15:20; Bah 6:1

1 Bakorintha 3:11

Ditshupiso

  • +Pes. 118:22; Isa 28:16; Mat 21:42; Bae 2:20; 1Pe 2:6

1 Bakorintha 3:12

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Kgotsa “serite.”

Dikgatiso Tse di Farologaneng

  • Kaedi ya go Dira Dipatlisiso

    Boitumelo mo Lelapeng, ts. 55

1 Bakorintha 3:13

Ditshupiso

  • +1Pe 4:12

1 Bakorintha 3:16

Ditshupiso

  • +2Bk 6:16; Bae 2:21; 1Pe 2:5
  • +1Bk 6:19

1 Bakorintha 3:17

Ditshupiso

  • +1Pe 2:5

1 Bakorintha 3:18

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Seger., “tsamaisong eno ya dilo.” Bona Ditlhaloso Tsa Mafoko.

1 Bakorintha 3:19

Ditshupiso

  • +Job 5:13

1 Bakorintha 3:20

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Bona Dintlha A5.

Ditshupiso

  • +Pes. 94:11

1 Bakorintha 3:22

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Gape o bidiwa Petere.

Ditshupiso

  • +1Bk 1:12

1 Bakorintha 3:23

Ditshupiso

  • +Joh 17:9; 2Bk 10:7

Ditemana Tse dingwe

1 Bakor. 3:11Bk 2:15; Bak 1:9
1 Bakor. 3:11Bk 14:20
1 Bakor. 3:2Bah 5:12-14
1 Bakor. 3:3Bar 8:7, 8
1 Bakor. 3:3Bag 5:19, 20
1 Bakor. 3:4Dit 18:24, 25
1 Bakor. 3:52Bk 3:5, 6; Bak 1:23; 1Ti 1:12
1 Bakor. 3:6Dit 18:4
1 Bakor. 3:6Dit 18:26-28; 19:1
1 Bakor. 3:7Bar 9:16
1 Bakor. 3:8Bar 2:6; 1Bk 4:5; Tsh 22:12
1 Bakor. 3:9Bae 2:22; 1Pe 2:5
1 Bakor. 3:10Bar 15:20; Bah 6:1
1 Bakor. 3:11Pes. 118:22; Isa 28:16; Mat 21:42; Bae 2:20; 1Pe 2:6
1 Bakor. 3:131Pe 4:12
1 Bakor. 3:162Bk 6:16; Bae 2:21; 1Pe 2:5
1 Bakor. 3:161Bk 6:19
1 Bakor. 3:171Pe 2:5
1 Bakor. 3:19Job 5:13
1 Bakor. 3:20Pes. 94:11
1 Bakor. 3:221Bk 1:12
1 Bakor. 3:23Joh 17:9; 2Bk 10:7
  • Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
  • 1
  • 2
  • 3
  • 4
  • 5
  • 6
  • 7
  • 8
  • 9
  • 10
  • 11
  • 12
  • 13
  • 14
  • 15
  • 16
  • 17
  • 18
  • 19
  • 20
  • 21
  • 22
  • 23
Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
1 Bakorintha 3:1-23

Bakorintha wa Ntlha

3 Bakaulengwe, ke ne ke sa kgone go bua le lona jaaka nka bua le batho ba ba kaelwang ke moya wa Modimo,+ mme ke ne ke bua le lona jaaka batho ba ba laolwang ke dikeletso tsa bone, ke ne ke bua le lona jaaka masea+ mo go Keresete. 2 Ke ne ka lo fepa ka mashi, e seng ka dijo, ka gonne lo ne lo ise lo nonofe sentle. Tota e bile, ga lo ise lo nonofe sentle le gone jaanong,+ 3 ka gonne lo sa ntse lo laolwa ke dikeletso tsa lona.+ E re ka go na le lefufa le dikgogakgogano mo gare ga lona, a ga lo laolwe ke dikeletso tsa lona+ e bile a ga lo itshware ka tsela e batho ba bangwe ba itshwarang ka yone? 4 Gonne fa mongwe a re: “Nna ke wa ga Paulo,” mme yo mongwe ene a re: “Nna ke wa ga Apolose,”+ a ga lo dire fela jaaka batho fela ba ba mo lefatsheng ba dira?

5 Jaanong Apolose ke mang? Paulo ke mang? Re badiredi+ ba ba dirang tiro e Morena a re e neileng, ba gape ba lo thusitseng go nna badumedi. 6 Ke ne ka jala,+ Apolose ene a nosetsa,+ mme Modimo o ne a nna a godisa, 7 mo e leng gore ga go galalediwe yo o jalang kgotsa yo o nosetsang, mme go galalediwa Modimo yo o godisang.+ 8 Jaanong yo o jalang le yo o nosetsang ba dira tiro e e tshwanang, mme motho mongwe le mongwe o tla amogela maduo a gagwe go ya ka tiro ya gagwe ya bonatla.+ 9 Gonne re dira mmogo le Modimo. Lona lo tshimo ya Modimo e e lengwang, kago ya Modimo.+

10 Modimo o ne a nnaya bopelonomi jo bogolo,* ke gone ka moo ke neng ka thaya motheo ka gonne ke le moagi yo o setswerere.*+ Mme gone, motho yo mongwe o aga mo motheong oo. Ka jalo, mongwe le mongwe o tshwanetse go tlhokomela kafa a agang mo go one ka teng. 11 Gonne ga go na motho ope yo o ka thayang motheo ope o mongwe ntle le o o thailweng, e bong Jesu Keresete.+ 12 Jaanong fa mongwe a aga mo motheong a dirisa gauta, selefera, maje a a tlhwatlhwakgolo, logong, bojang kgotsa lotlhaka,* 13 tiro ya mongwe le mongwe e tla bonala sentle gore ke ya mofuta ofe ka letsatsi la teko. Molelo o tla dira gore e bonale gore ke tiro ya mofuta ofe.+ 14 Fa tiro ya mongwe e sa ntse e eme mo motheong oo, o tla amogela maduo; 15 mme fa tiro ya mongwe e jewa ka molelo, o tla latlhegelwa, mme ene o tla bolokwa. Le fa go ntse jalo, o tla tshwana le motho yo o falolang mo molelong.

16 A ga lo itse gore lo tempele ya Modimo,+ le gore moya wa Modimo o nna mo go lona?+ 17 Fa mongwe a senya tempele ya Modimo, Modimo o tla mo senya; gonne tempele ya Modimo e boitshepo, mme lona lo tempele eo.+

18 A ope a se ka a itsietsa: Fa mongwe mo go lona a akanya gore o botlhale mo lefatsheng leno,* a a nne seeleele, gore a tle a nne botlhale. 19 Gonne botlhale jwa lefatshe leno ke boeleele mo Modimong, gonne go kwadilwe jaana: “Modimo o dira gore batho ba ba botlhale ba wele mo seraing sa bone.”+ 20 Mme gape ga twe: “Jehofa* o a itse gore dikakanyo tsa batho ba ba botlhale ga di na mosola.”+ 21 Ka jalo, a ope a se ka a ikgantsha ka dilo tse batho ba di dirang; ka gonne dilo tsotlhe ke tsa lona, 22 e ka ne e le Paulo kgotsa Apolose kgotsa Kefase*+ kgotsa lefatshe kgotsa botshelo kgotsa loso kgotsa dilo tse jaanong di leng teng kgotsa dilo tse di tla tlang, dilo tsotlhe ke tsa lona; 23 mme lona lo ba ga Keresete;+ Keresete le ene, ke wa Modimo.

Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2025)
Tswa
Tsena
  • Setswana
  • Romela
  • Tse O ka Di Tlhophang
  • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
  • Melawana ya Tiriso
  • Molawana wa Tshireletsego
  • Di-setting Tsa Websaete
  • JW.ORG
  • Tsena
Romela