LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • 2 Bakorintha 9
  • Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

Dintlha Tsa 2 Bakorintha

      • Ba rotloediwa go aba (1-15)

        • Modimo o rata yo o abang a itumetse (7)

2 Bakorintha 9:1

Ditshupiso

  • +Bar 15:26; 1Bk 16:1; 2Bk 9:12

2 Bakorintha 9:6

Ditshupiso

  • +Dia 11:24; 19:17; 22:9; Mor 11:1; Luk 6:38

2 Bakorintha 9:7

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Kgotsa “a sa batle.”

Ditshupiso

  • +Dut 15:7, 10
  • +Ek 22:29; Dia 11:25; Dit 20:35; Bah 13:16

Dikgatiso Tse di Farologaneng

  • Kaedi ya go Dira Dipatlisiso

    Bogosi Jwa Modimo bo a Busa!, ts. 196

    Tora ya Tebelo,

    9/1/2013, ts. 13

    12/1/2012, ts. 5

    Tsogang!,

    5/2008, ts. 21

2 Bakorintha 9:8

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Bona Ditlhaloso Tsa Mafoko.

Ditshupiso

  • +Dia 28:27; Mal 3:10; Baf 4:18, 19

2 Bakorintha 9:9

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Kgotsa “bopelotshweu.”

Ditshupiso

  • +Pes. 112:9

2 Bakorintha 9:11

Dikgatiso Tse di Farologaneng

  • Kaedi ya go Dira Dipatlisiso

    Bogosi Jwa Modimo bo a Busa!, ts. 210-212

2 Bakorintha 9:12

Ditshupiso

  • +Bar 15:26, 27; 2Bk 8:14

Dikgatiso Tse di Farologaneng

  • Kaedi ya go Dira Dipatlisiso

    Bogosi Jwa Modimo bo a Busa!, ts. 210-216

    Tora ya Tebelo,

    11/15/2000, ts. 11

2 Bakorintha 9:13

Ditshupiso

  • +Mat 5:16; Bah 13:16; Jak 1:27; 1Jo 3:17

Dikgatiso Tse di Farologaneng

  • Kaedi ya go Dira Dipatlisiso

    Bogosi Jwa Modimo bo a Busa!, ts. 210-212

2 Bakorintha 9:14

Dikgatiso Tse di Farologaneng

  • Kaedi ya go Dira Dipatlisiso

    Bogosi Jwa Modimo bo a Busa!, ts. 210-212, 216

2 Bakorintha 9:15

Dikgatiso Tse di Farologaneng

  • Kaedi ya go Dira Dipatlisiso

    Tora ya Tebelo (Ya Batho Botlhe),

    No. 2 2017 ts. 4

    Tora ya Tebelo⁠,

    1/2016⁠, ts. 9-⁠10

    12/15/2015, ts. 15

    Bogosi Jwa Modimo bo a Busa!, ts. 210-212

Ditemana Tse dingwe

2 Bakor. 9:1Bar 15:26; 1Bk 16:1; 2Bk 9:12
2 Bakor. 9:6Dia 11:24; 19:17; 22:9; Mor 11:1; Luk 6:38
2 Bakor. 9:7Dut 15:7, 10
2 Bakor. 9:7Ek 22:29; Dia 11:25; Dit 20:35; Bah 13:16
2 Bakor. 9:8Dia 28:27; Mal 3:10; Baf 4:18, 19
2 Bakor. 9:9Pes. 112:9
2 Bakor. 9:12Bar 15:26, 27; 2Bk 8:14
2 Bakor. 9:13Mat 5:16; Bah 13:16; Jak 1:27; 1Jo 3:17
  • Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
  • 1
  • 2
  • 3
  • 4
  • 5
  • 6
  • 7
  • 8
  • 9
  • 10
  • 11
  • 12
  • 13
  • 14
  • 15
Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
2 Bakorintha 9:1-15

Bakorintha wa Bobedi

9 Jaanong, ga go tlhokege gore ke lo kwalele ka tirelo e e tshwanetseng go direlwa ba ba boitshepo,+ 2 ka gonne ke a itse gore lo ikemiseditse go ba thusa. Ke ikgantsha ka lona mo Bakereseteng ba Makedonia. Ke ba boleletse gore lona kwa Akaia lo na le ngwaga lo ipaakanyeditse go thusa. Mme e re ka lo ikemiseditse go thusa, ba le bantsi ba bone ba batla go dira se se tshwanang. 3 Le fa go ntse jalo, ke romela bakaulengwe kwa go lona gore kgang eno e re ikgantshang ka yone ka lona e se ka ya nna ya lefela, le gore lo tla ipaakanyetsa go thusa fela jaaka ke ba boleletse gore lo tla dira. 4 Go seng jalo, fa Bakeresete ba Makedonia ba ka tla le nna mme ba fitlhela lo sa ipaakanya, re tla tlhabiwa ke ditlhong ka go bo re ile ra lo tshepa jalo mme le lona lo tla tlhabiwa ke ditlhong. 5 Ka jalo, ke bone go tlhokega gore ke rotloetse bakaulengwe gore ba tle kwa go lona go sa le gale mme ba tseye mpho e lo e solofeditseng, gore go bonale gore ga lo abe ka gonne re lo pateleditse mme lo dira jalo ka go rata.

6 Mme mo kgannyeng eno, ope fela yo o jalang go le gonnye o tla roba go le gonnye, mme ope fela yo o jalang go le gontsi o tla roba go le gontsi.+ 7 A mongwe le mongwe a dire fela jaaka a sweditse mo pelong, a se ka a dira ka go ikgoga fela* kgotsa ka go patelediwa,+ ka gonne Modimo o rata yo o abang a itumetse.+

8 Mo godimo ga moo, Modimo o na le maatla a go lo bontsha bopelonomi jwa gagwe jo bogolo* gore lo se ka lwa tlhoka sepe mme lo nne le dilo tse dintsi tse lo di tlhokang gore lo kgone go dira tiro nngwe le nngwe e e molemo.+ 9 (Fela jaaka go kwadilwe, “O abile ka bontsi;* o neile bahumanegi. Tshiamo ya gagwe e tswelela ka bosakhutleng.”+ 10 Jaanong Modimo yo o nayang mojadi peo ka bontsi le senkgwe gore a je o tla lo naya peo e lo ka e jalang a bo a e oketsa e bile o tla dira gore lo robe go le gontsi ka ntlha ya ditiro tsa lona tse di siameng.) 11 Modimo o lo segofatsa ka ditsela tse dintsi gore lo kgone go aba ka ditsela tse di farologaneng. Mme fa lo aba, seo se dira gore batho ba leboge Modimo; 12 ka gonne bodiredi jono bo thusa ba ba boitshepo gore ba nne le dilo tse ba di tlhokang+ e bile bo dira gore re leboge Modimo. 13 Fa lo aba lo ba bontsha gore lo batho ba ba ntseng jang, mme ba tla baka Modimo ka gonne lo dira dilo tse di dumalanang le dikgang tse di molemo tse lo di rerang ka ga Keresete, le ka gonne lo abela bone le batho ba bangwe dilo.+ 14 Mme ba tla lo rapelela ka tlhoafalo e bile ba tla lo rata ka ntlha ya bopelonomi jo bogolo jo Modimo a lo bo nayang.

15 A re lebogeng Modimo ka gonne o re neile mpho e re ka se kang ra kgona go e tlhalosa.

Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2025)
Tswa
Tsena
  • Setswana
  • Romela
  • Tse O ka Di Tlhophang
  • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
  • Melawana ya Tiriso
  • Molawana wa Tshireletsego
  • Di-setting Tsa Websaete
  • JW.ORG
  • Tsena
Romela