LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • 2 Bakorintha 2
  • Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

Dintlha Tsa 2 Bakorintha

      • Paulo o ikaeletse go tlisa boitumelo (1-4)

      • Moleofi o a itshwarelwa a bo a busediwa (5-11)

      • Paulo kwa Teroase le kwa Makedonia (12, 13)

      • Bodiredi, masole a a fentseng kwa ntweng (14-17)

        • Ga re dire kgwebo ka lefoko la Modimo (17)

2 Bakorintha 2:4

Ditshupiso

  • +2Bk 7:8, 9

2 Bakorintha 2:5

Ditshupiso

  • +1Bk 5:1

2 Bakorintha 2:7

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Kgotsa “komediwa.”

Ditshupiso

  • +Luk 15:23, 24
  • +Bah 12:12

Dikgatiso Tse di Farologaneng

  • Kaedi ya go Dira Dipatlisiso

    Tora ya Tebelo,

    6/15/2010, ts. 13

2 Bakorintha 2:8

Ditshupiso

  • +Bar 12:10

Dikgatiso Tse di Farologaneng

  • Kaedi ya go Dira Dipatlisiso

    Tora ya Tebelo,

    8/15/2013, ts. 20

2 Bakorintha 2:10

Dikgatiso Tse di Farologaneng

  • Kaedi ya go Dira Dipatlisiso

    Tora ya Tebelo,

    1/15/2006, ts. 29

2 Bakorintha 2:11

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Kgotsa “maikaelelo; maano.”

Ditshupiso

  • +Luk 22:31; 2Ti 2:26
  • +Bae 6:11, 12; 1Pe 5:8

Dikgatiso Tse di Farologaneng

  • Kaedi ya go Dira Dipatlisiso

    Tora ya Tebelo,

    11/15/2006, ts. 27

    1/15/2006, ts. 29

    8/15/2002, ts. 26-⁠28

2 Bakorintha 2:12

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Seger., “ke bulelwa kgoro.”

Ditshupiso

  • +Dit 16:8

Dikgatiso Tse di Farologaneng

  • Kaedi ya go Dira Dipatlisiso

    Go Naya Bosupi, ts. 166

2 Bakorintha 2:13

Ditshupiso

  • +Bag 2:3; Tit 1:4
  • +2Bk 7:5

Dikgatiso Tse di Farologaneng

  • Kaedi ya go Dira Dipatlisiso

    Go Naya Bosupi, ts. 166

2 Bakorintha 2:14

Dikgatiso Tse di Farologaneng

  • Kaedi ya go Dira Dipatlisiso

    Tora ya Tebelo,

    8/1/2010, ts. 23

    9/1/2005, ts. 31

2 Bakorintha 2:15

Dikgatiso Tse di Farologaneng

  • Kaedi ya go Dira Dipatlisiso

    Tora ya Tebelo,

    8/1/2010, ts. 23

    7/15/2008, ts. 28

    9/1/2005, ts. 31

2 Bakorintha 2:16

Ditshupiso

  • +Joh 15:19; 2Bk 4:3; 1Pe 2:7, 8

Dikgatiso Tse di Farologaneng

  • Kaedi ya go Dira Dipatlisiso

    Tora ya Tebelo,

    8/1/2010, ts. 23

    7/15/2008, ts. 28

    9/1/2005, ts. 31

2 Bakorintha 2:17

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Kgotsa “ga re dire poelo.”

Ditshupiso

  • +2Bk 4:2

Ditemana Tse dingwe

2 Bakor. 2:42Bk 7:8, 9
2 Bakor. 2:51Bk 5:1
2 Bakor. 2:7Luk 15:23, 24
2 Bakor. 2:7Bah 12:12
2 Bakor. 2:8Bar 12:10
2 Bakor. 2:11Luk 22:31; 2Ti 2:26
2 Bakor. 2:11Bae 6:11, 12; 1Pe 5:8
2 Bakor. 2:12Dit 16:8
2 Bakor. 2:13Bag 2:3; Tit 1:4
2 Bakor. 2:132Bk 7:5
2 Bakor. 2:16Joh 15:19; 2Bk 4:3; 1Pe 2:7, 8
2 Bakor. 2:172Bk 4:2
  • Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
  • 1
  • 2
  • 3
  • 4
  • 5
  • 6
  • 7
  • 8
  • 9
  • 10
  • 11
  • 12
  • 13
  • 14
  • 15
  • 16
  • 17
Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
2 Bakorintha 2:1-17

Bakorintha wa Bobedi

2 Gonne ke dirile tshwetso ya gore ke se ka ka tla kwa go lona gape gore ke se ka ka lo utlwisa botlhoko. 2 Gonne fa ke lo utlwisa botlhoko, ke mang yo o tla dirang gore ke itumele fa e se ene yo ke mo utlwisitseng botlhoko? 3 Ke gone ka moo ke neng ka lo kwalela, gore fa ke tla ke se ka ka utlwa botlhoko ka ntlha ya lona mme ke itumele, ka gonne ke a itse gore se se dirang gore ke itumele se dira gore le lona lo itumele. 4 Ke ne ka lo kwalela ke lela thata, ke tshwenyegile e bile pelo ya me e utlwile botlhoko thata, e seng ka boikaelelo jwa gore ke lo utlwise botlhoko,+ mme gore lo itse kafa ke lo ratang thata ka gone.

5 Jaanong fa e le gore go na le mongwe yo o lo utlwisitseng botlhoko,+ ga a utlwisa nna botlhoko, mme o utlwisitse lona botlhoko. Mme gone, ga ke a ikaelela go lo tlhaba ka mafoko. 6 Tsela e motho yoo yo o leofileng a kgalemilweng ke batho ba le bantsi ka yone e lekane; 7 jaanong lo tshwanetse go mo itshwarela ka pelo yotlhe le go mo gomotsa,+ gore a se ka a fekeediwa* ke go utlwa botlhoko jo bo feteletseng.+ 8 Ka jalo, ke lo rotloetsa gore lo mo tlhomamisetse gore lo a mo rata.+ 9 Gape ke ne ka lo kwalela ka mabaka ano: Go bona gore a lo tla reetsa dilo tsotlhe tse ke di lo kwaletseng. 10 Fa lo itshwarela mongwe le mongwe ka sepe fela se a se dirileng, le nna ke a mo itshwarela. Tota e bile, mongwe le mongwe yo ke mo itshwaretseng, (fa e le gore ke ne ke tlhoka go itshwarela mongwe) ke ne ke mo itshwarela e le go thusa lona e bile Keresete e ne e le mosupi wa gore ke dirile jalo, 11 gore re se ka ra tsiediwa ke Satane,+ ka gonne re itse ditsela* tse a di dirisang go re raela.+

12 Jaanong e rile ke goroga kwa Teroase+ gore ke bolele dikgang tse di molemo ka ga Keresete, mme ke bulegelwa ke tshono* mo tirong ya Morena, 13 ke ne ka tshwenyega thata ka gonne ke sa bone Tito,+ mokaulengwe wa me. Ka jalo, ke ne ka ba sadisa sentle mme ka ya Makedonia.+

14 Mme a re lebogeng Modimo, yo ka metlha a re etelelang pele re na le Keresete jaaka e kete o etelela pele masole a a tswang kwa ntweng a fentse. Kitso ya Modimo ke sengwe se se nkgang monate e bile Modimo o dira gore batho mo lefelong lengwe le lengwe ba utlwe monko wa yone a dirisa tiro e re e dirang! 15 Gonne mo Modimong re lonko lo lo monate lwa ga Keresete mo go ba ba bolokwang le mo go ba ba nyelelang; 16 mo go ba ba nyelelang re lonko lo lo tswang mo losong lo ya losong,+ mo go ba ba bolokwang re lonko lo lo tswang mo botshelong lo ya botshelong. Mme ke mang yo o tshwanelegang go dira tiro eno? 17 Ke rona, ka gonne ga re dire kgwebo* ka lefoko la Modimo+ jaaka batho ba le bantsi ba dira, mme re bua ka dipelo tse di phepa re le balatedi ba ga Keresete fa pele ga Modimo e bile re romilwe ke Modimo.

Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2025)
Tswa
Tsena
  • Setswana
  • Romela
  • Tse O ka Di Tlhophang
  • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
  • Melawana ya Tiriso
  • Molawana wa Tshireletsego
  • Di-setting Tsa Websaete
  • JW.ORG
  • Tsena
Romela