LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • 1 Dikgosi 18
  • Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

Dintlha Tsa 1 Dikgosi

      • Elija o kopana le Obadia le Ahabe (1-18)

      • Elija le baporofeti ba ga Baale kwa Karemele (19-40)

        • Ba “okaoka fa gare ga maikutlo a mabedi” (21)

      • Leuba la dingwaga tse tharo le halofo le a fela (41-46)

1 Dikgosi 18:1

Ditshupiso

  • +Luk 4:25; Jak 5:17
  • +Pes. 65:9, 10; Jer 14:22

Dikgatiso Tse di Farologaneng

  • Kaedi ya go Dira Dipatlisiso

    Tora ya Tebelo,

    4/1/2008, ts. 19

1 Dikgosi 18:2

Ditshupiso

  • +Lef 26:26; Dut 28:24

1 Dikgosi 18:3

Dikgatiso Tse di Farologaneng

  • Kaedi ya go Dira Dipatlisiso

    Tora ya Tebelo,

    10/1/2006, ts. 20

1 Dikgosi 18:4

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Seheb., “kgaola.”

Ditshupiso

  • +1Dk 16:31

Dikgatiso Tse di Farologaneng

  • Kaedi ya go Dira Dipatlisiso

    Tora ya Tebelo,

    10/1/2006, ts. 20

1 Dikgosi 18:5

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Kgotsa “kwa melapong.”

1 Dikgosi 18:7

Ditshupiso

  • +2Dk 1:8

1 Dikgosi 18:10

Ditshupiso

  • +1Dk 17:2, 3

1 Dikgosi 18:12

Ditshupiso

  • +2Dk 2:15, 16; Mat 4:1; Dit 8:39

1 Dikgosi 18:13

Ditshupiso

  • +1Dk 18:4

1 Dikgosi 18:15

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Seheb., “yo ke emang fa pele ga gagwe.”

1 Dikgosi 18:17

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Kgotsa “yo o tlisang matlhabisaditlhong.”

1 Dikgosi 18:18

Ditshupiso

  • +Ek 20:4; 1Dk 9:9; 16:30-33

1 Dikgosi 18:19

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Bona Ditlhaloso Tsa Mafoko.

Ditshupiso

  • +Jos 19:26, 31
  • +1Dk 16:33

1 Dikgosi 18:21

Ditshupiso

  • +Jer 2:11; Hos 10:2; Mat 12:30; 1Bk 10:21; 2Bk 6:14, 15
  • +Ek 20:5; Jos 24:15; 1Sa 7:3; Pes. 100:3

Dikgatiso Tse di Farologaneng

  • Kaedi ya go Dira Dipatlisiso

    Tora ya Tebelo,

    3/2017, ts. 14-⁠15

    Etsa Tumelo ya Bone, ts. 86-⁠87

    Tora ya Tebelo,

    1/1/2008, ts. 19

    12/15/2005, ts. 24-29

    7/1/2005, ts. 30-⁠31

1 Dikgosi 18:22

Ditshupiso

  • +1Dk 19:9, 10

1 Dikgosi 18:23

Dikgatiso Tse di Farologaneng

  • Kaedi ya go Dira Dipatlisiso

    Etsa Tumelo ya Bone, ts. 88

    Tora ya Tebelo,

    1/1/2008, ts. 19

1 Dikgosi 18:24

Ditshupiso

  • +Baa 6:31
  • +Lef 9:23, 24; Dut 4:24; Baa 6:21; 1Dt 21:26; 2Dt 7:1

1 Dikgosi 18:26

Ditshupiso

  • +Isa 45:20; Jer 10:5; Dan 5:23; Hab 2:18, 19; 1Bk 8:4

1 Dikgosi 18:27

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Kgotsa gongwe “o tsere loeto.”

Ditshupiso

  • +Isa 41:23

Dikgatiso Tse di Farologaneng

  • Kaedi ya go Dira Dipatlisiso

    Etsa Tumelo ya Bone, ts. 88

    Tora ya Tebelo,

    1/1/2008, ts. 20

1 Dikgosi 18:29

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Kgotsa “ba itshwara jaaka baporofeti.”

Ditshupiso

  • +Isa 44:19, 20

1 Dikgosi 18:30

Ditshupiso

  • +1Dk 19:14

Dikgatiso Tse di Farologaneng

  • Kaedi ya go Dira Dipatlisiso

    Etsa Tumelo ya Bone, ts. 88-⁠90

    Tora ya Tebelo,

    1/1/2008, ts. 20

    12/15/2005, ts. 26

1 Dikgosi 18:31

Ditshupiso

  • +Ge 32:28, 30; 35:10; Isa 48:1

Dikgatiso Tse di Farologaneng

  • Kaedi ya go Dira Dipatlisiso

    Etsa Tumelo ya Bone, ts. 88-⁠90

    Tora ya Tebelo,

    1/1/2008, ts. 20

1 Dikgosi 18:32

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Seheb., “ya dilekanyo tsa sea.” Sea e lekana le 7,33 L. Bona Dintlha B14.

Ditshupiso

  • +Ek 20:25; Dut 27:6

1 Dikgosi 18:33

Ditshupiso

  • +Ge 22:9; Lef 1:7, 8

1 Dikgosi 18:36

Ditshupiso

  • +Ek 29:41
  • +Ge 26:24
  • +Ge 28:13
  • +Dip 16:28; Joh 11:42

Dikgatiso Tse di Farologaneng

  • Kaedi ya go Dira Dipatlisiso

    Etsa Tumelo ya Bone, ts. 90

    Tora ya Tebelo,

    10/1/2010, ts. 4-5

    1/1/2008, ts. 20

1 Dikgosi 18:37

Ditshupiso

  • +Jer 31:18; Esk 33:11

Dikgatiso Tse di Farologaneng

  • Kaedi ya go Dira Dipatlisiso

    Etsa Tumelo ya Bone, ts. 90

    Tora ya Tebelo,

    10/1/2010, ts. 4-5

    1/1/2008, ts. 20

1 Dikgosi 18:38

Ditshupiso

  • +Lef 9:23, 24; Baa 6:21; 2Dt 7:1
  • +1Dk 18:23, 24

1 Dikgosi 18:40

Ditshupiso

  • +Baa 5:20, 21; Pes. 83:9
  • +Dut 13:1-5; 18:20

Dikgatiso Tse di Farologaneng

  • Kaedi ya go Dira Dipatlisiso

    Etsa Tumelo ya Bone, ts. 90-⁠91

    Tora ya Tebelo,

    1/1/2008, ts. 20-⁠21

1 Dikgosi 18:41

Ditshupiso

  • +1Dk 17:1

Dikgatiso Tse di Farologaneng

  • Kaedi ya go Dira Dipatlisiso

    Etsa Tumelo ya Bone, ts. 93, 94-⁠95

    Tora ya Tebelo,

    4/1/2008, ts. 17-⁠18

1 Dikgosi 18:42

Ditshupiso

  • +Jak 5:17, 18

Dikgatiso Tse di Farologaneng

  • Kaedi ya go Dira Dipatlisiso

    Etsa Tumelo ya Bone, ts. 93-⁠94

    Tora ya Tebelo,

    4/1/2008, ts. 17-⁠18

1 Dikgosi 18:43

Dikgatiso Tse di Farologaneng

  • Kaedi ya go Dira Dipatlisiso

    Etsa Tumelo ya Bone, ts. 94-⁠95

    Tora ya Tebelo,

    4/1/2008, ts. 18-⁠19

1 Dikgosi 18:44

Dikgatiso Tse di Farologaneng

  • Kaedi ya go Dira Dipatlisiso

    Etsa Tumelo ya Bone, ts. 95-⁠97

    Tora ya Tebelo,

    1/1/2009, ts. 15-16

    4/1/2008, ts. 18-⁠20

1 Dikgosi 18:45

Ditshupiso

  • +1Sa 12:18; Job 38:37
  • +Jos 19:17, 18; 1Dk 21:1

Dikgatiso Tse di Farologaneng

  • Kaedi ya go Dira Dipatlisiso

    Etsa Tumelo ya Bone, ts. 97

    Tora ya Tebelo,

    4/1/2008, ts. 20

1 Dikgosi 18:46

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Kgotsa “gatlha.”

Dikgatiso Tse di Farologaneng

  • Kaedi ya go Dira Dipatlisiso

    Etsa Tumelo ya Bone, ts. 98-⁠99

    Tora ya Tebelo,

    7/1/2011, ts. 18

    4/1/2008, ts. 20

Ditemana Tse dingwe

1 Dikg. 18:1Luk 4:25; Jak 5:17
1 Dikg. 18:1Pes. 65:9, 10; Jer 14:22
1 Dikg. 18:2Lef 26:26; Dut 28:24
1 Dikg. 18:41Dk 16:31
1 Dikg. 18:72Dk 1:8
1 Dikg. 18:101Dk 17:2, 3
1 Dikg. 18:122Dk 2:15, 16; Mat 4:1; Dit 8:39
1 Dikg. 18:131Dk 18:4
1 Dikg. 18:18Ek 20:4; 1Dk 9:9; 16:30-33
1 Dikg. 18:19Jos 19:26, 31
1 Dikg. 18:191Dk 16:33
1 Dikg. 18:21Jer 2:11; Hos 10:2; Mat 12:30; 1Bk 10:21; 2Bk 6:14, 15
1 Dikg. 18:21Ek 20:5; Jos 24:15; 1Sa 7:3; Pes. 100:3
1 Dikg. 18:221Dk 19:9, 10
1 Dikg. 18:24Baa 6:31
1 Dikg. 18:24Lef 9:23, 24; Dut 4:24; Baa 6:21; 1Dt 21:26; 2Dt 7:1
1 Dikg. 18:26Isa 45:20; Jer 10:5; Dan 5:23; Hab 2:18, 19; 1Bk 8:4
1 Dikg. 18:27Isa 41:23
1 Dikg. 18:29Isa 44:19, 20
1 Dikg. 18:301Dk 19:14
1 Dikg. 18:31Ge 32:28, 30; 35:10; Isa 48:1
1 Dikg. 18:32Ek 20:25; Dut 27:6
1 Dikg. 18:33Ge 22:9; Lef 1:7, 8
1 Dikg. 18:36Ek 29:41
1 Dikg. 18:36Ge 26:24
1 Dikg. 18:36Ge 28:13
1 Dikg. 18:36Dip 16:28; Joh 11:42
1 Dikg. 18:37Jer 31:18; Esk 33:11
1 Dikg. 18:38Lef 9:23, 24; Baa 6:21; 2Dt 7:1
1 Dikg. 18:381Dk 18:23, 24
1 Dikg. 18:40Baa 5:20, 21; Pes. 83:9
1 Dikg. 18:40Dut 13:1-5; 18:20
1 Dikg. 18:411Dk 17:1
1 Dikg. 18:42Jak 5:17, 18
1 Dikg. 18:451Sa 12:18; Job 38:37
1 Dikg. 18:45Jos 19:17, 18; 1Dk 21:1
  • Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
  • 1
  • 2
  • 3
  • 4
  • 5
  • 6
  • 7
  • 8
  • 9
  • 10
  • 11
  • 12
  • 13
  • 14
  • 15
  • 16
  • 17
  • 18
  • 19
  • 20
  • 21
  • 22
  • 23
  • 24
  • 25
  • 26
  • 27
  • 28
  • 29
  • 30
  • 31
  • 32
  • 33
  • 34
  • 35
  • 36
  • 37
  • 38
  • 39
  • 40
  • 41
  • 42
  • 43
  • 44
  • 45
  • 46
Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
1 Dikgosi 18:1-46

Dikgosi wa Ntlha

18 Morago ga nako e e rileng, mo ngwageng wa boraro,+ Jehofa o ne a raya Elija a re: “Tsamaya o ye go itlhagisa kwa go Ahabe, mme ke tla romela pula mo lefatsheng.”+ 2 Ka jalo, Elija o ne a ya go itlhagisa kwa go Ahabe, fa leuba le ne le le maswe+ mo Samarea.

3 Mo nakong eo, Ahabe o ne a bitsa Obadia, yo o neng a okametse ntlo ya kgosi. (Jaanong Obadia o ne a boifa Jehofa thata, 4 mme fa Jesebele+ a ne a fedisa* baporofeti ba ga Jehofa, Obadia o ne a tsaya baporofeti ba le 100 a bo a ba fitlha mo logageng ka ditlhopha tsa 50, mme o ne a ba tlamela ka senkgwe le metsi.) 5 Go tswa foo, Ahabe o ne a raya Obadia a re: “Ralala lefatshe o ye kwa metsweding yotlhe ya metsi le kwa mekgatšheng* yotlhe. Gongwe re ka bona bojang jo bo lekaneng gore dipitse le bommoulo di tswelele di tshela mme diphologolo tsa rona di se ka tsa swa tsotlhe.” 6 Ka jalo, ba ne ba kgaogana lefatshe le ba neng ba ya go le ralala. Ahabe o ne a tsamaya a le nosi ka tsela e nngwe, mme Obadia a tsamaya a le nosi ka tsela e nngwe.

7 Fa Obadia a ne a le mo tseleng, Elija o ne a le foo a tlile go mo kgatlhantsha. Gone fela foo o ne a mo lemoga mme a khubama a bo a inama a re: “A ke wena, morena wa me Elija?”+ 8 O ne a mo araba a re: “Ke nna. Tsamaya o ye go bolelela morena wa gago o re: ‘Elija o fano.’” 9 Le fa go ntse jalo, Obadia o ne a re: “Ke dirile boleo bofe gore o tsenye motlhanka wa gago mo seatleng sa ga Ahabe gore a mpolaye? 10 Ke ikana ka Jehofa Modimo wa gago, Modimo yo o tshelang. Ga go na setšhaba sepe kgotsa bogosi bope jo morena wa me a sa romang batho kwa go jone a go batla. Fa ba sena gore, ‘Ga a yo fano,’ o ne a dira gore bogosi joo le setšhaba seo ba ikane gore ga ba ise ba go bone.+ 11 Jaanong o nthaya o re, ‘Tsamaya o ye go bolelela morena wa gago o re: “Elija o fano.”’ 12 Fa ke kgaogana le wena, moya wa ga Jehofa o tla go isa+ kwa lefelong le ke sa le itseng, mme fa ke bolelela Ahabe a bo a sa go bone, ruri o tla mpolaya. Mme motlhanka wa gago o ntse a boifa Jehofa go tloga a sa le mosha. 13 A morena wa me ga a bolelelwa se ke neng ka se dira fa Jesebele a ne a bolaya baporofeti ba ga Jehofa, kafa ke neng ka fitlha baporofeti ba ga Jehofa ba le 100 ka teng ka ditlhopha tsa ba le 50 mo logageng mme ka nna ke ba tlamela ka senkgwe le metsi?+ 14 Mme jaanong o nthaya o re, ‘Tsamaya o ye go bolelela morena wa gago o re: “Elija o fano.”’ Ruri o tla mpolaya.” 15 Le fa go ntse jalo, Elija o ne a re: “Ke ikana ka Jehofa Modimo yo o tshelang wa masomosomo yo ke mo direlang,* gompieno ke tla itlhagisa kwa go Ahabe.”

16 Ka jalo, Obadia o ne a ya go kgatlhantsha Ahabe a bo a mmolelela, mme Ahabe o ne a ya go kgatlhantsha Elija.

17 Fela fa Ahabe a bona Elija, o ne a mo raya a re: “A ke wena, wena yo o tlisang mathata a magolo* mo Iseraele?”

18 Foo Elija o ne a mo raya a re: “Ga ke a tlisa mathata ape mo Iseraele, mme a tlisitswe ke wena le ba lelapa la ga rrago, ka go tlogela ditaelo tsa ga Jehofa le ka go sala Bobaale+ morago. 19 Mme jaanong phuthela Baiseraele botlhe kwa go nna kwa Thabeng ya Karemele,+ mmogo le baporofeti ba ga Baale ba ba 450 le baporofeti ba kota e e boitshepo*+ ba ba 400, ba ba jang mo tafoleng ya ga Jesebele.” 20 Ka jalo, Ahabe o ne a romela molaetsa kwa bathong botlhe ba Iseraele mme a phuthela baporofeti kwa Thabeng ya Karemele.

21 Go tswa foo, Elija o ne a atamela batho botlhe a bo a re: “Lo tla okaoka fa gare ga maikutlo a mabedi a a sa tshwaneng ka lobaka lo lo kae?+ Fa e le gore Jehofa ke Modimo wa boammaaruri, mo saleng morago;+ mme fa e le gore Baale ke Modimo wa boammaaruri, mo saleng morago!” Le fa go ntse jalo, batho ba ne ba se ka ba mo araba. 22 Morago ga moo, Elija o ne a raya batho a re: “Ke nna fela moporofeti wa ga Jehofa yo o setseng,+ fa baporofeti ba ga Baale bone e le banna ba le 450. 23 Mma ba re neye dipowana tse pedi, mme a ba tlhophe powana e le nngwe, ba e segelele ba bo ba e baya mo dikgonnyeng, mme ba se ka ba e fisa ka molelo. Ke tla baakanya powana e nngwe ke bo ke e baya mo dikgonnyeng, mme ga nkitla ke e fisa ka molelo. 24 Go tswa foo, lo bitse leina la modimo wa lona,+ mme nna ke tla bitsa leina la ga Jehofa. Modimo yo o tla arabang ka molelo o tla bo a itshupa gore ke ene Modimo wa boammaaruri.”+ Foo batho botlhe ba ne ba araba ba re: “Se o se buang se molemo.”

25 Jaanong Elija o ne a raya baporofeti ba ga Baale a re: “Tlhophang powana e le nngwe mme lo e baakanye pele, ka gonne lona lo bantsi. Go tswa foo, lo bitse leina la modimo wa lona, mme lo se ka lwa e fisa ka molelo.” 26 Ka jalo, ba ne ba tsaya powana e ba neng ba e neilwe ba bo ba e baakanya, mme ba nna ba bitsa leina la ga Baale go tloga mo mosong go fitlha ka sethoboloko, ba re: “Ao tlhe Baale, re arabe!” Mme go ne go se na lentswe lepe e bile go se na ope yo o arabang.+ Ba ne ba nna ba tlolatlola go dikologa sebeso se ba neng ba se dirile. 27 Mo e ka nnang ka sethoboloko, Elija o ne a simolola go ba sotla mme a re: “Goang ka lentswe le le kwa godimo! Kana ke modimo!+ Gongwe o tshwanetse a bo a akanya ka sengwe kgotsa o ile go ithoma.* Kgotsa gongwe o robetse mme mongwe o tlhoka go mo tsosa!” 28 Ba ne ba goa ka lentswe le le kwa godimo mme ba itshegaka ka dithipa tse di magale mabedi le ka marumo, go ya ka tlwaelo ya bone, go fitlha madi a elela mo go bone. 29 Sethoboloko se ne se setse se fetile, mme ba ne ba tswelela ba itshwara ka tsela e e sa tlwaelegang* go fitlha ka nako ya fa go isiwa setlhabelo sa dijo tsa ditlhaka sa maitseboa, le fa go ntse jalo, go ne go se na lentswe lepe e bile go se na ope yo o arabang; go ne go se na ope yo o reeditseng.+

30 La bofelo Elija o ne a raya batho botlhe a re: “Nkatameleng.” Ka jalo, batho botlhe ba ne ba mo atamela. Go tswa foo, o ne a baakanya sebeso sa ga Jehofa se se neng se sentswe.+ 31 Foo Elija o ne a tsaya maje a le 12, a a lekanang le palo ya ditso tsa bomorwa Jakobe, yo Jehofa a kileng a bua le ene a re: “Leina la gago e tla nna Iseraele.”+ 32 O ne a aga sebeso+ mo leineng la ga Jehofa ka maje ao. Go tswa foo, o ne a dira mosele go dikologa sebeso, o o neng o lekana le karolo e mo go yone go ka jalwang peo ya selekanyo sa dimmanki* di le pedi. 33 Morago ga moo, o ne a baya dikgong ka thulaganyo, a segelela powana a bo a e baya mo dikgonnyeng.+ Jaanong o ne a re: “Tlatsang dinkgo tse dikgolo di le nnê ka metsi lo bo lo a tshela mo setlhabelong se se fisiwang le mo dikgonnyeng.” 34 Go tswa foo, o ne a re: “Dirang jalo gape.” Ka jalo, ba ne ba dira jalo gape. A ba raya gape a re: “Dirang jalo lekgetlo la boraro.” Ka jalo, ba ne ba dira jalo lekgetlo la boraro. 35 Metsi a ne a elela go dikologa sebeso sotlhe, mme mosele le one o ne a o tlatsa ka metsi.

36 Mo e ka nnang ka nako ya fa go isiwa setlhabelo sa dijo tsa ditlhaka sa maitseboa,+ moporofeti Elija o ne a atamela sebeso a bo a re: “Ao tlhe Jehofa, Modimo wa ga Aborahame,+ Isake+ le Iseraele, gompieno a go itsiwe gore o Modimo mo Iseraele le gore ke motlhanka wa gago le gore ke dirile dilo tseno tsotlhe ka lefoko la gago.+ 37 Nkarabe, tlhe Jehofa! Nkarabe, gore batho bano ba itse gore wena, Jehofa, o Modimo wa boammaaruri le gore o busetsa dipelo tsa bone kwa go wena.”+

38 Fa a rialo, molelo wa ga Jehofa o ne wa tla o tswa kwa godimo mme wa fisa setlhabelo,+ dikgong, maje le lorole, mme o ne wa laila metsi a a neng a le mo moseleng.+ 39 E rile batho botlhe ba bona seo, ka bonako fela ba ne ba khubama ba bo ba inama ba re: “Jehofa ke Modimo wa boammaaruri! Jehofa ke Modimo wa boammaaruri!” 40 Go tswa foo, Elija o ne a ba raya a re: “Tshwarang baporofeti ba ga Baale! Lo se ka lwa letla ope wa bone a falola!” Ka yone nako eo, ba ne ba ba tshwara mme Elija a ba isa kwa molapong wa Kishone+ a bo a ba bolaela teng.+

41 Jaanong Elija o ne a raya Ahabe a re: “Tlhatloga, o je o bo o nwe, ka gonne go na le modumo wa pula e kgolo.”+ 42 Ka jalo, Ahabe o ne a tlhatloga a ya go ja le go nwa, fa Elija ene a ne a tlhatlogela kwa godimo ga Karemele mme a inamela fa fatshe, a tsenya sefatlhego sa gagwe fa gare ga mangole.+ 43 Go tswa foo, o ne a raya motlhokomedi wa gagwe a re: “Tsweetswee tlhatloga mme o lebe ntlheng ya lewatle.” Ka jalo, o ne a tlhatloga mme a leba a bo a re: “Ga go na sepe gotlhelele.” Ka makgetlo a le supa, Elija o ne a re, “Tsamaya gape.” 44 Ka lekgetlo la bosupa, motlhokomedi wa gagwe o ne a re: “Bona! Go na le leru le lennye le le lekanang le seatla sa motho le le tlhatlogang mo lewatleng.” Jaanong Elija o ne a re: “Tsamaya o ye go raya Ahabe o re, ‘Golega kara! Tsamaya gore pula e se ka ya go tshwara!’” 45 Mo nakong eo, loapi lo ne lwa ntshofala ka maru, phefo e ne ya foka, mme pula e kgolo e ne ya na;+ Ahabe o ne a tswelela a palame kara a ya Jesereele.+ 46 Mme seatla sa ga Jehofa se ne sa nna mo go Elija, mme o ne a bofa* seaparo sa gagwe mo dinôkeng a bo a siana kwa pele ga ga Ahabe tsela yotlhe go ya kwa Jesereele.

Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2025)
Tswa
Tsena
  • Setswana
  • Romela
  • Tse O ka Di Tlhophang
  • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
  • Melawana ya Tiriso
  • Molawana wa Tshireletsego
  • Di-setting Tsa Websaete
  • JW.ORG
  • Tsena
Romela