LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • 2 Bakorintha 12
  • Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

Dintlha Tsa 2 Bakorintha

      • Diponatshegelo tsa ga Paulo (1-7a)

      • ‘Mmitlwa o o mo nameng ya ga Paulo’ (7b-10)

      • Ga se wa maemo a a kwa tlase mo baaposetoloing ba ba itirang e kete ba siame (11-13)

      • Paulo o tshwenyegile ka Bakorintha (14-21)

2 Bakorintha 12:1

Ditshupiso

  • +Dit 2:17
  • +Dit 22:17, 18

2 Bakorintha 12:2

Dikgatiso Tse di Farologaneng

  • Kaedi ya go Dira Dipatlisiso

    Go Naya Bosupi, ts. 12

    Tora ya Tebelo,

    12/15/2004, ts. 30

    7/15/2000, ts. 27

2 Bakorintha 12:4

Dikgatiso Tse di Farologaneng

  • Kaedi ya go Dira Dipatlisiso

    Tora ya Tebelo,

    7/15/2015, ts. 4-5

    7/15/2008, ts. 28

2 Bakorintha 12:7

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Kgotsa “ntiteye.”

Ditshupiso

  • +Bag 4:13

Dikgatiso Tse di Farologaneng

  • Kaedi ya go Dira Dipatlisiso

    Tora ya Tebelo,

    4/1/2014, ts. 5

    6/15/2008, ts. 3-4

    12/15/2006, ts. 24

    8/15/2006, ts. 21

    8/1/2005, ts. 21-22

    2/15/2002, ts. 13-14

    3/1/2000, ts. 4

2 Bakorintha 12:8

Dikgatiso Tse di Farologaneng

  • Kaedi ya go Dira Dipatlisiso

    Tora ya Tebelo,

    4/1/2014, ts. 5

    1/1/2009, ts. 30

    12/15/2006, ts. 24

2 Bakorintha 12:9

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Bona Ditlhaloso Tsa Mafoko.

  • *

    Seger., “gore maatla a ga Keresete a tle a nne mo go nna jaaka tente.”

Ditshupiso

  • +Isa 40:29

Dikgatiso Tse di Farologaneng

  • Kaedi ya go Dira Dipatlisiso

    Tora ya Tebelo,

    6/15/2008, ts. 6

    12/15/2006, ts. 24

    8/1/2005, ts. 21-22

    2/15/2002, ts. 18-19

    3/1/2000, ts. 4

2 Bakorintha 12:10

Ditshupiso

  • +Baf 4:13

Dikgatiso Tse di Farologaneng

  • Kaedi ya go Dira Dipatlisiso

    Tora ya Tebelo,

    3/15/2010, ts. 18

    6/15/2008, ts. 3-4, 6

    9/15/2004, ts. 13-⁠14

2 Bakorintha 12:11

Ditshupiso

  • +2Bk 11:23

2 Bakorintha 12:12

Ditshupiso

  • +2Bk 6:4
  • +Dit 14:3; 15:12; Bar 15:18, 19

2 Bakorintha 12:13

Ditshupiso

  • +1Bk 9:11, 12; 2Bk 11:9

2 Bakorintha 12:14

Ditshupiso

  • +Dit 20:33
  • +1Bk 4:14

Dikgatiso Tse di Farologaneng

  • Kaedi ya go Dira Dipatlisiso

    “Lokwalo Longwe le Longwe,” ts. 214

2 Bakorintha 12:15

Ditshupiso

  • +2Bk 1:6; Bak 1:24; 1Bt 2:8; Bah 13:17

Dikgatiso Tse di Farologaneng

  • Kaedi ya go Dira Dipatlisiso

    Tirelo ya Bogosi,

    6/2007, ts. 1

    Tora ya Tebelo,

    11/15/2000, ts. 21

    9/15/2000, ts. 22-⁠23

2 Bakorintha 12:16

Ditshupiso

  • +2Bk 11:9

2 Bakorintha 12:18

Ditshupiso

  • +2Bk 8:6

2 Bakorintha 12:21

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Ka Segerika, por·nei′a. Bona Ditlhaloso Tsa Mafoko.

  • *

    Kgotsa “boitshwaro jo bo tlhabisang ditlhong.” Ka Segerika, a·sel′gei·a. Bona Ditlhaloso Tsa Mafoko.

Dikgatiso Tse di Farologaneng

  • Kaedi ya go Dira Dipatlisiso

    Tora ya Tebelo,

    3/15/2012, ts. 31

Ditemana Tse dingwe

2 Bakor. 12:1Dit 2:17
2 Bakor. 12:1Dit 22:17, 18
2 Bakor. 12:7Bag 4:13
2 Bakor. 12:9Isa 40:29
2 Bakor. 12:10Baf 4:13
2 Bakor. 12:112Bk 11:23
2 Bakor. 12:122Bk 6:4
2 Bakor. 12:12Dit 14:3; 15:12; Bar 15:18, 19
2 Bakor. 12:131Bk 9:11, 12; 2Bk 11:9
2 Bakor. 12:14Dit 20:33
2 Bakor. 12:141Bk 4:14
2 Bakor. 12:152Bk 1:6; Bak 1:24; 1Bt 2:8; Bah 13:17
2 Bakor. 12:162Bk 11:9
2 Bakor. 12:182Bk 8:6
  • Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
  • 1
  • 2
  • 3
  • 4
  • 5
  • 6
  • 7
  • 8
  • 9
  • 10
  • 11
  • 12
  • 13
  • 14
  • 15
  • 16
  • 17
  • 18
  • 19
  • 20
  • 21
Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
2 Bakorintha 12:1-21

Bakorintha wa Bobedi

12 Ke tshwanetse go ikgantsha. Ka jalo ke tla bua ka diponatshegelo tse Morena a neng a di mpontsha+ le ka melaetsa e a neng a e mpolelela,+ le fa gone go dira jalo go sa ntswele mosola. 2 Ke itse motho mongwe yo o seoposengwe le Keresete, yo o neng a phamolelwa kwa legodimong la boraro dingwaga di le 14 tse di fetileng. Ga ke itse gore a o ne a le mo mmeleng wa gagwe kgotsa nnyaa; Modimo ke ene a itseng. 3 Eleruri, ke itse motho yoo, mme ga ke itse gore a o ne a le mo mmeleng wa gagwe kgotsa nnyaa, Modimo ke ene a itseng. 4 O ne a phamolelwa kwa paradaiseng mme fa a le koo, o ne a utlwa mafoko a a sa tshwanelwang go buiwa, le mafoko a go se nang motho ope yo o letleletsweng go a bua. 5 Ke tla ikgantsha ka motho yoo, mme ga nkitla ke ikgantsha ka nna fa e se ka makoa a me. 6 Tota le fa nka ikgantsha, ke tla bo ke se seeleele ka gonne ke tla bo ke bua boammaaruri. Mme ga ke batle go dira jalo, gore go se ka ga nna le ope yo o akanyang gore ke dirile se se fetang se a mponang ke se dira kgotsa se a utlwang ke se bua, 7 fela ka ntlha ya melaetsa eo e e sa tlwaelegang e Morena a e nneileng.

E le gore ke se ka ka ikgodisa go feta selekanyo, ke ne ka tsenngwa mmitlwa mo nameng,+ moengele wa ga Satane, gore a nne a mfaphole,* gore ke se ka ka godisiwa go feta selekanyo. 8 Ke ne ka rapela Morena gararo ka kgang eno gore mmitlwa ono o tloge mo go nna. 9 Mme o ne a nthaya a re: “Bopelonomi jwa me jo bogolo* bo go lekane, ka gonne maatla a me a bonala le go feta fa o le bokoa.”+ Ka jalo, ke itumelela go ikgantsha ka makoa a me, gore maatla a ga Keresete a tle a nne mo go nna.* 10 Jaanong ke itumedisiwa ke go nna bokoa, ke go tlhapadiwa, ke go tlhoka, ke go bogisiwa le go nna le mathata ka ntlha ya ga Keresete. Gonne fa ke le bokoa, ke gone ke leng maatla.+

11 Jaanong ke ne ka nna seeleele. Lo ne lwa mpateletsa go nna jalo, ka gonne ke lona lo tshwanetseng lo ka bo lo mpueletse. Gonne tota le fa ke se sepe, ga ke a dira sepe se se bontshang gore ke wa maemo a a kwa tlase mo baaposetoloing ba lona ba ba itirang e kete ba siame.+ 12 Eleruri, ke lo bontshitse gore ke moaposetoloi ka gonne ke ne ke na le boitshoko jo bogolo,+ e bile ke ne ke dira ditshupo le dikgakgamatso le dilo tse di sa tlwaelegang.+ 13 Tsela e le nngwe fela e lo sa tshwaneng le diphuthego tse dingwe tsotlhe ka yone ke gore ga ke a ka ka nna morwalo mo go lona. A ke dirile phoso?+ Fa e le gore go ntse jalo, intshwareleng.

14 Jaanong leno ke lekgetlo la boraro le ke ipaakanyeditseng go tla kwa go lona ka lone, mme le fa go ntse jalo ga nkitla ke nna morwalo mo go lona. Gonne ga ke batle dilo tsa lona,+ mme ke batla go bona lona; gonne bana+ ga se bone ba ba beelang batsadi ba bone boswa, mme batsadi ke bone ba ba beelang bana ba bone boswa. 15 Mme nna ke tla itumedisiwa ke go lo naya sengwe le sengwe, tota le go lo ntshetsa botshelo jwa me.+ Fa e le gore ke lo rata mo go kalo, a nna ga ke a tshwanelwa go ratiwa jalo? 16 Le fa go ntse jalo, ga ke a ka ka lo imetsa.+ Mme gone, lwa re ke ne ka lo tsietsa ka bo ka lo tshwara ka boferefere. 17 Kgotsa a ke ne ka lo kopa sengwe ke dirisa batho ba ke neng ke ba rometse kwa go lona? 18 Ke ne ka rotloetsa Tito gore a tle kwa go lona a na le mokaulengwe mongwe. A Tito o ne a tsaya sengwe mo go lona ka tsela e e sa tshwanelang?+ A maitlhomo a rona a ne a sa tshwane? A ga re a ka ra dira dilo ka tsela e e tshwanang?

19 A nako eno yotlhe lo ntse lo akanya gore ga re kitla re araba ditatofatso tsa lona? Re bua re le seoposengwe le Keresete fa pele ga Modimo. Mme baratwa, dilo tsotlhe tse re di dirang, re di direla go lo kgothatsa. 20 Gonne ke boifa gore ka tsela nngwe fa ke goroga, nka nna ka lo fitlhela lo se jaaka ke eletsa mme le nna ke se jaaka lo eletsa, go na le moo, nka nna ka fitlhela go na le dikgogakgogano, lefufa, bogale jo bo feteletseng, manganga, go jana direthe, go sebana, go ikgogomosa le tlhakatlhakano. 21 Gongwe fa ke tla gape, Modimo wa me a ka nna a dira gore ke tlhabiwe ke ditlhong, mme ka tshwanelwa ke go hutsafalela ba bantsi ba ba neng ba leofa mme ba sa ikwatlhaela ditiro tsa bone tse di bosula le boitsholo jo bo sa siamang jwa tlhakanelodikobo* le boitshwaro jo bo repileng jwa go sa kgathale.*

Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2025)
Tswa
Tsena
  • Setswana
  • Romela
  • Tse O ka Di Tlhophang
  • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
  • Melawana ya Tiriso
  • Molawana wa Tshireletsego
  • Di-setting Tsa Websaete
  • JW.ORG
  • Tsena
Romela