Dipesalema
Pina. Pesalema ya bomorwa Kora.+
48 Jehofa o mogolo e bile o tshwanelwa ke pako yotlhe
Mo motseng wa Modimo wa rona, mo thabeng ya gagwe e e boitshepo.
2 Thaba ya Siona e e kwa bokone jo bo kgakala,
E e kwa godimodimo e bile e le ntle, e itumelelwa ke lefatshe lotlhe,+
Ke motse wa Kgosi e Kgolo.+
3 Mo ditoreng tsa one tse di sireletsegileng,
Modimo o itsisitse gore ke ene lefelo la botshabelo le le sireletsegileng.*+
4 Gonne dikgosi di phuthegile;*
Di itirile seoposengwe gore di ye go tlhasela.
5 E rile di bona seno, di ne tsa gakgamala.
Di ne tsa tsenwa ke tsebetsebe di bo di tshaba di tshogile thata.
6 Di ne tsa roroma teng koo,
Di ne tsa goa jaaka mosadi yo o belegang a le mo ditlhabing.
7 Modimo, o thubaganya dikepe tsa Tareshishe ka phefo ya botlhaba.
8 Se re se utlwileng, jaanong re se iponetse
Mo motseng wa ga Jehofa wa masomosomo, mo motseng wa Modimo wa rona.
Modimo o tla o sireletsa ka bosakhutleng.+ (Selah)
9 Modimo, re akanyetsa kwa teng ka lorato lwa gago lo lo sa kgaotseng+
Mo tempeleng ya gago.
10 Modimo wa me, leina la gago le pako ya gago
Di fitlha kwa dikhutlong tsa lefatshe.+
Seatla sa gago sa moja se tletse tshiamo.+
11 E kete Thaba ya Siona+ e ka itumela,
E kete metse* ya Juda e ka itumela, ka ntlha ya dikatlholo tsa gago.+
13 Tlhomang dipelo tsa lona mo dithakong tsa yone tsa phemelo.*+
Tlhatlhobang ditora tsa yone tse di sireletsegileng,
Gore lo tle lo bolelele dikokomana tse di tlang ka seno.
14 Gonne Modimo yono ke Modimo wa rona+ ka bosakhutleng le go ya go ile.