LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • Duteronome 12
  • Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

Dintlha Tsa Duteronome

      • Go obamelwe kwa lefelong le Modimo a le tlhophang (1-14)

      • Ba letlelelwa go ja nama mme e seng madi (15-28)

      • O se ka wa raelwa ke medimo e mengwe (29-32)

Duteronome 12:2

Ditshupiso

  • +Ek 34:13

Duteronome 12:3

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Bona polelwana “Kota e e boitshepo” mo Ditlhaloso Tsa Mafoko.

Ditshupiso

  • +Ek 23:24
  • +Dut 7:25
  • +Ek 23:13; Jos 23:7

Duteronome 12:4

Ditshupiso

  • +Lef 18:3; Dut 12:31

Duteronome 12:5

Ditshupiso

  • +2Dt 7:12

Duteronome 12:6

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Kgotsa “dikarolo tsa bolesome.”

Ditshupiso

  • +Lef 1:3
  • +Dut 14:22
  • +Dip 18:19; Dut 12:11
  • +1Dt 29:9; Esr 2:68
  • +Dut 12:17; 15:19

Duteronome 12:7

Ditshupiso

  • +Dut 15:19, 20
  • +Lef 23:40; Dut 12:12, 18; 14:23, 26; Pes. 32:11; 100:2; Baf 4:4

Duteronome 12:8

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Kgotsa “se a akanyang gore se siame.”

Duteronome 12:9

Ditshupiso

  • +1Dk 8:56; 1Dt 23:25

Duteronome 12:10

Ditshupiso

  • +Jos 3:17
  • +Dut 33:28; 1Dk 4:25

Duteronome 12:11

Ditshupiso

  • +Dut 16:2; 26:2
  • +Dut 14:22, 23

Duteronome 12:12

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Seheb., “dikgoro.”

Ditshupiso

  • +Dut 14:26; 1Dk 8:66; Neh 8:10
  • +Dip 18:20, 24; Dut 10:9; 14:28, 29; Jos 13:14

Duteronome 12:13

Ditshupiso

  • +Lef 17:3, 4; 1Dk 12:28

Duteronome 12:14

Ditshupiso

  • +2Dt 7:12

Duteronome 12:15

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Seheb., “mo teng ga dikgoro tsotlhe tsa gago.”

Ditshupiso

  • +Dut 12:21

Duteronome 12:16

Ditshupiso

  • +Ge 9:4; Lef 7:26; 17:10; Dit 15:20, 29
  • +Lef 17:13; Dut 15:23

Dikgatiso Tse di Farologaneng

  • Kaedi ya go Dira Dipatlisiso

    Tora ya Tebelo,

    10/15/2000, ts. 30-⁠31

Duteronome 12:17

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Seheb., “mo teng ga dikgoro tsa gago.”

Ditshupiso

  • +Dut 14:22, 23

Duteronome 12:18

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Seheb., “dikgoro.”

Ditshupiso

  • +Dut 12:11; 14:26

Duteronome 12:19

Ditshupiso

  • +Dip 18:21; Dut 14:27; 2Dt 31:4; Neh 10:38, 39; Mal 3:8

Duteronome 12:20

Ditshupiso

  • +1Dk 4:21
  • +Ge 15:18; Ek 34:24; Dut 11:24
  • +Lef 11:2-4

Duteronome 12:21

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Seheb., “dikgoro.”

Ditshupiso

  • +Dut 14:23; 2Dt 7:12

Duteronome 12:22

Ditshupiso

  • +Dut 14:4, 5

Duteronome 12:23

Ditshupiso

  • +Lef 3:17; Dut 12:16
  • +Ge 9:4; Lef 17:11, 14

Duteronome 12:24

Ditshupiso

  • +Lef 17:13; Dut 15:23

Dikgatiso Tse di Farologaneng

  • Kaedi ya go Dira Dipatlisiso

    Tora ya Tebelo,

    10/15/2000, ts. 30-⁠31

Duteronome 12:27

Ditshupiso

  • +Lef 17:11
  • +Lef 4:29, 30

Duteronome 12:29

Ditshupiso

  • +Ek 23:23; Pes. 44:2; 78:55

Duteronome 12:30

Ditshupiso

  • +Dut 7:16; Pes. 106:36; Esk 20:28

Duteronome 12:31

Ditshupiso

  • +Lef 18:3, 21; 20:2; Dut 18:10-12; Jer 32:35

Duteronome 12:32

Ditshupiso

  • +Jos 22:5
  • +Dut 4:2; Jos 1:7

Ditemana Tse dingwe

Dute. 12:2Ek 34:13
Dute. 12:3Ek 23:24
Dute. 12:3Dut 7:25
Dute. 12:3Ek 23:13; Jos 23:7
Dute. 12:4Lef 18:3; Dut 12:31
Dute. 12:52Dt 7:12
Dute. 12:6Lef 1:3
Dute. 12:6Dut 14:22
Dute. 12:6Dip 18:19; Dut 12:11
Dute. 12:61Dt 29:9; Esr 2:68
Dute. 12:6Dut 12:17; 15:19
Dute. 12:7Dut 15:19, 20
Dute. 12:7Lef 23:40; Dut 12:12, 18; 14:23, 26; Pes. 32:11; 100:2; Baf 4:4
Dute. 12:91Dk 8:56; 1Dt 23:25
Dute. 12:10Jos 3:17
Dute. 12:10Dut 33:28; 1Dk 4:25
Dute. 12:11Dut 16:2; 26:2
Dute. 12:11Dut 14:22, 23
Dute. 12:12Dut 14:26; 1Dk 8:66; Neh 8:10
Dute. 12:12Dip 18:20, 24; Dut 10:9; 14:28, 29; Jos 13:14
Dute. 12:13Lef 17:3, 4; 1Dk 12:28
Dute. 12:142Dt 7:12
Dute. 12:15Dut 12:21
Dute. 12:16Ge 9:4; Lef 7:26; 17:10; Dit 15:20, 29
Dute. 12:16Lef 17:13; Dut 15:23
Dute. 12:17Dut 14:22, 23
Dute. 12:18Dut 12:11; 14:26
Dute. 12:19Dip 18:21; Dut 14:27; 2Dt 31:4; Neh 10:38, 39; Mal 3:8
Dute. 12:201Dk 4:21
Dute. 12:20Ge 15:18; Ek 34:24; Dut 11:24
Dute. 12:20Lef 11:2-4
Dute. 12:21Dut 14:23; 2Dt 7:12
Dute. 12:22Dut 14:4, 5
Dute. 12:23Lef 3:17; Dut 12:16
Dute. 12:23Ge 9:4; Lef 17:11, 14
Dute. 12:24Lef 17:13; Dut 15:23
Dute. 12:27Lef 17:11
Dute. 12:27Lef 4:29, 30
Dute. 12:29Ek 23:23; Pes. 44:2; 78:55
Dute. 12:30Dut 7:16; Pes. 106:36; Esk 20:28
Dute. 12:31Lef 18:3, 21; 20:2; Dut 18:10-12; Jer 32:35
Dute. 12:32Jos 22:5
Dute. 12:32Dut 4:2; Jos 1:7
  • Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
  • 1
  • 2
  • 3
  • 4
  • 5
  • 6
  • 7
  • 8
  • 9
  • 10
  • 11
  • 12
  • 13
  • 14
  • 15
  • 16
  • 17
  • 18
  • 19
  • 20
  • 21
  • 22
  • 23
  • 24
  • 25
  • 26
  • 27
  • 28
  • 29
  • 30
  • 31
  • 32
Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
Duteronome 12:1-32

Duteronome

12 “Eno ke melao le ditshwetso tsa boatlhodi tse lo tshwanetseng go nna kelotlhoko gore lo di diragatse malatsi otlhe a fa lo tshela mo lefatsheng le Jehofa, Modimo wa borraalonamogolo a tla le lo nayang gore lo le rue. 2 Lo senye mafelo otlhe a ditšhaba tse lo tla gapang lefatshe la tsone di neng di direla medimo ya tsone kwa go one,+ e ka tswa e le mo dithabeng tse di kwa godimo kgotsa mo dithoteng kgotsa ka fa tlase ga setlhare sepe se segolo. 3 Lo senye dibeso tsa tsone, lo thubaganye dipilara tsa tsone tse di boitshepo,+ lo fise dikota tsa tsone tse di boitshepo* mo molelong lo bo lo reme ditshwantsho tse di betlilweng tsa medimo ya tsone,+ lo nyeletse maina a medimo ya tsone gotlhelele mo lefelong leo.+

4 “Ga lo a tshwanela go obamela Jehofa, Modimo wa lona ka tsela eo.+ 5 Go na le moo, lo obamele Jehofa, Modimo wa lona gongwe le gongwe kwa a tlhophang go tlhoma leina la gagwe gone le lefelo le a tla nnang mo go lone mo ditsong tsotlhe tsa lona, mme lo ye teng.+ 6 Ke gone kwa lo tla tlisang ditlhabelo tsa lona tse di fisiwang,+ ditlhabelo tsa lona tse dingwe, ditsabosome*+ tsa lona, moneelo o lo o ntshang,+ ditlhabelo tsa lona tsa maikano,+ ditlhabelo tsa lona tse di ntshiwang ka go rata le maitibolo a motlhape le a letsomane la lona.+ 7 Lona le ba matlo a lona lo tshwanetse go jela gone fa pele ga ga Jehofa, Modimo wa lona+ lo bo lo itumele mo ditirong tsotlhe tsa lona,+ ka gonne Jehofa, Modimo wa lona o lo segofaditse.

8 “Ga lo a tshwanela go dira jaaka re dira fano gompieno, mo mongwe le mongwe a dirang sepe fela se se siameng mo matlhong a gagwe,* 9 ka gonne ga lo ise lo goroge mo lefelong la boikhutso+ le mo bosweng jo Jehofa, Modimo wa lona a lo bo nayang. 10 Fa lo kgabaganya Joredane+ lo bo lo nna mo lefatsheng le Jehofa, Modimo wa lona a le lo nayang gore lo le rue, ruri o tla lo naya boikhutso, go se na mmaba ope yo o lo dikologileng yo o tla lo tshwenyang, mme lo tla nna ka polokesego.+ 11 Lo tla tlisa tsotlhe tse ke di lo laelang mo lefelong le Jehofa, Modimo wa lona a tlhophang gore leina la gagwe le nne mo go lone:+ ditlhabelo tsa lona tse di fisiwang, ditlhabelo tsa lona tse dingwe, ditsabosome tsa lona,+ moneelo o lo o ntshang le setlhabelo sengwe le sengwe se lo se ikanelang Jehofa. 12 Lo tla itumela fa pele ga ga Jehofa, Modimo wa lona,+ lona le bomorwaalona, bomorwadialona, batlhanka le malata a lona le Molefi yo o mo teng ga metse* ya lona, ka gonne ga a newa kabelo epe kgotsa boswa bope le lona.+ 13 O nne kelotlhoko gore o se ka wa ntshetsa ditlhabelo tsa gago tse di fisiwang mo lefelong lepe le lengwe le o le ratang.+ 14 O ntshetse ditlhabelo tsa gago tse di fisiwang mo lefelong le Jehofa a le tlhophang mo go nngwe ya dikgaolo tsa ditso tsa gago, mme fa o le koo o dire sengwe le sengwe se ke se go laelang.+

15 “Mme gone, nako nngwe le nngwe fa o eletsa go ja nama, o ka nna wa tlhaba phologolo o bo o ja nama+ go ya ka tshegofatso e Jehofa, Modimo wa gago a e go neileng mo metseng yotlhe ya gago.* Motho yo o itshekologileng le motho yo o itshekileng a ka nna a e ja, fela jaaka o ka ja tshephe kgotsa kgama. 16 Mme ga lo a tshwanela go ja madi;+ lo a tshololele fa fatshe jaaka metsi.+ 17 Ga o kitla o letlelelwa go jela mo metseng ya gago* karolo ya bolesome ya dijo tsa gago tsa ditlhaka, beine ya gago e ntšha, leokwane la gago, maitibolo a motlhape le a letsomane la gago,+ setlhabelo sepe fela mo ditlhabelong tsa maikano a o a dirang, ditlhabelo tsa gago tse di ntshiwang ka go rata kgotsa moneelo o o o ntshang. 18 Tseno o tla di jela fa pele ga ga Jehofa, Modimo wa gago mo lefelong le Jehofa, Modimo wa gago a tla le tlhophang,+ wena le morwao, morwadio, motlhanka le lelata la gago le Molefi yo o mo teng ga metse* ya gago; mme o tla itumela fa pele ga ga Jehofa, Modimo wa gago mo ditirong tsotlhe tsa gago. 19 O nne kelotlhoko gore o se ka wa tlhokomologa Molefi+ fa fela o sa ntse o tshela mo lefatsheng la gago.

20 “Fa Jehofa, Modimo wa gago a oketsa karolo ya gago ya naga,+ fela jaaka a go solofeditse,+ mme o bo o re, ‘Ke batla go ja nama,’ ka gonne o eletsa go ja nama, o ka nna wa ja nama nako nngwe le nngwe fela fa o e eletsa.+ 21 Fa e le gore lefelo le Jehofa, Modimo wa gago a le tlhophang gore a beye leina la gagwe mo go lone+ le kgakala le wena, foo o tlhabe nngwe ya diphologolo mo motlhapeng wa gago kgotsa mo letsomaneng la gago le Jehofa a le go neileng, fela jaaka ke go laetse, mme o e jele mo teng ga metse* ya gago nako nngwe le nngwe fela fa o e eletsa. 22 O ka nna wa e ja fela jaaka o ka ja tshephe le kgama;+ motho yo o itshekologileng mmogo le motho yo o itshekileng ba ka nna ba e ja. 23 O tlhomamise gore ga o je madi+ ka gonne madi ke botshelo,+ mme ga o a tshwanela go ja botshelo le nama. 24 Ga o a tshwanela go a ja. O a tshololele fa fatshe jaaka metsi.+ 25 Ga o a tshwanela go a ja, gore dilo di go tsamaele sentle le bana ba gago morago ga gago, ka gonne o tla bo o dira se se siameng mo matlhong a ga Jehofa. 26 O tseye fela dilo tse di boitshepo tse o nang le tsone le ditlhabelo tsa gago tsa maikano fa o tla mo lefelong le Jehofa a tla le tlhophang. 27 Fa o le koo, o tla ntsha ditlhabelo tsa gago tse di fisiwang, nama le madi,+ mo sebesong sa ga Jehofa, Modimo wa gago, mme madi a ditlhabelo tsa gago a tshololelwe fa sebesong+ sa ga Jehofa, Modimo wa gago, mme nama yone o ka nna wa e ja.

28 “O tlhomamise gore o ikobela mafoko ano otlhe a ke go a laelang, gore ka metlha dilo di go tsamaele sentle wena le bomorwao morago ga gago, ka gonne o tla bo o dira se se molemo le se se siameng mo matlhong a ga Jehofa, Modimo wa gago.

29 “Fa Jehofa, Modimo wa gago a fedisa ditšhaba tse o yang go gapa thuo ya tsone+ o bo o nna mo lefatsheng la tsone, 30 o nne kelotlhoko gore o se ka wa raelesega fa di sena go nyelediwa fa pele ga gago. O se ka wa botsa ka medimo ya tsone o re, ‘Ditšhaba tseno di ne di tlwaetse go direla medimo ya tsone jang? Le nna ke tla dira se se tshwanang.’+ 31 Ga o a tshwanela go direla Jehofa, Modimo wa gago seno, ka gonne ba direla medimo ya bone sengwe le sengwe se se makgapha se Jehofa a se tlhoileng, tota e bile ba fisa bomorwaabone le bomorwadiabone mo molelong ba ba fisetsa medimo ya bone.+ 32 Lo tlhomamise gore lo dira go ya ka ditaelo tsotlhe tse ke lo di laelang.+ Ga lo a tshwanela go oketsa kgotsa go tlosa sepe mo go tsone.+

Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2025)
Tswa
Tsena
  • Setswana
  • Romela
  • Tse O ka Di Tlhophang
  • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
  • Melawana ya Tiriso
  • Molawana wa Tshireletsego
  • Di-setting Tsa Websaete
  • JW.ORG
  • Tsena
Romela