LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • Pesalema 39
  • Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

Dintlha Tsa Dipesalema

      • Botshelo bo bokhutshwane

        • Motho ke mohemo fela (5, 11)

        • “O se ka wa itlhokomolosa dikeledi tsa me” (12)

Pesalema 39:Maf

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Bona Ditlhaloso Tsa Mafoko.

Ditshupiso

  • +1Dt 16:41; 25:1

Pesalema 39:1

Ditshupiso

  • +Dia 18:21
  • +Pes. 141:3

Dikgatiso Tse di Farologaneng

  • Kaedi ya go Dira Dipatlisiso

    Tora ya Tebelo,

    5/15/2009, ts. 4

    5/15/2006, ts. 20

Pesalema 39:2

Ditshupiso

  • +Pes. 38:13; Mat 27:12; 1Pe 2:23

Pesalema 39:3

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Seheb., “gotela.”

Pesalema 39:4

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Kgotsa “gore ke feta ka bonako go le kana kang.”

Ditshupiso

  • +Pes. 90:12

Pesalema 39:5

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Seheb., “bophara jwa diatla.”

Ditshupiso

  • +Pes. 90:9; Jak 4:14
  • +Pes. 90:4
  • +Pes. 62:9; 144:4

Pesalema 39:6

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Seheb., “tsosa modumo.”

Ditshupiso

  • +Pes. 49:10; Mor 2:18, 19; 4:8; Luk 12:19, 20

Pesalema 39:8

Ditshupiso

  • +Pes. 25:11; Mik 7:19

Pesalema 39:9

Ditshupiso

  • +Job 40:4; Pes. 38:13
  • +2Sa 16:10

Pesalema 39:11

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Kgotsa “mmoto.”

Ditshupiso

  • +Pes. 90:8
  • +Pes. 39:5; 102:11

Pesalema 39:12

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Kgotsa “mothibeledi.”

Ditshupiso

  • +Pes. 28:1
  • +Lef 25:23; 1Dt 29:15
  • +Bah 11:13

Ditemana Tse dingwe

Pes. 39:Maf1Dt 16:41; 25:1
Pes. 39:1Dia 18:21
Pes. 39:1Pes. 141:3
Pes. 39:2Pes. 38:13; Mat 27:12; 1Pe 2:23
Pes. 39:4Pes. 90:12
Pes. 39:5Pes. 90:9; Jak 4:14
Pes. 39:5Pes. 90:4
Pes. 39:5Pes. 62:9; 144:4
Pes. 39:6Pes. 49:10; Mor 2:18, 19; 4:8; Luk 12:19, 20
Pes. 39:8Pes. 25:11; Mik 7:19
Pes. 39:9Job 40:4; Pes. 38:13
Pes. 39:92Sa 16:10
Pes. 39:11Pes. 90:8
Pes. 39:11Pes. 39:5; 102:11
Pes. 39:12Pes. 28:1
Pes. 39:12Lef 25:23; 1Dt 29:15
Pes. 39:12Bah 11:13
  • Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
  • 1
  • 2
  • 3
  • 4
  • 5
  • 6
  • 7
  • 8
  • 9
  • 10
  • 11
  • 12
  • 13
Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
Pesalema 39:1-13

Dipesalema

Go mokaedi wa Jeduthune.*+ Pina ya ga Dafide.

39 Ke ne ka re: “Ke tla nna kelotlhoko

Gore ke se ka ka leofa ka se ke se buang.+

Ke tla tswala molomo wa me+

Fa fela modirabosula a sa ntse a le fa go nna.”

 2 Ke ne ke se na puo e bile ke didimetse;+

Ke ne ka didimala, tota le tse di molemo ke ne ke sa di bue,

Mme ke ne ke utlwile botlhoko thata.

 3 Pelo ya me e ne ya fuduega* mo teng ga me.

Fa ke ntse ke akanyetsa kwa teng, ke ne ke tuka jaaka molelo.

Foo ke ne ka re:

 4 “Ao tlhe Jehofa, nthuse gore ke itse gore ke tla felela jang,

Le gore ke itse malatsi a botshelo jwa me,+

Gore ke tle ke itse gore botshelo jwa me bo bokhutshwane go le kana kang.*

 5 Eleruri, o dirile gore malatsi a me a nne mmalwa fela;*+

Mme lobaka lwa botshelo jwa me ga se sepe fa pele ga gago.+

Ruri motho mongwe le mongwe, le fa a ka lebega a sireletsegile, o tshwana fela le mohemo.+ (Selah)

 6 Ruri motho mongwe le mongwe o tsamayatsamaya jaaka moriti.

O itlhaganelela* lefela.

O kokoanya dikhumo a sa itse yo o tla di itumelelang.+

 7 Jaanong Jehofa, tota ke eng se nka se solofelang?

Ke wena fela tsholofelo ya me.

 8 Nkgolole mo melatong ya me yotlhe.+

O se ka wa letla gore sematla se nnyatse.

 9 Ke ne ka tswelela ke se na puo;

Ke ne ke sa kgone go bula molomo,+

Gonne ke wena o neng wa dira seno.+

10 Tlosa petso ya gago mo go nna.

Ke gateletswe ka gonne seatla sa gago se a ntitaya.

11 O kgalemela motho ka go mo otlhaela boleo jwa gagwe;+

O laila dilo tse a di tsayang di le tlhwatlhwakgolo fela jaaka motoutwane* o dira.

Eleruri motho mongwe le mongwe o tshwana fela le mohemo.+ (Selah)

12 Ao tlhe Jehofa, utlwa thapelo ya me,

Ntheetse fa ke goa ke kopa thuso.+

O se ka wa itlhokomolosa dikeledi tsa me.

Gonne ke motswakwa fela mo go wena,+

Ke mofetikatsela* fela jaaka borremogolo botlhe.+

13 Tlogela go nteba ka bogale gore ke tle ke itumele

Pele ga ke swa ke bo ke sa tlhole ke le teng.”

Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2025)
Tswa
Tsena
  • Setswana
  • Romela
  • Tse O ka Di Tlhophang
  • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
  • Melawana ya Tiriso
  • Molawana wa Tshireletsego
  • Di-setting Tsa Websaete
  • JW.ORG
  • Tsena
Romela