LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • Tshenolo 21
  • Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

Dintlha Tsa Tshenolo

      • Legodimo le lesha le lefatshe le lesha (1-8)

        • Loso lo tla bo lo sa tlhole lo le teng (4)

        • Dilo tsotlhe di dirwa disha (5)

      • Jerusalema yo Mosha o a tlhalosiwa (9-27)

Tshenolo 21:1

Ditshupiso

  • +Isa 65:17; 66:22; 2Pe 3:13
  • +2Pe 3:10; Tsh 20:11
  • +Isa 57:20

Dikgatiso Tse di Farologaneng

  • Kaedi ya go Dira Dipatlisiso

    Tora ya Tebelo,

    6/15/2001, ts. 31

    4/15/2000, ts. 12

Tshenolo 21:2

Ditshupiso

  • +Tsh 3:12
  • +Tsh 19:7

Dikgatiso Tse di Farologaneng

  • Kaedi ya go Dira Dipatlisiso

    Tora ya Tebelo,

    7/15/2010, ts. 4-⁠5

Tshenolo 21:3

Ditshupiso

  • +Esk 37:27

Dikgatiso Tse di Farologaneng

  • Kaedi ya go Dira Dipatlisiso

    Tora ya Tebelo,

    3/15/2013, ts. 23

    “Lokwalo Longwe le Longwe,” ts. 8

Tshenolo 21:4

Ditshupiso

  • +Tsh 7:17
  • +Isa 25:8; 1Bk 15:26
  • +Isa 35:10; 65:19

Dikgatiso Tse di Farologaneng

  • Kaedi ya go Dira Dipatlisiso

    Tora ya Tebelo,

    12/1/2013, ts. 11

    9/15/2012, ts. 10

    8/1/2012, ts. 22

    1/15/2012, ts. 30

    12/1/2009, ts. 5-6

    8/15/2006, ts. 31

    4/15/2000, ts. 12-⁠13

Tshenolo 21:5

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Kgotsa “a ka ikanngwa.”

Ditshupiso

  • +Tsh 4:2, 3
  • +2Pe 3:13

Dikgatiso Tse di Farologaneng

  • Kaedi ya go Dira Dipatlisiso

    Atamalana le Jehofa, ts. 81-⁠86

    Tora ya Tebelo,

    4/15/2000, ts. 14

Tshenolo 21:6

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Kgotsa “A le Z.” Alefa ke tlhaka ya ntlha mo dialefabeteng tsa Segerika, Omega yone ke tlhaka ya bofelo.

  • *

    Kgotsa “ke sa mo duedise.”

Ditshupiso

  • +Tsh 1:8; 22:13
  • +Pes. 36:9; Isa 55:1; Tsh 7:17; 22:1

Dikgatiso Tse di Farologaneng

  • Kaedi ya go Dira Dipatlisiso

    Tora ya Tebelo⁠,

    10/2016⁠, ts. 21-⁠22

Tshenolo 21:7

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Seger., “rua.”

Tshenolo 21:8

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Bona Ditlhaloso Tsa Mafoko.

Ditshupiso

  • +1Jo 5:10
  • +1Jo 3:15
  • +Bae 5:5
  • +Joh 8:44
  • +Tsh 19:20
  • +Dia 10:7; Bah 10:26, 27; Tsh 2:11; 20:6

Tshenolo 21:9

Ditshupiso

  • +Tsh 15:1
  • +Tsh 19:7

Dikgatiso Tse di Farologaneng

  • Kaedi ya go Dira Dipatlisiso

    Tora ya Tebelo,

    2/15/2007, ts. 13

Tshenolo 21:10

Ditshupiso

  • +Bah 12:22; Tsh 3:12; 21:2

Tshenolo 21:11

Ditshupiso

  • +Isa 60:1, 2
  • +Ek 24:9, 10

Tshenolo 21:13

Ditshupiso

  • +Tsh 22:14

Tshenolo 21:14

Ditshupiso

  • +Mat 10:2-4; Luk 6:13-16; Dit 1:13

Tshenolo 21:15

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Kgotsa “mete.”

Ditshupiso

  • +Esk 40:3, 5

Tshenolo 21:16

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Seger., “ditadiamo di le 12 000.” Setadiamo se lekana le 185 m. Bona Dintlha B14.

Tshenolo 21:17

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Mo e ka nnang 64 m. Bona Dintlha B14.

Tshenolo 21:18

Ditshupiso

  • +Tsh 4:3; 21:10, 11

Tshenolo 21:22

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Bona Dintlha A5.

Ditshupiso

  • +Ek 6:3

Tshenolo 21:23

Ditshupiso

  • +Isa 60:19, 20; Tsh 22:5
  • +Joh 1:9; Dit 26:13, 15; Bah 1:3

Tshenolo 21:24

Ditshupiso

  • +Isa 60:3

Tshenolo 21:25

Ditshupiso

  • +Isa 60:11, 20

Tshenolo 21:26

Ditshupiso

  • +Isa 60:5

Tshenolo 21:27

Ditshupiso

  • +Pes. 5:6; Isa 52:1; 1Bk 6:9, 10; Bag 5:19-21; Tsh 21:8
  • +Dan 12:1; Baf 4:3; Tsh 13:8

Ditemana Tse dingwe

Tshen. 21:1Isa 65:17; 66:22; 2Pe 3:13
Tshen. 21:12Pe 3:10; Tsh 20:11
Tshen. 21:1Isa 57:20
Tshen. 21:2Tsh 3:12
Tshen. 21:2Tsh 19:7
Tshen. 21:3Esk 37:27
Tshen. 21:4Tsh 7:17
Tshen. 21:4Isa 25:8; 1Bk 15:26
Tshen. 21:4Isa 35:10; 65:19
Tshen. 21:5Tsh 4:2, 3
Tshen. 21:52Pe 3:13
Tshen. 21:6Tsh 1:8; 22:13
Tshen. 21:6Pes. 36:9; Isa 55:1; Tsh 7:17; 22:1
Tshen. 21:81Jo 5:10
Tshen. 21:81Jo 3:15
Tshen. 21:8Bae 5:5
Tshen. 21:8Joh 8:44
Tshen. 21:8Tsh 19:20
Tshen. 21:8Dia 10:7; Bah 10:26, 27; Tsh 2:11; 20:6
Tshen. 21:9Tsh 15:1
Tshen. 21:9Tsh 19:7
Tshen. 21:10Bah 12:22; Tsh 3:12; 21:2
Tshen. 21:11Isa 60:1, 2
Tshen. 21:11Ek 24:9, 10
Tshen. 21:13Tsh 22:14
Tshen. 21:14Mat 10:2-4; Luk 6:13-16; Dit 1:13
Tshen. 21:15Esk 40:3, 5
Tshen. 21:18Tsh 4:3; 21:10, 11
Tshen. 21:22Ek 6:3
Tshen. 21:23Isa 60:19, 20; Tsh 22:5
Tshen. 21:23Joh 1:9; Dit 26:13, 15; Bah 1:3
Tshen. 21:24Isa 60:3
Tshen. 21:25Isa 60:11, 20
Tshen. 21:26Isa 60:5
Tshen. 21:27Pes. 5:6; Isa 52:1; 1Bk 6:9, 10; Bag 5:19-21; Tsh 21:8
Tshen. 21:27Dan 12:1; Baf 4:3; Tsh 13:8
  • Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
  • 1
  • 2
  • 3
  • 4
  • 5
  • 6
  • 7
  • 8
  • 9
  • 10
  • 11
  • 12
  • 13
  • 14
  • 15
  • 16
  • 17
  • 18
  • 19
  • 20
  • 21
  • 22
  • 23
  • 24
  • 25
  • 26
  • 27
Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
Tshenolo 21:1-27

Tshenolo e e Yang Kwa go Johane

21 Mme ke ne ka bona legodimo le lesha le lefatshe le lesha;+ gonne legodimo la pele le lefatshe la pele di ne di fetile,+ le lewatle+ ga le tlhole le le teng. 2 Gape ke ne ka bona motse o o boitshepo, e leng Jerusalema yo Mosha, o fologa o tswa kwa legodimong kwa Modimong+ e bile o baakantswe jaaka monyadiwa a kgabiseditswe monna wa gagwe.+ 3 Foo ke ne ka utlwa lentswe le le kwa godimo le tswa mo setulong sa bogosi le re: “Bona, tente ya Modimo e mo bathong, mme o tla aga le bone, e bile ba tla nna batho ba gagwe. Mme Modimo ka boene o tla nna le bone.+ 4 O tla phimola dikeledi tsotlhe mo matlhong a bone,+ mme loso lo tla bo lo sa tlhole lo le teng,+ e bile go tla bo go sa tlhole go na le khutsafalo kgotsa selelo kgotsa botlhoko.+ Dilo tse di neng di tlhola di direga ga di tlhole di le teng.”

5 Mme Ene yo o ntseng mo setulong sa bogosi+ o ne a re: “Ke dira dilo tsotlhe disha.”+ Gape o ne a re: “Kwala seno, ka gonne mafoko ano a a ikanyega* e bile a boammaaruri.” 6 E bile o ne a nthaya a re: “Mafoko ano a diragaditswe! Ke nna Alefa le Omega,* tshimologo le bokhutlo.+ Ope fela yo o nyorilweng ke tla mo naya metsi a a tswang mo motsweding wa metsi a a nayang botshelo, ke dira jalo mahala.*+ 7 Ope fela yo o fenyang o tla amogela* dilo tseno, e bile ke tla nna Modimo wa gagwe, mme ene o tla nna morwaake. 8 Le fa go ntse jalo, magatlapa le batho ba ba se nang tumelo+ le ba ba ferosang sebete ka ntlha ya leswe la bone le babolai+ le ba ba dirang boitsholo jo bo sa siamang jwa tlhakanelodikobo*+ le ba ba dirisanang le badimo le ba ba obamelang medingwana le baaki botlhe,+ ba tla latlhelwa mo letšheng le le tukang molelo o mogolo.+ Seno se kaya loso lwa bobedi.”+

9 Mongwe wa baengele ba ba supa ba ba neng ba tshotse dikotlele tse supa tse di neng di tletse dipetso tse supa tsa bofelo,+ o ne a tla a bo a nthaya a re: “Tla, mme ke tla go bontsha monyadiwa, mosadi wa Kwana.”+ 10 Ka jalo, o ne a nkisa kwa thabeng e kgolo e e kwa godimo a dirisa moya, mme o ne a mpontsha motse o o boitshepo wa Jerusalema o fologa o tswa kwa legodimong kwa Modimong+ 11 e bile o na le kgalalelo ya Modimo.+ O ne o phatsima jaaka leje le le tlhwatlhwakgolo thata, jaaka leje la jasepere le le galalelang le le tshwanang le teemane.+ 12 O ne o na le lobota lo logolo lo lo kwa godimo e bile o na le dikgoro di le 12 le baengele ba le 12 mo dikgorong tseo, mme mo go tsone go ne go gabilwe maina a ditso tse 12 tsa bomorwa Iseraele. 13 Ka fa botlhaba go ne go na le dikgoro di le tharo, ka fa bokone go na le dikgoro di le tharo, ka fa borwa go na le dikgoro di le tharo, mme ka fa bophirima go na le dikgoro di le tharo.+ 14 Gape lobota lwa motse oo lo ne lo na le maje a le 12 mo motheong wa lone, mme mo go one go ne go na le maina a le 12 a baaposetoloi ba ba 12+ ba ga Kwana.

15 Jaanong ene yo o neng a bua le nna o ne a tshwere lotlhaka lwa gauta gore a lekanye* motse le dikgoro tsa one le lobota lwa one.+ 16 Motse ono o na le matlhakore a le manê a a lekalekanang, mme boleele jwa one bo lekana le bophara jwa one. Mme o ne a lekanya motse oo ka lotlhaka, e ne e le dikilometara di ka nna 2 220.* Boleele le bophara le bogodimo jwa one di a lekana. 17 Gape o ne a lekanya bogodimo jwa lobota lwa one, e ne e le dikubita di le 144* go ya ka selekanyo sa motho, gape e le selekanyo sa moengele. 18 Jaanong lobota lwa one lo ne lo dirilwe ka leje la jasepere,+ mme motse oo o ne o dirilwe ka gauta e e sa tswakanngwang, o tshwana le galase e e galalelang. 19 Metheo ya lobota lwa motse oo e ne e kgabisitswe ka maje ano a a tlhwatlhwakgolo a mefuta yotlhe: motheo wa ntlha o ne o dirilwe ka leje la jasepere, wa bobedi ka leje la safire, wa boraro ka leje la kalesedone, wa bonê ka leje la emeraleda, 20 wa botlhano ka leje la saredonekese, wa borataro ka leje la saredise, wa bosupa ka leje la kerusolete, wa borobedi ka leje la berile, wa borobongwe ka leje la topase, wa bolesome ka leje la kerusoperase, wa bolesome le bongwe ka leje la hiasinthe, mme wa bolesome le bobedi ka leje la amethisete. 21 Gape, dikgoro tse 12 e ne e le diperela tse 12; kgoro nngwe le nngwe e ne e dirilwe ka perela e le nngwe. Mme tsela e kgolo ya motse oo e ne e dirilwe ka gauta e e sa tswakanngwang, e tshwana le galase e e galalelang.

22 Ga ke a ka ka bona tempele mo go one, ka gonne Jehofa* Modimo Mothatayotlhe+ ke ene tempele ya one, Kwana le ene ke tempele ya one. 23 Mme motse oo o ne o sa tlhoke lesedi la letsatsi kgotsa la ngwedi, ka gonne kgalalelo ya Modimo e ne e o bonesitse,+ e bile lobone lwa one e ne e le Kwana.+ 24 Mme ditšhaba di tla tsamaya mo leseding la motse oo,+ e bile dikgosi tsa lefatshe di tla galaletsa motse oo. 25 Dikgoro tsa one ga di kitla di tswalwa, ka gonne go tla nna go le motshegare fela; mme ga go kitla go nna bosigo gone.+ 26 Mme batho ba ditšhaba ba tla galaletsa motse ono e bile ba tla o tlotla.+ 27 Le fa go ntse jalo, sepe fela se se itshekologileng le motho ope fela yo o dirang selo se se ferosang sebete le yo o tsietsang ga a kitla a tsena mo go one gotlhelele;+ go tla tsena fela ba ba kwadilweng mo momenong wa botshelo wa Kwana.+

Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2025)
Tswa
Tsena
  • Setswana
  • Romela
  • Tse O ka Di Tlhophang
  • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
  • Melawana ya Tiriso
  • Molawana wa Tshireletsego
  • Di-setting Tsa Websaete
  • JW.ORG
  • Tsena
Romela