LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • Esekiele 34
  • Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

Dintlha Tsa Esekiele

      • Badisa ba Iseraele ba bolelelwa molaetsa wa katlholo (1-10)

      • Jehofa o tlhokomela dinku tsa gagwe (11-31)

        • “Motlhanka wa me e bong Dafide” o tla di disa (23)

        • “Kgolagano ya kagiso” (25)

Esekiele 34:2

Ditshupiso

  • +Jer 23:1; Mik 3:1, 11; Sfn 3:3; Sek 11:17; Mat 23:13
  • +Isa 40:11; Joh 21:15

Esekiele 34:3

Ditshupiso

  • +2Dk 21:16; Jer 22:17; Mik 3:3; Sek 11:4, 5
  • +Isa 56:11

Esekiele 34:4

Ditshupiso

  • +Luk 15:4
  • +Jer 22:13

Esekiele 34:5

Ditshupiso

  • +Jer 23:2; 50:6; Mat 9:36

Esekiele 34:10

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Kgotsa “ke tla batla dinku tsa me mo seatleng sa bone.”

  • *

    Kgotsa “tlhokomela.”

Ditshupiso

  • +Jer 52:24-27

Esekiele 34:11

Ditshupiso

  • +1Sa 17:34, 35; Pes. 80:1; Isa 56:8

Dikgatiso Tse di Farologaneng

  • Kaedi ya go Dira Dipatlisiso

    Boela Kwa go Jehofa, ts. 4-⁠5

Esekiele 34:12

Ditshupiso

  • +Isa 40:11
  • +Joe 2:1, 2; Sfn 1:14, 15

Esekiele 34:13

Ditshupiso

  • +Jer 23:3; Esk 11:17; Amo 9:14; Mik 7:14

Esekiele 34:14

Ditshupiso

  • +Isa 25:6; 30:23; Jer 31:12
  • +Jer 33:12

Dikgatiso Tse di Farologaneng

  • Kaedi ya go Dira Dipatlisiso

    Boela Kwa go Jehofa, ts. 5

Esekiele 34:15

Ditshupiso

  • +Jer 3:15
  • +Sfn 3:13

Esekiele 34:16

Ditshupiso

  • +Mik 4:6; Mat 15:24; Luk 15:4

Dikgatiso Tse di Farologaneng

  • Kaedi ya go Dira Dipatlisiso

    Boela Kwa go Jehofa, ts. 5

Esekiele 34:17

Ditshupiso

  • +Sek 10:3

Esekiele 34:22

Ditshupiso

  • +Isa 40:11; Jer 23:3

Esekiele 34:23

Ditshupiso

  • +Joh 10:11; Bah 13:20; 1Pe 5:4; Tsh 7:17
  • +Isa 11:1; Jer 30:9
  • +Esk 37:24; Hos 3:5

Dikgatiso Tse di Farologaneng

  • Kaedi ya go Dira Dipatlisiso

    Tora ya Tebelo,

    4/1/2007, ts. 26

Esekiele 34:24

Ditshupiso

  • +Ek 29:45; Jer 31:1
  • +Pes. 2:6; Isa 9:6; Jer 23:5; Mik 5:2; Luk 1:32; Dit 5:31

Esekiele 34:25

Ditshupiso

  • +Esk 37:26
  • +Lef 26:6; Isa 11:6-9; 35:9; 65:25; Hos 2:18
  • +Jer 23:6; 33:16

Esekiele 34:26

Ditshupiso

  • +Isa 56:7; Esk 20:40; Mik 4:1
  • +Ge 12:2, 3; Dut 28:12; Sek 8:13

Esekiele 34:27

Ditshupiso

  • +Lef 26:4; Pes. 85:12; Isa 35:2; Esk 36:30
  • +Lef 26:13

Esekiele 34:28

Ditshupiso

  • +Jer 30:10; 46:27

Esekiele 34:29

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Seheb., “le le tla nnang le leina.”

Ditshupiso

  • +Esk 36:29
  • +Esk 36:15

Esekiele 34:30

Ditshupiso

  • +Esk 37:27

Esekiele 34:31

Ditshupiso

  • +Pes. 78:52; 100:3; Isa 40:11

Ditemana Tse dingwe

Esek. 34:2Jer 23:1; Mik 3:1, 11; Sfn 3:3; Sek 11:17; Mat 23:13
Esek. 34:2Isa 40:11; Joh 21:15
Esek. 34:32Dk 21:16; Jer 22:17; Mik 3:3; Sek 11:4, 5
Esek. 34:3Isa 56:11
Esek. 34:4Luk 15:4
Esek. 34:4Jer 22:13
Esek. 34:5Jer 23:2; 50:6; Mat 9:36
Esek. 34:10Jer 52:24-27
Esek. 34:111Sa 17:34, 35; Pes. 80:1; Isa 56:8
Esek. 34:12Isa 40:11
Esek. 34:12Joe 2:1, 2; Sfn 1:14, 15
Esek. 34:13Jer 23:3; Esk 11:17; Amo 9:14; Mik 7:14
Esek. 34:14Isa 25:6; 30:23; Jer 31:12
Esek. 34:14Jer 33:12
Esek. 34:15Jer 3:15
Esek. 34:15Sfn 3:13
Esek. 34:16Mik 4:6; Mat 15:24; Luk 15:4
Esek. 34:17Sek 10:3
Esek. 34:22Isa 40:11; Jer 23:3
Esek. 34:23Joh 10:11; Bah 13:20; 1Pe 5:4; Tsh 7:17
Esek. 34:23Isa 11:1; Jer 30:9
Esek. 34:23Esk 37:24; Hos 3:5
Esek. 34:24Ek 29:45; Jer 31:1
Esek. 34:24Pes. 2:6; Isa 9:6; Jer 23:5; Mik 5:2; Luk 1:32; Dit 5:31
Esek. 34:25Esk 37:26
Esek. 34:25Lef 26:6; Isa 11:6-9; 35:9; 65:25; Hos 2:18
Esek. 34:25Jer 23:6; 33:16
Esek. 34:26Isa 56:7; Esk 20:40; Mik 4:1
Esek. 34:26Ge 12:2, 3; Dut 28:12; Sek 8:13
Esek. 34:27Lef 26:4; Pes. 85:12; Isa 35:2; Esk 36:30
Esek. 34:27Lef 26:13
Esek. 34:28Jer 30:10; 46:27
Esek. 34:29Esk 36:29
Esek. 34:29Esk 36:15
Esek. 34:30Esk 37:27
Esek. 34:31Pes. 78:52; 100:3; Isa 40:11
  • Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
  • 1
  • 2
  • 3
  • 4
  • 5
  • 6
  • 7
  • 8
  • 9
  • 10
  • 11
  • 12
  • 13
  • 14
  • 15
  • 16
  • 17
  • 18
  • 19
  • 20
  • 21
  • 22
  • 23
  • 24
  • 25
  • 26
  • 27
  • 28
  • 29
  • 30
  • 31
Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
Esekiele 34:1-31

Esekiele

34 Jehofa o ne a bua le nna gape a re: 2 “Morwa motho, bolelela badisa ba Iseraele molaetsa wa katlholo mme o ba reye o re, ‘Seno ke se Morena Molaodimogolo Jehofa a se buang: “Ruri go latlhega badisa ba Iseraele,+ ba ba ntseng ba iphepa! A badisa bano ga ba a tshwanela go fepa letsomane?+ 3 Lo ja mafura a diphologolo, lo apara boboa, e bile lo tlhaba phologolo e e nonneng thata,+ mme ga lo fepe letsomane.+ 4 Ga lo a nonotsha tse di bokoa, ga lo a alafa tse di lwalang, ga lo a hapa tse di gobetseng, ga lo a busa tse di faletseng e bile ga lo a batla tse di timetseng;+ go na le moo, lo ne lo di tshwara makgwakgwa e bile lo di gatelela.+ 5 Ka jalo, di ne tsa gasama ka gonne di ne di se na modisa;+ di ne tsa gasama mme tsa jewa ke dibatana. 6 Dinku tsa me di ne tsa kgarakgatshega mo dithabeng tsotlhe le mo thoteng nngwe le nngwe e e kwa godimo; dinku tsa me di ne tsa gasama mo lefatsheng lotlhe, go se na ope yo o di batlang kgotsa yo o di senkang.

7 “‘“Ka jalo, lona badisa, utlwang lefoko leno la ga Jehofa: 8 ‘“Ke ikana ka nna,” go bua Morena Molaodimogolo Jehofa, “e re ka dinku tsa me di fetogile sengwe sa go tsomiwa, e le dijo tsa dibatana, ka gonne go ne go se na modisa, e bile badisa ba me ba ne ba se ka ba batla dinku tsa me; go na le moo ba ne ba iphepa, mme ba se ka ba fepa dinku tsa me,”’ 9 ka jalo lona badisa, utlwang lefoko la ga Jehofa. 10 Seno ke se Morena Molaodimogolo Jehofa a se buang: ‘Ke tla otlhaya badisa bao, mme ke tla ba bona molato ka ntlha ya tsela e ba neng ba tshwara dinku tsa me ka yone,* e bile ke tla ba leleka gore ba se ka ba tlhola ba fepa* dinku tsa me,+ mme badisa bao ga ba kitla ba tlhola ba iphepa. Ke tla namola dinku tsa me mo melomong ya bone, mme ga ba kitla ba tlhola ba di ja.’”

11 “‘Gonne seno ke se Morena Molaodimogolo Jehofa a se buang: “Jaanong ke nna yono, mme ke tla batla dinku tsa me, e bile ke tla di tlhokomela.+ 12 Ke tla tlhokomela dinku tsa me fela jaaka modisa yo o boneng dinku tsa gagwe tse di neng di gasame mme jaanong a di fepa.+ Ke tla di phutha kwa mafelong otlhe a di neng di gasametse kwa go one mo letsatsing la maru le lefifi le lentshontsho.+ 13 Ke tla di ntsha kwa ditšhabeng ke bo ke di phutha mmogo ke di ntsha kwa dinageng tse dingwe, mme ke tla di tlisa mo lefatsheng la tsone ke bo ke di fudisa mo dithabeng tsa Iseraele,+ gaufi le melatswana le mafelo otlhe a go nniwang mo go one. 14 Ke tla di fudisa mo mafulong a a nonneng, mme di tla fula mo lefelong le le mo dithabeng tse di kwa godimo tsa Iseraele.+ Di tla botha gone koo mo lefelong le le nonneng le di fulang mo go lone,+ mme di tla fula mo mafulong a a nonneng mo dithabeng tsa Iseraele.”

15 “‘“Nna ka bonna ke tla fepa dinku tsa me,+ e bile nna ka bonna ke tla di bothisa,”+ go bua Morena Molaodimogolo Jehofa. 16 “Ke tla batla e e latlhegileng,+ ke tla busa e e faletseng, ke tla hapa e e gobetseng, e bile ke tla nonotsha e e bokoa; mme ke tla nyeletsa e e nonneng le e e nonofileng. Dijo tsa tsone e tla nna katlholo.”

17 “‘Mme lona dinku tsa me, seno ke se Morena Molaodimogolo Jehofa a se buang: “Ke tla diragatsa tshiamiso fa gare ga dinku, fa gare ga diphelefu le diphoko.+ 18 A ga go a lekana go bo lo fula mo mafulong a a a gaisang otlhe? A jaanong mafulo a lona a a setseng, lo tshwanetse go a gataka ka dinao? Mme fa lo sena go nwa metsi a a phepa, a lo tshwanetse go a leswafatsa ka go a fudua ka dinao? 19 A jaanong dinku tsa me di tshwanetse go fula mo mafulong a lo a gatakileng ka dinao le go nwa metsi a lo a leswafaditseng ka go a kgobera ka dinao?”

20 “‘Ka jalo, seno ke se Morena Molaodimogolo Jehofa a se ba bolelelang: “Jaanong ke nna yono, mme ke tla diragatsa tshiamiso fa gare ga nku e e nonneng le nku e e otileng, 21 ka gonne lo ne lwa nna lwa kgorometsa tsotlhe tse di lwalang ka letlhakore le ka legetla, e bile lo ne lwa nna lwa di kgokgoetsa ka dinaka go fitlha lo di gasamiseditse kgakala. 22 Ke tla boloka dinku tsa me, mme ga di kitla di tlhola di tsomiwa;+ mme ke tla diragatsa tshiamiso fa gare ga dinku. 23 Ke tla tlhoma modisa a le mongwe fela gore a di okamele,+ motlhanka wa me e bong Dafide,+ mme o tla di fepa. Ene o tla di fepa e bile o tla nna modisa wa tsone.+ 24 Mme nna, Jehofa, ke tla nna Modimo wa bone,+ mme motlhanka wa me Dafide o tla nna kgosana ya bone.+ Nna Jehofa, ke buile seno.

25 “‘“Mme ke tla dira kgolagano ya kagiso le bone,+ e bile ke tla fedisa dibatana tse di kotsi mo nageng,+ gore ba tle ba nne mo nageng ba sireletsegile ba bo ba robale mo dikgweng.+ 26 Ke tla ba segofatsa, bone le lefelo le le dikologileng thota ya me,+ e bile ke tla nesa pula ka nako e e tshwanetseng. Masego a tla tshologa jaaka dipula.+ 27 Ditlhare tsa naga di tla ntsha maungo, mmu o tla ungwa,+ e bile ba tla nna mo lefatsheng ka pabalesego. Mme ba tla tshwanelwa ke go itse gore ke nna Jehofa fa ke roba dijokwe tsa bone+ ke bo ke ba golola mo bathong ba ba neng ba ba dirile makgoba. 28 Ga ba kitla ba tlhola ba nna sengwe sa go tsomiwa ke ditšhaba, e bile dibatana ga di kitla di ba kometsa, mme ba tla nna ka pabalesego, go se na ope yo o ba tshosang.+

29 “‘“Ke tla ba direla lefelo le legolo le go lemiwang mo go lone le le tla itsegeng,* mme ga ba kitla ba tlhola ba bolawa ke leuba mo lefatsheng,+ e bile ga ba kitla ba tlhola ba tlontlololwa ke ditšhaba.+ 30 ‘Foo ba tla tshwanelwa ke go itse gore nna Jehofa, Modimo wa bone, ke na le bone le gore bone Baiseraele ke batho ba me,’+ go bua Morena Molaodimogolo Jehofa.”’

31 “‘Mme lona dinku tsa me,+ dinku tse ke di tlhokomelang, lo batho fela, mme nna ke Modimo wa lona,’ go bua Morena Molaodimogolo Jehofa.”

Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2025)
Tswa
Tsena
  • Setswana
  • Romela
  • Tse O ka Di Tlhophang
  • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
  • Melawana ya Tiriso
  • Molawana wa Tshireletsego
  • Di-setting Tsa Websaete
  • JW.ORG
  • Tsena
Romela