LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • 1 Ditiragalo 29
  • Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

Dintlha Tsa 1 Ditiragalo

      • Tempele e ntshediwa meneelo (1-9)

      • Thapelo ya ga Dafide (10-19)

      • Batho ba a itumela; bogosi jwa ga Solomone (20-25)

      • Loso lwa ga Dafide (26-30)

1 Ditiragalo 29:1

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Kgotsa “e bile o bokoa.”

  • *

    Kgotsa “ntlo ya segosi.”

Ditshupiso

  • +1Dt 28:5
  • +1Dk 3:7
  • +2Dt 2:4

1 Ditiragalo 29:2

Ditshupiso

  • +1Dt 22:3, 16
  • +1Dt 22:4, 14

1 Ditiragalo 29:3

Ditshupiso

  • +Pes. 26:8; 27:4; 122:1
  • +1Dt 21:24

1 Ditiragalo 29:4

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Talenta e lekana le 34,2 kg. Bona Dintlha B14.

Ditshupiso

  • +Job 28:16

1 Ditiragalo 29:5

Ditshupiso

  • +Ek 35:5

1 Ditiragalo 29:6

Ditshupiso

  • +Ek 18:25
  • +1Dt 27:25, 29, 31

1 Ditiragalo 29:7

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Dariki e ne e le ledi la gauta la kwa Peresia. Bona Dintlha B14.

Dikgatiso Tse di Farologaneng

  • Kaedi ya go Dira Dipatlisiso

    Tora ya Tebelo,

    8/1/2009, ts. 30

1 Ditiragalo 29:8

Ditshupiso

  • +1Dt 26:22
  • +1Dt 6:1

1 Ditiragalo 29:9

Ditshupiso

  • +2Bk 9:7

1 Ditiragalo 29:10

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Kgotsa “go tswa bosasimologeng go ya bosakhutleng.”

1 Ditiragalo 29:11

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Kgotsa “seriti.”

Ditshupiso

  • +Pes. 145:3; 1Ti 1:17
  • +Tsh 5:13
  • +1Dt 16:27; Pes. 8:1
  • +Pes. 24:1; Isa 42:5
  • +Pes. 103:19; Mat 6:10

1 Ditiragalo 29:12

Ditshupiso

  • +Dut 8:18; Dia 10:22; Baf 4:19
  • +2Dt 20:6
  • +Isa 40:26
  • +Dut 3:24; Bae 1:19; Tsh 15:3
  • +2Dt 1:11, 12
  • +2Dt 16:9; Pes. 18:32; Isa 40:29

1 Ditiragalo 29:15

Ditshupiso

  • +Lef 25:23; Bah 11:13
  • +Job 14:1, 2; Jak 4:13, 14

1 Ditiragalo 29:17

Ditshupiso

  • +1Dt 28:9
  • +Dia 11:20; 15:8; Bah 1:9

1 Ditiragalo 29:18

Ditshupiso

  • +Pes. 10:17; 86:11

1 Ditiragalo 29:19

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Kgotsa “ntlo ya segosi.”

Ditshupiso

  • +Mar 12:30
  • +1Dk 6:12
  • +1Dt 22:14

1 Ditiragalo 29:21

Ditshupiso

  • +Lef 1:3
  • +Lef 23:12, 13; Dip 15:5
  • +1Dk 8:63, 64

1 Ditiragalo 29:22

Ditshupiso

  • +Dut 12:7; 2Dt 7:10; Neh 8:12
  • +1Dk 1:38-40; 1Dt 23:1
  • +1Dk 2:35

1 Ditiragalo 29:23

Ditshupiso

  • +1Dt 28:5

1 Ditiragalo 29:24

Ditshupiso

  • +1Dt 22:17
  • +1Dt 28:1
  • +1Dt 3:1-9

1 Ditiragalo 29:25

Ditshupiso

  • +1Dk 3:12; 2Dt 1:1, 12; Mor 2:9

1 Ditiragalo 29:27

Ditshupiso

  • +2Sa 2:11
  • +2Sa 5:4, 5

1 Ditiragalo 29:28

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Seheb., “malatsi.”

Ditshupiso

  • +1Dk 1:1
  • +1Dk 2:10-12

1 Ditiragalo 29:29

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Bona Ditlhaloso Tsa Mafoko.

Ditshupiso

  • +2Sa 7:2; 12:1
  • +1Dt 21:9, 10

Dikgatiso Tse di Farologaneng

  • Kaedi ya go Dira Dipatlisiso

    Tora ya Tebelo,

    3/15/2009, ts. 32

Ditemana Tse dingwe

1Ditir. 29:11Dt 28:5
1Ditir. 29:11Dk 3:7
1Ditir. 29:12Dt 2:4
1Ditir. 29:21Dt 22:3, 16
1Ditir. 29:21Dt 22:4, 14
1Ditir. 29:3Pes. 26:8; 27:4; 122:1
1Ditir. 29:31Dt 21:24
1Ditir. 29:4Job 28:16
1Ditir. 29:5Ek 35:5
1Ditir. 29:6Ek 18:25
1Ditir. 29:61Dt 27:25, 29, 31
1Ditir. 29:81Dt 26:22
1Ditir. 29:81Dt 6:1
1Ditir. 29:92Bk 9:7
1Ditir. 29:11Tsh 5:13
1Ditir. 29:111Dt 16:27; Pes. 8:1
1Ditir. 29:11Pes. 24:1; Isa 42:5
1Ditir. 29:11Pes. 103:19; Mat 6:10
1Ditir. 29:11Pes. 145:3; 1Ti 1:17
1Ditir. 29:12Dut 8:18; Dia 10:22; Baf 4:19
1Ditir. 29:122Dt 20:6
1Ditir. 29:12Isa 40:26
1Ditir. 29:12Dut 3:24; Bae 1:19; Tsh 15:3
1Ditir. 29:122Dt 1:11, 12
1Ditir. 29:122Dt 16:9; Pes. 18:32; Isa 40:29
1Ditir. 29:15Lef 25:23; Bah 11:13
1Ditir. 29:15Job 14:1, 2; Jak 4:13, 14
1Ditir. 29:171Dt 28:9
1Ditir. 29:17Dia 11:20; 15:8; Bah 1:9
1Ditir. 29:18Pes. 10:17; 86:11
1Ditir. 29:19Mar 12:30
1Ditir. 29:191Dk 6:12
1Ditir. 29:191Dt 22:14
1Ditir. 29:21Lef 1:3
1Ditir. 29:21Lef 23:12, 13; Dip 15:5
1Ditir. 29:211Dk 8:63, 64
1Ditir. 29:22Dut 12:7; 2Dt 7:10; Neh 8:12
1Ditir. 29:221Dk 1:38-40; 1Dt 23:1
1Ditir. 29:221Dk 2:35
1Ditir. 29:231Dt 28:5
1Ditir. 29:241Dt 22:17
1Ditir. 29:241Dt 28:1
1Ditir. 29:241Dt 3:1-9
1Ditir. 29:251Dk 3:12; 2Dt 1:1, 12; Mor 2:9
1Ditir. 29:272Sa 2:11
1Ditir. 29:272Sa 5:4, 5
1Ditir. 29:281Dk 1:1
1Ditir. 29:281Dk 2:10-12
1Ditir. 29:292Sa 7:2; 12:1
1Ditir. 29:291Dt 21:9, 10
  • Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
  • 1
  • 2
  • 3
  • 4
  • 5
  • 6
  • 7
  • 8
  • 9
  • 10
  • 11
  • 12
  • 13
  • 14
  • 15
  • 16
  • 17
  • 18
  • 19
  • 20
  • 21
  • 22
  • 23
  • 24
  • 25
  • 26
  • 27
  • 28
  • 29
  • 30
Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
1 Ditiragalo 29:1-30

Ditiragalo wa Ntlha

29 Jaanong Kgosi Dafide o ne a raya phuthego yotlhe a re: “Morwaake e bong Solomone, yo Modimo a mo tlhophileng,+ o mmotlana e bile ga a na maitemogelo*+ mme tiro yone e kgolo, ka gonne tempele* e e tla agiwang ga se ya motho mme ke ya ga Jehofa Modimo.+ 2 Mme ke dirile ka natla go baakanyetsa ntlo ya Modimo wa me, ke ntshitse gauta e e tla dirang ditiro tsa gauta, selefera e e tla dirang ditiro tsa selefera, kopore e e tla dirang ditiro tsa kopore, tshipi e e tla dirang ditiro tsa tshipi,+ dikota+ tse di tla dirang ditiro tsa dikota, maje a onikise, le maje a a tshwanetseng go tlhomiwa ka seretse, matlapana a a borethe a a mebalabala, leje lengwe le lengwe le le tlhwatlhwakgolo le maje a alabasetere a le mantsi thata. 3 Mo godimo ga moo, e re ka ke itumelela ntlo ya Modimo wa me,+ gape go na le gauta le selefera go tswa mo matlotlong a me+ tse ke di ntshetsang ntlo ya Modimo wa me, kwantle ga sotlhe se ke se baakanyeditseng ntlo e e boitshepo, 4 go akaretsa le ditalenta* tsa gauta e e tswang kwa Ofire+ di le 3 000 le ditalenta di le 7 000 tsa selefera e e sa tswakanngwang, tse di tla manegang dipota tsa matlo, 5 gauta e e tla dirang ditiro tsa gauta le selefera e e tla dirang ditiro tsa selefera le ya tiro yotlhe e e tla dirwang ke badiri ba ba ditswerere. Jaanong ke mang yo o ithaopelang go tlisetsa Jehofa mpho gompieno?”+

6 Ka jalo, dikgosana tsa dikgotla tsa bone, dikgosana tsa ditso tsa Iseraele, baokamedi ba dikete le ba makgolo+ le baokamedi ba ditiro tsa kgosi+ ba ne ba ithaopa ka go rata. 7 Mme ba ne ba ntshetsa tirelo ya ntlo ya Modimo wa boammaaruri dilo tseno: ditalenta tsa gauta di le 5 000, didariki* di le 10 000, ditalenta tsa selefera di le 10 000, ditalenta tsa kopore di le 18 000 le ditalenta tsa tshipi di le 100 000. 8 Ope fela yo o neng a na le maje a a tlhwatlhwakgolo o ne a a ntsha gore a tsenngwe mo bobolokelamatlotlong jwa ntlo ya ga Jehofa jo bo okametsweng ke Jehiele+ wa Mogereshone.+ 9 Batho ba ne ba itumela ka ntlha ya go ntsha meneelo eno ka go rata, ka gonne ba ne ba ntshetsa Jehofa meneelo ka go rata ka pelo e e feletseng,+ mme kgosi Dafide le ene o ne a itumela thata.

10 Go tswa foo, Dafide o ne a baka Jehofa fa pele ga phuthego yotlhe. Dafide o ne a re: “E kete o ka bakwa ka bosakhutleng,* Jehofa, Modimo wa ga rraarona e bong Iseraele. 11 Bogolo+ le maatla+ le bontle le kgalalelo le tlotlomalo*+ ke tsa gago Jehofa, ka gonne sengwe le sengwe se se kwa magodimong le se se mo lefatsheng ke sa gago.+ Bogosi ke jwa gago, Jehofa.+ Ke wena yo o itlotlomatsang o le tlhogo ya botlhe. 12 Dikhumo le kgalalelo di tswa kwa go wena,+ mme o laola sengwe le sengwe,+ e bile mo seatleng sa gago go na le maatla+ le nonofo,+ gape seatla sa gago se kgona go godisa+ botlhe le go ba naya nonofo.+ 13 Mme jaanong, wena Modimo wa rona, re a go leboga e bile re baka leina la gago le lentle.

14 “Le fa go ntse jalo, nna ke mang le batho ba me ke bomang gore re bo re ntshitse meneelo e e kana kana ka go rata? Gonne sengwe le sengwe se tswa kwa go wena, re go neile se se tswang mo seatleng sa gago. 15 Gonne re batswakwa le bajaki fa pele ga gago, fela jaaka borraaronamogolo botlhe.+ Gonne malatsi a rona mo lefatsheng a tshwana le moriti,+ ga re na tsholofelo. 16 Ao tlhe Jehofa, Modimo wa rona, khumo eno yotlhe e re e kokoantseng gore re go agele ntlo ya leina la gago le le boitshepo e tswa mo seatleng sa gago, mme yotlhe ke ya gago. 17 Ke itse sentle, wena Modimo wa me, gore o tlhatlhoba pelo+ le gore o itumelela tshiamo.+ Ke ntshitse dilo tseno tsotlhe ka go rata, ke di ntsha ka pelo e tshweu, mme ke itumelela go bona batho ba gago ba ba fano ba go ntshetsa meneelo ka go rata. 18 Ao tlhe Jehofa, Modimo wa ga Aborahame, Isake le Iseraele, borraaronamogolo, thusa batho ba gago gore ba tswelele ba na le moya wa go rata go ithaopa le gore ba go direle ka pelo yotlhe.+ 19 Mme o neye morwaake e bong Solomone pelo e e feletseng+ gore a boloke ditaelo tsa gago,+ dikgakololo tsa gago le melao ya gago, le gore a dire dilo tseno tsotlhe mme a age tempele* e ke dirileng dithulaganyo tsa yone.”+

20 Go tswa foo, Dafide o ne a raya phuthego yotlhe a re: “Jaanong bakang Jehofa, Modimo wa lona.” Mme phuthego yotlhe e ne ya baka Jehofa, Modimo wa borraabonemogolo e bo e ikoba, e obama fa pele ga ga Jehofa le kgosi. 21 Mme ba ne ba tswelela ba ntshetsa Jehofa ditlhabelo tse dingwe le go isetsa Jehofa ditlhabelo tse di fisiwang+ mo letsatsing le le latelang, dipowana di le 1 000, diphelefu di le 1 000, dikwanyana tse ditonanyana di le 1 000 le ditlhabelo tsa tsone tsa senô;+ ba ne ba ntshetsa Iseraele yotlhe ditlhabelo tse dintsi.+ 22 Ba ne ba tswelela ba ja e bile ba nwa fa pele ga ga Jehofa mo letsatsing leo ka boitumelo jo bogolo,+ mme ba ne ba dira Solomone morwa Dafide kgosi lekgetlo la bobedi ba bo ba mo tlotsa fa pele ga ga Jehofa gore a nne moeteledipele+ ba bo ba tlotsa le Sadoke gore a nne moperesiti.+ 23 Mme Solomone o ne a nna mo setulong sa bogosi sa ga Jehofa+ e le kgosi mo boemong jwa ga rraagwe e bong Dafide, mme o ne a atlega e bile Baiseraele botlhe ba ne ba mo ikobela. 24 Dikgosana tsotlhe,+ batlhabani ba ba maatla,+ mmogo le bomorwa Kgosi Dafide+ botlhe, ba ne ba ikobela kgosi Solomone. 25 Mme Jehofa o ne a dira gore Solomone a nne mogolo thata fa pele ga Iseraele yotlhe e bile o ne a mo naya seriti sa segosi se kgosi epe mo Iseraele e iseng e ke e nne le sone pele ga gagwe.+

26 Ka jalo, Dafide morwa Jese o ne a busa mo Iseraele yotlhe, 27 mme o ne a busa Iseraele dingwaga di le 40. O ne a busa dingwaga di le 7 kwa Heberone,+ mme a busa dingwaga di le 33 kwa Jerusalema.+ 28 O ne a swa a tsofetse thata,+ a kgotsofaletse botshelo* jo boleele, dikhumo le kgalalelo; mme morwawe e bong Solomone o ne a nna kgosi mo boemong jwa gagwe.+ 29 Fa e le pego ya botshelo jwa ga Kgosi Dafide, go tswa kwa tshimologong go ya kwa bokhutlong, e kwadilwe mo mafokong a ga Samuele wa mmoni,* a ga moporofeti Nathane+ le a ga Gada+ yo e neng e le mmoni wa diponatshegelo, 30 mmogo le bogosi jotlhe jwa gagwe, kafa a neng a le maatla ka gone le ditiragalo tsa metlha eo tse di neng di amana le ene le Iseraele le magosi otlhe a a neng a mo dikologile.

Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2025)
Tswa
Tsena
  • Setswana
  • Romela
  • Tse O ka Di Tlhophang
  • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
  • Melawana ya Tiriso
  • Molawana wa Tshireletsego
  • Di-setting Tsa Websaete
  • JW.ORG
  • Tsena
Romela