LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • 1 Ditiragalo 25
  • Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

Dintlha Tsa 1 Ditiragalo

      • Baopedi le ba ba letsang diletswa kwa ntlong ya Modimo (1-31)

1 Ditiragalo 25:1

Ditshupiso

  • +1Dt 16:41, 42; 2Dt 5:11, 12; 35:15
  • +1Sa 10:5
  • +1Dt 15:16

1 Ditiragalo 25:3

Ditshupiso

  • +1Dt 16:41, 42
  • +1Dt 15:16, 18
  • +Bae 5:19

1 Ditiragalo 25:4

Ditshupiso

  • +1Dt 15:16, 19

1 Ditiragalo 25:5

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Seheb., “gore a tsose lonaka lwa gagwe.”

1 Ditiragalo 25:6

Ditshupiso

  • +1Dt 13:8; 15:16; 16:5

1 Ditiragalo 25:8

Ditshupiso

  • +Dia 16:33

1 Ditiragalo 25:9

Ditshupiso

  • +1Dt 25:1, 2
  • +1Dt 25:1, 3

1 Ditiragalo 25:10

Ditshupiso

  • +1Dt 25:1, 2

1 Ditiragalo 25:12

Ditshupiso

  • +1Dt 25:1, 2

1 Ditiragalo 25:20

Ditshupiso

  • +1Dt 25:1, 4

1 Ditiragalo 25:29

Ditshupiso

  • +1Dt 25:1, 4

1 Ditiragalo 25:30

Ditshupiso

  • +1Dt 25:1, 4

1 Ditiragalo 25:31

Ditshupiso

  • +1Dt 25:1, 4

Ditemana Tse dingwe

1Ditir. 25:11Dt 16:41, 42; 2Dt 5:11, 12; 35:15
1Ditir. 25:11Sa 10:5
1Ditir. 25:11Dt 15:16
1Ditir. 25:31Dt 16:41, 42
1Ditir. 25:31Dt 15:16, 18
1Ditir. 25:3Bae 5:19
1Ditir. 25:41Dt 15:16, 19
1Ditir. 25:61Dt 13:8; 15:16; 16:5
1Ditir. 25:8Dia 16:33
1Ditir. 25:91Dt 25:1, 2
1Ditir. 25:91Dt 25:1, 3
1Ditir. 25:101Dt 25:1, 2
1Ditir. 25:121Dt 25:1, 2
1Ditir. 25:201Dt 25:1, 4
1Ditir. 25:291Dt 25:1, 4
1Ditir. 25:301Dt 25:1, 4
1Ditir. 25:311Dt 25:1, 4
  • Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
  • 1
  • 2
  • 3
  • 4
  • 5
  • 6
  • 7
  • 8
  • 9
  • 10
  • 11
  • 12
  • 13
  • 14
  • 15
  • 16
  • 17
  • 18
  • 19
  • 20
  • 21
  • 22
  • 23
  • 24
  • 25
  • 26
  • 27
  • 28
  • 29
  • 30
  • 31
Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
1 Ditiragalo 25:1-31

Ditiragalo wa Ntlha

25 Mo godimo ga moo, Dafide le balaodi ba ditlhopha tse di direlang ba ne ba tlhopha bangwe ba bomorwa Asafe, Hemane le Jeduthune+ gore ba direle ka go porofeta ka diharepa, diletswa tsa megala+ le disemebala.+ Leno e ne e le lenaane la banna ba ba neng ba okametse tirelo eo: 2 go tswa mo go bomorwa Asafe: Sakure, Josefa, Nethania le Asharela, bomorwa Asafe ba ba neng ba okametswe ke Asafe, yo o neng a porofeta ka taelo ya kgosi. 3 Ba ga Jeduthune,+ bomorwa Jeduthune: Gedalia, Seri, Jeshaia, Shimei, Hashabia le Matithia,+ ba ne ba le barataro, ba okametswe ke rraabone e bong Jeduthune, yo o neng a porofeta ka harepa, a leboga Jehofa e bile a mmaka.+ 4 Ba ga Hemane,+ bomorwa Hemane: Bukia, Matania, Usiele, Shebuele, Jerimothe, Hanania, Hanani, Eliatha, Gidaleti, Romameti-esere, Joshebekasha, Malothi, Hothire le Mahasiothe. 5 Bano botlhe e ne e le bomorwa Hemane, mmoni wa diponatshegelo wa kgosi mo dikgannyeng tse di amanang le Modimo wa boammaaruri gore a galalediwe;* ka jalo Modimo wa boammaaruri o ne a naya Hemane barwa ba le 14 le barwadi ba le 3. 6 Bano botlhe ba ne ba okametswe ke rraabone fa ba opela kwa ntlong ya ga Jehofa, ka disemebala, diletswa tsa megala le diharepa+ e le tirelo e ba neng ba e dira mo ntlong ya Modimo wa boammaaruri.

Asafe, Jeduthune le Hemane bone ba ne ba okametswe ke kgosi.

7 Palo ya bone le bomorwarraabone ba ba neng ba katiseditswe go opelela Jehofa e ne e le 288, botlhe e le ditswerere. 8 Ka jalo, ba ne ba latlhela bola+ gore ba kgaoganye ditiro tsa bone, yo monnye le yo mogolo ka go tshwana, setswerere mmogo le moithuti.

9 Bola jwa ntlha jo bo neng jwa tswa e ne e le jwa ga Asafe bo tswela Josefa,+ jwa bobedi e ne e le jwa ga Gedalia+ (ene le bomorwarraagwe le bomorwawe ba ne ba le 12); 10 jwa boraro e ne e le jwa ga Sakure+ le bomorwawe le bomorwarraagwe, ba ne ba le 12; 11 jwa bonê e ne e le jwa ga Iseri le bomorwawe le bomorwarraagwe, ba ne ba le 12; 12 jwa botlhano e ne e le jwa ga Nethania+ le bomorwawe le bomorwarraagwe, ba ne ba le 12; 13 jwa borataro e ne e le jwa ga Bukia le bomorwawe le bomorwarraagwe, ba ne ba le 12; 14 jwa bosupa e ne e le jwa ga Jesharela le bomorwawe le bomorwarraagwe, ba ne ba le 12; 15 jwa borobedi e ne e le jwa ga Jeshaia le bomorwawe le bomorwarraagwe, ba ne ba le 12; 16 jwa borobongwe e ne e le jwa ga Matania le bomorwawe le bomorwarraagwe, ba ne ba le 12; 17 jwa bolesome e ne e le jwa ga Shimei le bomorwawe le bomorwarraagwe, ba ne ba le 12; 18 jwa bo11 e ne e le jwa ga Asarele le bomorwawe le bomorwarraagwe, ba ne ba le 12; 19 jwa bo12 e ne e le jwa ga Hashabia le bomorwawe le bomorwarraagwe, ba ne ba le 12; 20 jwa bo13 e ne e le jwa ga Shubaele+ le bomorwawe le bomorwarraagwe, ba ne ba le 12; 21 jwa bo14 e ne e le jwa ga Matithia le bomorwawe le bomorwarraagwe, ba ne ba le 12; 22 jwa bo15 e ne e le jwa ga Jeremothe le bomorwawe le bomorwarraagwe, ba ne ba le 12; 23 jwa bo16 e ne e le jwa ga Hanania le bomorwawe le bomorwarraagwe, ba ne ba le 12; 24 jwa bo17 e ne e le jwa ga Joshebekasha le bomorwawe le bomorwarraagwe, ba ne ba le 12; 25 jwa bo18 e ne e le jwa ga Hanani le bomorwawe le bomorwarraagwe, ba ne ba le 12; 26 jwa bo19 e ne e le jwa ga Malothi le bomorwawe le bomorwarraagwe, ba ne ba le 12; 27 jwa bo20 e ne e le jwa ga Eliatha le bomorwawe le bomorwarraagwe, ba ne ba le 12; 28 jwa bo21 e ne e le jwa ga Hothire le bomorwawe le bomorwarraagwe, ba ne ba le 12; 29 jwa bo22 e ne e le jwa ga Gidaleti+ le bomorwawe le bomorwarraagwe, ba ne ba le 12; 30 jwa bo23 e ne e le jwa ga Mahasiothe+ le bomorwawe le bomorwarraagwe, ba ne ba le 12; 31 jwa bo24 e ne e le jwa ga Romameti-esere+ le bomorwawe le bomorwarraagwe, ba ne ba le 12.

Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2025)
Tswa
Tsena
  • Setswana
  • Romela
  • Tse O ka Di Tlhophang
  • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
  • Melawana ya Tiriso
  • Molawana wa Tshireletsego
  • Di-setting Tsa Websaete
  • JW.ORG
  • Tsena
Romela