LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • Duteronome 6
  • Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

Dintlha Tsa Duteronome

      • Rata Jehofa ka pelo ya gago yotlhe (1-9)

        • “Reetsa, wena Iseraele” (4)

        • Batsadi ba tshwanetse go ruta bana (6, 7)

      • O se ka wa lebala Jehofa (10-15)

      • Lo se ka lwa leka Jehofa (16-19)

      • Bolelela kokomana e e tlang (20-25)

Duteronome 6:2

Ditshupiso

  • +Dia 3:1, 2
  • +Ge 18:19; Dut 4:9

Duteronome 6:4

Ditshupiso

  • +Dut 5:7; Isa 42:8; Sek 14:9; Mar 12:29, 32; 1Bk 8:6

Dikgatiso Tse di Farologaneng

  • Kaedi ya go Dira Dipatlisiso

    Tora ya Tebelo⁠,

    6/2016⁠, ts. 15-⁠20

    3/1/2012, ts. 23

Duteronome 6:5

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Kgotsa “sotlhe se o nang le sone.”

Ditshupiso

  • +Dut 10:12; 11:13; 30:6; Mat 22:37
  • +Mar 12:30, 33; Luk 10:27

Dikgatiso Tse di Farologaneng

  • Kaedi ya go Dira Dipatlisiso

    Tora ya Tebelo,

    5/15/2007, ts. 15-16

    6/15/2005, ts. 20

    “Lokwalo Longwe le Longwe,” ts. 37

Duteronome 6:6

Dikgatiso Tse di Farologaneng

  • Kaedi ya go Dira Dipatlisiso

    Tora ya Tebelo,

    4/1/2008, ts. 14

    5/15/2007, ts. 15-16

    4/1/2006, ts. 8-9

    6/15/2005, ts. 20

    4/1/2005, ts. 11-⁠12

    Boitumelo mo Lelapeng, ts. 55-57, 58-59, 71

Duteronome 6:7

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Kgotsa “go a boaboletsa; go a gatelela.”

Ditshupiso

  • +Ge 18:19; Dut 4:9; Dia 22:6; Bae 6:4
  • +Dut 11:19

Dikgatiso Tse di Farologaneng

  • Kaedi ya go Dira Dipatlisiso

    Tora ya Tebelo,

    8/15/2013, ts. 16

    4/1/2008, ts. 14

    9/1/2007, ts. 22

    5/15/2007, ts. 15-16

    11/1/2006, ts. 4-6

    4/1/2006, ts. 8-9

    6/15/2005, ts. 20-21

    4/15/2005, ts. 6-7

    4/1/2005, ts. 11-12

    1/1/2005, ts. 26

    6/15/2004, ts. 5

    Boitumelo mo Lelapeng, ts. 55-57, 58-59, 71

Duteronome 6:8

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Seheb., “fa gare ga matlho a gago.”

Ditshupiso

  • +Dut 11:18

Dikgatiso Tse di Farologaneng

  • Kaedi ya go Dira Dipatlisiso

    Tora ya Tebelo,

    4/1/2005, ts. 12-13

    9/15/2004, ts. 27

Duteronome 6:9

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Kgotsa “mephakwaneng.”

Dikgatiso Tse di Farologaneng

  • Kaedi ya go Dira Dipatlisiso

    Tora ya Tebelo,

    4/1/2005, ts. 12-⁠13

Duteronome 6:10

Ditshupiso

  • +Ge 15:18
  • +Jos 24:13; Pes. 105:44

Duteronome 6:11

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Bona polelwana “Khuti ya go bolokela metsi” mo Ditlhaloso Tsa Mafoko.

  • *

    Kgotsa “diterebe; moretlwa.”

Ditshupiso

  • +Dut 8:10

Duteronome 6:12

Ditshupiso

  • +Baa 3:7

Duteronome 6:13

Ditshupiso

  • +Dut 10:12; 13:4
  • +Luk 4:8
  • +Jer 12:16

Duteronome 6:14

Ditshupiso

  • +Ek 34:14

Duteronome 6:15

Ditshupiso

  • +Ek 20:5; Dut 4:24
  • +Ek 32:9, 10; Dip 25:3; Dut 11:16, 17; Baa 2:14
  • +2Dk 17:18

Duteronome 6:16

Ditshupiso

  • +Mat 4:7; Luk 4:12; 1Bk 10:9
  • +Ek 17:2, 7; Pes. 95:8, 9; Bah 3:8, 9

Duteronome 6:18

Ditshupiso

  • +Ge 15:18

Duteronome 6:19

Ditshupiso

  • +Ek 23:30

Duteronome 6:22

Ditshupiso

  • +Ek 7:3
  • +Dut 4:34

Duteronome 6:23

Ditshupiso

  • +Ek 13:5; Dut 1:8

Duteronome 6:24

Ditshupiso

  • +Pes. 111:10; Dia 14:27
  • +Lef 18:5; Dut 4:1; Bag 3:12

Duteronome 6:25

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Seheb., “re ikoba fa pele ga ga.”

Ditshupiso

  • +Mor 12:13; Bar 10:5

Ditemana Tse dingwe

Dute. 6:2Dia 3:1, 2
Dute. 6:2Ge 18:19; Dut 4:9
Dute. 6:4Dut 5:7; Isa 42:8; Sek 14:9; Mar 12:29, 32; 1Bk 8:6
Dute. 6:5Dut 10:12; 11:13; 30:6; Mat 22:37
Dute. 6:5Mar 12:30, 33; Luk 10:27
Dute. 6:7Ge 18:19; Dut 4:9; Dia 22:6; Bae 6:4
Dute. 6:7Dut 11:19
Dute. 6:8Dut 11:18
Dute. 6:10Ge 15:18
Dute. 6:10Jos 24:13; Pes. 105:44
Dute. 6:11Dut 8:10
Dute. 6:12Baa 3:7
Dute. 6:13Dut 10:12; 13:4
Dute. 6:13Luk 4:8
Dute. 6:13Jer 12:16
Dute. 6:14Ek 34:14
Dute. 6:15Ek 20:5; Dut 4:24
Dute. 6:15Ek 32:9, 10; Dip 25:3; Dut 11:16, 17; Baa 2:14
Dute. 6:152Dk 17:18
Dute. 6:16Mat 4:7; Luk 4:12; 1Bk 10:9
Dute. 6:16Ek 17:2, 7; Pes. 95:8, 9; Bah 3:8, 9
Dute. 6:18Ge 15:18
Dute. 6:19Ek 23:30
Dute. 6:22Ek 7:3
Dute. 6:22Dut 4:34
Dute. 6:23Ek 13:5; Dut 1:8
Dute. 6:24Pes. 111:10; Dia 14:27
Dute. 6:24Lef 18:5; Dut 4:1; Bag 3:12
Dute. 6:25Mor 12:13; Bar 10:5
  • Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
  • 1
  • 2
  • 3
  • 4
  • 5
  • 6
  • 7
  • 8
  • 9
  • 10
  • 11
  • 12
  • 13
  • 14
  • 15
  • 16
  • 17
  • 18
  • 19
  • 20
  • 21
  • 22
  • 23
  • 24
  • 25
Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
Duteronome 6:1-25

Duteronome

6 “Jaanong tseno ke ditaelo, melao le ditshwetso tsa boatlhodi tse Jehofa, Modimo wa lona a di lo neileng gore lo di rutiwe, gore lo di ikobele fa lo kgabaganyetsa mo lefatsheng le lo yang go le rua, 2 e le gore o boife Jehofa, Modimo wa gago o bo o boloke melao yotlhe ya gagwe le ditaelo tsa gagwe tse ke di go laelang malatsi otlhe a botshelo jwa gago, gore o tle o tshele lobaka lo loleele,+ wena le morwao le morwa wa ga morwao.+ 3 Mme wena Iseraele, o tshwanetse go di reetsa le go di ikobela ka kelotlhoko, gore o tle o atlege o bo o nne montsi thata mo lefatsheng le le elelang mashi le tswina ya dinotshe, fela jaaka Jehofa, Modimo wa borragomogolo, a go solofeditse.

4 “Reetsa, wena Iseraele: Jehofa, Modimo wa rona ke Jehofa a le mongwe fela.+ 5 O tshwanetse go rata Jehofa, Modimo wa gago, ka pelo yotlhe ya gago le ka moya otlhe wa gago+ le ka nonofo* yotlhe ya gago.+ 6 Mafoko ano a ke go a laelang gompieno a tshwanetse go nna mo pelong ya gago, 7 mme o tshwanetse go a jalela kwa teng* mo go bomorwao+ o bo o bue ka one fa o ntse mo ntlong ya gago le fa o tsamaya mo tseleng le fa o rapama le fa o tsoga.+ 8 O a bofelele mo seatleng sa gago jaaka sengwe se se go gopotsang, mme a tshwanetse go nna jaaka lebanta la tlhogo mo phatleng ya gago.*+ 9 O a kwale mo foreiming* ya ntlo ya gago le mo dikgorong tsa gago.

10 “Fa Jehofa, Modimo wa gago a go tsenya mo lefatsheng le a neng a ikanela borragomogolo e bong Aborahame, Isake le Jakobe gore o tla le go naya,+ e leng metse e megolo le e mentle e o sa e agang,+ 11 matlo a a tletseng dilo tse di molemo tsa mefuta yotlhe tse o sa di berekelang, dikhuti tsa go bolokela metsi* tse o sa di epang le masimo a morara* le ditlhare tsa motlhware tse o sa di jalang, mme fa o setse o jele e bile o kgotsofetse,+ 12 o nne kelotlhoko gore o se ka wa lebala Jehofa,+ yo o go ntshitseng kwa lefatsheng la Egepeto, kwa lefatsheng la bokgoba. 13 O boife Jehofa, Modimo wa gago+ o bo o mo direle,+ mme o ikane ka leina la gagwe.+ 14 Ga lo a tshwanela go sala medimo e mengwe morago, medimo epe fela ya ditšhaba tse di lo dikologileng,+ 15 ka gonne Jehofa, Modimo wa gago yo o nang le wena ke Modimo yo o batlang gore batho ba mo obamele a le esi.+ Go seng jalo, bogale jwa ga Jehofa, Modimo wa gago bo tla go tukela+ mme o tla go nyeletsa a go tlosa mo godimo ga lefatshe.+

16 “Ga lo a tshwanela go leka Jehofa, Modimo wa lona+ ka tsela e lo neng lwa mo leka ka yone kwa Masa.+ 17 Lo boloke ka kelotlhoko ditaelo tsa ga Jehofa, Modimo wa lona le dikgakololo tsa gagwe le melao ya gagwe e a lo laetseng gore lo e boloke. 18 O tshwanetse go dira se se siameng le se se molemo mo matlhong a ga Jehofa, gore o tle o atlege le gore o tsene o bo o gape lefatshe le le molemo le Jehofa a neng a ikana gore o tla le naya borragomogolo,+ 19 ka go leleka baba ba gago botlhe fa pele ga gago, fela jaaka Jehofa a solofeditse.+

20 “Mo nakong e e tlang, fa morwao a go botsa gore, ‘Dikgakololo, melao le ditshwetso tsa boatlhodi tse Jehofa, Modimo wa rona a di lo laetseng di kaya eng?’ 21 foo o reye morwao o re, ‘Re ne ra nna makgoba a ga Faro kwa Egepeto, mme Jehofa o ne a re ntsha kwa Egepeto ka seatla se se nonofileng. 22 Ka jalo, re ne ra bona Jehofa a nna a romela ditshupo le dikgakgamatso tse dikgolo le tse di senyang, kwa Egepeto,+ mo go Faro le mo go botlhe ba ba mo ntlong ya gagwe.+ 23 Mme o ne a re ntsha koo gore a re tlise fano go tla go re naya lefatshe le a neng a le ikanela borraaronamogolo.+ 24 Go tswa foo, Jehofa o ne a re laela gore re diragatse melao eno yotlhe le gore re boife Jehofa, Modimo wa rona gore re solegelwe molemo ka bosakhutleng,+ gore re tswelele re tshela,+ fela jaaka re tshela gompieno. 25 Fa e le gore re boloka melao eno yotlhe ka kelotlhoko e le go bontsha gore re ikobela* Jehofa, Modimo wa rona, fela jaaka a re laetse, o tla re tsaya re le batho ba ba siameng.’+

Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2025)
Tswa
Tsena
  • Setswana
  • Romela
  • Tse O ka Di Tlhophang
  • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
  • Melawana ya Tiriso
  • Molawana wa Tshireletsego
  • Di-setting Tsa Websaete
  • JW.ORG
  • Tsena
Romela