LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • Pesalema 146
  • Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

Dintlha Tsa Dipesalema

      • Ikanyeng Modimo, e seng batho

        • Fa motho a swa, dikakanyo tsa gagwe di a nyelela (4)

        • Modimo o tsholetsa ba ba hutsafetseng (8)

Pesalema 146:1

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Kgotsa “Halelujah!” “Jah” ke khutshwafatso ya leina Jehofa.

Ditshupiso

  • +Tsh 19:6
  • +Pes. 103:1

Pesalema 146:2

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Kgotsa “letsa mmino.”

Pesalema 146:3

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Kgotsa “batlotlegi.”

Ditshupiso

  • +Pes. 62:9; 118:8, 9; Isa 2:22; Jer 17:5

Dikgatiso Tse di Farologaneng

  • Kaedi ya go Dira Dipatlisiso

    Tora ya Tebelo,

    12/15/2005, ts. 21-⁠22

Pesalema 146:4

Ditshupiso

  • +Ge 3:19; Pes. 104:29; Mor 3:20; 12:7
  • +Mor 9:5, 10; Isa 38:18

Pesalema 146:5

Ditshupiso

  • +Pes. 46:7
  • +Pes. 71:5; Jer 17:7

Pesalema 146:6

Ditshupiso

  • +Dit 4:24; Tsh 14:7
  • +Dut 7:9

Pesalema 146:7

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Seheb., “ba ba golegilweng.”

Ditshupiso

  • +Pes. 107:9; 145:16
  • +Pes. 107:14; 142:7

Pesalema 146:8

Ditshupiso

  • +Isa 29:18; 35:5
  • +Pes. 145:14; 2Bk 7:6

Pesalema 146:9

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Seheb., “ngwana yo o se nang rre.”

  • *

    Kgotsa “o sokamisa tsela ya batho ba ba bosula.”

Ditshupiso

  • +Dut 10:18; Pes. 68:5
  • +Pes. 145:20

Pesalema 146:10

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Kgotsa “Halelujah!” “Jah” ke khutshwafatso ya leina Jehofa.

Ditshupiso

  • +Ek 15:18; Dan 6:26; Tsh 11:15

Ditemana Tse dingwe

Pes. 146:1Tsh 19:6
Pes. 146:1Pes. 103:1
Pes. 146:3Pes. 62:9; 118:8, 9; Isa 2:22; Jer 17:5
Pes. 146:4Ge 3:19; Pes. 104:29; Mor 3:20; 12:7
Pes. 146:4Mor 9:5, 10; Isa 38:18
Pes. 146:5Pes. 46:7
Pes. 146:5Pes. 71:5; Jer 17:7
Pes. 146:6Dit 4:24; Tsh 14:7
Pes. 146:6Dut 7:9
Pes. 146:7Pes. 107:9; 145:16
Pes. 146:7Pes. 107:14; 142:7
Pes. 146:8Isa 29:18; 35:5
Pes. 146:8Pes. 145:14; 2Bk 7:6
Pes. 146:9Dut 10:18; Pes. 68:5
Pes. 146:9Pes. 145:20
Pes. 146:10Ek 15:18; Dan 6:26; Tsh 11:15
  • Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
  • 1
  • 2
  • 3
  • 4
  • 5
  • 6
  • 7
  • 8
  • 9
  • 10
Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
Pesalema 146:1-10

Dipesalema

146 Bakang Jah!*+

Mma ke bake Jehofa ka pelo ya me yotlhe.+

 2 Ke tla baka Jehofa botshelo jwa me jotlhe.

Ke tla opelela* Modimo wa me dipako fa fela ke sa ntse ke tshela.

 3 O se ka wa ikanya dikgosana*

Kgotsa morwa motho, yo a ka se kang a kgona go go boloka.+

 4 Fa a kgaotsa go hema, o boela mo mmung;+

Mo go lone letsatsi leo, dikakanyo tsa gagwe di a nyelela.+

 5 Go itumela motho yo Modimo wa ga Jakobe e leng mothusi wa gagwe,+

Yo o solofetseng mo go Jehofa, Modimo wa gagwe,+

 6 Modiri wa legodimo le lefatshe,

Wa lewatle, le wa dilo tsotlhe tse di mo go tsone,+

Ene yo o ikanyegang ka metlha,+

 7 Ene yo o tlhomamisang gore ba ba tsieditsweng ba direlwa tshiamiso,

Ene yo o nayang ba ba tshwerweng ke tlala senkgwe.+

Jehofa o golola magolegwa.*+

 8 Jehofa o bula matlho a difofu;+

Jehofa o tsholetsa ba ba hutsafetseng;+

Jehofa o rata basiami.

 9 Jehofa o sireletsa batswakwa;

O tlamela khutsana* le motlholagadi,+

Le fa go ntse jalo, o kgoreletsa maano a batho ba ba bosula.*+

10 Jehofa o tla nna Kgosi ka bosakhutleng,+

Wena Siona, Modimo wa gago o tla nna Kgosi kokomana morago ga kokomana.

Bakang Jah!*

Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2025)
Tswa
Tsena
  • Setswana
  • Romela
  • Tse O ka Di Tlhophang
  • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
  • Melawana ya Tiriso
  • Molawana wa Tshireletsego
  • Di-setting Tsa Websaete
  • JW.ORG
  • Tsena
Romela