Diane
9 Botlhale jwa boammaaruri bo agile ntlo ya jone;
Bo betlile dipilara tsa jone tse supa.
2 Bo baakantse nama ya jone ka botlalo;*
Bo tlhakantse beine ya jone;
Gape bo rulagantse tafole ya jone.
4 “Ope fela yo o se nang maitemogelo, a a tle kwano.”
Botlhale bo raya yo o seng botlhale bo re:
5 “Tla o je senkgwe sa me
Mme o nwe beine e ke e tlhakantseng.
7 Motho yo o lolamisang mosotli o itlisetsa tlontlologo,+
Mme ope fela yo o kgalemang motho yo o bosula o tla utlwa botlhoko.
8 O se ka wa kgalemela mosotli, ka gonne o tla go tlhoa.+
Kgalemela motho yo o botlhale, mme o tla go rata.+
9 Kaela motho yo o botlhale mme o tla nna botlhale le go feta.+
Ruta motho yo o siameng, mme kitso ya gagwe e tla oketsega.
11 Gonne botlhale bo tla dira gore malatsi a gago a nne mantsi,+
E bile o tla tshela lobaka lo loleele.
12 Fa o nna botlhale, botlhale joo bo tla go solegela molemo,
Mme fa o le mosotli, ke wena o tla welwang ke ditlamorago tsa teng o le nosi.
13 Mosadi yo o sematla o modumo.+
Ga a kgathale e bile ga a itse sepe gotlhelele.
14 O nna fa kgorong ya ntlo ya gagwe
Mo setulong se se mo mafelong a a kwa godimo a motse+
15 A bo a bitsa ba ba fetang ka tsela,
Ba ba tsamayang mo tseleng ya bone ba sa fapoge a re:
16 “Ope fela yo o se nang maitemogelo, a a tle kwano.”
O raya ba ba seng botlhale+ a re: