LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • 1 Bakorintha 16
  • Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

Dintlha Tsa 1 Bakorintha

      • Madi a a phuthelwang Bakeresete ba kwa Jerusalema (1-4)

      • Dithulaganyo tsa ga Paulo tsa loeto (5-9)

      • Maeto a a rulagantsweng a ga Timotheo le Apolose (10-12)

      • Dikgothatso le ditumediso (13-24)

1 Bakorintha 16:1

Ditshupiso

  • +Dit 24:17; Bar 15:26; 2Bk 8:3, 4

1 Bakorintha 16:2

Dikgatiso Tse di Farologaneng

  • Kaedi ya go Dira Dipatlisiso

    Tora ya Tebelo,

    12/15/2013, ts. 14

    7/15/2008, ts. 28

    12/1/2002, ts. 5

    Tirelo ya Bogosi,

    1/2002, ts. 2

1 Bakorintha 16:3

Ditshupiso

  • +2Bk 8:19

1 Bakorintha 16:5

Ditshupiso

  • +Dit 19:21; 2Bk 1:15, 16

1 Bakorintha 16:6

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Kgotsa “mphelegetse.”

1 Bakorintha 16:7

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Bona Dintlha A5.

Ditshupiso

  • +Dit 20:2

1 Bakorintha 16:8

Ditshupiso

  • +Dit 19:1

Dikgatiso Tse di Farologaneng

  • Kaedi ya go Dira Dipatlisiso

    “Lokwalo Longwe le Longwe,” ts. 210

1 Bakorintha 16:9

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Seger., “ke buletswe kgoro e kgolo.”

Ditshupiso

  • +Dit 19:10, 11

Dikgatiso Tse di Farologaneng

  • Kaedi ya go Dira Dipatlisiso

    Tora ya Tebelo,

    12/15/2008, ts. 18

1 Bakorintha 16:10

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Bona Dintlha A5.

Ditshupiso

  • +Dit 16:1, 2
  • +Baf 2:19, 20

Dikgatiso Tse di Farologaneng

  • Kaedi ya go Dira Dipatlisiso

    Tora ya Tebelo,

    5/15/2009, ts. 15

1 Bakorintha 16:12

Ditshupiso

  • +Dit 18:24, 25

1 Bakorintha 16:13

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Seger., “tswelelang pele jaaka banna.”

Ditshupiso

  • +1Bt 5:6
  • +1Bk 15:58; Baf 1:27
  • +Dit 4:29
  • +Bae 6:10; Bak 1:11

Dikgatiso Tse di Farologaneng

  • Kaedi ya go Dira Dipatlisiso

    Tora ya Tebelo,

    9/15/2015, ts. 15-20

    1/1/2003, ts. 18-19

    4/1/2002, ts. 15, 27-⁠28

    Tsogang!,

    5/8/2000, ts. 30

    Tirelo ya Bogosi,

    2/2000, ts. 8

1 Bakorintha 16:14

Ditshupiso

  • +1Bk 13:4; 1Pe 4:8

1 Bakorintha 16:15

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Seger., “ke mabutswapele.”

1 Bakorintha 16:16

Ditshupiso

  • +Baf 2:29, 30; 1Bt 5:12; 1Ti 5:17

1 Bakorintha 16:17

Ditshupiso

  • +1Bk 1:16

1 Bakorintha 16:19

Ditshupiso

  • +Bar 16:3, 5; Fil 2

Dikgatiso Tse di Farologaneng

  • Kaedi ya go Dira Dipatlisiso

    Tora ya Tebelo,

    8/15/2007, ts. 10

1 Bakorintha 16:20

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Seger., “katlo e e boitshepo.” Fa Bakeresete ba kopana, yo mongwe o ne a suna yo mongwe mo lerameng fa a mo dumedisa.

1 Bakorintha 16:23

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Bona Ditlhaloso Tsa Mafoko.

Ditemana Tse dingwe

1 Bakor. 16:1Dit 24:17; Bar 15:26; 2Bk 8:3, 4
1 Bakor. 16:32Bk 8:19
1 Bakor. 16:5Dit 19:21; 2Bk 1:15, 16
1 Bakor. 16:7Dit 20:2
1 Bakor. 16:8Dit 19:1
1 Bakor. 16:9Dit 19:10, 11
1 Bakor. 16:10Dit 16:1, 2
1 Bakor. 16:10Baf 2:19, 20
1 Bakor. 16:12Dit 18:24, 25
1 Bakor. 16:131Bt 5:6
1 Bakor. 16:131Bk 15:58; Baf 1:27
1 Bakor. 16:13Dit 4:29
1 Bakor. 16:13Bae 6:10; Bak 1:11
1 Bakor. 16:141Bk 13:4; 1Pe 4:8
1 Bakor. 16:16Baf 2:29, 30; 1Bt 5:12; 1Ti 5:17
1 Bakor. 16:171Bk 1:16
1 Bakor. 16:19Bar 16:3, 5; Fil 2
  • Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
  • 1
  • 2
  • 3
  • 4
  • 5
  • 6
  • 7
  • 8
  • 9
  • 10
  • 11
  • 12
  • 13
  • 14
  • 15
  • 16
  • 17
  • 18
  • 19
  • 20
  • 21
  • 22
  • 23
  • 24
Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
1 Bakorintha 16:1-24

Bakorintha wa Ntlha

16 Jaanong ka kgang ya go phuthela ba ba boitshepo madi,+ lo ka latela ditaelo tse ke di neileng diphuthego tsa kwa Galatia. 2 Mo letsatsing la ntlha la beke nngwe le nngwe, mongwe le mongwe wa lona o tshwanetse go beela sengwe kwa thoko go ya ka se a se kgonang, gore go se ka ga phuthiwa madi fa ke setse ke gorogile. 3 Mme fa ke fitlha koo, ke tla roma banna ba lo ba buang bontle mo makwalong a lona+ kwa Jerusalema, gore ba ise madi a lo a ntshitseng ka go rata. 4 Mme fa go tlhokega gore le nna ke ye koo, ba tla tsamaya le nna.

5 Mme ke tla tla kwa go lona fa ke sena go tsena ka Makedonia, ka gonne ke batla go feta ka Makedonia pele;+ 6 gongwe ke tla nna le lona ka nakwana kgotsa ke tla fetsa mariga ke na le lona, gore lo tle lo mpuledise* kwa nka tswang ke ya gone. 7 Ga ke batle go lo bona ke feta fela, mme fa Jehofa* a ratile, ke eletsa go nna le lona lobakanyana.+ 8 Mme ke sa ntse ke le mo Efeso+ go fitlha ka Moletlo wa Pentekosete, 9 ka gonne ke bulegetswe ke tshono e kgolo* ya gore ke direle Morena,+ le fa go ntse jalo, go na le baganetsi ba le bantsi.

10 Jaanong fa Timotheo+ a goroga, dirisanang le ene sentle gore a se ka a boifa sepe fa a na le lona, ka gonne o dira tiro ya ga Jehofa,*+ fela jaaka le nna ke e dira. 11 Ka jalo, a ope a se ka a mo nyatsa. Mmulediseng, gore a tle a fitlhe fano mo go nna ka kagiso, ka gonne nna le bakaulengwe re mo letetse.

12 Mme fa e le ka ga Apolose+ mokaulengwe wa rona, ke ne ka mo kopa gore a tsamaye le bakaulengwe fa ba lo etela. Mme o ne a sa ikaelela go tla gone jaanong, le fa go ntse jalo, o tla tla fa a na le nako.

13 Nnang lo tsogile,+ tlhomamang mo tumelong,+ nnang pelokgale,*+ nnang maatla.+ 14 Dirang sengwe le sengwe ka lorato.+

15 Lo a itse gore ba ba nnang mo lelapeng la ga Setefanase ke ba ntlha go nna badumedi* mo Akaia le gore ba ne ba ikemisetsa go direla ba ba boitshepo. Ka jalo, ke lo rotloetsa jaana bakaulengwe: 16 E kete le lona lo ka nna lo ikobela batho ba ba ntseng jalo le botlhe ba ba dirisanang sentle le batho ba bangwe e bile ba dira ka natla.+ 17 Mme ke itumelela gore Setefanase+ le Foretunato le Akaiko ba tlile mono; ba nthusitse thata ka dilo tse ke itseng gore lo ka bo lo nthusitse ka tsone. 18 Gonne ba nkgothaditse e bile le lona ba lo kgothaditse. Ka jalo, tlotlang banna ba ba ntseng jalo.

19 Diphuthego tsa Asia di a lo dumedisa. Akhwila le Periseka mmogo le phuthego e e kopanelang mo ntlong ya bone+ ba lo dumedisa ka pelo yotlhe lona balatedi ba Morena. 20 Bakaulengwe botlhe ba a lo dumedisa. Dumedisanang ka lorato.*

21 Jaanong nna Paulo, ke lo romelela ditumediso tsa me ka seatla sa me.

22 Fa mongwe a sa rate Morena, a a hutsege. Ao tlhe Morena wa rona, tlaya! 23 A bopelonomi jo bogolo* jwa Morena Jesu bo nne le lona. 24 Ke batla gore lo itse gore ke lo rata thata lona balatedi ba ga Keresete Jesu.

Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2025)
Tswa
Tsena
  • Setswana
  • Romela
  • Tse O ka Di Tlhophang
  • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
  • Melawana ya Tiriso
  • Molawana wa Tshireletsego
  • Di-setting Tsa Websaete
  • JW.ORG
  • Tsena
Romela