LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • 2 Samuele 20
  • Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

Dintlha Tsa 2 Samuele

      • Sheba o a tlhanoga; Joabe o bolaya Amasa (1-13)

      • Sheba o a lelekisiwa a bo a kgaolwa tlhogo (14-22)

      • Puso ya ga Dafide (23-26)

2 Samuele 20:1

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Kgotsa gongwe “kwa ditenteng.”

Ditshupiso

  • +2Sa 20:21
  • +Baa 3:26, 27; 2Sa 15:10
  • +2Sa 19:43
  • +1Dk 12:16

2 Samuele 20:2

Ditshupiso

  • +Dia 24:21
  • +2Sa 19:15, 41, 42

2 Samuele 20:3

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Kgotsa “kwa ntlong ya segosi.”

Ditshupiso

  • +2Sa 5:11
  • +2Sa 15:16
  • +2Sa 16:21, 22

2 Samuele 20:4

Ditshupiso

  • +2Sa 17:25; 19:13; 1Dt 2:17

2 Samuele 20:6

Ditshupiso

  • +1Sa 26:6; 2Sa 10:10; 23:18; 1Dt 18:12
  • +2Sa 20:1
  • +2Sa 15:12

2 Samuele 20:7

Ditshupiso

  • +2Sa 8:16
  • +2Sa 8:18; 15:18; 1Dk 1:38

2 Samuele 20:8

Ditshupiso

  • +Jos 18:21, 25; 21:8, 17
  • +2Sa 17:25; 19:13

2 Samuele 20:10

Ditshupiso

  • +2Sa 3:27; 1Dk 2:5

2 Samuele 20:13

Ditshupiso

  • +2Sa 20:1

2 Samuele 20:14

Ditshupiso

  • +1Dk 15:20; 2Dk 15:29

2 Samuele 20:19

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Seheb., “go kometsa.”

Ditshupiso

  • +Ek 19:5; Dut 32:9

2 Samuele 20:21

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Seheb., “o tsholeleditse seatla sa gagwe.”

Ditshupiso

  • +2Sa 20:1
  • +Jos 17:14, 15; Baa 2:8, 9

2 Samuele 20:22

Ditshupiso

  • +Mor 9:14, 15, 18

2 Samuele 20:23

Ditshupiso

  • +2Sa 8:16; 19:13
  • +2Sa 23:20; 1Dt 27:5
  • +1Dt 12:27
  • +2Sa 8:18; 15:18; 1Dk 1:38, 44

2 Samuele 20:24

Ditshupiso

  • +1Dk 4:6; 12:18
  • +1Dk 4:3

2 Samuele 20:25

Ditshupiso

  • +2Sa 15:27
  • +2Sa 17:15; 19:11; 1Dk 4:4

2 Samuele 20:26

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Seheb., “a nna moperesiti.”

Ditemana Tse dingwe

2 Sam. 20:12Sa 20:21
2 Sam. 20:1Baa 3:26, 27; 2Sa 15:10
2 Sam. 20:12Sa 19:43
2 Sam. 20:11Dk 12:16
2 Sam. 20:2Dia 24:21
2 Sam. 20:22Sa 19:15, 41, 42
2 Sam. 20:32Sa 5:11
2 Sam. 20:32Sa 15:16
2 Sam. 20:32Sa 16:21, 22
2 Sam. 20:42Sa 17:25; 19:13; 1Dt 2:17
2 Sam. 20:61Sa 26:6; 2Sa 10:10; 23:18; 1Dt 18:12
2 Sam. 20:62Sa 20:1
2 Sam. 20:62Sa 15:12
2 Sam. 20:72Sa 8:16
2 Sam. 20:72Sa 8:18; 15:18; 1Dk 1:38
2 Sam. 20:8Jos 18:21, 25; 21:8, 17
2 Sam. 20:82Sa 17:25; 19:13
2 Sam. 20:102Sa 3:27; 1Dk 2:5
2 Sam. 20:132Sa 20:1
2 Sam. 20:141Dk 15:20; 2Dk 15:29
2 Sam. 20:19Ek 19:5; Dut 32:9
2 Sam. 20:212Sa 20:1
2 Sam. 20:21Jos 17:14, 15; Baa 2:8, 9
2 Sam. 20:22Mor 9:14, 15, 18
2 Sam. 20:232Sa 8:16; 19:13
2 Sam. 20:232Sa 23:20; 1Dt 27:5
2 Sam. 20:231Dt 12:27
2 Sam. 20:232Sa 8:18; 15:18; 1Dk 1:38, 44
2 Sam. 20:241Dk 4:6; 12:18
2 Sam. 20:241Dk 4:3
2 Sam. 20:252Sa 15:27
2 Sam. 20:252Sa 17:15; 19:11; 1Dk 4:4
  • Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
  • 1
  • 2
  • 3
  • 4
  • 5
  • 6
  • 7
  • 8
  • 9
  • 10
  • 11
  • 12
  • 13
  • 14
  • 15
  • 16
  • 17
  • 18
  • 19
  • 20
  • 21
  • 22
  • 23
  • 24
  • 25
  • 26
Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
2 Samuele 20:1-26

Samuele wa Bobedi

20 Jaanong go ne go na le monna mongwe yo o letshwenyo yo o bidiwang Sheba,+ morwa Bikeri, e le Mobenjamine. O ne a letsa lonaka+ mme a re: “Ga re na kabelo epe mo go Dafide, e bile ga re na boswa bope mo go morwa Jese.+ A mongwe le mongwe a ye kwa medimong* ya gagwe, lona Baiseraele!”+ 2 Fa a rialo, banna botlhe ba Iseraele ba ne ba tlogela go sala Dafide morago mme ba sala Sheba morwa Bikeri morago;+ le fa go ntse jalo, banna ba Juda bone ba ne ba ngaparela kgosi ya bone, go tswa kwa Joredane go ya kwa Jerusalema.+

3 Fa Dafide a goroga kwa ntlong* ya gagwe kwa Jerusalema,+ o ne a tsaya bagadingwana ba ba lesome ba a neng a ba tlogetse gore ba tlhokomele ntlo,+ mme o ne a ba tsenya mo ntlong e e disitsweng. O ne a ba tlamela ka dijo, le fa go ntse jalo, o ne a se ka a tlhakanela dikobo le bone.+ Ba ne ba nna ba tswaletswe moo go fitlha ka letsatsi le ba suleng ka lone, ba ne ba tshela jaaka batlholagadi, le fa gone monna wa bone a ne a sa ntse a tshela.

4 Jaanong kgosi e ne ya raya Amasa+ ya re: “Phuthela banna ba Juda kwa go nna mo malatsing a le mararo, mme le wena o tshwanetse go tla fano.” 5 Ka jalo, Amasa o ne a ya go phutha Juda, mme o ne a tla morago ga nako e e beilweng e a neng a e tlhometswe. 6 Foo Dafide o ne a raya Abishai+ a re: “Sheba+ morwa Bikeri a ka nna a re gobatsa go feta kafa Abesalome a dirileng ka gone.+ Tsaya batlhanka ba me mme o mo lelekise, gore a se ka a bona metse mengwe e e sireletsegileng mme a falola mo go rona.” 7 Ka jalo, banna ba ga Joabe,+ Bakeretha, Bapelethe+ le banna botlhe ba ba maatla ba ne ba tswa ba mo sala morago; ba ne ba tswa mo Jerusalema ba lelekisa Sheba morwa Bikeri. 8 Fa ba ne ba le gaufi le leje le legolo kwa Gibeone,+ Amasa+ o ne a tla go ba kgatlhantsha. Jaanong Joabe o ne a apere diaparo tsa gagwe tsa ntwa mme o ne a tsentse tšhaka mo kgetsaneng ya yone, a e bofeletse mo nôkeng ya gagwe. E rile a ya kwa pele, tšhaka e ne ya wa.

9 Joabe o ne a raya Amasa a re: “A o tsogile, morwarre?” Foo Joabe o ne a tshwara ditedu tsa ga Amasa ka seatla sa gagwe sa moja jaaka e kete o batla go mo suna. 10 Amasa o ne a sa bone tšhaka e e neng e le mo seatleng sa ga Joabe, mme Joabe o ne a mo tlhaba ka yone mo mpeng,+ mme mala a gagwe a ne a tshologela fa fatshe. O ne a se ka a mo tlhaba gape; o ne a mo tlhaba gangwe fela a mmolaya. Go tswa foo, Joabe le morwarraagwe e bong Abishai, ba ne ba lelekisa Sheba morwa Bikeri.

11 Lekawana lengwe la ga Joabe le ne le eme fa go ene mme le ne la re: “Mongwe le mongwe yo o mo letlhakoreng la ga Joabe le mongwe le mongwe yo e leng wa ga Dafide, a a sale Joabe morago!” 12 Mo nakong eo yotlhe, Amasa o ne a ntse a bidikama mo mading a gagwe mo gare ga tsela. Fa monna yoo a bona gore batho botlhe ba ne ba ema, o ne a ntsha Amasa mo tseleng a mo isa kwa nageng. Go tswa foo, o ne a mo khurumetsa ka seaparo, ka gonne o ne a bona gore mongwe le mongwe o ne a ema fa a goroga fa go ene. 13 Fa a sena go mo tlosa mo tseleng, banna botlhe ba ne ba sala Joabe morago ba lelekisa Sheba+ morwa Bikeri.

14 Sheba o ne a ralala ditso tsotlhe tsa Iseraele a ya kwa Abele wa Bethe-maaka.+ Babikeri ba ne ba phuthega mmogo mme le bone ba mo sala morago.

15 Joabe le banna ba gagwe ba ne ba tla mme ba kampa go dikologa motse wa Abele wa Bethe-maaka gore ba mo tlhasele ba bo ba dira mokoa ka motlhaba gore ba tlhasele motse, ka gonne o ne o dikologilwe ke thotana ya motlhaba. Mme banna botlhe ba ba neng ba na le Joabe ba ne ba epolola lobota gore ba lo digele fa fatshe. 16 Mme mosadi mongwe yo o botlhale o ne a tlhaeletsa go tswa mo motseng a re: “Reetsang, banna, reetsang! Tsweetswee, rayang Joabe lo re, ‘Tla kwano mme ke bue le wena.’” 17 Ka jalo, o ne a atamela fa go ene, mme mosadi o ne a re: “A ke wena Joabe?” O ne a araba jaana: “Ee ke nna.” Foo mosadi yoo o ne a mo raya a re: “Reetsa mafoko a me, nna lelata la gago.” Mme ene o ne a re: “Ke reeditse.” 18 Mosadi yoo o ne a tswelela a re: “Mo nakong e e fetileng ba ne ba tle ba re, ‘A ba botse kwa Abele,’ mme seo e ne e nna bokhutlo jwa kgang. 19 Ke eme mo boemong jwa ba ba ratang kagiso le ba ba ikanyegang ba Iseraele. O batla go senya motse o o botlhokwa mo Iseraele. Ke eng fa o batla go nyeletsa* boswa jwa ga Jehofa?”+ 20 Joabe o ne a araba jaana: “Go ka se direge gore ke o senye ke bo ke o nyeletse. 21 Ga go a nna jalo gotlhelele. Go na le moo, monna mongwe yo o bidiwang Sheba+ morwa Bikeri yo o tswang kwa kgaolong e e dithaba ya Eferaime,+ o tlhanogetse* Kgosi Dafide. Fa lo ka re neela monna yono fela, ke tla tlogela motse ono.” Foo mosadi yoo o ne a raya Joabe a re: “Tlhogo ya gagwe e tla latlhelwa kwa go wena go tswa mo loboteng!”

22 Ka yone nako eo, mosadi yoo yo o botlhale o ne a ya kwa bathong botlhe, mme ba ne ba kgaola tlhogo ya ga Sheba morwa Bikeri ba bo ba e latlhelela Joabe. Foo Joabe o ne a letsa lonaka mme ba phatlalala ba tlogela motse oo, mongwe le mongwe a ya kwa legaeng la gagwe;+ mme Joabe o ne a boela kwa Jerusalema kwa kgosing.

23 Jaanong Joabe o ne a okametse mophato otlhe wa masole a Iseraele;+ Benaia+ morwa Jehoiada+ o ne a okametse Bakeretha le Bapelethe.+ 24 Adorame+ o ne a okametse ba ba neng ba tlhophilwe gore ba berekele kgosi; Jehoshafate+ morwa Ahilude e ne e le mokwadi wa ditiragalo. 25 Shefa e ne e le mokwaledi; Sadoke+ le Abiathare+ e ne e le baperesiti. 26 Mme Ira wa Mojaire le ene o ne a nna modiredimogolo* wa ga Dafide.

Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
Tswa
Tsena
  • Setswana
  • Romela
  • Tse O ka Di Tlhophang
  • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
  • Melawana ya Tiriso
  • Molawana wa Tshireletsego
  • Di-setting Tsa Websaete
  • JW.ORG
  • Tsena
Romela