LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • 2 Samuele 23
  • Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

Dintlha Tsa 2 Samuele

      • Mafoko a ga Dafide a bofelo (1-7)

      • Diphenyo tsa batlhabani ba ga Dafide (8-39)

2 Samuele 23:1

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Kgotsa “Motho yo o nang le lentswe le le monate.”

Ditshupiso

  • +Ge 49:1; Dut 33:1
  • +1Sa 17:58; Mat 1:6
  • +2Sa 7:8
  • +1Sa 16:13
  • +1Dt 16:9

2 Samuele 23:2

Ditshupiso

  • +Mar 12:36; 2Ti 3:16
  • +Dit 1:16; 2Pe 1:21

Dikgatiso Tse di Farologaneng

  • Kaedi ya go Dira Dipatlisiso

    “Lokwalo Longwe le Longwe,” ts. 102

2 Samuele 23:3

Ditshupiso

  • +Dut 32:4; Pes. 144:1
  • +Dia 29:2; Isa 9:7; 32:1
  • +Ek 18:21; Isa 11:3

Dikgatiso Tse di Farologaneng

  • Kaedi ya go Dira Dipatlisiso

    Tora ya Tebelo,

    5/1/2009, ts. 14

2 Samuele 23:4

Ditshupiso

  • +Mal 4:2; Mat 17:2; Tsh 1:16
  • +Pes. 72:1, 6

2 Samuele 23:5

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Kgotsa “ba ntlo.”

Ditshupiso

  • +2Sa 7:16, 19; 1Dt 17:11; Pes. 89:3, 28, 29; 132:11
  • +Isa 9:7; 11:1; Amo 9:11

2 Samuele 23:6

Ditshupiso

  • +Pes. 37:10

2 Samuele 23:8

Ditshupiso

  • +2Sa 10:7; 20:7; 1Dt 11:10
  • +1Dt 11:11

Dikgatiso Tse di Farologaneng

  • Kaedi ya go Dira Dipatlisiso

    Tora ya Tebelo,

    10/1/2005, ts. 10

2 Samuele 23:9

Ditshupiso

  • +1Dt 11:12-14
  • +1Dt 27:1, 4

2 Samuele 23:10

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Kgotsa “poloko.”

Ditshupiso

  • +Baa 8:4
  • +Baa 15:14, 16; 1Sa 14:6; 19:5

2 Samuele 23:12

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Kgotsa “poloko.”

Ditshupiso

  • +Pes. 3:8; 44:3

2 Samuele 23:13

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Kgotsa “motse wa ditente.”

  • *

    Kgotsa “mo Lebaleng le le Kwa Tlase.”

Ditshupiso

  • +Jos 15:20, 35; 1Sa 22:1
  • +Jos 15:1, 8; 2Sa 5:22; 1Dt 11:15-19

2 Samuele 23:14

Ditshupiso

  • +1Sa 22:1, 4; 1Dt 12:16

2 Samuele 23:15

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Bona Ditlhaloso Tsa Mafoko.

2 Samuele 23:16

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Bona Ditlhaloso Tsa Mafoko.

Ditshupiso

  • +Lef 9:9; 17:13

Dikgatiso Tse di Farologaneng

  • Kaedi ya go Dira Dipatlisiso

    ‘Lorato Lwa Modimo,’ ts. 76-⁠77

2 Samuele 23:17

Ditshupiso

  • +Ge 9:4; Lef 17:10

Dikgatiso Tse di Farologaneng

  • Kaedi ya go Dira Dipatlisiso

    ‘Lorato Lwa Modimo,’ ts. 76-⁠77

    Tora ya Tebelo,

    5/15/2005, ts. 19

    “Lokwalo Longwe le Longwe,” ts. 63

2 Samuele 23:18

Ditshupiso

  • +1Sa 26:6; 2Sa 21:17
  • +2Sa 2:18; 1Dt 2:15, 16
  • +1Dt 11:20, 21

2 Samuele 23:20

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Seheb., “morwa monna wa segatlhamelamasisi.”

Ditshupiso

  • +2Sa 8:18; 20:23; 1Dk 1:8; 2:29; 1Dt 27:5, 6
  • +Jos 15:21
  • +1Dt 11:22-25; Dia 30:30

2 Samuele 23:24

Ditshupiso

  • +2Sa 2:18, 23; 1Dt 2:15, 16; 27:1, 7
  • +1Dt 11:26-41

2 Samuele 23:26

Ditshupiso

  • +1Dt 27:1, 10
  • +1Dt 27:1, 9

2 Samuele 23:27

Ditshupiso

  • +1Dt 27:1, 12
  • +Jos 21:8, 18; Jer 1:1

2 Samuele 23:28

Ditshupiso

  • +1Dt 27:1, 13

2 Samuele 23:30

Ditshupiso

  • +1Dt 27:1, 14
  • +Baa 2:8, 9

2 Samuele 23:34

Ditshupiso

  • +2Sa 15:31; 16:23; 17:23; 1Dt 27:33

2 Samuele 23:38

Ditshupiso

  • +1Dt 2:53

2 Samuele 23:39

Ditshupiso

  • +2Sa 11:3; 1Dk 15:5

Ditemana Tse dingwe

2 Sam. 23:1Ge 49:1; Dut 33:1
2 Sam. 23:11Sa 17:58; Mat 1:6
2 Sam. 23:12Sa 7:8
2 Sam. 23:11Sa 16:13
2 Sam. 23:11Dt 16:9
2 Sam. 23:2Mar 12:36; 2Ti 3:16
2 Sam. 23:2Dit 1:16; 2Pe 1:21
2 Sam. 23:3Dut 32:4; Pes. 144:1
2 Sam. 23:3Dia 29:2; Isa 9:7; 32:1
2 Sam. 23:3Ek 18:21; Isa 11:3
2 Sam. 23:4Mal 4:2; Mat 17:2; Tsh 1:16
2 Sam. 23:4Pes. 72:1, 6
2 Sam. 23:52Sa 7:16, 19; 1Dt 17:11; Pes. 89:3, 28, 29; 132:11
2 Sam. 23:5Isa 9:7; 11:1; Amo 9:11
2 Sam. 23:6Pes. 37:10
2 Sam. 23:82Sa 10:7; 20:7; 1Dt 11:10
2 Sam. 23:81Dt 11:11
2 Sam. 23:91Dt 11:12-14
2 Sam. 23:91Dt 27:1, 4
2 Sam. 23:10Baa 8:4
2 Sam. 23:10Baa 15:14, 16; 1Sa 14:6; 19:5
2 Sam. 23:12Pes. 3:8; 44:3
2 Sam. 23:13Jos 15:20, 35; 1Sa 22:1
2 Sam. 23:13Jos 15:1, 8; 2Sa 5:22; 1Dt 11:15-19
2 Sam. 23:141Sa 22:1, 4; 1Dt 12:16
2 Sam. 23:16Lef 9:9; 17:13
2 Sam. 23:17Ge 9:4; Lef 17:10
2 Sam. 23:181Sa 26:6; 2Sa 21:17
2 Sam. 23:182Sa 2:18; 1Dt 2:15, 16
2 Sam. 23:181Dt 11:20, 21
2 Sam. 23:202Sa 8:18; 20:23; 1Dk 1:8; 2:29; 1Dt 27:5, 6
2 Sam. 23:20Jos 15:21
2 Sam. 23:201Dt 11:22-25; Dia 30:30
2 Sam. 23:242Sa 2:18, 23; 1Dt 2:15, 16; 27:1, 7
2 Sam. 23:241Dt 11:26-41
2 Sam. 23:261Dt 27:1, 10
2 Sam. 23:261Dt 27:1, 9
2 Sam. 23:271Dt 27:1, 12
2 Sam. 23:27Jos 21:8, 18; Jer 1:1
2 Sam. 23:281Dt 27:1, 13
2 Sam. 23:301Dt 27:1, 14
2 Sam. 23:30Baa 2:8, 9
2 Sam. 23:342Sa 15:31; 16:23; 17:23; 1Dt 27:33
2 Sam. 23:381Dt 2:53
2 Sam. 23:392Sa 11:3; 1Dk 15:5
  • Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
  • 1
  • 2
  • 3
  • 4
  • 5
  • 6
  • 7
  • 8
  • 9
  • 10
  • 11
  • 12
  • 13
  • 14
  • 15
  • 16
  • 17
  • 18
  • 19
  • 20
  • 21
  • 22
  • 23
  • 24
  • 25
  • 26
  • 27
  • 28
  • 29
  • 30
  • 31
  • 32
  • 33
  • 34
  • 35
  • 36
  • 37
  • 38
  • 39
Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
2 Samuele 23:1-39

Samuele wa Bobedi

23 Ano ke mafoko a bofelo a ga Dafide:+

“Lefoko la ga Dafide morwa Jese,+

E bile e le lefoko la monna yo o neng a godisiwa,+

Motlodiwa+ wa Modimo wa ga Jakobe,

Moopedi yo o itumedisang* wa dipina+ tsa Iseraele.

 2 Moya wa ga Jehofa o ne wa bua ka nna;+

Lefoko la gagwe le ne le le mo lolemeng lwa me.+

 3 Modimo wa Iseraele o ne a bua;

Lefika la Iseraele+ le ne la nthaya la re:

‘Fa motho yo o busang batho a siame,+

A busa ka go boifa Modimo,+

 4 Puso ya gagwe e tshwana le lesedi fa letsatsi le phatsima+

Mo mosong go se na maru.

E tshwana le fa lesedi le phatsima fa pula e sena go na,

Mme di dira gore bojang bo tlhoge mo lefatsheng.’+

 5 A losika* lwa me ga lo a nna jalo fa pele ga Modimo?

Ka gonne o dirile kgolagano e e nnelang ruri le nna,+

E e rulagantsweng sentle e bile go tlhomamisitswe gore e boammaaruri.

Ka gonne e kaya poloko ya me e e feletseng le boitumelo jotlhe jwa me,

A leo ga se lone lebaka la go bo a dira gore e atlege?+

 6 Le fa go ntse jalo, batho ba ba se nang mosola ba latlhilwe botlhe fela+ jaaka ditlhatshana tse di mmitlwa,

Gonne ga ba ka ke ba tsewa ka seatla.

 7 Fa motho a ba tshwara,

O tshwanetse a bo a ipaakantse sentle ka tshipi le thobane ya lerumo,

Mme ba tshwanetse go fisiwa ka molelo mo lefelong la bone.”

8 Ano ke maina a batlhabani ba ba maatla ba ga Dafide:+ Joshebe-bashebethe wa Motakemone, yo e neng e le tlhogo ya ba bararo.+ O ne a bolaya batho ba le 800 ka lerumo ka nako e le nngwe. 9 Mo morago ga gagwe, Eliasare+ morwa Dodo+ morwa Ahohi e ne e le mongwe wa batlhabani ba bararo ba ba maatla ba ba neng ba na le Dafide fa ba ne ba kgoba Bafilisitia. Ba ne ba phuthegetse koo ba tlile tlhabanong, mme fa banna ba Iseraele ba ne ba tshaba, 10 o ne a ema mme a nna a kgemetha Bafilisitia go fitlha lebogo la gagwe le lapa le seatla sa gagwe se gagamala ka gonne a ne a ngangatletse tšhaka.+ Ka jalo, Jehofa o ne a tlisa phenyo* e kgolo mo letsatsing leo;+ mme batho ba ne ba boa ba tla kwa morago ga gagwe gore ba tle go tsaya diaparo le dibetsa tsa ba ba bolailweng.

11 Morago ga gagwe o ne a latelwa ke Shammahe morwa Agee wa Moharara. Bafilisitia ba ne ba phuthegetse kwa Lehi, kwa go neng go na le tshimo e e tletseng letlhodi; mme batho ba ne ba tshaba ka ntlha ya Bafilisitia. 12 Le fa go ntse jalo, o ne a ema fa gare ga tshimo a bo a e lwela mme o ne a nna a kgemetha Bafilisitia, mo Jehofa a neng a tlisa phenyo* e kgolo.+

13 Dikgosana di le tharo mo go tse 30 di ne tsa ya kwa go Dafide kwa logageng lwa Adulama+ ka nako ya thobo, mme mophato* wa Bafilisitia o ne o kampile mo Mokgatšheng* wa Refaime.+ 14 Ka nako eo, Dafide o ne a le mo lefelong le le sireletsegileng,+ mme masole a a sireletsang a Bafilisitia a ne a le kwa Bethelehema. 15 Mme Dafide o ne a nyorilwe a bo a re: “E kete nka nwa metsi a khuti ya go bolokela metsi* e e fa kgorong ya Bethelehema!” 16 Foo batlhabani bao ba bararo ba ba maatla ba ne ba tsena ka dikgoka mo kampeng ya Bafilisitia mme ba ga metsi mo khuting ya go bolokela metsi* e e fa kgorong ya Bethelehema ba bo ba a tlisa kwa go Dafide; le fa go ntse jalo, o ne a gana go a nwa mme a a tshololela kwa go Jehofa.+ 17 O ne a re: “Ga nkitla ke nwa metsi ano, tlhe Jehofa! A nka nwa madi+ a banna ba ba tsentseng matshelo a bone mo kotsing ka go ya go ga metsi?” Ka jalo, o ne a gana go a nwa. Tseno ke dilo tse batlhabani ba gagwe ba bararo ba ba maatla ba neng ba di dira.

18 Abishai+ morwarraagwe Joabe morwa Seruia+ e ne e le tlhogo ya ba bangwe ba bararo; o ne a bolaya batho ba le 300 ka lerumo la gagwe, mme o ne a itsege jaaka ba bararo bale.+ 19 Le fa gone a ne a tlhomologile thata mo go ba bangwe ba bararo e bile e ne e le tlhogo ya bone, o ne a sa fitlhe mo maemong a ba ntlha ba bararo.

20 Benaia+ morwa Jehoiada e ne e le monna yo o pelokgale,* yo o neng a dira ditiro di le dintsi kwa Kabeseele.+ O ne a bolaya barwa ba babedi ba ga Ariele wa kwa Moabe, mme o ne a fologela mo khuting mo letsatsing la fa go ne go le kapoko a bo a bolaya tau.+ 21 Gape o ne a bolaya monna wa Moegepeto yo o neng a le bogolo jo bo sa tlwaelegang. Le fa gone Moegepeto yoo a ne a tshwere lerumo ka seatla, o ne a ya kwa go ene a tshotse thobane mme o ne a phamola lerumo mo seatleng sa Moegepeto yoo a bo a mmolaya ka lerumo leo la gagwe. 22 Benaia morwa Jehoiada o ne a dira dilo tseno, mme o ne a itsege ka tsela e batlhabani ba bararo bale ba ba maatla ba neng ba itsege ka yone. 23 Le fa gone a ne a tlhomologile thata go feta ba ba masome a mararo, o ne a sa fitlhe mo maemong a ba bararo bale. Le fa go ntse jalo, Dafide o ne a mo tlhoma go okamela bafemedi ba gagwe.

24 Asahele+ morwarraagwe Joabe e ne e le mongwe wa ba ba masome a mararo: Elehanane morwa Dodo wa kwa Bethelehema,+ 25 Shammahe wa Moharode, Elika wa Moharode, 26 Helese+ wa Mopalete, Ira+ morwa Ikeshe wa Motekoa, 27 Abiesere+ wa Moanathothe,+ Mebunai wa Mohusha, 28 Salemone wa Moahohi, Maharai+ wa Monetofa, 29 Helebe morwa Baana wa Monetofa, Itai morwa Ribai wa Gibea wa Babenjamine, 30 Benaia+ wa Mopirathone, Hidai wa kwa melapong ya Gaashe,+ 31 Abi-alebone wa Moareba, Asamafetha wa Mobara-hume, 32 Eliaba wa Moshaalabone, bomorwa Jashene, Jonathane, 33 Shammahe wa Moharara, Ahiame morwa Sharare wa Moharara, 34 Elifelete morwa Ahasebai morwa wa Momaakathe, Eliame morwa Ahitofele+ wa Mogilo, 35 Hesero wa Mokaremele, Paarai wa Moaraba, 36 Igale morwa Nathane wa Soba, Bani wa Mogada, 37 Seleke wa Moamone, Naharai wa Moberothe, motsholadibetsa wa ga Joabe morwa Seruia, 38 Ira wa Moithere, Garebe wa Moithere,+ 39 le Uria+ wa Mohite, botlhe ba ne ba le 37.

Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
Tswa
Tsena
  • Setswana
  • Romela
  • Tse O ka Di Tlhophang
  • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
  • Melawana ya Tiriso
  • Molawana wa Tshireletsego
  • Di-setting Tsa Websaete
  • JW.ORG
  • Tsena
Romela