LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • 2 Ditiragalo 21
  • Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

Dintlha Tsa 2 Ditiragalo

      • Jehorame, kgosi ya Juda (1-11)

      • Lekwalo le le tswang kwa go Elija (12-15)

      • Jehorame o swa botlhoko (16-20)

2 Ditiragalo 21:1

Ditshupiso

  • +1Dk 22:50

2 Ditiragalo 21:3

Ditshupiso

  • +2Dt 11:5, 23
  • +2Dk 8:16

2 Ditiragalo 21:4

Ditshupiso

  • +Baa 9:5, 6

2 Ditiragalo 21:5

Ditshupiso

  • +2Dk 8:17-19

2 Ditiragalo 21:6

Ditshupiso

  • +1Dk 14:7, 9; Hos 4:1
  • +2Dt 22:2; Neh 13:26

2 Ditiragalo 21:7

Ditshupiso

  • +2Sa 23:5; Pes. 89:20, 28; Jer 33:20, 21
  • +2Sa 7:12, 16; 1Dk 11:36; Pes. 132:11

2 Ditiragalo 21:8

Ditshupiso

  • +Ge 27:40
  • +1Dk 22:47; 2Dk 8:20-22

2 Ditiragalo 21:10

Ditshupiso

  • +Jos 21:13; 2Dk 19:8
  • +2Dt 15:2; Jer 2:13

2 Ditiragalo 21:11

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Kgotsa “ba gwebe ka mmele ka tsela ya tshwantshetso.”

Ditshupiso

  • +Dut 12:2

2 Ditiragalo 21:12

Ditshupiso

  • +2Dk 2:1, 11
  • +2Dt 17:3
  • +1Dk 15:11; 2Dt 14:2, 5

2 Ditiragalo 21:13

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Kgotsa “ba gwebe ka mmele ka tsela ya tshwantshetso.”

Ditshupiso

  • +1Dk 16:25, 33
  • +Ek 34:15; Jer 3:8
  • +2Dk 9:22
  • +2Dt 21:4

2 Ditiragalo 21:16

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Seheb., “a fudua moya wa Bafilisitia.”

Ditshupiso

  • +1Dk 11:14; 2Dt 33:11; Isa 10:5
  • +Jos 13:1, 2; 2Sa 8:1
  • +2Dt 17:11

2 Ditiragalo 21:17

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Kgotsa “mo ntlong ya segosi.”

  • *

    Gape o bidiwa Ahasia.

Ditshupiso

  • +1Dk 14:25, 26
  • +2Dt 22:1

2 Ditiragalo 21:18

Ditshupiso

  • +Dit 12:21-23

2 Ditiragalo 21:19

Ditshupiso

  • +2Dt 16:13, 14; Jer 34:4, 5

2 Ditiragalo 21:20

Ditshupiso

  • +1Dk 2:10
  • +2Dt 24:24, 25; 28:27

Ditemana Tse dingwe

2 Ditir. 21:11Dk 22:50
2 Ditir. 21:32Dt 11:5, 23
2 Ditir. 21:32Dk 8:16
2 Ditir. 21:4Baa 9:5, 6
2 Ditir. 21:52Dk 8:17-19
2 Ditir. 21:61Dk 14:7, 9; Hos 4:1
2 Ditir. 21:62Dt 22:2; Neh 13:26
2 Ditir. 21:72Sa 23:5; Pes. 89:20, 28; Jer 33:20, 21
2 Ditir. 21:72Sa 7:12, 16; 1Dk 11:36; Pes. 132:11
2 Ditir. 21:8Ge 27:40
2 Ditir. 21:81Dk 22:47; 2Dk 8:20-22
2 Ditir. 21:10Jos 21:13; 2Dk 19:8
2 Ditir. 21:102Dt 15:2; Jer 2:13
2 Ditir. 21:11Dut 12:2
2 Ditir. 21:122Dk 2:1, 11
2 Ditir. 21:122Dt 17:3
2 Ditir. 21:121Dk 15:11; 2Dt 14:2, 5
2 Ditir. 21:131Dk 16:25, 33
2 Ditir. 21:13Ek 34:15; Jer 3:8
2 Ditir. 21:132Dk 9:22
2 Ditir. 21:132Dt 21:4
2 Ditir. 21:161Dk 11:14; 2Dt 33:11; Isa 10:5
2 Ditir. 21:16Jos 13:1, 2; 2Sa 8:1
2 Ditir. 21:162Dt 17:11
2 Ditir. 21:171Dk 14:25, 26
2 Ditir. 21:172Dt 22:1
2 Ditir. 21:18Dit 12:21-23
2 Ditir. 21:192Dt 16:13, 14; Jer 34:4, 5
2 Ditir. 21:201Dk 2:10
2 Ditir. 21:202Dt 24:24, 25; 28:27
  • Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
  • 1
  • 2
  • 3
  • 4
  • 5
  • 6
  • 7
  • 8
  • 9
  • 10
  • 11
  • 12
  • 13
  • 14
  • 15
  • 16
  • 17
  • 18
  • 19
  • 20
Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
2 Ditiragalo 21:1-20

Ditiragalo wa Bobedi

21 Go tswa foo, Jehoshafate o ne a swa jaaka borraagwemogolo mme a fitlhwa le borraagwemogolo mo Motseng wa ga Dafide; mme morwawe e bong Jehorame o ne a nna kgosi mo boemong jwa gagwe.+ 2 Bomorwarraagwe e ne e le Asaria, Jehiele, Sekarea, Asaria, Mikaele le Shefatia; bano botlhe e ne e le bomorwa Kgosi Jehoshafate wa Iseraele. 3 Mme rraabone o ne a ba neile dimpho di le dintsi tsa selefera le tsa gauta le dilo tse di tlhwatlhwakgolo, mmogo le metse e e sireletsegileng mo Juda;+ mme Jehorame+ ene o ne a mo naya bogosi, ka gonne e ne e le leitibolo.

4 Fa Jehorame a sena go tsaya taolo ya bogosi jwa ga rraagwe, o ne a nonotsha maemo a gagwe ka go bolaya bomorwarraagwe botlhe+ ka tšhaka, mmogo le dikgosana dingwe tsa Iseraele. 5 Jehorame o ne a na le dingwaga di le 32 fa a nna kgosi, mme o ne a busa dingwaga di le robedi mo Jerusalema.+ 6 O ne a tsamaya mo ditseleng tsa dikgosi tsa Iseraele,+ fela jaaka ba lelapa la ga Ahabe ba ne ba dirile, ka gonne o ne a nyetse morwadia Ahabe;+ mme o ne a tswelela a dira se se bosula mo matlhong a ga Jehofa. 7 Le fa go ntse jalo, Jehofa o ne a sa batle go nyeletsa ntlo ya ga Dafide ka ntlha ya kgolagano e a neng a e dirile le Dafide,+ ka gonne a ile a mo solofetsa gore o tla naya ene le bomorwawe lobone ka metlha.+

8 Mo motlheng wa gagwe Baedoma ba ne ba tlhanogela Juda+ ba bo ba itlhomela kgosi ya bone.+ 9 Ka jalo, Jehorame le balaodi ba gagwe ba ne ba tsamaya ka dikara tsotlhe tsa gagwe ba ya go ba tlhasela, mme o ne a tswa go le bosigo a bo a fenya Baedoma ba ba neng ba dikologile ene le balaodi ba dikara. 10 Le fa go ntse jalo, Baedoma ba ne ba tswelela ba tlhanogetse Juda go fitlha mo letsatsing leno. Ka yone nako eo, Libena+ le yone e ne ya mo tlhanogela ka gonne o ne a tlogetse Jehofa, Modimo wa borraagwemogolo.+ 11 Gape Jehorame o ne a dirile mafelo a a kwa godimo a a boitshepo+ mo dithabeng tsa Juda gore a dire gore banni ba Jerusalema ba se ka ba ikanyega mo Modimong,* mme o ne a dira gore batho ba Juda ba fapoge.

12 La bofelo moporofeti Elija+ o ne a mo romelela lekwalo le le neng le re: “Seno ke se Jehofa, Modimo wa ga Dafide rragomogolo a se buang, ‘Ga o a tsamaya mo ditseleng tsa ga rrago e bong Jehoshafate+ kgotsa mo ditseleng tsa ga Kgosi Asa+ wa Juda. 13 Mme o tsamaya mo ditseleng tsa dikgosi tsa Iseraele+ e bile o dira gore batho ba Juda le banni ba Jerusalema ba se ka ba ikanyega mo Modimong*+ fela jaaka ba lelapa la ga Ahabe,+ gape o bolaile le bomorwarrago,+ ba lelapa la ga rrago, ba ba neng ba le botoka mo go wena. 14 Ka jalo, Jehofa o tla itaya batho ba gago ka petso e kgolo, mmogo le bomorwao, basadi ba gago le dithoto tsotlhe tsa gago. 15 Mme o tla lwala malwetse a le mantsi, go akaretsa le bolwetse jwa mala, go fitlha mala a gago a tswa ka ntlha ya bolwetse joo letsatsi le letsatsi.’”

16 Go tswa foo, Jehofa o ne a tlhotlheletsa+ Bafilisitia*+ le Baarabia+ ba ba neng ba nna gaufi le Baethiopia gore ba tlhasele Jehorame. 17 Ka jalo, ba ne ba tlhasela Juda, ba tsena ka dikgoka mme ba ne ba tsaya dithoto tsotlhe tse di neng di le mo ntlong ya kgosi,*+ mmogo le bomorwawe le basadi ba gagwe; mme go ne ga sala Jehoahase*+ fela, morwawe yo mmotlana. 18 Morago ga dilo tseno tsotlhe, Jehofa o ne a mo otlhaya ka bolwetse jo bo sa foleng jwa mala.+ 19 Nako nngwe moragonyana, fa dingwaga tse pedi di sena go feta, mala a gagwe a ne a tswa ka ntlha ya bolwetse joo, mme o ne a swa a ntse a bogisiwa ke bolwetse joo; mme batho ba gagwe ga ba a ka ba dira molelo o mogolo wa go mo tlotla ka nako ya phitlho ya gagwe jaaka go ne ga direlwa borraagwemogolo.+ 20 O ne a na le dingwaga di le 32 fa a nna kgosi, mme o ne a busa dingwaga di le robedi mo Jerusalema. Ga go na ope yo o neng a mo hutsafalela fa a swa. Ka jalo, ba ne ba mo fitlha mo Motseng wa ga Dafide,+ le fa go ntse jalo, ga a ka a fitlhwa mo mabitleng a dikgosi di fitlhelwang mo go one.+

Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
Tswa
Tsena
  • Setswana
  • Romela
  • Tse O ka Di Tlhophang
  • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
  • Melawana ya Tiriso
  • Molawana wa Tshireletsego
  • Di-setting Tsa Websaete
  • JW.ORG
  • Tsena
Romela