LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • Baatlhodi 21
  • Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

Dintlha Tsa Baatlhodi

      • Lotso lwa Benjamine lo a bolokiwa (1-25)

Baatlhodi 21:1

Ditshupiso

  • +Baa 20:1
  • +Baa 21:18

Baatlhodi 21:2

Ditshupiso

  • +Baa 20:18, 26

Baatlhodi 21:4

Ditshupiso

  • +Lef 3:1

Baatlhodi 21:7

Ditshupiso

  • +Lef 5:4; 19:12; Mat 5:33
  • +Baa 21:1, 18

Baatlhodi 21:8

Ditshupiso

  • +Baa 20:1

Baatlhodi 21:10

Ditshupiso

  • +Baa 21:5

Baatlhodi 21:12

Ditshupiso

  • +Jos 18:1

Baatlhodi 21:13

Ditshupiso

  • +Baa 20:46, 47

Baatlhodi 21:14

Ditshupiso

  • +Baa 21:8, 12

Baatlhodi 21:15

Ditshupiso

  • +Baa 21:6

Baatlhodi 21:18

Ditshupiso

  • +Lef 19:12; Baa 21:1

Baatlhodi 21:19

Ditshupiso

  • +Jos 18:1

Baatlhodi 21:20

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Kgotsa “diterebe; moretlwa.”

Baatlhodi 21:21

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Seheb., “bomorwadia.”

Baatlhodi 21:22

Ditshupiso

  • +Baa 21:12, 14
  • +Baa 21:1, 18

Baatlhodi 21:23

Ditshupiso

  • +Baa 20:48

Baatlhodi 21:25

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Kgotsa “se a neng a akanya gore se siame.”

Ditshupiso

  • +Baa 17:6; 1Sa 8:4, 5

Dikgatiso Tse di Farologaneng

  • Kaedi ya go Dira Dipatlisiso

    Tora ya Tebelo,

    1/15/2005, ts. 27

Ditemana Tse dingwe

Baatlh. 21:1Baa 20:1
Baatlh. 21:1Baa 21:18
Baatlh. 21:2Baa 20:18, 26
Baatlh. 21:4Lef 3:1
Baatlh. 21:7Lef 5:4; 19:12; Mat 5:33
Baatlh. 21:7Baa 21:1, 18
Baatlh. 21:8Baa 20:1
Baatlh. 21:10Baa 21:5
Baatlh. 21:12Jos 18:1
Baatlh. 21:13Baa 20:46, 47
Baatlh. 21:14Baa 21:8, 12
Baatlh. 21:15Baa 21:6
Baatlh. 21:18Lef 19:12; Baa 21:1
Baatlh. 21:19Jos 18:1
Baatlh. 21:22Baa 21:12, 14
Baatlh. 21:22Baa 21:1, 18
Baatlh. 21:23Baa 20:48
Baatlh. 21:25Baa 17:6; 1Sa 8:4, 5
  • Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
  • 1
  • 2
  • 3
  • 4
  • 5
  • 6
  • 7
  • 8
  • 9
  • 10
  • 11
  • 12
  • 13
  • 14
  • 15
  • 16
  • 17
  • 18
  • 19
  • 20
  • 21
  • 22
  • 23
  • 24
  • 25
Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
Baatlhodi 21:1-25

Baatlhodi

21 Jaanong banna ba Iseraele ba ne ba dirile maikano ano kwa Misepa:+ “Ga go na ope wa rona yo o tla nayang monna yo o tswang kwa Benjamine morwadie gore e nne mosadi wa gagwe.”+ 2 Ka jalo, batho ba ne ba tla mo Bethele+ mme ba nna foo fa pele ga Modimo wa boammaaruri go fitlha maitseboa, ba ne ba goela kwa godimo ba lela mo go botlhoko. 3 Mme ba ne ba re: “Ao tlhe, Jehofa Modimo wa Iseraele, a seno se direga mo Iseraele? Goreng lotso lo le longwe lo tshwanetse go nyelela mo Iseraele gompieno?” 4 Mme mo letsatsing le le latelang, batho ba ne ba tsoga phakela thata ba bo ba aga sebeso foo gore ba ise ditlhabelo tse di fisiwang le ditlhabelo tsa go abelana.+

5 Go tswa foo, batho ba Iseraele ba ne ba re: “Ke mang mo ditsong tsotlhe tsa Iseraele yo o neng a sa tla go phuthega fa pele ga ga Jehofa?” ka gonne ba ne ba dirile maikano a magolo a gore ope fela yo o neng a sa tla kwa go Jehofa kwa Misepa o ne a tshwanetse go bolawa. 6 Ka jalo, batho ba Iseraele ba ne ba utlwa botlhoko ka ntlha ya se se neng se diragaletse Benjamine morwarraabone. Ba ne ba re: “Gompieno lotso lo le longwe lo kgaotswe mo Iseraele. 7 Re tshwanetse go dira eng gore Babenjamine ba ba setseng ba nne le basadi, e re ka re ikanne ka Jehofa+ gore re ka se ba neye bomorwadiarona gore e nne basadi ba bone?”+

8 Mme ba ne ba botsa ba re: “Ke mang mo ditsong tsa Iseraele yo o neng a sa tla kwa go Jehofa kwa Misepa?”+ Ba ne ba lemoga gore go ne go se na ope go tswa kwa Jabeshe-gileade yo o ileng a tla mo kampeng e phuthego e neng e le gone. 9 E rile batho ba balwa, ba ne ba lemoga gore go ne go se ope go tswa kwa baaging ba Jabeshe-gileade yo o neng a le teng. 10 Ka jalo, phuthego e ne ya romela banna ba ba maatla ba le 12 000 gone. Ba ne ba ba laela jaana: “Tsamayang mme lo kgemethe baagi ba Jabeshe-gileade ka tšhaka, tota le e leng basadi le bana.+ 11 Seno ke se lo tshwanetseng go se dira: Monna mongwe le mongwe, mmogo le mosadi mongwe le mongwe yo o kileng a tlhakanela dikobo le monna, lo mmolaye.” 12 Mo baaging ba Jabeshe-gileade, ba ne ba fitlhela basetsana ba le 400 ba e neng e le makgarebane ba ba neng ba ise ba tlhakanele dikobo le monna ope. Ka jalo, ba ne ba ba tlisa mo kampeng kwa Shilo,+ e e mo lefatsheng la Kanana.

13 Go tswa foo, phuthego yotlhe e ne ya romela molaetsa kwa Babenjamineng ba ba neng ba le mo lefikeng le legolo la Rimone+ mme ba ba solofetsa go dira kagiso le bone. 14 Ka jalo, Babenjamine ba ne ba boa ka yone nako eo. Ba ne ba ba naya basadi ba ba neng ba ba tlogetse ba tshela mo basading ba Jabeshe-gileade,+ le fa go ntse jalo basadi bao ba ne ba sa ba lekana. 15 Mme batho ba ne ba utlwisiwa botlhoko ke se se diragaletseng Babenjamine+ ka gonne Jehofa o ne a kgaogantse ditso tsa Iseraele. 16 Bagolwane ba phuthego ba ne ba re: “Re tshwanetse go dira eng gore re neye banna ba ba setseng basadi, e re ka basadi botlhe ba ne ba bolailwe kwa Benjamine?” 17 Ba ne ba araba ba re: “Ba ba falotseng ba Benjamine ba tshwanetse go amogela boswa gore lotso loo lo se ka lwa phimolwa mo Iseraele. 18 Le fa go ntse jalo, ga re a letlelelwa go ba naya basadi go tswa mo go bomorwadiarona ka gonne batho ba Iseraele ba ikanne jaana: ‘A go hutsege yo o nayang Benjamine mosadi.’”+

19 Go tswa foo, ba ne ba re: “Go na le moletlo wa ga Jehofa ngwaga le ngwaga kwa Shilo,+ e e kwa bokone jwa Bethele le kwa botlhaba jwa tsela e kgolo e e tswang kwa Bethele e ya kwa Shekema le kwa borwa jwa Lebona.” 20 Ka jalo, ba ne ba laela banna ba Benjamine ba re: “Tsamayang mme lo lalele kwa masimong a morara.* 21 Mme fa lo bona makgarebe a* Shilo a tswa a tla go bina a dirile sediko, mongwe le mongwe wa lona a tswe mo masimong a morara mme a itseele mosadi go tswa mo makgarebeng a Shilo lo bo lo boela kwa lefatsheng la Benjamine. 22 Mme fa borraabone kgotsa bomorwarraabone ba ka tla go ngongorega kgatlhanong le rona, foo re tla ba raya re re, ‘Re utlweleng botlhoko ka ntlha ya bone, ka gonne ga re a ka ra bonela mongwe le mongwe wa bone mosadi kwa ntweng+ mme falo ne lo ka ba naya basadi lo ne lo tla nna molato.’”+

23 Ka jalo, banna ba Benjamine ba ne ba dira fela jalo, mme mongwe le mongwe wa bone o ne a tsaya mosadi mo basading ba ba neng ba bina. Morago ga moo, ba ne ba boela kwa bosweng jwa bone mme ba aga metse ya bone sesha+ ba bo ba nna mo go yone.

24 Mme ka nako eo, Baiseraele ba ne ba phatlalala ba tswa koo, mongwe le mongwe a ya kwa lotsong lwa gagwe le kwa lelapeng la gagwe, mme ba ne ba tswa koo, mongwe le mongwe a ya kwa bosweng jwa gagwe.

25 Mo malatsing ao, go ne go se na kgosi mo Iseraele.+ Mongwe le mongwe o ne a dira se se neng se siame mo matlhong a gagwe.*

Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
Tswa
Tsena
  • Setswana
  • Romela
  • Tse O ka Di Tlhophang
  • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
  • Melawana ya Tiriso
  • Molawana wa Tshireletsego
  • Di-setting Tsa Websaete
  • JW.ORG
  • Tsena
Romela