LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • 2 Samuele 13
  • Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

Dintlha Tsa 2 Samuele

      • Amenone o betelela Tamare (1-22)

      • Abesalome o bolaya Amenone (23-33)

      • Abesalome o tshabela kwa Geshure (34-39)

2 Samuele 13:1

Ditshupiso

  • +1Dt 3:9
  • +2Sa 3:2

2 Samuele 13:3

Ditshupiso

  • +2Sa 13:35
  • +1Sa 16:9; 1Dt 2:13

2 Samuele 13:4

Ditshupiso

  • +Lef 18:9; 20:17

2 Samuele 13:5

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Kgotsa “senkgwe sa kgomotso.”

2 Samuele 13:7

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Kgotsa “senkgwe sa kgomotso.”

2 Samuele 13:10

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Kgotsa “senkgwe sa kgomotso.”

2 Samuele 13:12

Ditshupiso

  • +Lef 18:9, 29; 20:17; Dut 27:22
  • +Ge 34:2, 7; Baa 20:5, 6

2 Samuele 13:18

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Kgotsa “se se kgabisitsweng.”

2 Samuele 13:19

Ditshupiso

  • +Jos 7:6; Est 4:1; Jer 6:26

2 Samuele 13:20

Ditshupiso

  • +2Sa 3:3; 13:1
  • +Lef 18:9; Dut 27:22

2 Samuele 13:21

Ditshupiso

  • +Dia 19:13

2 Samuele 13:22

Ditshupiso

  • +Dia 18:19
  • +Ge 34:7

2 Samuele 13:23

Ditshupiso

  • +Joh 11:54
  • +1Dk 1:9, 19

2 Samuele 13:26

Ditshupiso

  • +Pes. 55:21; Dia 10:18; 26:24-26

2 Samuele 13:32

Ditshupiso

  • +2Sa 13:3
  • +1Sa 16:9; 1Dt 2:13
  • +2Sa 12:10
  • +Ge 27:41; Pes. 7:14; Dia 18:19
  • +Lef 18:9, 29
  • +2Sa 13:12-14

2 Samuele 13:34

Ditshupiso

  • +2Sa 13:38

2 Samuele 13:35

Ditshupiso

  • +2Sa 13:3

2 Samuele 13:37

Ditshupiso

  • +2Sa 3:3

2 Samuele 13:38

Ditshupiso

  • +Dut 3:14; Jos 12:4, 5; 2Sa 14:23

2 Samuele 13:39

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Kgotsa “o ne a setse a gomotsegile ka ga.”

Ditemana Tse dingwe

2 Sam. 13:11Dt 3:9
2 Sam. 13:12Sa 3:2
2 Sam. 13:32Sa 13:35
2 Sam. 13:31Sa 16:9; 1Dt 2:13
2 Sam. 13:4Lef 18:9; 20:17
2 Sam. 13:12Lef 18:9, 29; 20:17; Dut 27:22
2 Sam. 13:12Ge 34:2, 7; Baa 20:5, 6
2 Sam. 13:19Jos 7:6; Est 4:1; Jer 6:26
2 Sam. 13:202Sa 3:3; 13:1
2 Sam. 13:20Lef 18:9; Dut 27:22
2 Sam. 13:21Dia 19:13
2 Sam. 13:22Dia 18:19
2 Sam. 13:22Ge 34:7
2 Sam. 13:23Joh 11:54
2 Sam. 13:231Dk 1:9, 19
2 Sam. 13:26Pes. 55:21; Dia 10:18; 26:24-26
2 Sam. 13:322Sa 13:3
2 Sam. 13:321Sa 16:9; 1Dt 2:13
2 Sam. 13:322Sa 12:10
2 Sam. 13:32Ge 27:41; Pes. 7:14; Dia 18:19
2 Sam. 13:32Lef 18:9, 29
2 Sam. 13:322Sa 13:12-14
2 Sam. 13:342Sa 13:38
2 Sam. 13:352Sa 13:3
2 Sam. 13:372Sa 3:3
2 Sam. 13:38Dut 3:14; Jos 12:4, 5; 2Sa 14:23
  • Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
  • 1
  • 2
  • 3
  • 4
  • 5
  • 6
  • 7
  • 8
  • 9
  • 10
  • 11
  • 12
  • 13
  • 14
  • 15
  • 16
  • 17
  • 18
  • 19
  • 20
  • 21
  • 22
  • 23
  • 24
  • 25
  • 26
  • 27
  • 28
  • 29
  • 30
  • 31
  • 32
  • 33
  • 34
  • 35
  • 36
  • 37
  • 38
  • 39
Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
2 Samuele 13:1-39

Samuele wa Bobedi

13 Jaanong morwa Dafide e bong Abesalome o ne a na le kgaitsadie yo montle yo o bidiwang Tamare,+ mme morwa Dafide e bong Amenone+ o ne a mo rata. 2 Amenone o ne a tshwenyega thata mo a neng a lwala ka ntlha ya ga kgaitsadie e bong Tamare, ka gonne e ne e le kgarebane e bile Amenone o ne a sa kgone go mo dira sepe. 3 Jaanong Amenone o ne a na le tsala e e bidiwang Jehonadabe,+ morwa Shimeahe,+ mogolowe Dafide; mme Jehonadabe e ne e le monna yo o botlhajana thata. 4 Ka jalo, o ne a mo raya a re: “Ke ka ntlha yang fa wena morwa kgosi, o tshwenyegile thata jaana moso mongwe le mongwe? Goreng o sa mpolelele?” Amenone o ne a mo araba a re: “Ke rata Tamare, kgaitsadie+ morwarre e bong Abesalome.” 5 Jehonadabe o ne a mo araba a re: “Rapama mo bolaong jwa gago mme o itire e kete o a lwala. Fa rrago a tla go go tlhola, o mo reye o re, ‘Tsweetswee, a Tamare kgaitsadiake a tle kwano mme a ntirele dijo. Fa a ka ntirela dijo tse di newang balwetse,* ke tla di ja go tswa mo seatleng sa gagwe.’”

6 Ka jalo, Amenone o ne a rapama a itira e kete o a lwala, mme kgosi e ne ya tla go mo tlhola. Foo Amenone o ne a raya kgosi a re: “Tsweetswee, a kgaitsadiake Tamare a tle kwano mme a dire dikuku di le pedi tse di bopegileng jaaka pelo fa pele ga matlho a me, gore ke tle ke je dijo go tswa mo seatleng sa gagwe.” 7 Foo Dafide o ne a romela molaetsa kwa go Tamare yo o neng a le kwa ntlong, a re: “Tsweetswee, ya kwa ntlong ya ga kgaitsadio e bong Amenone mme o mo direle dijo.”* 8 Ka jalo, Tamare o ne a ya kwa ntlong ya ga kgaitsadie e bong Amenone, kwa a neng a rapame gone. O ne a tsaya tlhama mme a e duba a dira dikuku fa pele ga matlho a gagwe a bo a di apaya. 9 Go tswa foo, o ne a tsaya pane a bo a mo tsholela. Le fa go ntse jalo, Amenone o ne a gana go ja mme a re: “Ntshang mongwe le mongwe fa go nna!” Ka jalo, mongwe le mongwe o ne a tswa fa go ene.

10 Jaanong Amenone o ne a raya Tamare a re: “Tlisa dijo* mo phaposing ya borobalo, gore ke tle ke di je go tswa mo seatleng sa gago.” Ka jalo, Tamare o ne a tsaya dikuku tse di bopegileng jaaka pelo tse a neng a di dirile a bo a di tlisa kwa go kgaitsadie e bong Amenone kwa phaposing ya borobalo. 11 E rile a di tlisa kwa go ene gore a je, o ne a mo phamola mme a re: “Tlaa, tlhakanela dikobo le nna, kgaitsadiaka.” 12 Le fa go ntse jalo, o ne a mo raya a re: “Nnyaa, kgaitsadiaka! O se ka wa ntlontlolola, ka gonne selo se se ntseng jalo ga se dirwe mo Iseraele.+ O se ka wa dira selo seno se se tlhabisang ditlhong.+ 13 Ke tla itshokela jang go tlhabisiwa ditlhong? Mme wena o tla tsewa o le mongwe wa banna ba ba tlhabisang ditlhong mo Iseraele. Tsweetswee, jaanong bua le kgosi, ka gonne ga a kitla a go ganela ka nna.” 14 Le fa go ntse jalo, o ne a gana go mo reetsa mme o ne a mo fekeetsa a bo a mo tlontlolola ka go mmetelela. 15 Go tswa foo, Amenone o ne a simolola go mo tlhoa ka letlhoo le legolo thata, mo e leng gore letlhoo la gagwe mo go Tamare le ne la nna legolo go feta lorato lo a neng a mo rata ka lone. Amenone o ne a mo raya a re: “Emelela; tsamaya!” 16 Foo Tamare o ne a mo raya a re: “Nnyaa, kgaitsadiaka, ka gonne go nkoba go maswe thata go feta se o se ntirileng!” Le fa go ntse jalo, o ne a gana go mo reetsa.

17 Foo Amenone o ne a bitsa motlhokomedi wa gagwe yo mmotlana mme a re: “Tsweetswee, ntsha motho yono fa go nna, mme o lotlele lebati fa a sena go tswa.” 18 (Jaanong Tamare o ne a apere seaparo se seleele se se kgethegileng,* ka gonne tseo ke diaparo tse bomorwadia kgosi ba makgarebane ba neng ba di apara.) Ka jalo, motlhokomedi wa gagwe o ne a mo ntshetsa kwa ntle a bo a lotlela lebati fa a sena go tswa. 19 Go tswa foo, Tamare o ne a itshela melora mo tlhogong+ a bo a gagoganya seaparo se seleele se a neng a se apere; mme o ne a rwala diatla mo tlhogong a bo a tsamaya, a tsamaya a ntse a lela.

20 Foo kgaitsadie e bong Abesalome+ o ne a mmotsa a re: “A kgaitsadio Amenone ke ene a neng a na le wena? Mme jaanong, didimala kgaitsadiaka. Amenone ke kgaitsadio.+ O se ka wa tlhoma pelo ya gago thata mo kgannyeng eno.” Go tswa foo, Tamare o ne a nna a le nosi kwa ntlong ya ga kgaitsadie e bong Abesalome. 21 Fa Kgosi Dafide a utlwa dilo tseno tsotlhe, o ne a galefa fela thata.+ Le fa go ntse jalo, o ne a ka se utlwise morwawe e bong Amenone botlhoko ka gonne o ne a mo rata, ka gonne e ne e le leitibolo la gagwe. 22 Mme Abesalome o ne a se ka a bua sepe le Amenone, se ka tswa se le bosula kgotsa se le molemo; mme Abesalome o ne a tlhoa+ Amenone ka gonne o ne a tlontlolotse kgaitsadie e bong Tamare.+

23 Morago ga dingwaga di le pedi tse di tletseng, babeodi ba dinku ba ga Abesalome ba ne ba le kwa Baale-hasore, gaufi le Eferaime,+ mme Abesalome o ne a laletsa bomorwa kgosi botlhe.+ 24 Ka jalo, Abesalome o ne a ya kwa kgosing mme a re: “Nna motlhanka wa gago ke beola dinku tsa me. Ke kopa gore wena kgosi le batlhanka ba gago lo tsamaye le nna.” 25 Le fa go ntse jalo, kgosi e ne ya raya Abesalome ya re: “Nnyaa morwaaka. Fa rotlhe re ka tsamaya, re tla nna morwalo mo go wena.” Le fa gone a ne a nna a mo emelela, ga a ka a dumela go tsamaya, mme gone o ne a mo segofatsa. 26 Foo Abesalome o ne a re: “Fa o sa tsamaye, tsweetswee mma morwarre e bong Amenone a tsamaye le rona.”+ Kgosi e ne ya mo araba ya re: “Goreng a tshwanetse go tsamaya le lona?” 27 Le fa go ntse jalo, Abesalome o ne a mo emelela, ka jalo o ne a letla Amenone le bomorwa kgosi botlhe gore ba tsamaye le ene.

28 Go tswa foo, Abesalome o ne a laela batlhokomedi ba gagwe a re: “Lo ele tlhoko, mme fa pelo ya ga Amenone e itumetse ka ntlha ya beine, ke tla lo raya ke re, ‘Bolayang Amenone!’ Foo lo tshwanetse go mmolaya. Lo se ka lwa boifa. A ga se nna yo ke lo laelang? Lo nonofe lo bo lo nne pelokgale.” 29 Ka jalo, batlhokomedi ba ga Abesalome ba ne ba bolaya Amenone fela jaaka Abesalome a ne a laetse; foo bomorwa kgosi ba bangwe botlhe ba ne ba tswa, mme mongwe le mongwe a palama mmoulo wa gagwe a tshaba. 30 Fa ba ntse ba le mo tseleng, pego e ne ya tla kwa go Dafide e re: “Abesalome o kgemethile bomorwa kgosi botlhe, mme ga go na ope wa bone yo o falotseng.” 31 Foo kgosi e ne ya ema, ya gagoganya diaparo tsa yone mme ya rapama fa fatshe, mme batlhanka botlhe ba yone ba ne ba eme gaufi le yone diaparo tsa bone di gagogantswe.

32 Le fa go ntse jalo, Jehonadabe+ morwa Shimeahe,+ morwarraagwe Dafide, o ne a re: “Morena wa me kgosi, o se ka wa akanya gore ba bolaile bomorwao botlhe ba babotlana, ka gonne Amenone ke ene fela a suleng.+ Seno se diragetse ka taelo ya ga Abesalome, yo o neng a dira tshwetso ya go dira seno+ go tloga ka letsatsi la fa Amenone a ne a tlontlolola kgaitsadie+ e bong Tamare.+ 33 Jaanong morena wa me kgosi, o se ka wa reetsa pego eo e e reng, ‘Bomorwa kgosi botlhe ba sule’; Amenone ke ene fela a suleng.”

34 Mo nakong eo, Abesalome o ne a tshaba.+ Moragonyana molebeledi o ne a tsholetsa matlho mme a bona gore go ne go na le batho ba le bantsi ba ba neng ba tla ka tsela e e ka fa morago ga gagwe e e gaufi le thaba. 35 Foo Jehonadabe+ o ne a raya kgosi a re: “Bona! Bomorwa kgosi ba boile. Go ntse fela jaaka ke buile.” 36 Fela fa a fetsa go bua, bomorwa kgosi ba ne ba tsena ba lelela kwa godimo; kgosi le batlhanka botlhe ba yone le bone ba ne ba lela botlhoko. 37 Abesalome ene o ne a tshaba mme a ya kwa go Talemai+ morwa Amihude kgosi ya Geshure. Dafide o ne a hutsafalela morwawe malatsi a le mantsi. 38 Fa Abesalome a sena go tshaba a bo a ya kwa Geshure,+ o ne a nna koo dingwaga di le tharo.

39 La bofelo Kgosi Dafide o ne a eletsa go ya kwa go Abesalome, ka gonne o ne a setse a amogetse* loso lwa ga Amenone.

Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
Tswa
Tsena
  • Setswana
  • Romela
  • Tse O ka Di Tlhophang
  • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
  • Melawana ya Tiriso
  • Molawana wa Tshireletsego
  • Di-setting Tsa Websaete
  • JW.ORG
  • Tsena
Romela