Nehemia
11 Jaanong dikgosana tsa batho di ne di nna mo Jerusalema;+ le fa go ntse jalo, batho ba bangwe botlhe ba ne ba latlhela bola+ gore ba tlise lelapa le le lengwe mo go a le lesome gore le tle go nna mo Jerusalema, e leng motse o o boitshepo, fa malapa a mangwe a le robongwe one a ne a nna mo metseng e mengwe. 2 Mo godimo ga moo, batho ba ne ba eleletsa banna botlhe ba ba neng ba ithaopela go nna mo Jerusalema masego a a tswang kwa Modimong.
3 Mme bano ke ditlhogo tsa porofense* tse di neng di nna mo Jerusalema. (Baiseraele ba bangwe botlhe, baperesiti, Balefi, batlhanka ba ba direlang mo tempeleng*+ le barwa ba batlhanka ba ga Solomone,+ ba ne ba nna mo metseng e mengwe ya Juda, mongwe le mongwe a nna mo karolong e a e abetsweng e le boswa mo motseng wa gagabo.+
4 Gape, batho bangwe ba Juda le ba Benjamine ba ne ba nna mo Jerusalema.) Ba ba tswang mo bathong ba Juda e ne e le Athaia morwa Usia morwa Sekarea morwa Amaria morwa Shefatia morwa Mahalalele yo o tswang mo go bomorwa Perese,+ 5 le Maaseia morwa Baruke morwa Kolahose morwa Hasaia morwa Adaia morwa Joiaribe morwa Sekaria yo e leng setlogolwana sa ga Shela. 6 Bomorwa Perese botlhe ba ba neng ba nna mo Jerusalema e ne e le banna ba ba nang le bokgoni ba le 468.
7 Mme bano e ne e le batho ba Benjamine: Salu+ morwa Meshulame morwa Joede morwa Pedaia morwa Kolaia morwa Maaseia morwa Ithiele morwa Jeshaia, 8 go bo go latela Gabai le Salai, ba le 928; 9 Joele morwa Sikeri e ne e le molebedi wa bone, mme Juda morwa Hasenua o ne a okametse motse a le mo maemong a bobedi.
10 Bano e ne e le ba ba tswang mo baperesiting: Jedaia morwa Joiaribe, Jakine,+ 11 Seraia morwa Hilekia morwa Meshulame morwa Sadoke morwa Meraiothe morwa Ahitube+ yo o neng a eteletse pele mo ntlong* ya Modimo wa boammaaruri, 12 le bomorwarraabone ba ba neng ba bereka mo ntlong, ba le 822; le Adaia morwa Jerohame morwa Pelalia morwa Amesi morwa Sekarea morwa Pashure+ morwa Malekija, 13 le bomorwarraagwe, ba e leng ditlhogo tsa dikgotla tsa bone, ba le 242; le Amashasai morwa Asarele morwa Ahasai morwa Meshilemothe morwa Imere, 14 le bomorwarraabone ba e neng e le banna ba ba maatla ba ba pelokgale, ba le 128; mme molebedi wa bone e ne e le Sabediele yo o neng a tswa mo lelapeng le le tlotlegang.
15 Mme bano ba ne ba tswa mo Balefing: Shemaia+ morwa Hashube morwa Aserikame morwa Hashabia morwa Buni, 16 le Shabethai+ le Josabade,+ ba e neng e le ditlhogo tsa Balefi, ba ba neng ba okametse tiro e e dirwang kwa ntle ya ntlo ya Modimo wa boammaaruri; 17 le Matania+ morwa Mika morwa Sabedi morwa Asafe+ yo e neng e le moopedisi, yo o neng a tlhabeletsa dipako ka nako ya thapelo,+ le Bakebukia yo e neng e le mothusi wa gagwe le Abada morwa Shamua morwa Galale morwa Jeduthune.+ 18 Balefi botlhe ba ba neng ba le mo motseng o o boitshepo ba ne ba le 284.
19 Mme badisa ba dikgoro e ne e le Akube, Talemone+ le bomorwarraabone ba ba neng ba nna ba disitse dikgoro, ba le 172.
20 Baiseraele ba bangwe botlhe, baperesiti le Balefi ba ne ba nna mo metseng e mengwe yotlhe ya Juda, mongwe le mongwe a le mo karolong ya gagwe e a e abetsweng e le boswa. 21 Batlhanka ba ba direlang mo tempeleng*+ ba ne ba nna kwa Ofele,+ mme ba ne ba okametswe ke Siha le Gishepa.
22 Balefi ba ba neng ba le mo Jerusalema molebedi wa bone e ne e le Usi morwa Bani morwa Hashabia morwa Matania+ morwa Miga, yo o tswang mo go bomorwa Asafe, ba e leng baopedi; o ne a okametse tiro ya ntlo ya Modimo wa boammaaruri. 23 Gonne kgosi* e ne e ntshitse taelo ka ga bone,+ e bile go ne go na le thulaganyo e e tlhomilweng ya gore baopedi ba newe se ba se tlhokang letsatsi le letsatsi. 24 Mme Pethahia morwa Meshesabele yo o tswang mo go bomorwa Sera morwa Juda e ne e le mogakolodi wa kgosi* ka kgang nngwe le nngwe e e amang batho.
25 Eno ke metsana mmogo le masimo a yone e batho bangwe ba Juda ba neng ba nna kwa go yone: Kiriathe-areba+ le metsana ya yone e e e dikologileng, Dibone le metsana ya yone e e e dikologileng, Jekabeseele+ le metsana ya yone, 26 Jeshua, Molada,+ Bethe-pelete,+ 27 Hasare-shuale,+ Beere-sheba le metsana ya yone e e e dikologileng, 28 Sikelage,+ Mekona le metsana ya yone e e e dikologileng, 29 Ene-rimone,+ Sora,+ Jaremuthe, 30 Sanoa,+ Adulama le metsana ya metse eno, Lakishe+ le masimo a yone le Aseka+ le metsana ya yone e e e dikologileng. Ba ne ba aga* go simologa kwa Beere-sheba go ya go fitlha kwa Mokgatšheng wa Hinoma.+
31 Mme batho ba Benjamine ba ne ba nna kwa Geba,+ kwa Mikemashe, kwa Aija, kwa Bethele+ le metsana ya yone e e e dikologileng, 32 kwa Anathothe,+ kwa Nobe,+ kwa Anania, 33 kwa Hasore, kwa Rama,+ kwa Gitaime, 34 kwa Hadide, kwa Seboima, kwa Nebalate, 35 kwa Lode le kwa Ono,+ e leng mokgatšha wa badiri ba ba ditswerere. 36 Mme ditlhopha dingwe tsa Balefi go tswa mo Juda di ne tsa abelwa go ya go nna kwa Benjamine.