LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • Pesalema 89
  • Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

Dintlha Tsa Dipesalema

      • Go opela ka lorato lwa ga Jehofa lo lo sa kgaotseng

        • Kgolagano le Dafide (3)

        • Losika lwa ga Dafide lo tla nna ka bosakhutleng (4)

        • Motlodiwa wa Modimo o mmitsa “Rre” (26)

        • Kgolagano ya ga Dafide e a tlhomamisiwa gore e tla nnela ruri (34-37)

        • Motho ga a ka ke a falola Lebitla (48)

Pesalema 89:Maf

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Bona Ditlhaloso Tsa Mafoko.

Ditshupiso

  • +1Dk 4:30, 31; 1Dt 2:6

Pesalema 89:2

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Kgotsa “lo tla tswelela lo le teng.”

Ditshupiso

  • +1Dt 16:41; Isa 54:10

Pesalema 89:3

Ditshupiso

  • +2Sa 7:8; 1Dk 8:16; Luk 1:32, 33
  • +Pes. 132:11; Esk 34:23; Hos 3:5; Joh 7:42

Pesalema 89:4

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Seheb., “setulo sa bogosi.”

Ditshupiso

  • +1Dt 17:11; Tsh 22:16
  • +2Sa 7:12, 13; Bah 1:8

Pesalema 89:6

Ditshupiso

  • +Pes. 40:5; 71:19
  • +Job 38:7

Pesalema 89:7

Ditshupiso

  • +Isa 6:2, 3
  • +Dan 7:9, 10

Pesalema 89:8

Ditshupiso

  • +1Sa 2:2; Pes. 84:12
  • +Dut 32:4

Pesalema 89:9

Ditshupiso

  • +Jer 31:35
  • +Pes. 65:7; 107:29

Pesalema 89:10

Ditshupiso

  • +Isa 30:7
  • +Ek 14:26; 15:4
  • +Ek 3:20; Dut 4:34; Luk 1:51

Pesalema 89:11

Ditshupiso

  • +1Bk 10:26
  • +1Dt 29:11; Pes. 50:12

Pesalema 89:12

Ditshupiso

  • +Jos 19:22, 23
  • +Dut 3:8; Jos 12:1

Pesalema 89:13

Ditshupiso

  • +Ek 6:6
  • +Ek 13:3
  • +Pes. 44:3

Pesalema 89:14

Ditshupiso

  • +Dut 32:4; Pes. 71:19; Tsh 15:3
  • +Ek 34:6; Jer 9:24

Pesalema 89:15

Ditshupiso

  • +Dip 10:10; Pes. 98:6

Pesalema 89:17

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Seheb., “lonaka lwa rona lo a tsholetsega.”

Ditshupiso

  • +Pes. 28:7
  • +1Sa 2:10

Pesalema 89:18

Ditshupiso

  • +Pes. 2:6

Pesalema 89:19

Ditshupiso

  • +1Sa 18:14
  • +2Sa 7:8

Pesalema 89:20

Ditshupiso

  • +Dit 13:22
  • +1Sa 16:12, 13; Dit 10:38

Pesalema 89:21

Ditshupiso

  • +Pes. 80:17; Isa 42:1

Pesalema 89:22

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Bona Ditlhaloso Tsa Mafoko.

Ditshupiso

  • +1Dt 17:9

Pesalema 89:23

Ditshupiso

  • +2Sa 3:1; 7:9
  • +Pes. 110:1

Pesalema 89:24

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Seheb., “Lonaka lwa gagwe lo tla tsholetsega.”

Ditshupiso

  • +2Sa 7:15; 1Dt 17:13; Dit 13:34

Pesalema 89:25

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Kgotsa “taolo.”

Ditshupiso

  • +1Dk 4:21; Pes. 72:8

Pesalema 89:26

Ditshupiso

  • +2Sa 22:47; Pes. 18:2

Pesalema 89:27

Ditshupiso

  • +Pes. 2:7; Bah 1:5
  • +1Ti 6:15; Tsh 1:5; 19:16

Pesalema 89:28

Ditshupiso

  • +Dit 13:34
  • +2Sa 23:5; Pes. 89:34

Pesalema 89:29

Ditshupiso

  • +Isa 9:7; Jer 33:17; Bah 1:8

Dikgatiso Tse di Farologaneng

  • Kaedi ya go Dira Dipatlisiso

    Tora ya Tebelo,

    12/15/2006, ts. 4

Pesalema 89:30

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Kgotsa “dikatlholo.”

Pesalema 89:32

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Kgotsa “ba otlhaela botlhanogi.”

Ditshupiso

  • +2Sa 7:14; 1Dk 11:14, 31

Pesalema 89:33

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Seheb., “E bile ga nkitla ke nna maaka malebana le boikanyegi jwa me.”

Ditshupiso

  • +2Sa 7:15; 1Dk 11:32, 36

Pesalema 89:34

Ditshupiso

  • +Jer 33:20, 21
  • +Jak 1:17

Pesalema 89:35

Ditshupiso

  • +Dip 23:19; Pes. 132:11

Pesalema 89:36

Ditshupiso

  • +2Sa 7:16, 17; Pes. 72:17; Isa 11:1; Jer 23:5; Joh 12:34; Tsh 22:16
  • +Dan 7:14; Luk 1:32, 33

Pesalema 89:37

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Seheb., “mosupi yo o ikanyegang.”

Dikgatiso Tse di Farologaneng

  • Kaedi ya go Dira Dipatlisiso

    Tora ya Tebelo,

    7/15/2007, ts. 32

Pesalema 89:38

Ditshupiso

  • +1Dt 28:9

Pesalema 89:39

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Seheb., “itshepolotse.”

Pesalema 89:40

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Kgotsa “mafelo a gagwe a maje.”

Pesalema 89:41

Ditshupiso

  • +Dut 28:37

Pesalema 89:42

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Seheb., “O godisitse seatla sa moja sa baba ba gagwe.”

Ditshupiso

  • +Dut 28:25

Pesalema 89:46

Ditshupiso

  • +Pes. 13:1

Pesalema 89:47

Ditshupiso

  • +Job 7:7; Pes. 39:5

Pesalema 89:48

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Seheb., “mo seatleng sa Sheole?” Bona Ditlhaloso Tsa Mafoko.

Ditshupiso

  • +Job 30:23; Pes. 49:7, 9

Pesalema 89:49

Ditshupiso

  • +2Sa 7:12-15; Pes. 132:11; Isa 55:3

Pesalema 89:50

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Seheb., “go tshola mo sehubeng sa me.”

Pesalema 89:52

Ditshupiso

  • +Pes. 41:13; 72:18

Ditemana Tse dingwe

Pes. 89:Maf1Dk 4:30, 31; 1Dt 2:6
Pes. 89:21Dt 16:41; Isa 54:10
Pes. 89:32Sa 7:8; 1Dk 8:16; Luk 1:32, 33
Pes. 89:3Pes. 132:11; Esk 34:23; Hos 3:5; Joh 7:42
Pes. 89:41Dt 17:11; Tsh 22:16
Pes. 89:42Sa 7:12, 13; Bah 1:8
Pes. 89:6Pes. 40:5; 71:19
Pes. 89:6Job 38:7
Pes. 89:7Isa 6:2, 3
Pes. 89:7Dan 7:9, 10
Pes. 89:81Sa 2:2; Pes. 84:12
Pes. 89:8Dut 32:4
Pes. 89:9Jer 31:35
Pes. 89:9Pes. 65:7; 107:29
Pes. 89:10Isa 30:7
Pes. 89:10Ek 14:26; 15:4
Pes. 89:10Ek 3:20; Dut 4:34; Luk 1:51
Pes. 89:111Bk 10:26
Pes. 89:111Dt 29:11; Pes. 50:12
Pes. 89:12Jos 19:22, 23
Pes. 89:12Dut 3:8; Jos 12:1
Pes. 89:13Ek 6:6
Pes. 89:13Ek 13:3
Pes. 89:13Pes. 44:3
Pes. 89:14Dut 32:4; Pes. 71:19; Tsh 15:3
Pes. 89:14Ek 34:6; Jer 9:24
Pes. 89:15Dip 10:10; Pes. 98:6
Pes. 89:17Pes. 28:7
Pes. 89:171Sa 2:10
Pes. 89:18Pes. 2:6
Pes. 89:191Sa 18:14
Pes. 89:192Sa 7:8
Pes. 89:20Dit 13:22
Pes. 89:201Sa 16:12, 13; Dit 10:38
Pes. 89:21Pes. 80:17; Isa 42:1
Pes. 89:221Dt 17:9
Pes. 89:232Sa 3:1; 7:9
Pes. 89:23Pes. 110:1
Pes. 89:242Sa 7:15; 1Dt 17:13; Dit 13:34
Pes. 89:251Dk 4:21; Pes. 72:8
Pes. 89:262Sa 22:47; Pes. 18:2
Pes. 89:27Pes. 2:7; Bah 1:5
Pes. 89:271Ti 6:15; Tsh 1:5; 19:16
Pes. 89:28Dit 13:34
Pes. 89:282Sa 23:5; Pes. 89:34
Pes. 89:29Isa 9:7; Jer 33:17; Bah 1:8
Pes. 89:322Sa 7:14; 1Dk 11:14, 31
Pes. 89:332Sa 7:15; 1Dk 11:32, 36
Pes. 89:34Jer 33:20, 21
Pes. 89:34Jak 1:17
Pes. 89:35Dip 23:19; Pes. 132:11
Pes. 89:362Sa 7:16, 17; Pes. 72:17; Isa 11:1; Jer 23:5; Joh 12:34; Tsh 22:16
Pes. 89:36Dan 7:14; Luk 1:32, 33
Pes. 89:381Dt 28:9
Pes. 89:41Dut 28:37
Pes. 89:42Dut 28:25
Pes. 89:46Pes. 13:1
Pes. 89:47Job 7:7; Pes. 39:5
Pes. 89:48Job 30:23; Pes. 49:7, 9
Pes. 89:492Sa 7:12-15; Pes. 132:11; Isa 55:3
Pes. 89:52Pes. 41:13; 72:18
  • Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
  • 1
  • 2
  • 3
  • 4
  • 5
  • 6
  • 7
  • 8
  • 9
  • 10
  • 11
  • 12
  • 13
  • 14
  • 15
  • 16
  • 17
  • 18
  • 19
  • 20
  • 21
  • 22
  • 23
  • 24
  • 25
  • 26
  • 27
  • 28
  • 29
  • 30
  • 31
  • 32
  • 33
  • 34
  • 35
  • 36
  • 37
  • 38
  • 39
  • 40
  • 41
  • 42
  • 43
  • 44
  • 45
  • 46
  • 47
  • 48
  • 49
  • 50
  • 51
  • 52
Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
Pesalema 89:1-52

Dipesalema

Masekile.* Pesalema ya ga Ethane+ wa Moesera.

89 Ke tla opela ka bosakhutleng ka ditsela tse Jehofa a bontshang lorato lo lo sa kgaotseng ka tsone.

Ke tla itsise boikanyegi jwa gago mo dikokomaneng tsotlhe.

 2 Gonne ke ne ka re: “Lorato lo lo sa kgaotseng lo tla agiwa* ka bosakhutleng,+

Mme boikanyegi jwa gago bo nna bo le kwa magodimong.”

 3 “Ke dirile kgolagano le motlhanka wa me yo ke mo tlhophileng;+

Ke ikanetse Dafide ke re:+

 4 ‘Ke tla dira gore losika lwa gago+ lo nne lo le gone ka bosakhutleng,

Mme bogosi* jwa gago bo tla nna bo le teng go tswa kokomaneng e nngwe go ya kwa go e nngwe.’”+ (Selah)

 5 Magodimo a itsise ditiro tsa gago tse di gakgamatsang Jehofa,

Eleruri, phuthego ya ba ba boitshepo e itsise boikanyegi jwa gago.

 6 Gonne ke mang kwa loaping yo o ka tshwantshiwang le Jehofa?+

Ke mang mo go bomorwa Modimo+ yo o tshwanang le Jehofa?

 7 Modimo o tshwanelwa ke go tlotliwa mo phuthegong ya ba ba boitshepo;+

O mogolo e bile o tlotlometse thata go feta botlhe ba ba mo dikologileng.+

 8 Ao tlhe Jehofa Modimo wa masomosomo,

Ke mang yo o maatla jaaka wena Jah?+

Boikanyegi jwa gago bo go dikologile.+

 9 O busa mo godimo ga lewatle le le galefileng;+

Fa makhubu a lone a gogomoga, o a a sisibatsa.+

10 O thubagantse Rahabe+ fela jaaka mongwe yo o bolailweng.+

O gasamisitse baba ba gago ka lebogo la gago le le nonofileng.+

11 Magodimo ke a gago, le lefatshe ke la gago;+

Naga e e ungwang le se se tletseng mo go yone,+ di thailwe ke wena.

12 O dirile gore go nne le bokone le borwa;

Tabore+ le Heremone+ di baka leina la gago ka boitumelo.

13 Lebogo la gago le maatla;+

Seatla sa gago se nonofile;+

Seatla sa gago sa moja se tlotlometse.+

14 Tshiamo le tshiamiso ke motheo wa setulo sa gago sa bogosi;+

Lorato lo lo sa kgaotseng le boikanyegi di eme fa pele ga gago.+

15 Go itumela batho ba ba go bakang ka mantswe a a itumetseng.+

Ba tsamaya mo leseding la sefatlhego sa gago Jehofa.

16 Ba itumela letsatsi lotlhe ka ntlha ya leina la gago,

Mme tshiamo ya gago e dira gore ba tlotlomadiwe.

17 O dira gore batho ba gago ba nne maatla e bile ba nne bantle,+

E bile re nna maatla le go feta* ka gonne o a re segofatsa.+

18 Gonne Jehofa o re neile thebe ya rona,

E bile kgosi ya rona re e neilwe ke Modimo yo o Boitshepo wa Iseraele.+

19 Ka nako eo o ne wa bua le batho ba gago ba ba ikanyegang mo ponatshegelong mme wa re:

“Ke neile yo o maatla nonofo;+

Ke tlotlomaditse yo o tlhophilweng go tswa mo bathong.+

20 Ke itlhophetse motlhanka wa me e bong Dafide;+

Ke mo tloditse ka leokwane la me le le boitshepo.+

21 Seatla sa me se tla mo tshegetsa,+

Le lebogo la me le tla mo nonotsha.

22 Ga go na mmaba ope yo o tla mo pateletsang go ntsha sehuba,*

E bile ga go na motho ope yo o sa siamang yo o tla mo gatelelang.+

23 Ke tla thubaganya baba ba gagwe fa pele ga gagwe+

E bile ke tla kgemetha ba ba mo tlhoileng.+

24 Ke tla ikanyega mo go ene e bile ke tla mmontsha lorato lo lo sa kgaotseng,+

Nonofo ya gagwe e tla oketsega* ka ntlha ya leina la me.

25 Ke tla baya seatla* sa gagwe mo godimo ga lewatle

Le seatla sa gagwe sa moja mo godimo ga dinoka.+

26 O tla goela kwa go nna a re: ‘O Rre,

Modimo wa me le Lefika la poloko ya me.’+

27 Mme ke tla mo dira leitibolo,+

Yo o kwa godimo thata mo dikgosing tsa lefatshe.+

28 Ke tla mmontsha lorato lo lo sa kgaotseng ka bosakhutleng,+

Mme kgolagano e ke e dirileng le ene ga e kitla e kgaotsa.+

29 Ke tla dira gore losika lwa gagwe lo nne ka bosakhutleng

E bile ke tla dira gore setulo sa gagwe sa bogosi se nnele ruri jaaka magodimo.+

30 Fa bomorwawe ba ka tlogela molao wa me

Ba bo ba sa tsamaye go dumalana le ditaelo* tsa me,

31 Fa ba ka tlola melao ya me

Ba bo ba sa boloke melawana ya me,

32 Foo ke tla ba otlhaela go tlhoka kutlo* ga bone ka thobane+

E bile ke tla ba otlhaela molato wa bone ka go ba kgwathisa.

33 Le fa go ntse jalo, ga nkitla ke tlogela go mmontsha lorato lo lo sa kgaotseng+

E bile ga nkitla ke tlogela go diragatsa tsholofetso ya me.*

34 Ga nkitla ke tlola kgolagano ya me+

Kgotsa ke fetola se ke se buileng.+

35 Ke ikanne ka boitshepo jwa me gangwe felafela;

Ga nkitla ke aketsa Dafide.+

36 Losika lwa gagwe lo tla nna lo le teng ka bosakhutleng;+

Setulo sa gagwe sa bogosi se tla tswelela se le teng jaaka letsatsi fa pele ga me.+

37 Se tla nna se le teng ka bosakhutleng

Fela jaaka ngwedi e nna e le teng* mo loaping.” (Selah)

38 Mme wena ka bowena o latlhile motlodiwa wa gago e bile o mo ganne;+

O mo galefetse thata.

39 O sentse kgolagano e o e dirileng le motlhanka wa gago;

O leswafaditse* serwalo sa gagwe sa segosi ka go se latlhela fa fatshe.

40 O thubile dipota tsa gagwe tsotlhe tsa maje;*

O dirile dithako tsa gagwe marope.

41 Botlhe ba ba fetang ka tsela ba gapile dithoto tsa gagwe;

Baagelani ba gagwe ba a mo kgoba.+

42 O dirile gore baba ba gagwe ba fenye;*+

O dirile gore dira tsa gagwe tsotlhe di itumele.

43 Gape o dirile gore tšhaka ya gagwe e se ka ya nna le mosola,

Mme o dirile gore a se ka a atlega mo tlhabanong.

44 O fedisitse bontle jwa gagwe

E bile o latlhetse setulo sa gagwe sa bogosi fa fatshe.

45 O khutshwafaditse malatsi a bosha jwa gagwe;

O mo apesitse ditlhong. (Selah)

46 Ao tlhe Jehofa, o tla nna o iphitlhile ka lobaka lo lo kae? A e tla nna ka bosakhutleng?+

A bogale jwa gago bo tla tswelela bo tuka jaaka molelo?

47 Gakologelwa kafa botshelo jwa me bo leng bokhutshwane ka gone.+

A o ne o se na boikaelelo bope fa o ne o bopa batho?

48 Ke motho ofe yo o tshelang yo o se kitlang a swa?+

A a ka kgona go ikgolola mo maatleng a Lebitla?* (Selah)

49 Ao tlhe Jehofa, di kae ditiro tsa gago tsa nako e e fetileng tsa lorato lo lo sa kgaotseng,

Tse o neng wa di ikanela Dafide ka ntlha ya boikanyegi jwa gago?+

50 Ao tlhe Jehofa, gakologelwa kafa batlhanka ba gago ba kgobiwang ka gone;

Kafa ke tshwanelwang ke go itshokela* go kgobiwa ke ditšhaba tsotlhe ka gone;

51 Kafa baba ba gago ba tlhapaditseng motlodiwa wa gago ka gone, tlhe Jehofa;

Kafa ba tlhapaditseng kgato nngwe le nngwe ya gagwe ka gone.

52 E kete Jehofa a ka bakwa ka bosakhutleng. Amen le Amen.+

Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
Tswa
Tsena
  • Setswana
  • Romela
  • Tse O ka Di Tlhophang
  • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
  • Melawana ya Tiriso
  • Molawana wa Tshireletsego
  • Di-setting Tsa Websaete
  • JW.ORG
  • Tsena
Romela