LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • 2 Dikgosi 14
  • Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

Dintlha Tsa 2 Dikgosi

      • Amasia, kgosi ya Juda (1-6)

      • Ntwa kgatlhanong le Edoma le Iseraele (7-14)

      • Jehoashe wa Iseraele o a swa (15, 16)

      • Amasia o a swa (17-22)

      • Jeroboame II, kgosi ya Iseraele (23-29)

2 Dikgosi 14:1

Ditshupiso

  • +2Dk 13:10

2 Dikgosi 14:2

Ditshupiso

  • +2Dt 25:1-4

2 Dikgosi 14:3

Ditshupiso

  • +1Dk 15:5
  • +2Dt 24:2

2 Dikgosi 14:4

Ditshupiso

  • +1Dk 15:14
  • +2Dk 12:1, 3

2 Dikgosi 14:5

Ditshupiso

  • +2Dk 12:20; 2Dt 24:25

2 Dikgosi 14:6

Ditshupiso

  • +Dut 24:16

2 Dikgosi 14:7

Ditshupiso

  • +2Dk 8:20
  • +2Sa 8:13; 1Dt 18:12
  • +2Dt 25:11, 12

2 Dikgosi 14:8

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Kgotsa “re kopane mme re lebanye difatlhego.”

Ditshupiso

  • +2Dt 25:17-19

2 Dikgosi 14:10

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Kgotsa “mo ntlong ya segosi.”

Ditshupiso

  • +2Dk 14:7

2 Dikgosi 14:11

Ditshupiso

  • +2Dt 25:15, 16
  • +Jos 15:10, 12; 21:8, 16
  • +2Dt 25:20-24

2 Dikgosi 14:12

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Seheb., “kwa tenteng.”

2 Dikgosi 14:13

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Seheb., “dikubita di le 400.” Bona Dintlha B14.

Ditshupiso

  • +Neh 8:16; 12:38, 39
  • +Jer 31:38; Sek 14:10

2 Dikgosi 14:14

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Kgotsa “ntlo ya segosi.”

2 Dikgosi 14:16

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Go tewa Jeroboame II.

Ditshupiso

  • +2Dk 10:35; 13:9
  • +Hos 1:1; Amo 1:1; 7:10

2 Dikgosi 14:17

Ditshupiso

  • +2Dk 14:1
  • +2Dk 13:10
  • +2Dt 25:25-28

2 Dikgosi 14:19

Ditshupiso

  • +2Dk 12:20

2 Dikgosi 14:20

Ditshupiso

  • +1Dk 2:10

2 Dikgosi 14:21

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Mo go kayang “Jehofa o Thusitse.” O bidiwa Usia mo go 2Dk 15:13; 2Dt 26:1-23; Isa 6:1; le Sek 14:5.

Ditshupiso

  • +Mat 1:8
  • +2Dk 15:1, 2
  • +2Dt 26:1

2 Dikgosi 14:22

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Go tewa rraagwe e bong Amasia.

Ditshupiso

  • +Dut 2:8; 1Dk 9:26; 2Dk 16:6
  • +2Dt 26:2

2 Dikgosi 14:23

Ditshupiso

  • +Hos 1:1; Amo 1:1

Dikgatiso Tse di Farologaneng

  • Kaedi ya go Dira Dipatlisiso

    “Lokwalo Longwe le Longwe,” ts. 153

2 Dikgosi 14:24

Ditshupiso

  • +1Dk 12:28-30; 13:34; Pes. 106:20

2 Dikgosi 14:25

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Kgotsa “kwa kgorong ya Hamathe.”

  • *

    Go tewa Lewatle la Letswai, kgotsa Lewatle le le Suleng.

Ditshupiso

  • +Dip 13:21; 34:2, 7, 8
  • +Dut 3:16, 17
  • +Jon 1:1; Mat 12:39
  • +Jos 19:10, 13

Dikgatiso Tse di Farologaneng

  • Kaedi ya go Dira Dipatlisiso

    Etsa Tumelo ya Bone, ts. 108-109

    Tora ya Tebelo,

    1/1/2009, ts. 25

2 Dikgosi 14:26

Ditshupiso

  • +Ek 3:7; Baa 10:16; Pes. 106:43, 44

2 Dikgosi 14:27

Ditshupiso

  • +Jer 31:20
  • +2Dk 13:4, 5

2 Dikgosi 14:28

Ditshupiso

  • +2Sa 8:6
  • +2Dt 8:3

2 Dikgosi 14:29

Ditshupiso

  • +2Dk 15:8

Ditemana Tse dingwe

2 Dikg. 14:12Dk 13:10
2 Dikg. 14:22Dt 25:1-4
2 Dikg. 14:31Dk 15:5
2 Dikg. 14:32Dt 24:2
2 Dikg. 14:41Dk 15:14
2 Dikg. 14:42Dk 12:1, 3
2 Dikg. 14:52Dk 12:20; 2Dt 24:25
2 Dikg. 14:6Dut 24:16
2 Dikg. 14:72Dk 8:20
2 Dikg. 14:72Sa 8:13; 1Dt 18:12
2 Dikg. 14:72Dt 25:11, 12
2 Dikg. 14:82Dt 25:17-19
2 Dikg. 14:102Dk 14:7
2 Dikg. 14:112Dt 25:15, 16
2 Dikg. 14:11Jos 15:10, 12; 21:8, 16
2 Dikg. 14:112Dt 25:20-24
2 Dikg. 14:13Neh 8:16; 12:38, 39
2 Dikg. 14:13Jer 31:38; Sek 14:10
2 Dikg. 14:162Dk 10:35; 13:9
2 Dikg. 14:16Hos 1:1; Amo 1:1; 7:10
2 Dikg. 14:172Dk 14:1
2 Dikg. 14:172Dk 13:10
2 Dikg. 14:172Dt 25:25-28
2 Dikg. 14:192Dk 12:20
2 Dikg. 14:201Dk 2:10
2 Dikg. 14:21Mat 1:8
2 Dikg. 14:212Dk 15:1, 2
2 Dikg. 14:212Dt 26:1
2 Dikg. 14:22Dut 2:8; 1Dk 9:26; 2Dk 16:6
2 Dikg. 14:222Dt 26:2
2 Dikg. 14:23Hos 1:1; Amo 1:1
2 Dikg. 14:241Dk 12:28-30; 13:34; Pes. 106:20
2 Dikg. 14:25Dip 13:21; 34:2, 7, 8
2 Dikg. 14:25Dut 3:16, 17
2 Dikg. 14:25Jon 1:1; Mat 12:39
2 Dikg. 14:25Jos 19:10, 13
2 Dikg. 14:26Ek 3:7; Baa 10:16; Pes. 106:43, 44
2 Dikg. 14:27Jer 31:20
2 Dikg. 14:272Dk 13:4, 5
2 Dikg. 14:282Sa 8:6
2 Dikg. 14:282Dt 8:3
2 Dikg. 14:292Dk 15:8
  • Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
  • 1
  • 2
  • 3
  • 4
  • 5
  • 6
  • 7
  • 8
  • 9
  • 10
  • 11
  • 12
  • 13
  • 14
  • 15
  • 16
  • 17
  • 18
  • 19
  • 20
  • 21
  • 22
  • 23
  • 24
  • 25
  • 26
  • 27
  • 28
  • 29
Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
2 Dikgosi 14:1-29

Dikgosi wa Bobedi

14 Mo ngwageng wa bobedi wa ga Jehoashe+ morwa Jehoahase kgosi ya Iseraele, Amasia morwa Kgosi Jehoashe wa Juda o ne a nna kgosi. 2 O ne a na le dingwaga di le 25 fa a nna kgosi, mme o ne a busa dingwaga di le 29 mo Jerusalema. Leina la ga mmaagwe e ne e le Jehoadine wa kwa Jerusalema.+ 3 O ne a tswelela a dira se se siameng mo matlhong a ga Jehofa, mme gone e seng jaaka Dafide+ rraagwemogolo. O ne a dira sengwe le sengwe fela jaaka rraagwe e bong Jehoashe a ne a dirile.+ 4 Le fa go ntse jalo, mafelo a a kwa godimo a a boitshepo ga a ka a tlosiwa,+ mme batho ba ne ba sa ntse ba ntsha ditlhabelo e bile ba kuisa mosi wa setlhabelo mo mafelong ao a a kwa godimo.+ 5 Fela fa a sena go dira gore bogosi bo nne mo taolong ya gagwe, o ne a kgemetha batlhanka ba gagwe ba ba neng ba kgemethile rraagwe yo e neng e le kgosi.+ 6 Mme gone, o ne a se ka a bolaya barwa ba babolai bao, go dumalana le taelo eno ya ga Jehofa e e kwadilweng mo bukeng ya Molao wa ga Moshe: “Borre ga ba a tshwanela go bolawa ka ntlha ya barwa ba bone, le barwa ga ba a tshwanela go bolawa ka ntlha ya borraabone; mme mongwe le mongwe o tshwanetse go bolaelwa boleo jwa gagwe.”+ 7 O ne a kgemetha Baedoma+ mo Mokgatšheng wa Letswai,+ banna ba le 10 000, mme o ne a tlhasela motse wa Sela a bo a gapa,+ mme leina la one e ne ya nna Joketheele go tla go fitlha mo letsatsing leno.

8 Go tswa foo, Amasia o ne a romela barongwa kwa go Jehoashe morwa Jehoahase morwa Jehu kgosi ya Iseraele, a re: “Tla kwano, re tle go tlhabana.”*+ 9 Kgosi Jehoashe wa Iseraele o ne a romela molaetsa ono kwa go Kgosi Amasia wa Juda: “Mofero o o mmitlwa o o kwa Lebanona o ne wa romela molaetsa kwa mosedareng o o kwa Lebanona wa re, ‘Naya morwaake morwadio gore a mo nyale.’ Le fa go ntse jalo, sebatana sa kwa Lebanona se ne sa feta mme sa gataka mofero o o mmitlwa. 10 Ke boammaaruri gore o kgemethile Edoma,+ mme jaanong pelo ya gago e ikgodisitse. Itumelele kgalalelo ya gago, mme gone nna mo ntlong ya gago.* Ke ka ntlha yang fa o tshwanetse go ipiletsa masetlapelo gore o we, mme wa dira gore Juda e we le wena?” 11 Le fa go ntse jalo, Amasia o ne a se ka a reetsa.+

Ka jalo, Kgosi Jehoashe wa Iseraele o ne a tsamaya, mme ene le Kgosi Amasia wa Juda ba ne ba kopana kwa Bethe-shemeshe+ wa Juda mme ba tlhabana.+ 12 Batho ba Juda ba ne ba fenngwa ke Baiseraele, ka jalo mongwe le mongwe o ne a tshabela kwa legaeng* la gagwe. 13 Kgosi Jehoashe wa Iseraele o ne a tshwara Kgosi Amasia wa Juda, morwa Jehoashe morwa Ahasia kwa Bethe-shemeshe. Go tswa foo, ba ne ba tla mo Jerusalema, mme o ne a thuba lobota lwa Jerusalema go simologa mo Kgorong ya Eferaime+ go ya go fitlha kwa Kgorong ya Sekhutlo,+ sekgala sa dimetara di ka nna 178.* 14 O ne a tsaya gauta le selefera yotlhe le dilwana tsotlhe tse di neng di le mo ntlong ya ga Jehofa le mo mabolokelamatlotlong a ntlo ya kgosi,* e bile o ne a gapa bangwe ka boikaelelo jwa gore ba tle ba rekololwe. Go tswa foo, o ne a boela kwa Samarea.

15 Fa e le pego yotlhe ya botshelo jwa ga Jehoashe, se a se dirileng le kafa a neng a le maatla ka gone le kafa a neng a tlhabana le Kgosi Amasia wa Juda ka gone, a ga e a kwalwa mo bukeng ya dipego tsa metlha ya dikgosi tsa Iseraele? 16 Go tswa foo, Jehoashe o ne a swa jaaka borraagwemogolo mme o ne a fitlhwa mo Samarea+ le dikgosi tsa Iseraele; mme morwawe e bong Jeroboame*+ o ne a nna kgosi mo boemong jwa gagwe.

17 Amasia+ morwa Jehoashe kgosi ya Juda, o ne a tshela dingwaga di le 15 morago ga loso lwa ga Jehoashe+ morwa Jehoahase kgosi ya Iseraele.+ 18 Fa e le pego yotlhe ya botshelo jwa ga Amasia, a ga e a kwalwa mo bukeng ya dipego tsa metlha ya dikgosi tsa Juda? 19 Moragonyana o ne a logelwa leano la boferefere+ kwa Jerusalema, mme o ne a tshabela kwa Lakishe, le fa go ntse jalo, ba ne ba romela banna gore ba mo latelele kwa Lakishe mme ba ne ba mmolaela teng. 20 Ka jalo, ba ne ba tla le ene ka dipitse, mme o ne a fitlhwa mo Jerusalema le borraagwemogolo mo Motseng wa ga Dafide.+ 21 Go tswa foo, batho botlhe ba Juda ba ne ba tsaya Asaria,*+ yo o neng a na le dingwaga di le 16,+ mme ba mo tlhoma gore a nne kgosi mo boemong jwa ga rraagwe e bong Amasia.+ 22 O ne a aga Elathe+ sesha a bo a e busetsa Juda fa kgosi* a sena go swa jaaka borraagwemogolo.+

23 Mo ngwageng wa bo15 wa ga Amasia morwa Jehoashe kgosi ya Juda, Jeroboame+ morwa Kgosi Jehoashe wa Iseraele o ne a nna kgosi mo Samarea, mme o ne a busa dingwaga di le 41. 24 O ne a tswelela a dira se se bosula mo matlhong a ga Jehofa. O ne a se ka a fapoga mo maleong otlhe a Jeroboame morwa Nebate a neng a dirile gore Baiseraele ba a dire.+ 25 O ne a busetsa molelwane wa Iseraele kwa o neng o le gone go simologa kwa Lebo-hamathe*+ go ya go fitlha kwa Lewatleng la Araba,*+ go ya ka lefoko le Jehofa, Modimo wa Iseraele a neng a le buile a dirisa motlhanka wa gagwe e bong Jona+ morwa Amitai, moporofeti yo o tswang kwa Gathe-hefere.+ 26 Gonne Jehofa o ne a bone kafa Iseraele e neng e boga thata ka gone.+ Go ne go se na ope yo o setseng gore a thuse Iseraele, tota le ba ba sa kgoneng go itshireletsa kgotsa ba ba bokoa. 27 Mme gone, Jehofa o ne a solofeditse gore a ka se phimole leina la Iseraele mo lefatsheng.+ Ka jalo, o ne a ba golola ka seatla sa ga Jeroboame morwa Jehoashe.+

28 Fa e le pego yotlhe ya botshelo jwa ga Jeroboame, sotlhe se a se dirileng le kafa a neng a le maatla ka gone, kafa a neng a tlhabana ka gone le kafa a neng a busetsa Damaseko+ le Hamathe+ kwa Juda mo Iseraele ka gone, a ga e a kwalwa mo bukeng ya dipego tsa metlha ya dikgosi tsa Iseraele? 29 Go tswa foo, Jeroboame o ne a swa jaaka borraagwemogolo, le dikgosi tsa Iseraele; mme morwawe e bong Sekarea+ o ne a nna kgosi mo boemong jwa gagwe.

Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2025)
Tswa
Tsena
  • Setswana
  • Romela
  • Tse O ka Di Tlhophang
  • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
  • Melawana ya Tiriso
  • Molawana wa Tshireletsego
  • Di-setting Tsa Websaete
  • JW.ORG
  • Tsena
Romela