Jobe
20 Sofare+ wa Monaama o ne a araba a re:
2 “Ke gone ka moo dikakanyo tsa me tse di ntshwenyang di ntlhotlheletsang gore ke arabe
Ka ntlha ya maikutlo a me a a fuduegileng.
3 Mafoko a gago a ntlhapaditse;
Mme temogo ya me* e ntlhotlheletsa gore ke arabe.
4 Ruri o tshwanetse wa bo o ntse o itse seno,
Gonne fa e sa le motho* a bewa mo lefatsheng, go diragetse seno:+
5 Batho ba ba bosula ba itumela ka nako e khutshwane
Le motho yo o sa dumeleng mo Modimong* o itumela ka nakwana fela.+
6 Le fa gone tlotlomalo ya gagwe e tlhatlogela kwa legodimong
Le tlhogo ya gagwe e fitlha kwa marung,
7 O tla nyelela ka bosakhutleng jaaka mantle a gagwe;
Ba ba neng ba tle ba mmone ba tla re, ‘O kae?’
8 O tla nyelela fela jaaka toro e nyelela, mme ga ba kitla ba mmona gape;
Ba tla mo lebala fela jaaka ponatshegelo ya bosigo e lebalwa.
9 Yo o kileng a mmona ga a kitla a tlhola a mmona gape,
Le lefelo la gagwe ga le kitla le tlhola le mmona.+
10 Bana ba gagwe ba tla kopa bahumanegi gore ba ba utlwele botlhoko,
Mme diatla tsa gagwe di tla busa khumo e a e tsereng mo go ba bangwe.+
11 O ne a na le matlhagatlhaga a bosha,
Le fa go ntse jalo, a* tla lala le ene mo loroleng.
12 Fa e le gore se se bosula se utlwala se le botshe mo molomong wa gagwe,
Fa a se fitlha ka fa tlase ga loleme lwa gagwe,
13 Fa a se hupa mme a sa se kgwe
Mme a nna a se bolokile mo molomong wa gagwe,
14 Dijo tsa gagwe di tla nna botlha mo teng ga gagwe;
Di tla nna jaaka botlhole* jwa bokake mo teng ga gagwe.
15 O komeditse khumo, mme o tla e tlhatsa;
Modimo o tla e ntsha mo mpeng ya gagwe.
16 O tla anya botlhole jwa bokake;
Meno* a noga ya lebolobolo a tla mmolaya.
17 Ga a kitla a tlhola a bona melatswana ya metsi,
Dinokana tsa tswina ya dinotshe le botoro.
18 O tla busa dithoto tsa gagwe a sa di ja;*
Ga a kitla a itumedisiwa ke khumo e e tswang mo kgwebong ya gagwe.+
19 Gonne o thubagantse bahumanegi e bile o ba phuagantse;
O gapile ntlo e a sa e agang.
20 Mme gone, ga a kitla a nna le kagiso mo go ene;
Khumo ya gagwe ga e kitla e mo thusa go falola.
21 Ga go a sala sepe se a ka se kometsang;
Ke gone ka moo katlego ya gagwe e se kitlang e nnela ruri.
22 Fa khumo ya gagwe e fitlha kwa setlhoeng, o tla welwa ke tlhobaelo;
O tla tlelwa ke dilo tsotlhe tse di bosula.
23 Fa a ntse a tlatsa mpa ya gagwe,
Modimo o tla mo romelela bogale jwa gagwe jo bo tukang
A bo tshololela mo go ene mo teng ga mala a gagwe.
24 Fa a tshaba dibetsa tsa tshipi,
Metswi e e tswang mo boreng jwa kopore e tla mo tlhaba.
25 O goga motswi go tswa mo mokwatleng wa gagwe,
Sebetsa se se tsabakelang go tswa mo santlhokong ya gagwe,
Mme o aparelwa ke letshogo.+
26 Matlotlo a gagwe a tla latlhelwa mo lefifing le lentshontsho;
O tla lailwa ke molelo o o sa butswelwang ke ope;
Bafalodi bape fela ba ba mo tenteng ya gagwe ba emetswe ke masetlapelo.
27 Legodimo le tla senola molato wa gagwe;
Lefatshe le tla mo tlhanogela.
28 Morwalela o tla gogola ntlo ya gagwe;
E tla nna metsi a mantsintsi a a elelang mo letsatsing la bogale jwa Modimo.*
29 Eno ke kabelo ya motho yo o bosula e e tswang kwa Modimong,
Boswa jo Modimo a bo mo abetseng.”