Isaia
18 Ruri masetlapelo a tla tlela lefatshe le le tletseng modumo wa go phaphasela ga diphuka tsa ditshenekegi
Mo kgaolong ya dinoka tsa Ethiopia.+
2 Lefatshe leno le romela barongwa ka lewatle,
Ba raletse metsi ba palame mekoro ya papirase, le re:
“Tsamayang, lona barongwa ba ba bofefo,
Lo ye kwa setšhabeng sa batho ba baleele ba letlalo le le borethe,*
Kwa morafeng o o boifiwang gongwe le gongwe,+
Kwa setšhabeng se se nonofileng, se se fenyang,*
Se lefatshe la sone le gogolwang ke dinoka.”
3 Lona banni botlhe ba lefatshe le lona baagi ba lefatshe,
Se lo se bonang se tla tshwana le sesupo* se se tsholeditsweng mo dithabeng,
E bile lo tla utlwa modumo o o tshwanang le wa go lediwa ga lonaka.
4 Gonne seno ke se Jehofa a se mpoleletseng:
“Ke tla nna ke sa tshwenngwe ke sepe ke bo ke leba mo* lefelong la me,
Jaaka mogote le lesedi le le tswang mo letsatsing,
Jaaka leru la monyo mo mogoteng wa thobo.
5 Gonne pele ga thobo,
Fa ditlhare di sena go thunya mme malômô* a fetoga morara* o o tlogang o butswa,
Matlhogela a tla kgaolwa ka disekele
Le dikalana tse di lepeletseng di tla kgaolwa di bo di tlosiwa.
6 Tsotlhe di tla tlogelelwa dinonyane tse di jang nama tsa kwa dithabeng
Le dibatana tsa lefatshe.
Dinonyane tse di jang nama di tla fetsa selemo mo go tsone,
E bile dibatana tsotlhe tsa lefatshe di tla fetsa nako ya thobo mo go tsone.
7 Ka nako eo Jehofa wa masomosomo o tla tlisediwa mpho,
E tswa kwa setšhabeng sa batho ba baleele ba letlalo le le borethe,*
Kwa morafeng o o boifiwang gongwe le gongwe,
Kwa setšhabeng se se nonofileng, se se fenyang,*
Se lefatshe la sone le gogolwang ke dinoka,
Mpho eo e tlisiwa kwa lefelong le leina la ga Jehofa wa masomosomo le leng mo go lone, e leng Thaba ya Siona.”+