LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • 2 Ditiragalo 2
  • Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

Dintlha Tsa 2 Ditiragalo

      • Dithulaganyo tsa go aga tempele (1-18)

2 Ditiragalo 2:1

Ditshupiso

  • +Dut 12:11; 1Dt 22:10
  • +1Dk 7:1

2 Ditiragalo 2:2

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Kgotsa “batho ba ba rwalang merwalo.”

Ditshupiso

  • +1Dk 5:15
  • +1Dk 5:16; 9:22; 2Dt 2:17, 18

2 Ditiragalo 2:3

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Kgotsa “ntlo ya segosi.”

Ditshupiso

  • +1Dk 5:1
  • +2Sa 5:11

2 Ditiragalo 2:4

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Go tewa senkgwe se se bewang fa pele ga Modimo.

Ditshupiso

  • +Ek 30:7
  • +Ek 25:30
  • +Dip 28:4
  • +Dip 28:9
  • +Dip 28:11
  • +Dut 16:16

2 Ditiragalo 2:6

Ditshupiso

  • +1Dk 8:27; Isa 66:1; Dit 17:24

2 Ditiragalo 2:7

Ditshupiso

  • +1Dk 7:13, 14
  • +1Dt 22:15

2 Ditiragalo 2:8

Ditshupiso

  • +1Dk 5:6, 8; 2Dt 3:5
  • +1Dk 10:11
  • +1Dk 5:9
  • +1Dk 5:14

2 Ditiragalo 2:10

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Seheb., “dilekanyo tsa koro di le 20 000.” Bona Dintlha B14.

  • *

    Semela se se tshwanang le korong.

  • *

    Seheb., “dilekanyo tsa koro di le 20 000.”

  • *

    Seheb., “dilekanyo tsa bata di le 20 000.”

Ditshupiso

  • +1Dk 5:11

2 Ditiragalo 2:12

Ditshupiso

  • +1Dk 5:7
  • +2Dt 1:11, 12

2 Ditiragalo 2:13

Ditshupiso

  • +1Dk 7:13, 14; 2Dt 4:11-16

2 Ditiragalo 2:14

Ditshupiso

  • +2Dt 3:14
  • +Ek 31:2-5

Dikgatiso Tse di Farologaneng

  • Kaedi ya go Dira Dipatlisiso

    Tora ya Tebelo,

    12/1/2005, ts. 18-⁠19

2 Ditiragalo 2:15

Ditshupiso

  • +2Dt 2:10

2 Ditiragalo 2:16

Ditshupiso

  • +1Dk 5:6, 8
  • +Jos 19:46, 48; Esr 3:7
  • +1Dk 5:9

2 Ditiragalo 2:17

Ditshupiso

  • +2Dt 8:7, 8
  • +1Dt 22:2

2 Ditiragalo 2:18

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Kgotsa “batho ba ba rwalang merwalo.”

Ditshupiso

  • +1Dk 5:17, 18; 1Dt 22:15
  • +1Dk 5:15, 16

Dikgatiso Tse di Farologaneng

  • Kaedi ya go Dira Dipatlisiso

    Tora ya Tebelo,

    12/1/2005, ts. 19

Ditemana Tse dingwe

2 Ditir. 2:1Dut 12:11; 1Dt 22:10
2 Ditir. 2:11Dk 7:1
2 Ditir. 2:21Dk 5:15
2 Ditir. 2:21Dk 5:16; 9:22; 2Dt 2:17, 18
2 Ditir. 2:31Dk 5:1
2 Ditir. 2:32Sa 5:11
2 Ditir. 2:4Ek 30:7
2 Ditir. 2:4Ek 25:30
2 Ditir. 2:4Dip 28:4
2 Ditir. 2:4Dip 28:9
2 Ditir. 2:4Dip 28:11
2 Ditir. 2:4Dut 16:16
2 Ditir. 2:61Dk 8:27; Isa 66:1; Dit 17:24
2 Ditir. 2:71Dk 7:13, 14
2 Ditir. 2:71Dt 22:15
2 Ditir. 2:81Dk 5:6, 8; 2Dt 3:5
2 Ditir. 2:81Dk 10:11
2 Ditir. 2:81Dk 5:9
2 Ditir. 2:81Dk 5:14
2 Ditir. 2:101Dk 5:11
2 Ditir. 2:121Dk 5:7
2 Ditir. 2:122Dt 1:11, 12
2 Ditir. 2:131Dk 7:13, 14; 2Dt 4:11-16
2 Ditir. 2:142Dt 3:14
2 Ditir. 2:14Ek 31:2-5
2 Ditir. 2:152Dt 2:10
2 Ditir. 2:161Dk 5:6, 8
2 Ditir. 2:16Jos 19:46, 48; Esr 3:7
2 Ditir. 2:161Dk 5:9
2 Ditir. 2:172Dt 8:7, 8
2 Ditir. 2:171Dt 22:2
2 Ditir. 2:181Dk 5:17, 18; 1Dt 22:15
2 Ditir. 2:181Dk 5:15, 16
  • Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
  • 1
  • 2
  • 3
  • 4
  • 5
  • 6
  • 7
  • 8
  • 9
  • 10
  • 11
  • 12
  • 13
  • 14
  • 15
  • 16
  • 17
  • 18
Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
2 Ditiragalo 2:1-18

Ditiragalo wa Bobedi

2 Jaanong Solomone o ne a ntsha taelo ya gore go agelwe leina la ga Jehofa ntlo+ le gore go agiwe ntlo ya gagwe ya segosi.+ 2 Solomone o ne a tlhopha banna ba le 70 000 gore e nne babereki,* banna ba le 80 000 gore e nne basegi ba maje mo dithabeng+ le banna ba le 3 600 gore e nne balebedi ba bone.+ 3 Mo godimo ga moo, Solomone o ne a romela lefoko kwa go Hirame+ kgosi ya kwa Ture, a re: “Ntirele fela jaaka o ile wa direla rre e bong Dafide fa o ne o mo romelela dikota tsa mosedara gore a age ntlo* e a tla nnang mo go yone.+ 4 Jaanong ke agela leina la ga Jehofa, Modimo wa me ntlo; ke tla mo e direla boitshepo, gore ke fise maswalo a a nkgang monate+ fa pele ga gagwe, le fa pele ga senkgwe se se tlhatlagantsweng* se se nnang se le teng+ le gore ke ntshe ditlhabelo tse di fisiwang mo mosong le maitseboa,+ ka Bosabata,+ ka bongwedi ba basha+ le ka dipaka tsa moletlo+ tsa ga Jehofa, Modimo wa rona. Seno ke se Baiseraele ba tshwanetseng go se dira ka bosakhutleng. 5 Ntlo e ke batlang go e aga e tlile go nna kgolo, ka gonne Modimo wa rona o mogolo go feta medimo e mengwe yotlhe. 6 Magodimo le legodimo la magodimo ga di kgone go mo tshola+ mme jaanong nna ke mang gore nka mo agela ntlo? Se nka kgonang go se dira fela ke go aga lefelo la go ntsha ditlhabelo gore di kuise mosi fa pele ga gagwe. 7 Jaanong nthomelele monna yo e leng setswerere sa go dira ka gauta, selefera, kopore,+ tshipi, wulu e phepole, tlhale e e bohibidu jo bo tseneletseng le tlhale e e botala jwa loapi e bile a itse go gaba. O tla berekela mo Juda le mo Jerusalema a na le banna ba me ba ba ditswerere, ba rre e bong Dafide a ba tlhophileng.+ 8 Mme o nthomelele le dikota tsa mosedara, tsa mofira+ le tsa morukuru+ go tswa kwa Lebanona, ka gonne ke a itse gore batlhanka ba gago ba na le maitemogelo a go rema ditlhare tsa kwa Lebanona.+ Batlhanka ba me ba tla bereka mmogo le batlhanka ba gago+ 9 gore ba nthemele dikota tse dintsi thata, ka gonne ntlo e ke tla e agang e tlile go nna kgolo fela thata. 10 Jaanong batlhanka ba gago ba e leng baremi ba dikota ba ba tla bong ba rema ditlhare, ke tla ba naya dijo+ tseno: korong ya dikilogerama di le 3 200 000,* barele* ya dikilogerama di le 2 600 000,* beine ya dilitara di le 440 000* le leokwane la dilitara di le 440 000.”

11 Foo Hirame kgosi ya kwa Ture o ne a kwalela Solomone molaetsa ono: “E re ka Jehofa a rata batho ba gagwe, o go tlhomile gore o nne kgosi ya bone.” 12 Go tswa foo, Hirame o ne a re: “A Jehofa, Modimo wa Iseraele, yo o dirileng magodimo le lefatshe, a bakwe ka gonne o neile Kgosi Dafide morwa yo o botlhale,+ yo o nang le temogo le tlhaloganyo,+ yo o tla agelang Jehofa ntlo a bo a aga le ntlo ya gagwe ya segosi. 13 Jaanong ke romela monna yo o setswerere, yo o nang le bokgoni, e bong Hirame-abi,+ 14 yo e leng morwa wa mosadi mongwe wa Modana mme rraagwe e le motho wa kwa Ture; o na le maitemogelo a go dira ka gauta, selefera, kopore, tshipi, maje, dikota, wulu e phepole, tlhale e e botala jwa loapi, letsela le le boleta le tlhale e e bohibidu jo bo tseneletseng.+ O kgona go gaba ka ditsela tse di farologaneng e bile o kgona go tlhama sepe fela se a kopiwang gore a se dire.+ O tla bereka mmogo le banna ba gago ba ba ditswerere le banna ba ba ditswerere ba ga Dafide morena wa me e bong rrago. 15 Jaanong a morena wa me a romele korong, barele, leokwane le beine tse a solofeditseng gore o tla di romelela batlhanka ba gagwe.+ 16 Mme re tla rema ditlhare kwa Lebanona,+ di le dintsi kafa o di tlhokang ka gone, mme re tla di go romelela e le dingata tsa dikota ka lewatle kwa Jopa;+ mme wena, o tla di tsaya koo o bo o di isa kwa Jerusalema.”+

17 Go tswa foo, Solomone o ne a bala banna botlhe ba e neng e le batswakwa mo lefatsheng la Iseraele,+ morago ga go balwa ga batho mo go neng ga dirwa ke rraagwe e bong Dafide,+ mme ba ne ba le 153 600. 18 Ka jalo, o ne a tlhopha ba le 70 000 mo go bone gore e nne babereki,* ba le 80 000 gore e nne basegi ba maje+ mo dithabeng le ba le 3 600 gore e nne balebedi ba ba tlhokomelang gore batho ba dira tiro.+

Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
Tswa
Tsena
  • Setswana
  • Romela
  • Tse O ka Di Tlhophang
  • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
  • Melawana ya Tiriso
  • Molawana wa Tshireletsego
  • Di-setting Tsa Websaete
  • JW.ORG
  • Tsena
Romela