LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • Esekiele 26
  • Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

Dintlha Tsa Esekiele

      • Boporofeti ka se se tla diragalelang Ture (1-21)

        • “Segotlo sa go anegela matlowa a a gogwang” (5, 14)

        • Maje le mmu di latlhelwa mo metsing (12)

Esekiele 26:2

Ditshupiso

  • +Joe 3:4-6; Amo 1:9
  • +Dik 1:1

Esekiele 26:3

Dikgatiso Tse di Farologaneng

  • Kaedi ya go Dira Dipatlisiso

    “Lokwalo Longwe le Longwe,” ts. 133

Esekiele 26:4

Ditshupiso

  • +Isa 23:11; Amo 1:10; Sek 9:4

Dikgatiso Tse di Farologaneng

  • Kaedi ya go Dira Dipatlisiso

    “Lokwalo Longwe le Longwe,” ts. 133

Esekiele 26:5

Ditshupiso

  • +Esk 27:32

Esekiele 26:6

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Seheb., “bomorwadie.”

Esekiele 26:7

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Seheb., “Nebukaderesare,” tsela e nngwe ya go le kwala.

  • *

    Seheb., “batho.”

Ditshupiso

  • +Jer 25:9; Esk 29:18
  • +Dan 2:37
  • +Hab 1:8
  • +Jer 4:13

Esekiele 26:9

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Kgotsa “ka motšhine o a tlhaselang ka one.”

  • *

    Kgotsa “ditšhaka.”

Esekiele 26:11

Ditshupiso

  • +Isa 5:28; Hab 1:8

Esekiele 26:12

Ditshupiso

  • +Esk 27:32, 33; 28:5, 18; Sek 9:3

Dikgatiso Tse di Farologaneng

  • Kaedi ya go Dira Dipatlisiso

    Tora ya Tebelo,

    1/1/2008, ts. 23

    “Lokwalo Longwe le Longwe,” ts. 133

Esekiele 26:13

Ditshupiso

  • +Isa 23:16

Esekiele 26:14

Ditshupiso

  • +Esk 26:4, 5

Dikgatiso Tse di Farologaneng

  • Kaedi ya go Dira Dipatlisiso

    “Lokwalo Longwe le Longwe,” ts. 133

Esekiele 26:15

Ditshupiso

  • +Esk 27:28

Esekiele 26:16

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Kgotsa “diaparo tsa tsone tse di se nang mabogo.”

  • *

    Seheb., “di tla aparelwa ke go roroma.”

Ditshupiso

  • +Esk 27:35; 32:10

Esekiele 26:17

Ditshupiso

  • +Esk 27:32
  • +Amo 1:9, 10
  • +Esk 28:2

Esekiele 26:18

Ditshupiso

  • +Isa 23:5

Esekiele 26:19

Ditshupiso

  • +Esk 27:34

Esekiele 26:20

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Kgotsa “kgabisa.”

Ditshupiso

  • +Esk 28:8

Esekiele 26:21

Ditshupiso

  • +Esk 27:36

Ditemana Tse dingwe

Esek. 26:2Joe 3:4-6; Amo 1:9
Esek. 26:2Dik 1:1
Esek. 26:4Isa 23:11; Amo 1:10; Sek 9:4
Esek. 26:5Esk 27:32
Esek. 26:7Jer 25:9; Esk 29:18
Esek. 26:7Dan 2:37
Esek. 26:7Hab 1:8
Esek. 26:7Jer 4:13
Esek. 26:11Isa 5:28; Hab 1:8
Esek. 26:12Esk 27:32, 33; 28:5, 18; Sek 9:3
Esek. 26:13Isa 23:16
Esek. 26:14Esk 26:4, 5
Esek. 26:15Esk 27:28
Esek. 26:16Esk 27:35; 32:10
Esek. 26:17Esk 27:32
Esek. 26:17Amo 1:9, 10
Esek. 26:17Esk 28:2
Esek. 26:18Isa 23:5
Esek. 26:19Esk 27:34
Esek. 26:20Esk 28:8
Esek. 26:21Esk 27:36
  • Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
  • 1
  • 2
  • 3
  • 4
  • 5
  • 6
  • 7
  • 8
  • 9
  • 10
  • 11
  • 12
  • 13
  • 14
  • 15
  • 16
  • 17
  • 18
  • 19
  • 20
  • 21
Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
Esekiele 26:1-21

Esekiele

26 Mo ngwageng wa bo11, mo letsatsing la ntlha la kgwedi, Jehofa o ne a nthaya a re: 2 “Morwa motho, e re ka Ture a buile ka ga Jerusalema+ a re, ‘Lo laegile! Kgoro e ditšhaba di tsenang ka yone e robagantswe!+ Sengwe le sengwe se tla tla kwa go nna, mme jaanong ke tla huma ka gonne o sentswe’; 3 ka jalo seno ke se Morena Molaodimogolo Jehofa a se buang: ‘Jaanong ke fetogile mmaba wa gago, wena Ture, mme ke tla dira gore ditšhaba di le dintsi di go tlhasele, fela jaaka lewatle le tlhatlosa makhubu a lone. 4 Ba tla senya dipota tsa Ture ba bo ba diga ditora tsa gagwe,+ mme ke tla gopa mmu wa gagwe ke bo ke dira gore a nne lefika le le se nang mmu, le le phatsimang. 5 O tla fetoga segotlo sa go anegela matlowa a a gogwang mo lewatleng.’+

“‘Gonne nna ke buile,’ go bua Morena Molaodimogolo Jehofa, ‘mme o tla nna sengwe se se gapiwang ke ditšhaba. 6 Mme metsana e e mo dikologileng* e tla bolawa ka tšhaka, mme batho ba tla tshwanelwa ke go itse gore ke nna Jehofa.’

7 “Gonne seno ke se Morena Molaodimogolo Jehofa a se buang: ‘Jaanong ke romela Kgosi Nebukadenesare* wa Babelona go tswa kwa bokone gore a tle go tlhasela Ture;+ ke kgosi ya dikgosi,+ o tla tla ka dipitse,+ dikara tsa ntwa,+ masole a a palamang dipitse le mophato o mogolo wa masole.* 8 O tla senya metsana e e go dikologileng ka tšhaka, mme o tla aga lobota a bo a dira thotana go go dikologa e bile o tla go tsholeletsa thebe e kgolo. 9 O tla thuba dipota tsa gago ka kota e kgolo e e thubang dipota,* e bile o tla diga ditora tsa gago ka dilepe* tsa gagwe. 10 Dipitse tsa gagwe di tla bo di le dintsi thata mo di tla go khurumetsang ka lorole, mme modumo wa masole a gagwe a a palamang dipitse le wa maotwana a dikara tsa ntwa o tla dira gore dipota tsa gago di rorome fa a tsena mo dikgorong tsa gago, jaaka banna ba tlhasela motse o dipota tsa one di thubegileng. 11 Ditlhakwana tsa dipitse tsa gagwe di tla gataka mebila ya gago yotlhe;+ o tla bolaya batho ba gago ka tšhaka, e bile o tla digela dipilara tsa gago tse di nonofileng fa fatshe a di thubaganya. 12 Ba tla utswa dithoto tsa gago, ba tla gapa dilo tse o di rekisang,+ ba tla diga dipota tsa gago ba bo ba thuba matlo a gago a mantle; go tswa foo ba tla latlhela maje a gago le dilo tsa gago tse di dirilweng ka logong le mmu wa gago mo metsing.’

13 “‘Ke tla fedisa modumo wa dipina tsa gago, e bile modumo wa diharepa tsa gago ga o kitla o tlhola o utlwiwa.+ 14 Ke tla go dira lefika le le se nang mmu, le le phatsimang mme o tla nna segotlo sa go anegela matlowa a a gogwang.+ Ga o kitla o tlhola o agiwa sesha, ka gonne nna Jehofa, ke buile,’ go bua Morena Molaodimogolo Jehofa.

15 “Seno ke se Morena Molaodimogolo Jehofa a se bolelelang Ture: ‘Fa go utlwala modumo wa go wa ga gago, fa ba ba tlogang ba swa ba lela, fa batho ba bolawa setlhogo mo go wena, a ditlhaketlhake ga di kitla di roroma?+ 16 Dikgosana tsotlhe tsa lewatle di tla fologa mo ditulong tsa tsone tsa bogosi di bo di apola diaparo tsa tsone tse ditelele* le diaparo tsa tsone tse di kgabisitsweng, mme di tla bo di roroma fela thata.* Di tla nna fa fatshe di roroma di sa kgaotse e bile di tla go leba di gakgametse.+ 17 Mme di tla go opelela pina ya khutsafalo+ di bo di go raya di re:

“Ruri o nyeletse,+ wena yo o neng o nniwa ke batho ba ba tswang kwa mawatleng, wena motse o o tseelwang kwa godimo;

Wena le ba ba nnang mo go wena lo ne lo nonofile mo lewatleng,+

Lo tshosa batho botlhe ba ba nnang mo lefatsheng!

18 Ditlhaketlhake di tla roroma mo letsatsing la fa o tla bo o wa,

Ditlhaketlhake tse di mo lewatleng di tla fuduega fa o sena go nyelela.”’+

19 “Gonne seno ke se Morena Molaodimogolo Jehofa a se buang: ‘Fa ke go senya jaaka metse e e sa nniweng ke ope, fa ke go hupetsa ka metsi a a bilogang e bile metsi a mantsintsi a go khurumetsa,+ 20 le wena ke tla go folosetsa kwa tlase fela jaaka ke folosetsa ba bangwe mo lebitleng kwa batho ba bogologolo ba ba suleng ba leng gone; mme ke tla dira gore o nne mo lefelong le le kwa tlasetlase, o nne le mafelo a a sa bolong go senngwa, mmogo le ba bangwe botlhe ba ba fologelang mo lebitleng,+ gore go se ka ga nna le ope yo o nnang mo go wena. Go tswa foo, ke tla galaletsa* lefatshe la batho ba ba tshelang.

21 “‘Ke tla go tlisetsa letshogo la tshoganyetso, mme ga o kitla o tlhola o nna teng.+ Ba tla go batla, mme ga ba kitla ba tlhola ba go bona gape,’ go bua Morena Molaodimogolo Jehofa.”

Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
Tswa
Tsena
  • Setswana
  • Romela
  • Tse O ka Di Tlhophang
  • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
  • Melawana ya Tiriso
  • Molawana wa Tshireletsego
  • Di-setting Tsa Websaete
  • JW.ORG
  • Tsena
Romela