LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • Esekiele 35
  • Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

Dintlha Tsa Esekiele

      • Dithaba tsa Seire di a atlholwa (1-15)

Esekiele 35:2

Ditshupiso

  • +Ge 32:3; Dut 2:5
  • +Jer 49:8; Dik 4:22; Esk 25:8, 9; Oba 1

Esekiele 35:3

Ditshupiso

  • +Esk 25:12, 13

Dikgatiso Tse di Farologaneng

  • Kaedi ya go Dira Dipatlisiso

    “Lokwalo Longwe le Longwe,” ts. 133

Esekiele 35:4

Ditshupiso

  • +Joe 3:19; Mal 1:3

Esekiele 35:5

Ditshupiso

  • +Ge 27:41; Amo 1:11
  • +Pes. 137:7; Oba 10

Esekiele 35:6

Ditshupiso

  • +Oba 15
  • +Esk 25:14

Esekiele 35:7

Ditshupiso

  • +Esk 25:13

Esekiele 35:9

Ditshupiso

  • +Jer 49:17, 18; Esk 25:13; Mal 1:4

Esekiele 35:10

Ditshupiso

  • +Esk 36:5; Oba 13

Esekiele 35:11

Ditshupiso

  • +Amo 1:11

Esekiele 35:12

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Seheb., “gore e nne dijo.”

Esekiele 35:13

Ditshupiso

  • +Oba 3

Esekiele 35:15

Ditshupiso

  • +Dik 4:21; Oba 12, 15
  • +Isa 34:5; Esk 25:12, 13; 36:5

Ditemana Tse dingwe

Esek. 35:2Ge 32:3; Dut 2:5
Esek. 35:2Jer 49:8; Dik 4:22; Esk 25:8, 9; Oba 1
Esek. 35:3Esk 25:12, 13
Esek. 35:4Joe 3:19; Mal 1:3
Esek. 35:5Ge 27:41; Amo 1:11
Esek. 35:5Pes. 137:7; Oba 10
Esek. 35:6Oba 15
Esek. 35:6Esk 25:14
Esek. 35:7Esk 25:13
Esek. 35:9Jer 49:17, 18; Esk 25:13; Mal 1:4
Esek. 35:10Esk 36:5; Oba 13
Esek. 35:11Amo 1:11
Esek. 35:13Oba 3
Esek. 35:15Dik 4:21; Oba 12, 15
Esek. 35:15Isa 34:5; Esk 25:12, 13; 36:5
  • Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
  • 1
  • 2
  • 3
  • 4
  • 5
  • 6
  • 7
  • 8
  • 9
  • 10
  • 11
  • 12
  • 13
  • 14
  • 15
Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
Esekiele 35:1-15

Esekiele

35 Jehofa o ne a bua le nna gape a re: 2 “Morwa motho, lebisa sefatlhego sa gago kwa kgaolong e e dithaba ya Seire,+ mme o e bolelele molaetsa wa katlholo.+ 3 O e reye o re, ‘Seno ke se Morena Molaodimogolo Jehofa a se buang: “Jaanong ke fetogile mmaba wa gago, wena kgaolo e e dithaba ya Seire, mme ke tla go otlololela seatla sa me ke bo ke dira gore o nne naga e e kgakgabetseng.+ 4 Ke tla fetola metse ya gago marope, e bile o tla nna naga e e kgakgabetseng;+ mme o tla tshwanelwa ke go itse gore ke nna Jehofa. 5 Gonne o ne o tlhoile+ Baiseraele thata e bile o ne wa dira gore ba bolawe ka tšhaka fa ba ne ba wetswe ke masetlapelo, ka nako ya katlholo ya bone ya bofelo.”’+

6 “‘Ka jalo, ke ikana ka nna,’ go bua Morena Molaodimogolo Jehofa, ‘ke go atlholetse loso mme ga o kitla o lo tshabela gope.+ E re ka o ne o atlholela ba o ba tlhoileng loso, jaanong loso lo tla go latelela.+ 7 Ke tla dira gore kgaolo e e dithaba ya Seire e kgakgabale,+ mme ke tla nyeletsa mongwe le mongwe yo o e ralalang. 8 Ke tla tlatsa dithaba tsa yone ka batho ba ba bolailweng; mme ba ba bolailweng ka tšhaka ba tla wela mo dithoteng tsa gago, mo mekgatšheng ya gago le mo melatswaneng yotlhe ya gago. 9 Ke tla dira gore o kgakgabale, e bile metse ya gago ga e kitla e nniwa;+ mme lo tla tshwanelwa ke go itse gore ke nna Jehofa.’

10 “E re ka o ne wa re, ‘Ditšhaba tseno tse pedi le dinaga tseno tse pedi e tla nna tsa me, mme tsotlhe e tla nna tsa rona,’+ le fa Jehofa a ne a le gone koo, 11 ‘ka jalo ke ikana ka nna,’ go bua Morena Molaodimogolo Jehofa, ‘o ne wa galefela batho ba me, o ba fufegela e bile o ba tlhoile, ka jalo le nna ke tla go tshwara fela jalo;+ mme ke tla dira gore ba nkitse fa ke go atlhola. 12 Foo o tla tshwanelwa ke go itse gore nna, Jehofa, ke utlwile dilo tsotlhe tse o di buileng ka lenyatso ka dithaba tsa Iseraele fa o ne o re, “Di kgakgabaditswe e bile re di neilwe gore re di kometse.”* 13 Lo ne lwa bua bosula ka nna lo ikgogomosa e bile lo ne lwa bua mafoko a mantsintsi lo ntlhapatsa.+ Ke utlwile dilo tseo tsotlhe.’

14 “Seno ke se Morena Molaodimogolo Jehofa a se buang: ‘Lefatshe lotlhe le tla itumela fa ke tla bo ke go dira naga e e kgakgabetseng. 15 Fela jaaka o ne wa itumela fa boswa jwa batho ba Iseraele bo ne bo kgakgabadiwa, ke tla go dira se se tshwanang.+ O tla fetoga marope a a kgakgabetseng, wena kgaolo e e dithaba ya Seire, naga yotlhe ya Edoma;+ mme ba tla tshwanelwa ke go itse gore ke nna Jehofa.’”

Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
Tswa
Tsena
  • Setswana
  • Romela
  • Tse O ka Di Tlhophang
  • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
  • Melawana ya Tiriso
  • Molawana wa Tshireletsego
  • Di-setting Tsa Websaete
  • JW.ORG
  • Tsena
Romela