LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • Esekiele 30
  • Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

Dintlha Tsa Esekiele

      • Boporofeti ka se se tla diragalelang Egepeto (1-19)

        • Boporofeti jwa gore Nebukadenesare o tla tlhaselwa (10)

      • Maatla a ga Faro a a fela (20-26)

Esekiele 30:3

Ditshupiso

  • +Oba 15
  • +Esk 32:7
  • +Pes. 110:6

Esekiele 30:4

Ditshupiso

  • +Esk 32:11, 12

Esekiele 30:5

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Kgotsa “botlhe ba ba tswang mo ditšhabeng tse dingwe.”

  • *

    Gongwe go tewa Baiseraele ba ba neng ba itsalantse le Egepeto.

Ditshupiso

  • +Sfn 2:12
  • +Nah 3:8, 9

Esekiele 30:6

Ditshupiso

  • +Esk 30:18
  • +Jer 44:1
  • +Esk 29:10

Esekiele 30:7

Ditshupiso

  • +Jer 46:19; Esk 29:12; 32:18

Esekiele 30:10

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Seheb., “Nebukaderesare,” tsela e nngwe ya go le kwala.

Ditshupiso

  • +Esk 29:19; 32:11

Esekiele 30:11

Ditshupiso

  • +Hab 1:6
  • +Esk 29:5

Esekiele 30:12

Ditshupiso

  • +Esk 29:3
  • +Esk 31:12

Esekiele 30:13

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Polelwana eno ka Sehebera e ka tswa e amana le lefoko le le kayang “boloko” mme e dirisitswe e le go bontsha letlhoo.

  • *

    Kgotsa “Memefise.”

Ditshupiso

  • +Jer 43:12; 46:14
  • +Jer 46:5

Esekiele 30:14

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Go tewa Thebesa.

Ditshupiso

  • +Ge 10:13, 14; Jer 44:1
  • +Jer 46:25

Dikgatiso Tse di Farologaneng

  • Kaedi ya go Dira Dipatlisiso

    Tora ya Tebelo,

    7/1/2003, ts. 32

Esekiele 30:15

Dikgatiso Tse di Farologaneng

  • Kaedi ya go Dira Dipatlisiso

    Tora ya Tebelo,

    7/1/2003, ts. 32

Esekiele 30:16

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Kgotsa “Memefise.”

Esekiele 30:17

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Go tewa Heliopolise.

Esekiele 30:18

Ditshupiso

  • +Esk 30:8
  • +Jer 46:20; Esk 31:18
  • +Jer 46:19

Esekiele 30:22

Ditshupiso

  • +Jer 46:25; Esk 29:3
  • +2Dk 24:7; Jer 46:2
  • +Jer 46:21

Esekiele 30:23

Ditshupiso

  • +Esk 29:12

Esekiele 30:24

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Kgotsa “oketsa maatla.”

  • *

    Go tewa fa pele ga kgosi ya Babelona.

Ditshupiso

  • +Jer 27:6
  • +Esk 32:11, 12

Esekiele 30:25

Ditshupiso

  • +Esk 29:19, 20

Esekiele 30:26

Ditshupiso

  • +Esk 29:12

Ditemana Tse dingwe

Esek. 30:3Oba 15
Esek. 30:3Esk 32:7
Esek. 30:3Pes. 110:6
Esek. 30:4Esk 32:11, 12
Esek. 30:5Sfn 2:12
Esek. 30:5Nah 3:8, 9
Esek. 30:6Esk 30:18
Esek. 30:6Jer 44:1
Esek. 30:6Esk 29:10
Esek. 30:7Jer 46:19; Esk 29:12; 32:18
Esek. 30:10Esk 29:19; 32:11
Esek. 30:11Hab 1:6
Esek. 30:11Esk 29:5
Esek. 30:12Esk 29:3
Esek. 30:12Esk 31:12
Esek. 30:13Jer 43:12; 46:14
Esek. 30:13Jer 46:5
Esek. 30:14Ge 10:13, 14; Jer 44:1
Esek. 30:14Jer 46:25
Esek. 30:18Esk 30:8
Esek. 30:18Jer 46:20; Esk 31:18
Esek. 30:18Jer 46:19
Esek. 30:22Jer 46:25; Esk 29:3
Esek. 30:222Dk 24:7; Jer 46:2
Esek. 30:22Jer 46:21
Esek. 30:23Esk 29:12
Esek. 30:24Jer 27:6
Esek. 30:24Esk 32:11, 12
Esek. 30:25Esk 29:19, 20
Esek. 30:26Esk 29:12
  • Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
  • 1
  • 2
  • 3
  • 4
  • 5
  • 6
  • 7
  • 8
  • 9
  • 10
  • 11
  • 12
  • 13
  • 14
  • 15
  • 16
  • 17
  • 18
  • 19
  • 20
  • 21
  • 22
  • 23
  • 24
  • 25
  • 26
Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
Esekiele 30:1-26

Esekiele

30 Mme Jehofa o ne a bua le nna gape a re: 2 “Morwa motho, porofeta mme o re, ‘Seno ke se Morena Molaodimogolo Jehofa a se buang:

“Bokolelang lo re, ‘Ijoo, letsatsi le etla!’

 3 Gonne letsatsi leo le gaufi, ruri letsatsi la ga Jehofa le gaufi.+

E tla nna letsatsi la maru,+ nako ya gore ditšhaba di atlholwe.+

 4 Tšhaka e tla tlhasela Egepeto, mme Ethiopia e tla aparelwa ke letshogo fa batho ba ba bolailweng setlhogo ba wa kwa Egepeto;

Dikhumo tsa yone di tla tsewa e bile metheo ya yone e tla rutlololwa.+

 5 Ethiopia,+ Pute,+ Lude le batho botlhe ba ditso tse di farologaneng,*

Le Kuba, mmogo le barwa ba lefatshe la kgolagano,*

Botlhe ba tla bolawa ka tšhaka.”’

 6 Seno ke se Jehofa a se buang:

‘Ba ba emang Egepeto nôkeng le bone ba tla bolawa,

Mme maatla a e ikgogomosang ka one a tla fedisiwa.’+

“‘Ba tla wela mo nageng ba bolailwe ka tšhaka go tloga kwa Migedole+ go ya kwa Siene,’+ go bua Morena Molaodimogolo Jehofa. 7 ‘Ba tla kgakgabadiwa go feta mafatshe a mangwe a a kgakgabetseng, e bile metse ya Egepeto e tla phaphalala go feta metse e mengwe e e sentsweng.+ 8 Mme ba tla itse gore ke nna Jehofa fa ke tlhosetsa molelo kwa Egepeto e bile botlhe ba ba e emang nôkeng ba thubaganngwa. 9 Mo letsatsing leo, ke tla romela barongwa ka dikepe gore ba roromise Ethiopia e e itshepileng; ba tla aparelwa ke letshogo mo letsatsing le le tla tlelang Egepeto, ka gonne ruri le tla tla.’

10 “Seno ke se Morena Molaodimogolo Jehofa a se buang: ‘Ke tla fedisa mephato ya masole a Egepeto ke dirisa Kgosi Nebukadenesare* wa Babelona.+ 11 Ene le masole a gagwe a a setlhogo go gaisa ditšhaba tse dingwe,+ ba tla tla go senya lefatshe leo. Ba tla somolela Egepeto ditšhaka tsa bone ba bo ba tlatsa lefatshe ka batho ba ba bolailweng.+ 12 Ke tla dira gore mesele ya Nile+ e nne lefatshe le le omileng ke bo ke rekisetsa batho ba ba bosula lefatshe leo. Ke tla kgakgabatsa lefatshe leo le sengwe le sengwe se se mo go lone ke dirisa batswakwa.+ Nna Jehofa, ke buile.’

13 “Seno ke se Morena Molaodimogolo Jehofa a se buang: ‘Gape ke tla fedisa medingwana e e ferosang sebete* ke bo ke senya medimo e e se nang mosola ya Nofe.*+ Ga go kitla go tlhola go nna le kgosana e e tswang mo lefatsheng la Egepeto, mme ke tla dira gore lefatshe la Egepeto le welwe ke poifo.+ 14 Ke tla kgakgabatsa Patherose+ ke bo ke tlhosetsa molelo mo Soane e bile ke tla atlhola No.*+ 15 Ke tla tshololela tšhakgalo ya me mo Sine, kago e e thata ya Egepeto, ke bo ke fedisa batho ba No. 16 Ke tla tlhosetsa molelo mo Egepeto; mme Sine e tla aparelwa ke letshogo e bile No e tla gapiwa mme Nofe* e tla tlhaselwa go le motshegare! 17 Makawana a One* le a Pibesethe a tla bolawa ka tšhaka, mme batho ba metse eno ba tla isiwa botshwarwa. 18 Motshegare o tla fifala kwa Tehaphanehese fa ke roba dijokwe tsa Egepeto teng koo.+ Mme nonofo e a ipelafatsang ka yone e tla fela,+ o tla khurumediwa ke maru, mme batho ba ba mo metseng ya gagwe ba tla isiwa botshwarwa.+ 19 Ke tla atlhola Egepeto, mme ba tla tshwanelwa ke go itse gore ke nna Jehofa.’”

20 Mme mo ngwageng wa bo11, mo kgweding ya ntlha, mo letsatsing la bosupa la kgwedi eo, Jehofa o ne a nthaya a re: 21 “Morwa motho, ke robile lebogo la ga Faro kgosi ya Egepeto; ga le kitla le bofiwa gore le fole kgotsa le hapiwa ka sehapo gore le nonofe mo le ka tshwarang tšhaka.”

22 “Ka jalo, seno ke se Morena Molaodimogolo Jehofa a se buang: ‘Jaanong ke tlhasela Faro kgosi ya Egepeto,+ mme ke tla roba mabogo a gagwe, le le nonofileng le le le robegileng,+ e bile ke tla dira gore tšhaka e we mo seatleng sa gagwe.+ 23 Go tswa foo, ke tla gasamisetsa Baegepeto kwa ditšhabeng tse dingwe ke bo ke ba phatlalaletsa kwa dinageng tse dingwe.+ 24 Ke tla nonotsha mabogo* a kgosi ya Babelona+ ke bo ke tsenya tšhaka ya me mo seatleng sa gagwe,+ e bile ke tla roba mabogo a ga Faro, mme o tla goa fela thata jaaka motho yo o swang fa pele ga gagwe.* 25 Ke tla nonotsha mabogo a kgosi ya Babelona, mme mabogo a ga Faro a tla repa; mme ba tla tshwanelwa ke go itse gore ke nna Jehofa fa ke tsenya tšhaka ya me mo seatleng sa kgosi ya Babelona a bo a e dirisa go tlhasela lefatshe la Egepeto.+ 26 Mme ke tla gasamisetsa Baegepeto kwa ditšhabeng tse dingwe ke bo ke ba phatlalaletsa kwa dinageng tse dingwe,+ mme ba tla tshwanelwa ke go itse gore ke nna Jehofa.’”

Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
Tswa
Tsena
  • Setswana
  • Romela
  • Tse O ka Di Tlhophang
  • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
  • Melawana ya Tiriso
  • Molawana wa Tshireletsego
  • Di-setting Tsa Websaete
  • JW.ORG
  • Tsena
Romela