LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • Esekiele 36
  • Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

Dintlha Tsa Esekiele

      • Dithaba tsa Iseraele di a atlholwa (1-15)

      • Iseraele e boela kwa nageng ya yone (16-38)

        • ‘Ke tla dira gore batho ba bone gore leina la me le boitshepo’ (23)

        • “E tshwana le tshingwana ya Edene” (35)

Esekiele 36:2

Ditshupiso

  • +Jer 49:1; Esk 35:10

Esekiele 36:3

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Seheb., “jwa masalela; jwa ba ba setseng.”

Ditshupiso

  • +Dut 28:37; 1Dk 9:7; Dik 2:15; Dan 9:16

Esekiele 36:4

Ditshupiso

  • +Jer 25:9
  • +Pes. 79:4; Esk 34:28

Esekiele 36:5

Ditshupiso

  • +Sfn 3:8
  • +Oba 12
  • +Esk 25:12, 13; 35:10, 11; Amo 1:11

Esekiele 36:6

Ditshupiso

  • +Pes. 74:10; 123:4

Esekiele 36:7

Ditshupiso

  • +Jer 25:9; 49:17

Esekiele 36:8

Ditshupiso

  • +Isa 44:23; 51:3; Esk 36:30

Esekiele 36:10

Ditshupiso

  • +Sek 8:4
  • +Isa 51:3; Jer 30:18, 19; Amo 9:14

Esekiele 36:11

Ditshupiso

  • +Jer 31:27
  • +Isa 54:7; Jer 30:18
  • +Hag 2:9
  • +Hos 2:20; Joe 3:17

Esekiele 36:12

Ditshupiso

  • +Jer 32:44; Oba 17
  • +Isa 65:23

Esekiele 36:15

Ditshupiso

  • +Isa 54:4; 60:14; Mik 7:8; Sfn 2:8; 3:19

Esekiele 36:17

Ditshupiso

  • +Pes. 106:38; Isa 24:5; Jer 2:7; 16:18
  • +Lef 12:2; Isa 64:6

Esekiele 36:18

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Polelwana eno ka Sehebera e ka tswa e amana le lefoko le le kayang “boloko” mme e dirisitswe e le go bontsha letlhoo.

Ditshupiso

  • +Isa 42:24, 25
  • +Esk 23:37

Esekiele 36:19

Ditshupiso

  • +Lef 26:38; Esk 22:15

Esekiele 36:20

Ditshupiso

  • +Isa 52:5; Bar 2:24

Esekiele 36:21

Ditshupiso

  • +Pes. 74:18; Isa 48:9; Esk 20:9

Esekiele 36:22

Ditshupiso

  • +Pes. 106:7, 8

Esekiele 36:23

Ditshupiso

  • +Isa 5:16; Esk 20:41
  • +Pes. 102:13-15

Dikgatiso Tse di Farologaneng

  • Kaedi ya go Dira Dipatlisiso

    Tora ya Tebelo,

    8/1/2007, ts. 11

    “Lokwalo Longwe le Longwe,” ts. 137

Esekiele 36:24

Ditshupiso

  • +Dut 30:3; Isa 43:5; Jer 23:3; Esk 34:13; Hos 1:11

Esekiele 36:25

Ditshupiso

  • +Dip 19:13; Pes. 51:7
  • +Isa 4:4; Jer 33:8
  • +Esk 6:4

Esekiele 36:26

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Go tewa e e utlwang kaelo ya Modimo.

Ditshupiso

  • +Jer 32:39
  • +Pes. 51:10; Esk 11:19, 20
  • +Sek 7:12

Esekiele 36:27

Ditshupiso

  • +Jer 31:33

Esekiele 36:28

Ditshupiso

  • +Jer 30:22; Esk 37:25, 27

Esekiele 36:29

Ditshupiso

  • +Esk 34:29

Esekiele 36:30

Ditshupiso

  • +Esk 34:27

Esekiele 36:31

Ditshupiso

  • +Esr 9:6; Neh 9:26; Jer 31:18; Esk 6:9

Esekiele 36:32

Ditshupiso

  • +Dut 9:5; Dan 9:19

Esekiele 36:33

Ditshupiso

  • +Sek 8:8
  • +Isa 58:12; Jer 33:10, 11; Amo 9:14

Esekiele 36:35

Ditshupiso

  • +Ge 2:8
  • +Isa 51:3

Esekiele 36:36

Ditshupiso

  • +Esk 28:26; 37:14

Esekiele 36:38

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Kgotsa gongwe “Fela jaaka matsomane a go dirwang ditlhabelo ka one mo Jerusalema.”

Ditshupiso

  • +Ek 23:17
  • +Jer 30:18, 19

Ditemana Tse dingwe

Esek. 36:2Jer 49:1; Esk 35:10
Esek. 36:3Dut 28:37; 1Dk 9:7; Dik 2:15; Dan 9:16
Esek. 36:4Jer 25:9
Esek. 36:4Pes. 79:4; Esk 34:28
Esek. 36:5Sfn 3:8
Esek. 36:5Oba 12
Esek. 36:5Esk 25:12, 13; 35:10, 11; Amo 1:11
Esek. 36:6Pes. 74:10; 123:4
Esek. 36:7Jer 25:9; 49:17
Esek. 36:8Isa 44:23; 51:3; Esk 36:30
Esek. 36:10Sek 8:4
Esek. 36:10Isa 51:3; Jer 30:18, 19; Amo 9:14
Esek. 36:11Jer 31:27
Esek. 36:11Isa 54:7; Jer 30:18
Esek. 36:11Hag 2:9
Esek. 36:11Hos 2:20; Joe 3:17
Esek. 36:12Jer 32:44; Oba 17
Esek. 36:12Isa 65:23
Esek. 36:15Isa 54:4; 60:14; Mik 7:8; Sfn 2:8; 3:19
Esek. 36:17Pes. 106:38; Isa 24:5; Jer 2:7; 16:18
Esek. 36:17Lef 12:2; Isa 64:6
Esek. 36:18Isa 42:24, 25
Esek. 36:18Esk 23:37
Esek. 36:19Lef 26:38; Esk 22:15
Esek. 36:20Isa 52:5; Bar 2:24
Esek. 36:21Pes. 74:18; Isa 48:9; Esk 20:9
Esek. 36:22Pes. 106:7, 8
Esek. 36:23Isa 5:16; Esk 20:41
Esek. 36:23Pes. 102:13-15
Esek. 36:24Dut 30:3; Isa 43:5; Jer 23:3; Esk 34:13; Hos 1:11
Esek. 36:25Dip 19:13; Pes. 51:7
Esek. 36:25Isa 4:4; Jer 33:8
Esek. 36:25Esk 6:4
Esek. 36:26Jer 32:39
Esek. 36:26Pes. 51:10; Esk 11:19, 20
Esek. 36:26Sek 7:12
Esek. 36:27Jer 31:33
Esek. 36:28Jer 30:22; Esk 37:25, 27
Esek. 36:29Esk 34:29
Esek. 36:30Esk 34:27
Esek. 36:31Esr 9:6; Neh 9:26; Jer 31:18; Esk 6:9
Esek. 36:32Dut 9:5; Dan 9:19
Esek. 36:33Sek 8:8
Esek. 36:33Isa 58:12; Jer 33:10, 11; Amo 9:14
Esek. 36:35Ge 2:8
Esek. 36:35Isa 51:3
Esek. 36:36Esk 28:26; 37:14
Esek. 36:38Ek 23:17
Esek. 36:38Jer 30:18, 19
  • Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
  • 1
  • 2
  • 3
  • 4
  • 5
  • 6
  • 7
  • 8
  • 9
  • 10
  • 11
  • 12
  • 13
  • 14
  • 15
  • 16
  • 17
  • 18
  • 19
  • 20
  • 21
  • 22
  • 23
  • 24
  • 25
  • 26
  • 27
  • 28
  • 29
  • 30
  • 31
  • 32
  • 33
  • 34
  • 35
  • 36
  • 37
  • 38
Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
Esekiele 36:1-38

Esekiele

36 “Mme wena morwa motho, bua le dithaba tsa Iseraele mme o re, ‘Lona dithaba tsa Iseraele, utlwang lefoko la ga Jehofa. 2 Seno ke se Morena Molaodimogolo Jehofa a se buang: “Mmaba o buile ka lona a re, ‘Ruri go a itumedisa! Tota le mafelo a a kwa godimo a bogologolo a fetogile a rona!’”’+

3 “Ka jalo porofeta mme o re, ‘Seno ke se Morena Molaodimogolo Jehofa a se buang: “E re ka ba lo kgakgabaditse e bile ba ne ba lo tlhasela go tswa mo dikarolong tsotlhe gore lo nne boswa jwa ba ba falotseng* go tswa mo ditšhabeng e bile batho ba nna ba bua ka lona e bile ba lo senya maina,+ 4 ka jalo lona dithaba tsa Iseraele, utlwang lefoko la Morena Molaodimogolo Jehofa! Morena Molaodimogolo Jehofa o bua le dithaba le dithota, melatswana le mekgatšha, marope a a neng a kgakgabadiwa le metse e e tlogetsweng+ e batho ba ba falotseng mo ditšhabeng tse di e dikologileng ba neng ba e gapa ba bo ba e sotla;+ 5 Morena Molaodimogolo Jehofa o raya dilo tseno a re: ‘Ke tla bua ke galefile thata+ le batho ba ba setseng mo ditšhabeng le Baedoma botlhe, ba ba neng ba itumela thata e bile ba sotla mo go botlhoko+ ba re lefatshe la me ke la bone, mme ba tlile go le gapa ka ntlha ya mafulo a lone.’”’+

6 “Ka jalo, porofeta ka ga lefatshe la Iseraele, mme o reye dithaba le dithota, le melatswana le mekgatšha o re, ‘Seno ke se Morena Molaodimogolo Jehofa a se buang: “Ke tla bua ke galefile e bile ke shakgetse, ka gonne lo ne lwa itshokela go tlontlololwa ke ditšhaba.”’+

7 “Ka jalo, seno ke se Morena Molaodimogolo Jehofa a se buang: ‘Ke ne ka tsholetsa seatla sa me ke ikana gore ditšhaba tse di lo dikologileng di tla rwala ditlhong tsa tsone.+ 8 Mme lona dithaba tsa Iseraele, lo tla tlhoga ditlhare tse di nang le dikala le maungo a mantsi a a tla jewang ke batho ba me ba Iseraele,+ ka gonne ba tloga ba boa. 9 Gonne ke na le lona, e bile ke tla leba kwa go lona, mme lo tla lemiwa lo bo lo jalwa peo. 10 Ke tla ntsifatsa batho ba ba nnang mo go lona, Baiseraele botlhe fela, mme ba tla nna mo metseng ya bone+ e bile ba tla tsosolosa marope.+ 11 Ruri ke tla ntsifatsa batho ba ba nnang mo go lona le diruiwa tsa lona;+ ba tla oketsega ba bo ba ata. Mme ke tla dira gore lo nniwe jaaka pele,+ e bile ke tla dira gore lo atlege thata go feta mo nakong e e fetileng;+ mme lo tla tshwanelwa ke go itse gore ke nna Jehofa.+ 12 Ke tla dira gore batho ba me ba Iseraele ba tsamaye mo go lona, mme ba tla lo rua.+ Lo tla nna boswa jwa bone, mme ga lo kitla lo tlhola lo dira gore ba se ka ba nna le bana.’”+

13 “Seno ke se Morena Molaodimogolo Jehofa a se buang: ‘E re ka ba lo raya ba re, “Lo lefatshe le le kometsang batho le le le amogang ditšhaba tsa lone bana,”’ 14 ‘ga lo kitla lo tlhola lo kometsa batho, e bile ga lo kitla lo tlhola lo dira gore ditšhaba tsa lona di se ka tsa nna le bana,’ go bua Morena Molaodimogolo Jehofa. 15 ‘Ga nkitla ke tlhola ke letla ditšhaba gore di go tlhapatse kgotsa ke dira gore o itshokele go kgobiwa ke ditšhaba,+ e bile ga o kitla o tlhola o dira gore ditšhaba tsa gago di kgopiwe,’ go bua Morena Molaodimogolo Jehofa.”

16 Mme Jehofa o ne a bua le nna gape a re: 17 “Morwa motho, fa batho ba Iseraele ba ne ba nna mo lefatsheng la bone, ba ne ba le leswafatsa ka tsela e ba neng ba tshela ka yone le ka dilo tse ba neng ba di dira.+ Mo go nna, tsela e ba neng ba itshwere ka yone e ne e tshwana le leswe la mosadi yo o mo kgweding.+ 18 Ka jalo, ke ne ka tshololela bogale jwa me mo go bone ka ntlha ya madi a ba neng ba a tshololetse mo nageng ya bone+ le ka gonne ba ne ba leswafatsa lefatshe ka medingwana ya bone e e ferosang sebete.*+ 19 Ke ne ka ba gasamisetsa kwa ditšhabeng tse dingwe e bile ke ne ka ba phatlalaletsa kwa dinageng tse dingwe.+ Ke ne ka ba atlhola go ya ka fa ba neng ba tshela ka gone le go ya ka dilo tse ba neng ba di dira. 20 Mme fa ba ne ba goroga kwa ditšhabeng tseo, batho ba ne ba dira gore leina la me le le boitshepo le se ka la tlhola le nna boitshepo+ ka go bua ka bone ba re, ‘Bano ke batho ba ga Jehofa, le fa go ntse jalo, ba ne ba tshwanelwa ke go tswa mo lefatsheng la gagwe.’ 21 Ka jalo, ke tla bontsha gore ke amega ka leina la me le le boitshepo, leina le batho ba Iseraele ba dirileng gore le se ka la tlhola le nna boitshepo kwa ditšhabeng tse ke ba gasamiseditseng kwa go tsone.”+

22 “Ka jalo, raya batho ba Iseraele o re, ‘Seno ke se Morena Molaodimogolo Jehofa a se buang: “Ga ke dire seno ka ntlha ya lona, lona batho ba Iseraele, mme ke se dira ka ntlha ya leina la me le le boitshepo, le lo dirileng gore le se ka la tlhola le nna boitshepo kwa ditšhabeng tse ke lo gasamiseditseng kwa go tsone.”’+ 23 ‘Ruri ke tla dira gore batho ba bone gore leina la me le legolo le boitshepo,+ le fa gone lo dirile gore batho ba ditšhaba tse dingwe ba se ka ba le tlotla; mme ditšhaba di tla tshwanelwa ke go itse gore ke nna Jehofa.+ Ke tla dira gore ba bone gore ke Modimo yo o boitshepo,’ go bua Morena Molaodimogolo Jehofa. 24 ‘Ke tla lo ntsha kwa ditšhabeng e bile ke tla lo phutha go tswa kwa dinageng tsotlhe ke bo ke lo tlisa mo nageng ya lona.+ 25 Ke tla lo kgatšha ka metsi a a phepa, mme lo tla nna phepa;+ ke tla lo tlhapisa leswe lotlhe+ la lona e bile ke tla tlosa medingwana ya lona e e ferosang sebete.+ 26 Ke tla fetola dipelo tsa lona+ le tsela e lo akanyang ka yone.+ Ke tla ntsha pelo ya leje+ mo mebeleng ya lona ke bo ke lo naya pelo ya nama.* 27 Ke tla dirisa maatla a me go fetola tsela e lo akanyang ka yone, e bile ke tla dira gore lo tsamaye mo melaong ya me,+ mme lo tla ikobela ditshwetso tsa me tsa boatlhodi lo bo lo di diragatsa. 28 Foo lo tla nna mo lefatsheng le ke neng ka le naya borraalonamogolo, mme lo tla nna batho ba me mme nna ke tla nna Modimo wa lona.’+

29 “‘Ke tla lo golola mo lesweng lotlhe la lona ke bo ke laela gore go nne le dijo tsa ditlhaka di le dintsi, mme ga nkitla ke lo tlisetsa leuba.+ 30 Ke tla dira gore maungo a ditlhare a nne mantsi le gore naga e ungwe thata, gore ditšhaba di se ka tsa tlhola di lo tlontlolola gape ka ntlha ya leuba.+ 31 Foo lo tla gakologelwa tsela e e bosula e lo neng lo itshwara ka yone le dilo tse di sa siamang tse lo neng lo di dira, mme lo tla itlhoa ka ntlha ya maleo a lona le ditiro tsa lona tse di makgapha.+ 32 Mme itseng seno: Ga ke dire seno ka ntlha ya lona,’+ go bua Morena Molaodimogolo Jehofa. ‘Go na le moo, tlhabiwang ke ditlhong lo bo lo ikutlwe lo tlontlologile ka ntlha ya tsela e lo itshwarang ka yone, lona batho ba Iseraele.’

33 “Seno ke se Morena Molaodimogolo Jehofa a se buang: ‘Mo letsatsing la fa ke tla bo ke lo tlhapisa ke tlosa maleo otlhe a lona,+ ke tla dira gore lo nne mo metseng ya lona lo bo lo tsosolose marope.+ 34 Naga e e kgakgabetseng e mongwe le mongwe yo o fetang ka tsela a neng a lemoga gore e kgakgabetse, e tla lemiwa. 35 Mme batho ba tla re: “Naga e e kgakgabetseng jaanong e tshwana le tshingwana ya Edene,+ le metse e e neng e le marope, e e neng e kgakgabetse e bile e thubilwe, jaanong e sireletsegile e bile batho ba nna mo go yone.”+ 36 Mme ditšhaba tse di setseng tse di go dikologileng di tla tshwanelwa ke go itse gore nna Jehofa, ke agile metse e e neng e thubilwe e bile ke jetse naga e e neng e kgakgabetse. Nna Jehofa, ke buile e bile ke dirile seo.’+

37 “Seno ke se Morena Molaodimogolo Jehofa a se buang: ‘Gape ke tla letla batho ba Iseraele gore ba nkope go ba direla seno: Ke tla dira gore batho ba bone ba nne bantsi jaaka letsomane. 38 Fela jaaka boidiidi jwa batho ba ba boitshepo, jaaka dinku mo Jerusalema* ka nako ya meletlo,+ metse e e neng e le marope e tla tlala ka batho ba bantsi;+ mme ba tla tshwanelwa ke go itse gore ke nna Jehofa.’”

Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
Tswa
Tsena
  • Setswana
  • Romela
  • Tse O ka Di Tlhophang
  • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
  • Melawana ya Tiriso
  • Molawana wa Tshireletsego
  • Di-setting Tsa Websaete
  • JW.ORG
  • Tsena
Romela