LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • Esekiele 28
  • Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

Dintlha Tsa Esekiele

      • Boporofeti ka se se tla diragalelang kgosi ya Ture (1-10)

        • “Nna ke modimo” (2, 9)

      • Pina ya khutsafalo e e opelelwang kgosi ya Ture (11-19)

        • “O ne o le kwa Edene” (13)

        • “Tšheruba e e tloditsweng e e sireletsang” (14)

        • O ne wa “simolola go dira dilo tse di sa siamang” (15)

      • Boporofeti ka se se tla diragalelang Sidona (20-24)

      • Iseraele e busediwa kwa nageng ya yone (25, 26)

Esekiele 28:2

Ditshupiso

  • +Esk 28:5
  • +Esk 27:4

Esekiele 28:3

Ditshupiso

  • +Dan 2:48

Esekiele 28:4

Ditshupiso

  • +Sek 9:3

Esekiele 28:5

Ditshupiso

  • +Isa 23:1, 3; Esk 27:12

Esekiele 28:7

Ditshupiso

  • +Esk 30:10, 11
  • +Isa 23:9

Esekiele 28:8

Ditshupiso

  • +Esk 27:26

Esekiele 28:12

Ditshupiso

  • +Esk 28:3
  • +Esk 27:3

Dikgatiso Tse di Farologaneng

  • Kaedi ya go Dira Dipatlisiso

    Tora ya Tebelo,

    10/15/2005, ts. 23-⁠24

Esekiele 28:13

Ditshupiso

  • +Esk 27:16

Esekiele 28:14

Ditshupiso

  • +Isa 14:13

Esekiele 28:15

Ditshupiso

  • +Joe 3:4; Amo 1:9

Esekiele 28:16

Ditshupiso

  • +Joe 3:6
  • +1Dk 10:11; 2Dt 9:21; Esk 27:12
  • +Isa 23:9; Jer 25:17, 22; 47:4; Joe 3:8

Esekiele 28:17

Ditshupiso

  • +Esk 27:3
  • +Isa 14:14
  • +Isa 14:15

Esekiele 28:18

Ditshupiso

  • +Amo 1:9, 10

Esekiele 28:19

Ditshupiso

  • +Esk 27:35
  • +Esk 27:36

Esekiele 28:21

Ditshupiso

  • +Isa 23:4; Jer 25:17, 22; Esk 32:30

Esekiele 28:23

Ditshupiso

  • +Esk 26:6

Esekiele 28:24

Ditshupiso

  • +Dip 33:55; Jos 23:12, 13

Esekiele 28:25

Ditshupiso

  • +Dut 30:3; Isa 11:12; Jer 30:18; Hos 1:11
  • +Isa 5:16
  • +Jer 23:8
  • +Ge 28:13

Dikgatiso Tse di Farologaneng

  • Kaedi ya go Dira Dipatlisiso

    “Lokwalo Longwe le Longwe,” ts. 137

Esekiele 28:26

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Kgotsa “diterebe; moretlwa.”

Ditshupiso

  • +Isa 32:18; Jer 23:6; Hos 2:18
  • +Isa 65:21, 22; Jer 31:5; Amo 9:14
  • +Jer 30:16

Ditemana Tse dingwe

Esek. 28:2Esk 28:5
Esek. 28:2Esk 27:4
Esek. 28:3Dan 2:48
Esek. 28:4Sek 9:3
Esek. 28:5Isa 23:1, 3; Esk 27:12
Esek. 28:7Esk 30:10, 11
Esek. 28:7Isa 23:9
Esek. 28:8Esk 27:26
Esek. 28:12Esk 28:3
Esek. 28:12Esk 27:3
Esek. 28:13Esk 27:16
Esek. 28:14Isa 14:13
Esek. 28:15Joe 3:4; Amo 1:9
Esek. 28:16Joe 3:6
Esek. 28:161Dk 10:11; 2Dt 9:21; Esk 27:12
Esek. 28:16Isa 23:9; Jer 25:17, 22; 47:4; Joe 3:8
Esek. 28:17Esk 27:3
Esek. 28:17Isa 14:14
Esek. 28:17Isa 14:15
Esek. 28:18Amo 1:9, 10
Esek. 28:19Esk 27:35
Esek. 28:19Esk 27:36
Esek. 28:21Isa 23:4; Jer 25:17, 22; Esk 32:30
Esek. 28:23Esk 26:6
Esek. 28:24Dip 33:55; Jos 23:12, 13
Esek. 28:25Dut 30:3; Isa 11:12; Jer 30:18; Hos 1:11
Esek. 28:25Isa 5:16
Esek. 28:25Jer 23:8
Esek. 28:25Ge 28:13
Esek. 28:26Isa 32:18; Jer 23:6; Hos 2:18
Esek. 28:26Isa 65:21, 22; Jer 31:5; Amo 9:14
Esek. 28:26Jer 30:16
  • Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
  • 1
  • 2
  • 3
  • 4
  • 5
  • 6
  • 7
  • 8
  • 9
  • 10
  • 11
  • 12
  • 13
  • 14
  • 15
  • 16
  • 17
  • 18
  • 19
  • 20
  • 21
  • 22
  • 23
  • 24
  • 25
  • 26
Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
Esekiele 28:1-26

Esekiele

28 Jehofa o ne a bua le nna gape a re: 2 “Morwa motho, raya moeteledipele wa Ture o re, ‘Seno ke se Morena Molaodimogolo Jehofa a se buang:

“E re ka pelo ya gago e le mabela,+ o nna o re, ‘Nna ke modimo.

Ke nna mo setulong sa bogosi sa modimo mo gare ga lewatle.’+

Le fa go ntse jalo, o motho fela, ga o modimo,

Le fa gone mo pelong ya gago o ipolelela gore o modimo.

 3 O botlhale go feta Daniele.+

Ga go na diphiri dipe tse o sa kgoneng go di bona.

 4 O ikhumisitse ka botlhale jwa gago le ka temogo ya gago,

E bile o nna o ipolokela gauta le selefera mo mabolokelamatlotlong a gago.+

 5 Bokgoni jwa gago jwa go dira kgwebo bo dirile gore o hume thata,+

Mme pelo ya gago e ne ya nna mabela ka ntlha ya dikhumo tsa gago.”’

6 “‘Ka jalo, seno ke se Morena Molaodimogolo Jehofa a se buang:

“E re ka mo pelong ya gago o ipolelela gore o modimo,

 7 Ke go tlisetsa batswakwa gore ba go tlhasele, e leng setšhaba se se setlhogo go gaisa ditšhaba tse dingwe,+

Mme ba tla somola ditšhaka tsa bone ba bo ba kgemetha sengwe le sengwe se sentle se o se dirileng ka botlhale jwa gago

E bile ba tla dira gore kgalalelo ya gago e kgolo e se ka ya tlhola e nna boitshepo.+

 8 Ba tla go folosetsa mo lebitleng,

Mme o tla swa loso lo lo botlhoko mo lewatleng.+

 9 A o sa ntse o tla raya yo o go bolayang o re, ‘Nna ke modimo’?

O tla bo o le motho fela mo seatleng sa ba ba go leswafatsang, o se modimo.”’

10 ‘Batswakwa ba tla go bolaya gore o swe jaaka batho ba ba sa rupang,

Gonne nna ke buile,’ go bua Morena Molaodimogolo Jehofa.”

11 Mme Jehofa o ne a bua le nna gape a re: 12 “Morwa motho, opelela kgosi ya Ture pina ya khutsafalo, mme o mo reye o re, ‘Seno ke se Morena Molaodimogolo Jehofa a se buang:

“O ne o le sekao se se itekanetseng,

O le botlhale thata+ e bile o le montle thata.+

13 O ne o le kwa Edene, kwa tshingwaneng ya Modimo.

O ne o kgabisitswe ka maje otlhe a a tlhwatlhwakgolo:

Rubi, topase le jasepere; kerusolete, onikise le jeide; safire, thekoise+ le emeraleda;

Lengwe le lengwe la maje ano le ne le kgomareditswe ka gauta.

A ne a baakanngwa mo letsatsing le o neng wa bopiwa ka lone.

14 Ke ne ka go tlhoma gore o nne tšheruba e e tloditsweng e e sireletsang.

O ne o le mo thabeng ya Modimo e e boitshepo,+ e bile o ne o tsamayatsamaya mo gare ga maje a a tukang.

15 Go tloga mo letsatsing le o neng wa bopiwa ka lone, o ne o se na molato mo ditseleng tsa gago

Go fitlha o simolola go dira dilo tse di sa siamang.+

16 O ne wa tlala thubakanyo, e bile o ne wa simolola go leofa+

Ka ntlha ya kgwebo ya gago e ntsi.+

Ka jalo, ke tla go ntsha mo thabeng ya Modimo ke go latlhela kwa ntle jaaka yo o itshekologileng ke bo ke go senya,+

Wena tšheruba e e sireletsang, ke go latlhela kgakala le maje a a tukang.

17 Pelo ya gago e ne ya nna mabela ka gonne o le montle.+

O ne wa senya botlhale jwa gago ka ntlha ya kgalalelo ya gago e kgolo.+

Ke tla go latlhela mo lefatsheng.+

Ke tla dira gore dikgosi di go bogele.

18 O dirile gore mafelo a gago a a boitshepo a se ka a tlhola a nna boitshepo ka ntlha ya molato wa gago o mogolo le ka ntlha ya kgwebo e o e dirileng o sa ikanyege.

Ke tla dira gore go tswe molelo mo go wena, mme o tla go laila.+

Ke tla dira gore o nne melora fela mo lefatsheng fa pele ga botlhe ba ba go lebileng.

19 Botlhe ba ba neng ba go itse mo ditšhabeng ba tla go rotolela matlho ba gakgametse.+

Bokhutlo jwa gago bo tla tla ka tshoganyetso e bile bo le maswe thata,

Mme ga o kitla o tlhola o nna teng ka bosakhutleng.”’”+

20 Mme Jehofa o ne a bua le nna gape a re: 21 “Morwa motho, lebisa sefatlhego sa gago kwa Sidona,+ mme o mmolelele molaetsa wa katlholo. 22 O mo reye o re, ‘Seno ke se Morena Molaodimogolo Jehofa a se buang:

“Jaanong ke fetogile mmaba wa gago, wena Sidona, mme ke tla galalediwa ka ntlha ya se se tla go diragalelang;

Fa ke tla bo ke go otlhaya e bile ke go dirisa go bontsha gore ke Modimo yo o boitshepo, batho ba tla tshwanelwa ke go itse gore ke nna Jehofa.

23 Ke tla romela bolwetse jwa leroborobo mo go ene e bile madi a tla elela mo mebileng ya gagwe.

Batho ba tla wela mo go ene ba bolailwe setlhogo fa tšhaka e mo tlhasela go tswa mo matlhakoreng otlhe;

Mme ba tla tshwanelwa ke go itse gore ke nna Jehofa.+

24 “‘“Foo Baiseraele ga ba kitla ba tlhola ba dikologiwa ke mmitlwa le mengana e e tlhabang botlhoko,+ e leng batho ba ba ba sotlang; mme batho ba tla tshwanelwa ke go itse gore ke nna Morena Molaodimogolo Jehofa.”’

25 “‘Seno ke se Morena Molaodimogolo Jehofa a se buang: “Fa ke phutha batho ba Iseraele gape ke ba ntsha mo ditšhabeng tse ba neng ba gasametse kwa go tsone,+ ke tla dira gore ditšhaba di bone gore ke Modimo yo o boitshepo.+ Mme Baiseraele ba tla nna mo lefatsheng la bone+ le ke neng ka le naya motlhanka wa me Jakobe.+ 26 Ba tla nna mo go lone ba babalesegile+ mme ba tla aga matlo ba bo ba jala masimo a morara,*+ e bile ba tla nna ba babalesegile fa ke atlhola botlhe ba ba ba sotlang, ba ba ba dikologileng;+ mme ba tla tshwanelwa ke go itse gore ke nna Jehofa, Modimo wa bone.”’”

Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
Tswa
Tsena
  • Setswana
  • Romela
  • Tse O ka Di Tlhophang
  • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
  • Melawana ya Tiriso
  • Molawana wa Tshireletsego
  • Di-setting Tsa Websaete
  • JW.ORG
  • Tsena
Romela