LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • Esekiele 43
  • Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

Dintlha Tsa Esekiele

      • Kgalalelo ya ga Jehofa e tlala mo tempeleng (1-12)

      • Sebeso (13-27)

Esekiele 43:1

Ditshupiso

  • +Esk 40:6; 42:15; 44:1

Esekiele 43:2

Ditshupiso

  • +Esk 9:3; 11:23
  • +Esk 1:24; Joh 12:28, 29
  • +Isa 6:3; Esk 10:4

Esekiele 43:3

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Kgotsa gongwe “a ne a.”

Ditshupiso

  • +Esk 1:3, 4; 3:23

Esekiele 43:4

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Seheb., “mo ntlong.”

Ditshupiso

  • +Esk 10:19; 44:1, 2

Esekiele 43:5

Ditshupiso

  • +Ek 40:34; 1Dk 8:10; Esk 44:4

Esekiele 43:6

Ditshupiso

  • +Esk 40:3

Esekiele 43:7

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Go lebega a ne a tlisa molaetsa o o tswang kwa Modimong.

  • *

    Kgotsa “ka go gweba ka mmele ka tsela ya tshwantshetso.”

Ditshupiso

  • +Isa 6:1; Jer 3:17; Esk 1:26
  • +1Dt 28:2
  • +Ek 29:45; Pes. 68:16; 132:14; Joe 3:17
  • +Esk 39:7; Sek 13:2

Dikgatiso Tse di Farologaneng

  • Kaedi ya go Dira Dipatlisiso

    Tora ya Tebelo,

    8/1/2007, ts. 10

    Boporofeti Jwa ga Isaia II, ts. 397

Esekiele 43:8

Ditshupiso

  • +Esk 8:3
  • +Dan 9:12

Esekiele 43:9

Ditshupiso

  • +Esk 37:23, 26; 2Bk 6:16

Dikgatiso Tse di Farologaneng

  • Kaedi ya go Dira Dipatlisiso

    Tora ya Tebelo,

    8/1/2007, ts. 10

    Boporofeti Jwa ga Isaia II, ts. 397

Esekiele 43:10

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Seheb., “ba lekanye sebopego sa yone.”

Ditshupiso

  • +Esk 40:4
  • +Esk 16:63

Dikgatiso Tse di Farologaneng

  • Kaedi ya go Dira Dipatlisiso

    Bukana ya Botshelo le Bodiredi,

    9/2017, ts. 2

Esekiele 43:11

Ditshupiso

  • +Esk 44:5
  • +Esk 11:19, 20; 36:27

Esekiele 43:12

Ditshupiso

  • +Pes. 93:5; Esk 40:2; 42:20

Esekiele 43:13

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Go buiwa ka dikubita tse ditelele. Bona Dintlha B14.

  • *

    Go tewa mo e ka nnang 22,2 cm. Bona Dintlha B14.

Ditshupiso

  • +Ek 27:1; 2Dt 4:1

Esekiele 43:15

Ditshupiso

  • +Ek 27:2; Tsh 9:13

Esekiele 43:16

Ditshupiso

  • +Ek 38:1; 2Dt 4:1

Esekiele 43:18

Ditshupiso

  • +Ek 40:29; Lef 1:5; 8:18-21; Esk 45:19

Esekiele 43:19

Ditshupiso

  • +Esk 40:46; 44:15; 48:11
  • +Ek 29:10; Lef 8:14

Esekiele 43:20

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Seheb., “mme o se itshekise gore o tlose boleo jwa sone o bo o se direle tetlanyo.”

Ditshupiso

  • +Ek 29:36, 37; Lef 8:15; Bah 9:23

Esekiele 43:21

Ditshupiso

  • +Ek 29:14; Lef 8:17; Bah 13:11

Esekiele 43:24

Ditshupiso

  • +Lef 2:13

Esekiele 43:25

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Kgotsa “tse di itekanetseng.”

Ditshupiso

  • +Ek 29:35

Esekiele 43:26

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Kgotsa “direle sebeso tetlanyo.” Bona Ditlhaloso Tsa Mafoko.

Esekiele 43:27

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Go tewa tsa batho.

Ditshupiso

  • +Lef 9:1
  • +Esk 20:40

Ditemana Tse dingwe

Esek. 43:1Esk 40:6; 42:15; 44:1
Esek. 43:2Esk 9:3; 11:23
Esek. 43:2Esk 1:24; Joh 12:28, 29
Esek. 43:2Isa 6:3; Esk 10:4
Esek. 43:3Esk 1:3, 4; 3:23
Esek. 43:4Esk 10:19; 44:1, 2
Esek. 43:5Ek 40:34; 1Dk 8:10; Esk 44:4
Esek. 43:6Esk 40:3
Esek. 43:7Isa 6:1; Jer 3:17; Esk 1:26
Esek. 43:71Dt 28:2
Esek. 43:7Ek 29:45; Pes. 68:16; 132:14; Joe 3:17
Esek. 43:7Esk 39:7; Sek 13:2
Esek. 43:8Esk 8:3
Esek. 43:8Dan 9:12
Esek. 43:9Esk 37:23, 26; 2Bk 6:16
Esek. 43:10Esk 40:4
Esek. 43:10Esk 16:63
Esek. 43:11Esk 44:5
Esek. 43:11Esk 11:19, 20; 36:27
Esek. 43:12Pes. 93:5; Esk 40:2; 42:20
Esek. 43:13Ek 27:1; 2Dt 4:1
Esek. 43:15Ek 27:2; Tsh 9:13
Esek. 43:16Ek 38:1; 2Dt 4:1
Esek. 43:18Ek 40:29; Lef 1:5; 8:18-21; Esk 45:19
Esek. 43:19Esk 40:46; 44:15; 48:11
Esek. 43:19Ek 29:10; Lef 8:14
Esek. 43:20Ek 29:36, 37; Lef 8:15; Bah 9:23
Esek. 43:21Ek 29:14; Lef 8:17; Bah 13:11
Esek. 43:24Lef 2:13
Esek. 43:25Ek 29:35
Esek. 43:27Lef 9:1
Esek. 43:27Esk 20:40
  • Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
  • 1
  • 2
  • 3
  • 4
  • 5
  • 6
  • 7
  • 8
  • 9
  • 10
  • 11
  • 12
  • 13
  • 14
  • 15
  • 16
  • 17
  • 18
  • 19
  • 20
  • 21
  • 22
  • 23
  • 24
  • 25
  • 26
  • 27
Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
Esekiele 43:1-27

Esekiele

43 Go tswa foo, o ne a nkisa kwa kgorong e e lebileng kwa botlhaba.+ 2 Fa ke le koo ke ne ka bona kgalalelo ya Modimo wa Iseraele e tswa kwa botlhaba,+ mme lentswe la gagwe le ne le utlwala jaaka modumo wa metsi a a elelang;+ mme lefatshe le ne le phatsima ka ntlha ya kgalalelo ya gagwe.+ 3 Ponatshegelo e ke e boneng e ne e tshwana le ponatshegelo e ke neng ke e bone fa ke ne ke* tla go senya motse, mme e ne e tshwana le e ke neng ke e bone gaufi le noka ya Kebare;+ mme ke ne ka wela fa fatshe ka sefatlhego.

4 Go tswa foo, kgalalelo ya ga Jehofa e ne ya tsena mo tempeleng* ka kgoro e e lebileng kwa botlhaba.+ 5 Foo moya o ne wa ntsholetsa o bo o ntlisa mo lolwapeng lo lo kwa teng, mme ke ne ka lemoga gore kgalalelo ya ga Jehofa e ne e tletse mo tempeleng.+ 6 Morago ga moo, ke ne ka utlwa mongwe a bua le nna a le mo tempeleng, mme monna yono o ne a tla a bo a ema fa thoko ga me.+ 7 O* ne a nthaya a re:

“Morwa motho, leno ke lefelo le setulo sa me sa bogosi se leng mo go lone+ e bile ke lefelo le dinao tsa me di gatang mo go lone.+ Ke tla nna mo go lone ka bosakhutleng mo gare ga batho ba Iseraele.+ Batho ba Iseraele ga ba kitla ba tlhola ba leswafatsa leina la me le le boitshepo,+ bone le dikgosi tsa bone, ka go sa ikanyege mo go nna* le ka ditopo tsa dikgosi tsa bone fa di swa. 8 E re ka ba ne ba leswafatsa leina la me le le boitshepo ka dilo tse di makgapha tse ba neng ba di dira, ka go dira gore matseno a tempele ya bone a nne fa thoko ga matseno a tempele ya me le kgoro ya bone+ fa thoko ga kgoro ya me mme re kgaoganngwa ke lobota fela, ke ne ka ba fedisa ke galefile.+ 9 Jaanong a ba tlogele go ntirela boferefere ba bo ba tlose ditopo tsa dikgosi tsa bone ba di ise kgakala le nna, mme ke tla nna mo gare ga bone ka bosakhutleng.+

10 “Morwa motho, tlhalosetsa batho ba Iseraele tsela e tempele e lebegang ka yone+ gore ba tle ba tlhabiwe ke ditlhong ka ntlha ya melato ya bone,+ mme a ba ithute polane ya yone.* 11 Fa e le gore ba tla tlhabiwa ke ditlhong ka ntlha ya dilo tsotlhe tse ba di dirileng, o ba itsise polane ya motheo wa tempele, kafa e rulagantsweng ka gone, ditselana tse di tsenang mo go yone le dikgoro tsa yone.+ Ba bontshe dipolane tsotlhe tsa motheo wa yone le ditaelo tsotlhe tsa yone, dipolane tsa motheo wa yone le melao ya yone o bo o di kwala ba ntse ba go lebile, gore ba tle ba ikobele dipolane tsotlhe tsa yone tsa motheo le go diragatsa ditaelo tsa yone.+ 12 Ono ke molao wa tempele. Karolo yotlhe e e kwa godimo ga thaba e boitshepo thata.+ Ono ke molao wa tempele.

13 “Sebeso se ne sa lekanngwa go dirisiwa dikubita+ (kubita nngwe le nngwe e ne ya okediwa ka bophara jwa seatla).* Karolo ya sone e e kwa tlase ke kubita e le nngwe, mme bophara jwa sone ke kubita e le nngwe. Se na le mosele go dikologa molomo wa sone, mme bophara jwa one ke paralatso e le nngwe ya seatla.* Eno ke karolo e e kwa tlase ya sebeso. 14 Go tswa fa fatshe mo bodilong go fitlha fa setupung sa ntlha se se dikologileng sebeso ke dikubita di le pedi, mme bophara jwa sone ke kubita e le nngwe. Go tswa mo setupung se se fa gare se se dikologileng sebeso go fitlha fa setupung se segolo se se se dikologileng ke dikubita di le nnê, mme bophara jwa sone ke kubita e le nngwe. 15 Bogodimo jwa leiso la sebeso ke dikubita di le nnê, mme le na le dinaka di le nnê tse di tlhagelelang kwa godimo.+ 16 Leiso la sebeso le na le matlhakore a le manê a a lekanang. Boleele jwa lone ke dikubita di le 12 mme bophara jwa lone ke dikubita di le 12.+ 17 Matlhakore a manê a setupu se se dikologileng leiso la sebeso a boleele jwa dikubita di le 14 le bophara jwa dikubita di le 14; mme lobotanyana lo lo se dikologileng lo sekgala sa halofo ya kubita, mme karolo ya sone e e kwa tlase e sekgala sa kubita e le nngwe mo matlhakoreng otlhe.

“Mme ditepisi tsa sone di lebile kwa botlhaba.”

18 Go tswa foo, o ne a nthaya a re, “Morwa motho, seno ke se Morena Molaodimogolo Jehofa a se buang: ‘Go tshwanetse ga latelwa ditaelo tseno fa go agiwa sebeso, gore go tle go ntshiwe ditlhabelo tse di fisiwang di feletse mo go sone le gore go tle go kgatšhiwe madi mo go sone.’+

19 “Morena Molaodimogolo Jehofa a re, ‘O tseye powana mme o e neye baperesiti ba Balefi ba e leng ditlogolwana tsa ga Sadoke,+ e le setlhabelo sa boleo.+ Bano ke ba ba nkatamelang gore ba ntirele. 20 O tseye madi mangwe a yone o bo o a tshasa mo dinakeng tse nnê tsa sebeso, mo dikhoneng tse nnê tsa setupu se se se dikologileng le mo losing lo lo se dikologileng, mme o se phepafatse.*+ 21 Go tswa foo, o tseye powana, e leng setlhabelo sa boleo, mme o e fisetse kwa lefelong le le tlhophilweng la tempele, ka kwa ntle ga lefelo le le boitshepo.+ 22 Mo letsatsing la bobedi, o tla ntsha podi e tonanyana e e itekanetseng sentle e le setlhabelo sa boleo; mme ba tla itshekisa sebeso ba tlosa boleo jwa sone fela jaaka ba ne ba se itshekisa ba tlosa boleo jwa sone ka powana.’

23 “‘Fa o sena go se itshekisa o tlosa boleo jwa sone, o tla ntsha setlhabelo ka powana e e itekanetseng sentle le ka phelefu e e itekanetseng sentle. 24 O di tlise fa pele ga ga Jehofa, mme baperesiti ba latlhele letswai mo go tsone+ ba bo ba di isetsa Jehofa e le setlhabelo se se fisiwang se feletse. 25 O ntshe setlhabelo sa boleo sa letsatsi le letsatsi ka podi e tonanyana, mmogo le ka powana le phelefu malatsi a le supa;+ o ntshe setlhabelo ka diphologolo tse di se nang bogole bope.* 26 Ba phepafatse sebeso* malatsi a le supa, mme ba tshwanetse go se dira boitshepo le go se kgakola. 27 Fa malatsi ao a sena go wela, mo letsatsing la borobedi+ le morago ga lone, baperesiti ba tla isa ditlhabelo tsa lona* tse di fisiwang di feletse le ditlhabelo tsa lona tsa go abelana mo sebesong; mme lo tla dira gore ke itumele,’+ go bua Morena Molaodimogolo Jehofa.”

Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
Tswa
Tsena
  • Setswana
  • Romela
  • Tse O ka Di Tlhophang
  • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
  • Melawana ya Tiriso
  • Molawana wa Tshireletsego
  • Di-setting Tsa Websaete
  • JW.ORG
  • Tsena
Romela