LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • Esekiele 44
  • Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

Dintlha Tsa Esekiele

      • Kgoro e e ka fa botlhaba e tshwanetse go nna e tswetswe (1-3)

      • Melao e e amanang le batswakwa (4-9)

      • Melao e e ka ga Balefi le baperesiti (10-31)

Esekiele 44:1

Ditshupiso

  • +Esk 43:1
  • +Esk 46:1

Esekiele 44:2

Ditshupiso

  • +Esk 43:2

Esekiele 44:3

Ditshupiso

  • +Dut 12:5, 7
  • +Esk 46:2

Esekiele 44:4

Ditshupiso

  • +Isa 6:1-3; Esk 10:4
  • +Esk 1:27, 28; 3:23

Esekiele 44:5

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Seheb., “tlhoma pelo ya gago.”

Ditshupiso

  • +Esk 40:4

Esekiele 44:8

Ditshupiso

  • +Lef 22:2; Dip 18:2, 3

Esekiele 44:9

Dikgatiso Tse di Farologaneng

  • Kaedi ya go Dira Dipatlisiso

    Bogosi Jwa Modimo bo a Busa!, ts. 114

Esekiele 44:10

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Polelwana eno ka Sehebera e ka tswa e amana le lefoko le le kayang “boloko” mme e dirisitswe e le go bontsha letlhoo.

Ditshupiso

  • +2Dk 23:8, 9; 2Dt 29:1, 5; Neh 9:34; Jer 23:11; Esk 8:5

Esekiele 44:11

Ditshupiso

  • +1Dt 26:1

Esekiele 44:12

Ditshupiso

  • +Isa 9:16; Mal 2:8

Esekiele 44:14

Ditshupiso

  • +Dip 18:2, 4

Esekiele 44:15

Ditshupiso

  • +1Dk 2:35; Esk 40:46
  • +Esk 48:9, 11
  • +Lef 3:14-16
  • +Lef 17:6

Esekiele 44:16

Ditshupiso

  • +Esk 41:21, 22
  • +Dip 18:7

Esekiele 44:17

Ditshupiso

  • +Ek 28:39, 42; 39:27, 28; Lef 16:4

Esekiele 44:18

Ditshupiso

  • +Ek 28:40, 42

Esekiele 44:19

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Kgotsa “mo matlwaneng a a boitshepo.”

  • *

    Seheb., “ba itshepisa batho.”

Ditshupiso

  • +Lef 6:10; Esk 42:14
  • +Esk 42:13

Esekiele 44:20

Ditshupiso

  • +Lef 21:1, 5; Dut 14:1

Esekiele 44:21

Ditshupiso

  • +Lef 10:9

Esekiele 44:22

Ditshupiso

  • +Lef 21:7
  • +Lef 21:10, 14

Esekiele 44:23

Ditshupiso

  • +Mal 2:7

Dikgatiso Tse di Farologaneng

  • Kaedi ya go Dira Dipatlisiso

    Tora ya Tebelo,

    8/1/2007, ts. 11

Esekiele 44:24

Ditshupiso

  • +Dut 17:9
  • +1Dt 23:3, 4; 2Dt 19:8
  • +Lef 23:2

Esekiele 44:25

Ditshupiso

  • +Lef 21:1-3

Esekiele 44:27

Ditshupiso

  • +Lef 4:3

Esekiele 44:28

Ditshupiso

  • +Dip 18:20; Dut 18:1; Jos 13:14; Esk 45:4

Esekiele 44:29

Ditshupiso

  • +Lef 2:3
  • +Lef 6:17, 18; 7:1, 6; 1Bk 9:13
  • +Lef 27:21; Dip 18:14

Esekiele 44:30

Ditshupiso

  • +Ek 23:19; Dip 18:8, 12, 26, 27; Dut 18:4
  • +Dip 15:20; Neh 10:35-37
  • +Dia 3:9, 10; Mal 3:10

Esekiele 44:31

Ditshupiso

  • +Ek 22:31; Lef 22:3, 8

Ditemana Tse dingwe

Esek. 44:1Esk 43:1
Esek. 44:1Esk 46:1
Esek. 44:2Esk 43:2
Esek. 44:3Dut 12:5, 7
Esek. 44:3Esk 46:2
Esek. 44:4Isa 6:1-3; Esk 10:4
Esek. 44:4Esk 1:27, 28; 3:23
Esek. 44:5Esk 40:4
Esek. 44:8Lef 22:2; Dip 18:2, 3
Esek. 44:102Dk 23:8, 9; 2Dt 29:1, 5; Neh 9:34; Jer 23:11; Esk 8:5
Esek. 44:111Dt 26:1
Esek. 44:12Isa 9:16; Mal 2:8
Esek. 44:14Dip 18:2, 4
Esek. 44:151Dk 2:35; Esk 40:46
Esek. 44:15Esk 48:9, 11
Esek. 44:15Lef 3:14-16
Esek. 44:15Lef 17:6
Esek. 44:16Esk 41:21, 22
Esek. 44:16Dip 18:7
Esek. 44:17Ek 28:39, 42; 39:27, 28; Lef 16:4
Esek. 44:18Ek 28:40, 42
Esek. 44:19Lef 6:10; Esk 42:14
Esek. 44:19Esk 42:13
Esek. 44:20Lef 21:1, 5; Dut 14:1
Esek. 44:21Lef 10:9
Esek. 44:22Lef 21:7
Esek. 44:22Lef 21:10, 14
Esek. 44:23Mal 2:7
Esek. 44:24Dut 17:9
Esek. 44:241Dt 23:3, 4; 2Dt 19:8
Esek. 44:24Lef 23:2
Esek. 44:25Lef 21:1-3
Esek. 44:27Lef 4:3
Esek. 44:28Dip 18:20; Dut 18:1; Jos 13:14; Esk 45:4
Esek. 44:29Lef 2:3
Esek. 44:29Lef 6:17, 18; 7:1, 6; 1Bk 9:13
Esek. 44:29Lef 27:21; Dip 18:14
Esek. 44:30Ek 23:19; Dip 18:8, 12, 26, 27; Dut 18:4
Esek. 44:30Dip 15:20; Neh 10:35-37
Esek. 44:30Dia 3:9, 10; Mal 3:10
Esek. 44:31Ek 22:31; Lef 22:3, 8
  • Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
  • 1
  • 2
  • 3
  • 4
  • 5
  • 6
  • 7
  • 8
  • 9
  • 10
  • 11
  • 12
  • 13
  • 14
  • 15
  • 16
  • 17
  • 18
  • 19
  • 20
  • 21
  • 22
  • 23
  • 24
  • 25
  • 26
  • 27
  • 28
  • 29
  • 30
  • 31
Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
Esekiele 44:1-31

Esekiele

44 O ne a mpusa ka tsela ya kgoro e e kwa ntle ya lefelo le le boitshepo e e lebileng kwa botlhaba,+ mme e ne e tswetswe.+ 2 Go tswa foo, Jehofa o ne a nthaya a re: “Kgoro eno e tla nna e tswetswe. Ga e a tshwanela go bulwa, e bile ga go na motho ope yo o tla tsenang ka yone;+ e re ka Jehofa, Modimo wa Iseraele a tsene ka yone, e tshwanetse go nna e tswetswe. 3 Le fa go ntse jalo, kgosana e tla nna mo go yone gore e je senkgwe fa pele ga ga Jehofa,+ ka gonne ke kgosana. E tla tsena ka mathudi a kgoro, e bile e tla tswa fa e tseneng teng.”+

4 Morago ga moo, o ne a ntsenya ka kgoro e e kwa bokone a nkisa fa pele ga tempele. Fa ke leba, ke ne ka bona kgalalelo ya ga Jehofa e tletse mo tempeleng ya ga Jehofa.+ Ka jalo ke ne ka wela fa fatshe ka sefatlhego.+ 5 Foo Jehofa o ne a nthaya a re: “Morwa motho, ela tlhoko,* leba o bo o reetse ka tlhoafalo sengwe le sengwe se ke tla go bolelelang sone se se amanang le ditaelo le melao ya tempele ya ga Jehofa. Ela tlhoko tselana e e tsenang mo tempeleng le dikgoro tsotlhe tsa lefelo le le boitshepo.+ 6 O reye batlhanogi ba Iseraele o re, ‘Seno ke se Morena Molaodimogolo Jehofa a se buang: “Ke lapisitswe ke ditiro tsa lona tse di makgapha, lona batho ba Iseraele. 7 Fa lo tlisa batswakwa ba dipelo tsa bone di leng bosula e bile ba sa rupa mo lefelong la me le le boitshepo, ba dira gore tempele ya me e se ka ya nna boitshepo. Lo ntlisetsa senkgwe, mafura le madi, mme lo ntse lo tlola kgolagano ya me ka ditiro tsa lona tse di makgapha. 8 Ga lo a tlhokomela dilo tsa me tse di boitshepo.+ Go na le moo, lo tlhoma batho ba bangwe gore ba tlhokomele ditiro tse di dirwang mo lefelong la me le le boitshepo.”’

9 “‘Seno ke se Morena Molaodimogolo Jehofa a se buang: “Ga go na motswakwa ope yo o nnang mo Iseraele yo pelo ya gagwe e leng bosula e bile a sa rupa, yo o tla tsenang mo lefelong la me le le boitshepo.”’

10 “‘Le fa go ntse jalo, Balefi ba ba neng ba ntlhanogela+ fa Baiseraele ba ne ba ntlhanogela ba sala medingwana ya bone e e ferosang sebete* morago ba tla lebana le ditlamorago tsa melato ya bone. 11 Mme ba tla ntirela mo lefelong la me le le boitshepo ba okamela dikgoro tsa tempele+ e bile ba direla mo tempeleng. Ba tla tlhabela batho diphologolo tsa ditlhabelo tse di fisiwang di feletse le tsa ditlhabelo tse dingwe, e bile ba tla ema fa pele ga batho gore ba ba direle. 12 E re ka ba ne ba ba direla fa pele ga medingwana ya bone e e ferosang sebete e bile ba dirile gore batho ba Iseraele ba leofe,+ ke gone ka moo ke ba tsholeleditseng seatla sa me ke bo ke ikana,’ go bua Morena Molaodimogolo Jehofa, ‘mme ba tla lebana le ditlamorago tsa melato ya bone. 13 Ga ba kitla ba nkatamela gore e nne baperesiti ba me kgotsa ba atamela dilo dipe tsa me tse di boitshepo kgotsa tse di boitshepo thata. Ba tla tlhabiwa ke ditlhong ka ntlha ya dilo tse di makgapha tse ba di dirileng. 14 Le fa go ntse jalo, ke tla ba tlhoma gore ba dire ditiro tse di dirwang mo tempeleng, gore ba tlhokomele ditirelo tsa mo tempeleng le dilo tsotlhe tse di tshwanetseng go dirwa mo go yone.’+

15 “‘Mme baperesiti ba Balefi, bomorwa Sadoke,+ ba ba neng ba tlhokomela ditiro tsa mo lefelong la me le le boitshepo fa Baiseraele ba ne ba ntlhanogela,+ ba tla nkatamela gore ba ntirele, e bile ba tla ema fa pele ga me gore ba ntlisetse mafura+ le madi,’+ go bua Morena Molaodimogolo Jehofa. 16 ‘Ke bone ba ba tla tsenang mo lefelong la me le le boitshepo, e bile ba tla atamela tafole ya me gore ba ntirele,+ mme ba tla diragatsa maikarabelo a bone a ke ba a neileng.+

17 “‘Fa ba tsena mo dikgorong tsa lolwapa lo lo ka fa teng, ba tshwanetse go apara diaparo tsa letsela le le boleta.+ Ga ba a tshwanela go apara diaparo tsa wulu fa ba direla mo dikgorong tsa lolwapa lo lo ka fa teng kgotsa mo teng ga lone. 18 Ba tshwanetse go rwala dituku tsa letsela le le boleta, e bile ba tshwanetse go apara marokgwe a makhutshwane.+ Ga ba a tshwanela go apara sepe se se tla ba fufudisang. 19 Pele ga ba tswela kwa lolwapeng lo lo ka fa ntle, e leng lolwapa lo lo ka fa ntle kwa batho ba leng gone, ba tshwanetse go apola diaparo tse ba neng ba direla ba di apere+ ba bo ba di baya mo diphaposing tsa bojelo tse di boitshepo.*+ Go tswa foo, ba tla apara diaparo tse dingwe, gore ba se ka ba fetisetsa boitshepo kwa bathong* ka diaparo tsa bone. 20 Ga ba a tshwanela go beola ditlhogo tsa bone+ kgotsa go tlogela meriri ya bone e nna meleele. Ba tshwanetse go fokotsa meriri ya ditlhogo tsa bone. 21 Baperesiti ga ba a tshwanela go nwa beine fa ba tla go direla mo lolwapeng lo lo ka fa teng.+ 22 Ga ba a tshwanela go nyala motlholagadi kgotsa mosadi yo o tlhadilweng;+ mme ba ka nna ba nyala kgarebane e e leng setlogolwana sa Iseraele kgotsa motlholagadi yo o neng a nyetswe ke moperesiti.’+

23 “‘Ba tshwanetse go ruta batho ba me pharologanyo fa gare ga selo se se boitshepo le se se seng boitshepo; mme ba tla ba ruta pharologanyo fa gare ga se se seng phepa le se se phepa.+ 24 Ba tshwanetse go nna baatlhodi fa go na le kgang nngwe;+ mme ba tshwanetse go e atlhola go dumalana le ditshwetso tsa me tsa boatlhodi.+ Ba tshwanetse go ikobela melao ya me le ditaelo tsa me tse di amanang le meletlo ya me+ ba bo ba dire gore bosabata ba me ba nne boitshepo. 25 Ba se ka ba atamela motho ope yo o suleng, ka gonne ba tla leswafala. Le fa go ntse jalo, ba ka nna ba iteswafatsa ka ntlha ya borraabone, bommaabone, bomorwaabone, bomorwadiabone, bomorwarraabone kgotsa bomorwadiarraabone ba ba sa nyalwang.+ 26 Mme fa moperesiti a sena go itshekisiwa, o tshwanetse go leta malatsi a le supa pele ga a ka direla gape. 27 Mo letsatsing la fa a tsena mo lefelong le le boitshepo, mo lolwapeng lo lo ka fa teng, a tla go direla mo lefelong le le boitshepo, o tshwanetse go isa setlhabelo sa gagwe sa boleo,’+ go bua Morena Molaodimogolo Jehofa.

28 “‘Mme seno e tla nna boswa jwa bone: Ke nna boswa jwa bone.+ Lo se ka lwa ba naya lefatshe mo Iseraele, ka gonne ke nna boswa jwa bone. 29 Ke bone ba ba tla jang setlhabelo sa dijo tsa ditlhaka,+ setlhabelo sa boleo le setlhabelo sa molato,+ mme sengwe le sengwe se se tlhaoletsweng gore se nne boitshepo mo Iseraele e tla nna sa bone.+ 30 Maungo a a buduleng pele a a a gaisang otlhe le moneelo wa mofuta mongwe le mongwe o o tswang mo go lona ke tsa baperesiti.+ Mme lo tshwanetse go naya moperesiti mabutswapele a bupi jwa lona jo bo seng boleta.+ Seno se tla dira gore matlo a lona a segofale.+ 31 Baperesiti ga ba a tshwanela go ja nama ya nonyane kgotsa ya phologolo epe e e fitlhetsweng e sule kgotsa e e gagogantsweng ke dibatana.’+

Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
Tswa
Tsena
  • Setswana
  • Romela
  • Tse O ka Di Tlhophang
  • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
  • Melawana ya Tiriso
  • Molawana wa Tshireletsego
  • Di-setting Tsa Websaete
  • JW.ORG
  • Tsena
Romela