LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • Esekiele 47
  • Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

Dintlha Tsa Esekiele

      • Molatswana o o elelang go tswa kwa tempeleng (1-12)

        • Metsi a nna a oketsega (2-5)

        • Metsi a lewatle a tla nna monate (8-10)

        • Mafelo a a seretse ga a kitla a fetoga (11)

        • Ditlhare tsa dijo le tsa go fodisa (12)

      • Melelwane ya naga (13-23)

Esekiele 47:1

Ditshupiso

  • +Esk 41:2
  • +Sek 13:1; 14:8; Tsh 22:1

Dikgatiso Tse di Farologaneng

  • Kaedi ya go Dira Dipatlisiso

    Tora ya Tebelo,

    8/1/2007, ts. 11

Esekiele 47:2

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Kgotsa “nkentshetsa.”

Ditshupiso

  • +Esk 40:20
  • +Esk 40:6; 44:1, 2

Esekiele 47:3

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Kgotsa “metang.”

  • *

    Kgotsa “meta.”

  • *

    Go tewa dikubita tse ditelele. Bona Dintlha B14.

  • *

    Kgotsa “manyenganeng.”

Ditshupiso

  • +Esk 40:3; Tsh 21:15

Esekiele 47:7

Ditshupiso

  • +Tsh 22:1, 2

Esekiele 47:8

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Kgotsa “sekaka.”

Ditshupiso

  • +Dut 4:47, 49
  • +Sek 14:8

Esekiele 47:9

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Seheb., “kwa melatswana e mebedi.”

Dikgatiso Tse di Farologaneng

  • Kaedi ya go Dira Dipatlisiso

    Tora ya Tebelo,

    8/1/2007, ts. 11

Esekiele 47:10

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Go tewa Lewatle la Mediterranean.

Ditshupiso

  • +Jos 15:20, 62; 2Dt 20:2
  • +Dip 34:2, 6

Esekiele 47:11

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Seheb., “le ditsobotla.”

Ditshupiso

  • +Dut 29:22, 23; Pes. 107:33, 34; Jer 17:6

Dikgatiso Tse di Farologaneng

  • Kaedi ya go Dira Dipatlisiso

    Tora ya Tebelo,

    8/1/2007, ts. 11

Esekiele 47:12

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Seheb., “tsa dijo.”

Ditshupiso

  • +Esk 47:1
  • +Tsh 22:1, 2

Dikgatiso Tse di Farologaneng

  • Kaedi ya go Dira Dipatlisiso

    Tora ya Tebelo,

    8/1/2007, ts. 11

Esekiele 47:13

Ditshupiso

  • +Ge 48:5; 1Dt 5:1; Esk 48:5

Esekiele 47:14

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Seheb., “Lo tla le rua, mongwe le mongwe jaaka morwarraagwe.”

  • *

    Seheb., “le wela mo go.”

Ditshupiso

  • +Ge 26:3; 28:13

Esekiele 47:15

Ditshupiso

  • +Esk 48:1
  • +Dip 34:2, 8

Esekiele 47:16

Ditshupiso

  • +Dip 13:21
  • +2Sa 8:8
  • +Esk 47:18

Esekiele 47:17

Ditshupiso

  • +Dip 34:2, 9
  • +Esk 48:1

Esekiele 47:18

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Go tewa Lewatle le le Suleng.

Ditshupiso

  • +Dip 32:1

Esekiele 47:19

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Seheb., “Letlhakore le le ka fa borwa kwa ntlheng ya borwa.”

  • *

    Go tewa Molapo wa Egepeto.

  • *

    Seheb., “Letlhakore le le ka fa borwa kwa ntlheng ya borwa.”

Ditshupiso

  • +Dut 32:51
  • +Esk 48:28

Esekiele 47:20

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Kgotsa “kgoro ya Hamathe.”

Ditshupiso

  • +Dip 34:2, 8

Ditemana Tse dingwe

Esek. 47:1Esk 41:2
Esek. 47:1Sek 13:1; 14:8; Tsh 22:1
Esek. 47:2Esk 40:20
Esek. 47:2Esk 40:6; 44:1, 2
Esek. 47:3Esk 40:3; Tsh 21:15
Esek. 47:7Tsh 22:1, 2
Esek. 47:8Dut 4:47, 49
Esek. 47:8Sek 14:8
Esek. 47:10Jos 15:20, 62; 2Dt 20:2
Esek. 47:10Dip 34:2, 6
Esek. 47:11Dut 29:22, 23; Pes. 107:33, 34; Jer 17:6
Esek. 47:12Esk 47:1
Esek. 47:12Tsh 22:1, 2
Esek. 47:13Ge 48:5; 1Dt 5:1; Esk 48:5
Esek. 47:14Ge 26:3; 28:13
Esek. 47:15Esk 48:1
Esek. 47:15Dip 34:2, 8
Esek. 47:16Dip 13:21
Esek. 47:162Sa 8:8
Esek. 47:16Esk 47:18
Esek. 47:17Dip 34:2, 9
Esek. 47:17Esk 48:1
Esek. 47:18Dip 32:1
Esek. 47:19Dut 32:51
Esek. 47:19Esk 48:28
Esek. 47:20Dip 34:2, 8
  • Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
  • 1
  • 2
  • 3
  • 4
  • 5
  • 6
  • 7
  • 8
  • 9
  • 10
  • 11
  • 12
  • 13
  • 14
  • 15
  • 16
  • 17
  • 18
  • 19
  • 20
  • 21
  • 22
  • 23
Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
Esekiele 47:1-23

Esekiele

47 Go tswa foo, o ne a mpusetsa kwa kgorong ya tempele,+ mme fa ke le koo ke ne ka bona metsi a elela a ya kwa ntlheng ya botlhaba a tswa ka fa tlase ga kgoro ya tempele,+ gonne karolo e e kwa pele ya tempele e ne e lebile kwa botlhaba. Metsi ao a ne a elela a tswa ka fa letlhakoreng la moja la tempele, ka fa borwa jwa sebeso.

2 Morago ga moo, o ne a nketshetsa* kwa ntle ka tsela ya kgoro e e kwa bokone+ a bo a mpotolosa a nkisa kwa kgorong e e kwa ntle e e lebileng kwa botlhaba,+ mme ke ne ka bona metsi a tswa a le mannye ka fa letlhakoreng la moja.

3 Monna yoo o ne a tswela kwa ntlheng ya botlhaba a tshotse thapo e e lekanyang* ka seatla,+ mme o ne a lekanya* dikubita* di le 1 000 a bo a mpolelela gore ke ralale metsi; metsi ao a ne a fitlha mo magwejaneng.*

4 Go tswa foo, o ne a lekanya dikubita tse dingwe di le 1 000 a bo a mpolelela gore ke ralale metsi ao, mme a ne a fitlha mo mangoleng.

O ne a lekanya dikubita tse dingwe gape di le 1 000 a bo a mpolelela gore ke ralale metsi ao, mme a ne a fitlha mo dinôkeng.

5 Fa a ne a lekanya dikubita tse dingwe tse 1 000, molatswana oo o ne o penologa mo ke neng ke sa kgone go o ralala, ka gonne metsi a teng a ne a le mantsi thata mo motho a neng a tshwanelwa ke go thuma. Metsi ao a ne a le mantsi thata mo a neng a ka se ka a ralalwa ka maoto.

6 O ne a mpotsa jaana: “Morwa motho, a o bone seno?”

Go tswa foo, o ne a ntaela gore ke tsamaye ke boele kwa lotshitshing lwa molatswana. 7 Fa ke boela teng, ke ne ka bona mo lotshitshing lwa molatswana oo go na le ditlhare di le dintsi thata mo matlhakoreng a one a mabedi.+ 8 Morago ga moo, o ne a nthaya a re: “Metsi ano a elela a ya kwa kgaolong ya botlhaba a ya go ralala Araba*+ a bo a tsena mo lewatleng. Fa a tsena mo lewatleng,+ metsi a lone a tla nna monate. 9 Ditshedi tsotlhe tse di nnang gongwe le gongwe kwa metsi* ao a elelelang gone di tla tshela. Go tla nna le ditlhapi di le dintsi thata, ka gonne metsi ao a tla elela a ya gone. Metsi a lewatle a tla nna monate e bile sengwe le sengwe se tla tshela, gongwe le gongwe kwa molatswana ono o yang gone.

10 “Batshwaraditlhapi ba tla ema fa thoko ga one go tswa kwa Ene-gedi+ go ya go fitlha kwa Ene-gelaime, kwa go tla bong go na le segotlo se go anegiwang matlowa a a gogwang mo go sone. Go tla bo go na le ditlhapi tse dintsi tsa mefutafuta, tse di tshwanang le ditlhapi tsa Lewatle le Legolo.*+

11 “Go tla nna le mafelo a a seretse le mafelo a a tletseng metsi* gaufi le lewatle, mme mafelo ano ga a kitla a fetoga. A tla tswelela a le letswai.+

12 “Go tla mela ditlhare tsa maungo* tsa mefuta yotlhe mo matlhakoreng a lotshitshi lwa molatswana ono. Matlhare a tsone ga a kitla a swaba; e bile ga di kitla di tlhoka maungo. Di tla tlhagisa maungo a masha kgwedi le kgwedi ka gonne metsi a a di nosetsang a tswa mo lefelong le le boitshepo.+ Maungo a tsone e tla nna dijo mme matlhare a tsone a tla fodisa.”+

13 Seno ke se Morena Molaodimogolo Jehofa a se buang: “Eno ke naga e lo tla e kgaoganyetsang ditso tse 12 tsa Iseraele e le boswa, mme Josefa o tla newa dikarolo di le pedi.+ 14 E tla nna boswa jwa lona mme lo tla newa dikarolo tse di lekanang.* Ke ne ka ikana gore ke tla naya borraalonamogolo lefatshe leno,+ mme jaanong le newa* lona gore e nne boswa jwa lona.

15 “Ono ke molelwane wa lefatshe leno ka fa bokone: O simologa fa Lewatleng le Legolo gaufi le tsela e e yang kwa Hethelone+ o bo o ya kwa ntlheng ya Sedade,+ 16 Hamathe,+ Berotha,+ Siberaime, e e fa gare ga molelwane wa naga ya Damaseko le naga ya Hamathe, o bo o ya kwa Hasere-hatikone, e e gaufi le molelwane wa Haurane.+ 17 Ka jalo, molelwane ono o tla simologa kwa lewatleng o bo o ya kwa Hasare-enone,+ o tsamaya mo thoko ga molelwane wa Damaseko ka fa bokone, le molelwane wa Hamathe.+ Ono ke molelwane o o ka fa bokone.

18 “Letlhakore le le ka fa botlhaba le feta fa gare ga Haurane le Damaseko le fa thoko ga Joredane fa gare ga Gileade+ le lefatshe la Iseraele. Lo lekanye karolo eno go tswa kwa molelwaneng o o kwa bokone go ya kwa lewatleng le le kwa botlhaba.* Ono ke molelwane o o ka fa botlhaba.

19 “Molelwane o o ka fa borwa* o tla simologa kwa Tamare go ya kwa metsing a Meribathe-kadeshe,+ go tswa foo o tla ya kwa Molapong* o bo o fetela kwa Lewatleng le Legolo.+ Ono ke molelwane o o ka fa borwa.*

20 “Mo letlhakoreng le le ka fa bophirima ke Lewatle le Legolo go simologa fa molelwaneng o o ka fa borwa go ya kwa karolong e e lebaganeng le Lebo-hamathe.*+ Ono ke molelwane o o ka fa bophirima.”

21 “Lo ikgaoganyetse lefatshe leno, lo le kgaoganyetse ditso tse 12 tsa Iseraele. 22 Lo tshwanetse go le ikgaoganyetsa gore e nne boswa jwa lona le jwa batswakwa ba ba agileng le lona ba ba ileng ba tshola bana fa ba ntse ba nna le lona; mme lo ba tseye jaaka Baiseraele ba ba tsholetsweng mo nageng eno. Ba tla amogela boswa mo gare ga ditso tsa Iseraele fela jaaka lona. 23 Lo tshwanetse go abela motswakwa boswa mo nageng ya lotso lo a nnang mo go lone,” go bua Morena Molaodimogolo Jehofa.

Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
Tswa
Tsena
  • Setswana
  • Romela
  • Tse O ka Di Tlhophang
  • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
  • Melawana ya Tiriso
  • Molawana wa Tshireletsego
  • Di-setting Tsa Websaete
  • JW.ORG
  • Tsena
Romela