LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • 2 Dikgosi 1
  • Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

Dintlha Tsa 2 Dikgosi

      • Elija o porofeta gore Ahasia o tlile go swa (1-18)

2 Dikgosi 1:1

Ditshupiso

  • +Ge 19:36, 37; 2Sa 8:2; Pes. 60:8

Dikgatiso Tse di Farologaneng

  • Kaedi ya go Dira Dipatlisiso

    “Lokwalo Longwe le Longwe,” ts. 69

2 Dikgosi 1:2

Ditshupiso

  • +Jos 13:2, 3; 1Sa 5:10
  • +2Dk 1:16

2 Dikgosi 1:3

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Mo go kayang “Modimo Wa me Ke Jehofa.”

Ditshupiso

  • +1Dk 17:1; 18:36
  • +Isa 8:19; Jer 2:11

2 Dikgosi 1:6

Ditshupiso

  • +1Dt 10:13, 14

2 Dikgosi 1:8

Ditshupiso

  • +1Dk 19:19; Sek 13:4; Bah 11:32, 37
  • +Mat 3:4

2 Dikgosi 1:9

Ditshupiso

  • +Dut 33:1

2 Dikgosi 1:10

Ditshupiso

  • +Dip 11:1; 16:35; Luk 9:54; Jude 7

2 Dikgosi 1:16

Ditshupiso

  • +Jos 13:2, 3
  • +2Dk 1:3

2 Dikgosi 1:17

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Go tewa morwarraagwe Ahasia.

Ditshupiso

  • +2Dk 3:1; 9:22
  • +2Dk 8:16

2 Dikgosi 1:18

Ditshupiso

  • +1Dk 22:51

Ditemana Tse dingwe

2 Dikg. 1:1Ge 19:36, 37; 2Sa 8:2; Pes. 60:8
2 Dikg. 1:2Jos 13:2, 3; 1Sa 5:10
2 Dikg. 1:22Dk 1:16
2 Dikg. 1:31Dk 17:1; 18:36
2 Dikg. 1:3Isa 8:19; Jer 2:11
2 Dikg. 1:61Dt 10:13, 14
2 Dikg. 1:81Dk 19:19; Sek 13:4; Bah 11:32, 37
2 Dikg. 1:8Mat 3:4
2 Dikg. 1:9Dut 33:1
2 Dikg. 1:10Dip 11:1; 16:35; Luk 9:54; Jude 7
2 Dikg. 1:16Jos 13:2, 3
2 Dikg. 1:162Dk 1:3
2 Dikg. 1:172Dk 3:1; 9:22
2 Dikg. 1:172Dk 8:16
2 Dikg. 1:181Dk 22:51
  • Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
  • 1
  • 2
  • 3
  • 4
  • 5
  • 6
  • 7
  • 8
  • 9
  • 10
  • 11
  • 12
  • 13
  • 14
  • 15
  • 16
  • 17
  • 18
Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
2 Dikgosi 1:1-18

Dikgosi wa Bobedi

1 Morago ga loso lwa ga Ahabe, Bamoabe+ ba ne ba tlhanogela Baiseraele.

2 Ka yone nako eo Ahasia o ne a wela fa fatshe ka fensetere e e nang le sêfê ya ntlwana ya gagwe e e kwa borulelong kwa Samarea mme o ne a gobala. Ka jalo, o ne a roma barongwa mme a ba raya a re: “Yang kwa go Baale-sebube modimo wa Ekerone+ lo ye go mmotsa gore a ke tla fola mo kgobalong eno.”+ 3 Le fa go ntse jalo, moengele wa ga Jehofa o ne a raya Elija*+ wa Motisheba a re: “Ema, o ye go kgatlhantsha barongwa ba kgosi ya Samarea mme o ba reye o re, ‘A ke ka gonne ga go na Modimo mo Iseraele go bo lo ya go botsa Baale-sebube modimo wa Ekerone?+ 4 Ka jalo, seno ke se Jehofa a se buang: “Ga o kitla o tswa mo bolaong jo o rapameng mo go jone, ka gonne ruri o tla swa.”’” Fa Elija a sena go rialo, o ne a tsamaya.

5 E rile barongwa ba boela kwa go ene, ka yone nako eo o ne a ba raya a re: “Ke ka ntlha yang fa lo boile?” 6 Ba ne ba mo araba ba re: “Monna mongwe o ne a tla go re kgatlhantsha mme a re raya a re, ‘Tsamayang, boelang kwa kgosing e e lo romileng mme lo e reye lo re, “Seno ke se Jehofa a se buang: ‘A ke ka gonne ga go na Modimo mo Iseraele go bo o roma barongwa gore ba ye go botsa Baale-sebube modimo wa Ekerone? Ka jalo, ga o kitla o tswa mo bolaong jo o rapameng mo go jone, ka gonne ruri o tla swa.’”’”+ 7 Foo o ne a ba botsa jaana: “Monna yo o neng a tla go lo kgatlhantsha mme a bua mafoko ano le lona o ne a lebega jang?” 8 Ka jalo, ba ne ba mo raya ba re: “E ne e le monna yo o apereng seaparo se se boboa+ e bile a ipofile lotheka ka lebanta la letlalo.”+ Ka yone nako eo o ne a re: “E ne e le Elija wa Motisheba.”

9 Go tswa foo, kgosi e ne ya roma molaodi wa batlhabani ba ba 50 a na le banna ba gagwe ba le 50. E rile a tlhatlogela kwa go Elija, o ne a mo fitlhela a ntse mo godimo ga thaba. O ne a mo raya a re: “Monna wa Modimo wa boammaaruri,+ kgosi ya re, ‘Fologela kwano.’” 10 Le fa go ntse jalo, Elija o ne a araba molaodi wa batlhabani ba ba 50 a re: “Fa e le gore ke monna wa Modimo, a molelo o fologe kwa magodimong+ mme o go laile, wena le banna ba gago ba le 50.” Mme molelo o ne wa tswa kwa magodimong mme wa mo laila, ene le banna ba gagwe ba le 50.

11 Ka jalo, kgosi e ne ya romela molaodi yo mongwe gape wa batlhabani ba ba 50 a na le banna ba gagwe ba le 50 kwa go Elija. O ne a tsamaya mme a mo raya a re: “Monna wa Modimo wa boammaaruri, seno ke se kgosi e se buang, ‘Fologela kwano ka bonako.’” 12 Le fa go ntse jalo, Elija o ne a ba araba a re: “Fa e le gore ke monna wa Modimo wa boammaaruri, a molelo o fologe kwa magodimong mme o go laile, wena le banna ba gago ba le 50.” Mme molelo wa Modimo o ne wa tswa kwa magodimong mme wa mo laila, ene le banna ba gagwe ba le 50.

13 Go tswa foo, kgosi e ne ya romela gape molaodi wa boraro wa batlhabani ba ba 50 a na le banna ba gagwe ba le 50. Le fa go ntse jalo, molaodi wa boraro wa batlhabani ba ba 50 o ne a tsamaya a bo a khubama ka mangole fa pele ga ga Elija mme o ne a simolola go mo kopa gore a mo utlwele botlhoko, a mo raya a re: “Monna wa Modimo wa boammaaruri, tsweetswee, mma botshelo jwa me le matshelo a batlhanka bano ba gago ba ba 50 a nne tlhwatlhwakgolo mo go wena. 14 Molelo o setse o fologile go tswa kwa magodimong mme wa laila balaodi ba babedi ba pele ba batlhabani ba ba 50 le ditlhopha tsa bone tsa banna ba le 50, mme jaanong nkutlwele botlhoko mme o se ka wa mpolaya.”

15 Foo moengele wa ga Jehofa o ne a raya Elija a re: “Fologa thaba o tsamaye le ene. O se ka wa mo tshaba.” Ka jalo, o ne a ema mme a fologa thaba a tsamaya le ene kwa kgosing. 16 Go tswa foo, Elija o ne a raya kgosi a re, “Seno ke se Jehofa a se buang: ‘O ne wa roma barongwa gore ba ye go botsa Baale-sebube modimo wa Ekerone.+ A ke ka gonne ga go na Modimo mo Iseraele?+ Ke ka ntlha yang fa o sa botsa mo go ene? Ka jalo, ga o kitla o tswa mo bolaong jo o rapameng mo go jone, ka gonne ruri o tla swa.’” 17 Ka jalo o ne a swa, go ya ka lefoko la ga Jehofa le Elija a neng a le buile; mme e re ka a ne a se na morwa, Jehorame*+ o ne a nna kgosi mo boemong jwa gagwe, mo ngwageng wa bobedi wa ga Jehorame+ morwa Jehoshafate kgosi ya Juda.

18 Fa e le pego yotlhe ya botshelo jwa ga Ahasia,+ se a se dirileng, a ga e a kwalwa mo bukeng ya dipego tsa metlha ya dikgosi tsa Iseraele?

Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
Tswa
Tsena
  • Setswana
  • Romela
  • Tse O ka Di Tlhophang
  • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
  • Melawana ya Tiriso
  • Molawana wa Tshireletsego
  • Di-setting Tsa Websaete
  • JW.ORG
  • Tsena
Romela