LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • Lefitiko 21
  • Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

Dintlha Tsa Lefitiko

      • Baperesiti ba tshwanetse go nna boitshepo e bile ba sa iteswafatse (1-9)

      • Moperesiti yo mogolo a se ka a iteswafatsa (10-15)

      • Baperesiti ba se ka ba nna le bogole bope (16-24)

Lefitiko 21:1

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Seheb., “ne′phesh.” Bona Ditlhaloso Tsa Mafoko.

Ditshupiso

  • +Dip 19:14

Lefitiko 21:5

Ditshupiso

  • +Dut 14:1
  • +Lef 19:27, 28

Lefitiko 21:6

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Kgotsa “dijo,” go tewa ditlhabelo.

Ditshupiso

  • +Ek 29:44
  • +Lef 18:21; 19:12; 22:32
  • +Isa 52:11; 1Pe 1:15, 16

Lefitiko 21:7

Ditshupiso

  • +Lef 19:29
  • +Dut 24:1; Esk 44:22

Lefitiko 21:8

Ditshupiso

  • +Ek 28:41
  • +Ek 28:36; Lef 11:45; 20:7, 8

Lefitiko 21:9

Ditshupiso

  • +Lef 20:14

Lefitiko 21:10

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Seheb., “yo seatla gagwe se neng se tladitswe.”

Ditshupiso

  • +Lef 8:12
  • +Ek 28:2; 29:29; Lef 16:32
  • +Ge 37:34; Lef 10:6

Lefitiko 21:11

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Seheb., “ne′phesh.” Fano lefoko la Sehebera ne′phesh le amanngwa le lefoko la Sehebera le le kayang “go swa.”

Ditshupiso

  • +Dip 6:7; 19:11, 14

Lefitiko 21:12

Ditshupiso

  • +Lef 10:7
  • +Lef 8:12

Lefitiko 21:13

Ditshupiso

  • +Esk 44:22

Lefitiko 21:15

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Seheb., “losika.”

Ditshupiso

  • +Esr 9:2

Lefitiko 21:18

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Seheb., “kgotsa yo nko ya gagwe e phatlogileng.”

Lefitiko 21:20

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Kgotsa gongwe “yo mosesane thata e bile a le bokoa.”

Ditshupiso

  • +Dut 23:1

Lefitiko 21:22

Ditshupiso

  • +Lef 2:10; 6:14, 16; 24:8, 9; Dip 18:9
  • +Lef 22:10; Dip 18:19

Lefitiko 21:23

Ditshupiso

  • +Ek 30:6
  • +Ek 38:1
  • +Ek 25:8
  • +Ek 28:41

Ditemana Tse dingwe

Lefi. 21:1Dip 19:14
Lefi. 21:5Dut 14:1
Lefi. 21:5Lef 19:27, 28
Lefi. 21:6Ek 29:44
Lefi. 21:6Lef 18:21; 19:12; 22:32
Lefi. 21:6Isa 52:11; 1Pe 1:15, 16
Lefi. 21:7Lef 19:29
Lefi. 21:7Dut 24:1; Esk 44:22
Lefi. 21:8Ek 28:41
Lefi. 21:8Ek 28:36; Lef 11:45; 20:7, 8
Lefi. 21:9Lef 20:14
Lefi. 21:10Lef 8:12
Lefi. 21:10Ek 28:2; 29:29; Lef 16:32
Lefi. 21:10Ge 37:34; Lef 10:6
Lefi. 21:11Dip 6:7; 19:11, 14
Lefi. 21:12Lef 10:7
Lefi. 21:12Lef 8:12
Lefi. 21:13Esk 44:22
Lefi. 21:15Esr 9:2
Lefi. 21:20Dut 23:1
Lefi. 21:22Lef 2:10; 6:14, 16; 24:8, 9; Dip 18:9
Lefi. 21:22Lef 22:10; Dip 18:19
Lefi. 21:23Ek 30:6
Lefi. 21:23Ek 38:1
Lefi. 21:23Ek 25:8
Lefi. 21:23Ek 28:41
  • Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
  • 1
  • 2
  • 3
  • 4
  • 5
  • 6
  • 7
  • 8
  • 9
  • 10
  • 11
  • 12
  • 13
  • 14
  • 15
  • 16
  • 17
  • 18
  • 19
  • 20
  • 21
  • 22
  • 23
  • 24
Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
Lefitiko 21:1-24

Lefitiko

21 Jehofa o ne a tswelela a raya Moshe a re: “Bua le baperesiti, bomorwa Arone mme o ba reye o re, ‘Ope a se ka a iteswafatsa ka ntlha ya motho yo o suleng* mo gare ga batho ba gagabo.+ 2 Mme a ka nna a dira jalo ka ntlha ya wa losika lwa gagwe yo o atamalaneng thata le ene, mmaagwe, rraagwe, morwawe, morwadie, morwarraagwe 3 e bile a ka nna a iteswafatsa ka ntlha ya ga kgaitsadie, fa e le gore ga a ise a tlhakanele dikobo e bile a atamalane thata le ene mme a ise a nyalwe. 4 A se ka a iteswafatsa ka ntlha ya mosadi yo o nyetsweng ke monna mongwe mo bathong ba gagabo. 5 Ba se ka ba itira mafatla mo ditlhogong tsa bone+ kgotsa ba beola dintlha tsa ditedu tsa bone kgotsa ba itshega mo mmeleng.+ 6 Ba nne boitshepo mo Modimong wa bone+ e bile ba se ka ba leswafatsa leina la Modimo wa bone+ ka gonne ba isa ditlhabelo tsa ga Jehofa tse di dirwang ka molelo, senkgwe* sa Modimo wa bone, mme ba tshwanetse go nna boitshepo.+ 7 Ba se ka ba nyala seaka,+ mosadi yo o leswafaditsweng kgotsa mosadi yo o tlhadilweng ke monna wa gagwe+ ka gonne moperesiti o boitshepo mo Modimong wa gagwe. 8 O mo dire boitshepo+ ka gonne ke ene yo o isang senkgwe sa Modimo wa gago. A nne boitshepo mo go wena ka gonne nna Jehofa, yo ke lo dirang boitshepo, ke boitshepo.+

9 “‘Jaanong fa morwadia moperesiti a iteswafatsa ka go dira boaka, o dira gore rraagwe a se ka a nna boitshepo. A a fisiwe mo molelong.+

10 “‘Moperesiti yo mogolo mo go bomorwarraagwe, yo leokwane la go tlotsa le tshetsweng mo tlhogong ya gagwe+ le yo o tlhomilweng* gore a apare diaparo tsa boperesiti,+ a se ka a tlogela moriri wa tlhogo ya gagwe o sa tlhokomelwa kgotsa a gagola diaparo tsa gagwe.+ 11 A se ka a atamela motho ope yo o suleng;*+ a se ka a iteswafatsa, tota le fa e le ka ntlha ya ga rraagwe kgotsa mmaagwe. 12 A se ka a tswa mo lefelong le le boitshepo e bile a se ka a leswafatsa lefelo le le boitshepo la Modimo wa gagwe+ ka gonne letshwao la boineelo, e leng leokwane la go tlotsa la Modimo wa gagwe,+ le mo go ene. Ke nna Jehofa.

13 “‘A nyale mosadi yo a iseng a tlhakanele dikobo.+ 14 A se ka a nyala motlholagadi, mosadi yo o tlhadilweng, mosadi yo o leswafaditsweng kgotsa seaka; mme a nyale mosadi yo a iseng a tlhakanele dikobo go tswa mo bathong ba gagabo. 15 A se ka a tlhabisa ditlogolwana* tsa gagwe ditlhong mo bathong ba gagabo+ ka gonne ke nna Jehofa, yo o mo dirang boitshepo.’”

16 Jehofa o ne a tswelela a bua le Moshe a re: 17 “Bolelela Arone o re, ‘Go se nne le monna ope wa losika lwa gago mo dikokomaneng tsotlhe tsa bone yo o nang le bogole bongwe yo o ka atamelang gore a ise senkgwe sa Modimo wa gagwe. 18 Fa go na le monna ope fela yo o nang le bogole bongwe, a se ka a atamela: monna yo o foufetseng kgotsa yo o golafetseng kgotsa yo sefatlhego sa gagwe se nang le bogole* kgotsa yo leoto kgotsa lebogo la gagwe le leng leleele thata, 19 monna yo o robegileng lonao kgotsa yo o robegileng seatla, 20 yo o nang le serota kgotsa yo mokhutshwane ka tsela e e sa tlwaelegang* kgotsa monna yo o nang le bolwetse jwa matlho kgotsa yo o nang le motshweetshwee kgotsa yo o nang le bolwetse bongwe jwa letlalo kgotsa yo dikgeleswa tsa gagwe tsa bonna di senyegileng.+ 21 Go se nne le monna ope wa losika lwa ga moperesiti Arone yo o nang le bogole bongwe yo o ka atamelang gore a ise ditlhabelo tsa ga Jehofa tse di dirwang ka molelo. A se ka a atamela gore a ise senkgwe sa Modimo wa gagwe ka gonne o na le bogole. 22 A ka nna a ja senkgwe se se ntsheditsweng Modimo wa gagwe se se tswang mo dilong tse di boitshepotshepo+ le mo dilong tse di boitshepo.+ 23 Le fa go ntse jalo, a se ka a atamela gaufi le sesiro+ e bile a se ka a atamela sebeso+ ka gonne o na le bogole; le gone a se ka a leswafatsa lefelo la me le le boitshepo+ ka gonne ke nna Jehofa, yo o ba dirang boitshepo.’”+

24 Ka jalo, Moshe o ne a bolelela Arone le bomorwawe le Baiseraele botlhe mafoko ano.

Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
Tswa
Tsena
  • Setswana
  • Romela
  • Tse O ka Di Tlhophang
  • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
  • Melawana ya Tiriso
  • Molawana wa Tshireletsego
  • Di-setting Tsa Websaete
  • JW.ORG
  • Tsena
Romela