LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • Baatlhodi 17
  • Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

Dintlha Tsa Baatlhodi

      • Medingwana ya ga Mika le moperesiti wa gagwe (1-13)

Baatlhodi 17:1

Ditshupiso

  • +Jos 17:14, 15

Baatlhodi 17:3

Ditshupiso

  • +Ek 20:4; Lef 26:1; Dut 27:15

Baatlhodi 17:5

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Kgotsa “medimo ya lelapa; medingwana.”

  • *

    Seheb., “a bo a tlatsa seatla sa.”

Ditshupiso

  • +Ek 28:6; Baa 8:27
  • +Ge 31:19
  • +Dip 3:10; Dut 12:11, 13; 2Dt 13:8, 9

Baatlhodi 17:6

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Kgotsa “se a neng a akanya gore se siame.”

Ditshupiso

  • +1Sa 8:4, 5
  • +Baa 21:25

Dikgatiso Tse di Farologaneng

  • Kaedi ya go Dira Dipatlisiso

    Tora ya Tebelo,

    1/15/2005, ts. 27

Baatlhodi 17:7

Ditshupiso

  • +Mik 5:2
  • +Dip 3:45; Jos 14:3; 18:7

Baatlhodi 17:8

Ditshupiso

  • +Baa 17:1, 5

Baatlhodi 17:10

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Kgotsa “mogakolodi.”

Baatlhodi 17:12

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Seheb., “o ne a tlatsa seatla sa.”

Ditshupiso

  • +Dip 3:10; Baa 17:5

Ditemana Tse dingwe

Baatlh. 17:1Jos 17:14, 15
Baatlh. 17:3Ek 20:4; Lef 26:1; Dut 27:15
Baatlh. 17:5Ek 28:6; Baa 8:27
Baatlh. 17:5Ge 31:19
Baatlh. 17:5Dip 3:10; Dut 12:11, 13; 2Dt 13:8, 9
Baatlh. 17:61Sa 8:4, 5
Baatlh. 17:6Baa 21:25
Baatlh. 17:7Mik 5:2
Baatlh. 17:7Dip 3:45; Jos 14:3; 18:7
Baatlh. 17:8Baa 17:1, 5
Baatlh. 17:12Dip 3:10; Baa 17:5
  • Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
  • 1
  • 2
  • 3
  • 4
  • 5
  • 6
  • 7
  • 8
  • 9
  • 10
  • 11
  • 12
  • 13
Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
Baatlhodi 17:1-13

Baatlhodi

17 Go ne go na le monna mongwe kwa kgaolong e e dithaba ya Eferaime+ yo o neng a bidiwa Mika. 2 O ne a raya mmaagwe a re: “A o gakologelwa dishekele tsa selefera tse 1 100 tse di neng di tserwe mo go wena, tse ke neng ka utlwa o hutsa motho yo o di tshotseng? Dishekele tseo tsa selefera di mo go nna. Ke nna yo ke neng ke di tshotse.” Foo mmaagwe o ne a re: “E kete Jehofa a ka go segofatsa morwaaka.” 3 Ka jalo, o ne a busetsa dishekele tsa selefera tse 1 100 kwa go mmaagwe, le fa go ntse jalo mmaagwe o ne a re: “Ruri ke tla dira selefera eno boitshepo gore e nne ya ga Jehofa. Ke batla gore o itirele setshwantsho se se betlilweng le sefikantswe se se bopilweng ka yone.+ Jaanong selefera eno e tla nna ya gago.”

4 Fa a sena go busetsa selefera eo kwa go mmaagwe, mmaagwe o ne a tsaya dishekele tsa selefera di le 200 a bo a di naya mothudi wa selefera. O ne a dira setshwantsho se se betlilweng le sefikantswe se se bopilweng; mme di ne tsa bewa mo ntlong ya ga Mika. 5 Monna yono e bong Mika, o ne a na le ntlo ya medimo, mme o ne a dira khiba+ le difikantswe tsa terafime*+ a bo a tlhoma* mongwe wa bomorwawe gore a mo direle e le moperesiti.+ 6 Mo malatsing ao, go ne go se na kgosi mo Iseraele.+ Mongwe le mongwe o ne a dira se se neng se siame mo matlhong a gagwe.*+

7 Jaanong go ne go na le lekawana lengwe la kwa Bethelehema+ kwa Juda le le neng le nna mo lelapeng la ga Juda. E ne e le Molefi+ yo o neng a nna koo ka nakwana. 8 Monna yoo o ne a fuduga mo motseng wa Bethelehema kwa Juda a ya go batla lefelo le a ka nnang mo go lone. Fa a ntse a le mo loetong, o ne a fitlha mo kgaolong e e dithaba ya Eferaime, a tla mo ntlong ya ga Mika.+ 9 Foo Mika o ne a mo raya a re: “O tswa kae?” Mme ene o ne a mo raya a re: “Ke Molefi yo o tswang kwa Bethelehema kwa Juda, mme ke mo tseleng ke ya go batla lefelo le nka nnang mo go lone.” 10 Ka jalo, Mika o ne a mo raya a re: “Dula le nna mme o ntirele o le rre* le moperesiti. Ke tla go naya dishekele tsa selefera di le lesome ka ngwaga le diaparo le dijo.” Ka jalo, Molefi o ne a tsena mo ntlong. 11 Molefi yoo o ne a dumela go nna le Mika, mme lekawana leo le ne la nna jaaka mongwe wa bomorwawe. 12 Mo godimo ga moo, Mika o ne a tlhoma* Molefi yoo gore a mo direle e le moperesiti+ mme o ne a nna mo ntlong ya ga Mika. 13 Go tswa foo, Mika o ne a re: “Jaanong ke a itse gore Jehofa o tla nna molemo mo go nna, ka gonne jaanong moperesiti wa me ke Molefi.”

Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
Tswa
Tsena
  • Setswana
  • Romela
  • Tse O ka Di Tlhophang
  • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
  • Melawana ya Tiriso
  • Molawana wa Tshireletsego
  • Di-setting Tsa Websaete
  • JW.ORG
  • Tsena
Romela