LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • 1 Samuele 30
  • Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

Dintlha Tsa 1 Samuele

      • Baamaleke ba tlhasela Sikelage ba bo ba e fisa (1-6)

        • Dafide o nonotshiwa ke Modimo (6)

      • Dafide o fenya Baamaleke (7-31)

        • Dafide o golola ba ba neng ba tshwerwe (18, 19)

        • Dafide o dira molao wa go kgaoganya dilo tse di gapilweng (23, 24)

1 Samuele 30:1

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Kgotsa “kwa Negebe.”

Ditshupiso

  • +Jos 15:21, 31; 1Sa 27:5, 6
  • +Ge 36:12; Ek 17:14; 1Sa 15:2; 27:8

1 Samuele 30:2

Ditshupiso

  • +1Sa 27:3

1 Samuele 30:5

Ditshupiso

  • +1Sa 25:42, 43

1 Samuele 30:6

Ditshupiso

  • +Pes. 18:6; 31:1, 9; 34:19; 143:5

1 Samuele 30:7

Ditshupiso

  • +1Sa 22:20; 1Dk 2:26
  • +1Sa 23:9

1 Samuele 30:8

Ditshupiso

  • +Dip 27:21; Baa 20:28; 1Sa 23:2, 11; 28:6
  • +1Sa 30:18; Pes. 34:19

1 Samuele 30:9

Ditshupiso

  • +1Sa 23:13; 27:2

1 Samuele 30:10

Ditshupiso

  • +1Sa 30:21

1 Samuele 30:12

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Kgotsa “diterebe; moretlwa.”

  • *

    Seheb., “moya wa gagwe o ne wa boela mo go ene.”

1 Samuele 30:14

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Kgotsa “kwa Negebe wa.”

  • *

    Kgotsa “kwa Negebe wa.”

Ditshupiso

  • +2Sa 8:18; 1Dk 1:38; 1Dt 18:17; Esk 25:16; Sfn 2:5
  • +Jos 14:13

1 Samuele 30:17

Ditshupiso

  • +Ek 17:14

1 Samuele 30:18

Ditshupiso

  • +1Sa 30:3

1 Samuele 30:19

Ditshupiso

  • +1Sa 30:8; Pes. 34:19

1 Samuele 30:21

Ditshupiso

  • +1Sa 30:10

1 Samuele 30:23

Ditshupiso

  • +1Sa 30:8

1 Samuele 30:24

Ditshupiso

  • +1Sa 30:10
  • +Dip 31:27; Jos 22:8; Pes. 68:12

Dikgatiso Tse di Farologaneng

  • Kaedi ya go Dira Dipatlisiso

    Tora ya Tebelo,

    3/15/2005, ts. 24

1 Samuele 30:26

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Seheb., “Tshegofatso.”

1 Samuele 30:27

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Kgotsa “borwa.”

Ditshupiso

  • +Jos 19:4, 8
  • +Jos 15:20, 48; 21:8, 14

1 Samuele 30:28

Ditshupiso

  • +Jos 15:20, 50; 21:8, 14

1 Samuele 30:29

Ditshupiso

  • +1Sa 27:10; 1Dt 2:9
  • +Baa 1:16; 1Sa 15:6

1 Samuele 30:30

Ditshupiso

  • +Dip 21:3; Jos 19:1, 4; Baa 1:17

1 Samuele 30:31

Ditshupiso

  • +Jos 14:13; 2Sa 2:1

Ditemana Tse dingwe

1 Sam. 30:1Jos 15:21, 31; 1Sa 27:5, 6
1 Sam. 30:1Ge 36:12; Ek 17:14; 1Sa 15:2; 27:8
1 Sam. 30:21Sa 27:3
1 Sam. 30:51Sa 25:42, 43
1 Sam. 30:6Pes. 18:6; 31:1, 9; 34:19; 143:5
1 Sam. 30:71Sa 22:20; 1Dk 2:26
1 Sam. 30:71Sa 23:9
1 Sam. 30:8Dip 27:21; Baa 20:28; 1Sa 23:2, 11; 28:6
1 Sam. 30:81Sa 30:18; Pes. 34:19
1 Sam. 30:91Sa 23:13; 27:2
1 Sam. 30:101Sa 30:21
1 Sam. 30:142Sa 8:18; 1Dk 1:38; 1Dt 18:17; Esk 25:16; Sfn 2:5
1 Sam. 30:14Jos 14:13
1 Sam. 30:17Ek 17:14
1 Sam. 30:181Sa 30:3
1 Sam. 30:191Sa 30:8; Pes. 34:19
1 Sam. 30:211Sa 30:10
1 Sam. 30:231Sa 30:8
1 Sam. 30:241Sa 30:10
1 Sam. 30:24Dip 31:27; Jos 22:8; Pes. 68:12
1 Sam. 30:27Jos 19:4, 8
1 Sam. 30:27Jos 15:20, 48; 21:8, 14
1 Sam. 30:28Jos 15:20, 50; 21:8, 14
1 Sam. 30:291Sa 27:10; 1Dt 2:9
1 Sam. 30:29Baa 1:16; 1Sa 15:6
1 Sam. 30:30Dip 21:3; Jos 19:1, 4; Baa 1:17
1 Sam. 30:31Jos 14:13; 2Sa 2:1
  • Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
  • 1
  • 2
  • 3
  • 4
  • 5
  • 6
  • 7
  • 8
  • 9
  • 10
  • 11
  • 12
  • 13
  • 14
  • 15
  • 16
  • 17
  • 18
  • 19
  • 20
  • 21
  • 22
  • 23
  • 24
  • 25
  • 26
  • 27
  • 28
  • 29
  • 30
  • 31
Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
1 Samuele 30:1-31

Samuele wa Ntlha

30 E rile Dafide le banna ba gagwe ba goroga kwa Sikelage+ mo letsatsing la boraro, Baamaleke+ ba ne ba tlhasetse kwa borwa* le kwa Sikelage, mme ba ne ba tlhasetse Sikelage ba bo ba e fisa ka molelo. 2 Ba ne ba isitse basadi+ le botlhe ba ba neng ba le mo go yone botshwarwa, go simolola ka yo mmotlana thata go fitlha ka yo mogolo thata. Ba ne ba sa bolaya ope, mme ba ne ba ba tsaya ba bo ba tsamaya ka bone. 3 Fa Dafide le banna ba gagwe ba goroga mo motseng, ba ne ba fitlhela o fisitswe ka molelo, e bile basadi ba bone le bomorwaabone le bomorwadiabone ba ne ba isitswe botshwarwa. 4 Ka jalo, Dafide le banna ba ba neng ba na le ene ba ne ba goa ba lela go fitlha ba sa tlhole ba na le maatla a go lela. 5 Basadi ba ga Dafide ba babedi le bone ba ne ba isitswe botshwarwa, Ahinoame wa kwa Jesereele le Abigaile motlholagadi wa ga Nabale wa Mokaremele.+ 6 Dafide o ne a tshwenyegile thata, ka gonne banna bao ba ne ba re ba mo kgobotletsa ka maje ka gonne batho botlhe ba ne ba utlwile botlhoko thata ka ntlha ya bomorwaabone le bomorwadiabone. Le fa go ntse jalo, Dafide o ne a inonotsha ka Jehofa, Modimo wa gagwe.+

7 Foo Dafide o ne a raya moperesiti Abiathare,+ morwa Ahimeleke a re: “Tsweetswee, tlisa khiba kwano.”+ Ka jalo, Abiathare o ne a tlisa khiba kwa go Dafide. 8 Dafide o ne a botsa Jehofa+ jaana: “A ke lelekise setlhopha seno sa dirukutlhi? A ke tla ba tshwara?” Fa a rialo, Modimo o ne a mo raya a re: “Ba lelekise, ka gonne ruri o tla ba tshwara, mme o tla golola batho ba lona.”+

9 Ka yone nako eo, Dafide o ne a tsena mo tseleng le banna ba le 600+ ba ba neng ba na le ene, mme ba ne ba tsamaya go ya go fitlha kwa Molapong wa Besore, kwa bangwe ba banna bao ba neng ba sala gone. 10 Dafide o ne a nna a ba lelekisa a na le banna ba le 400, mme banna ba le 200 ba ne ba sala ka gonne ba ne ba lapile thata mo ba neng ba palelwa ke go kgabaganya Molapo wa Besore.+

11 Ba ne ba fitlhela monna mongwe wa Moegepeto mo nageng mme ba ne ba mo isa kwa go Dafide. Ba ne ba mo naya dijo gore a je le metsi gore a nwe, 12 mmogo le thathana ya kuku e e dirilweng ka difeige tse di kgobilweng le dikuku tse pedi tse di dirilweng ka morara* o o swabisitsweng. Fa a sena go ja, o ne a nna le maatla gape,* ka gonne o ne a na le malatsi a le mararo le masigo a le mararo a sa je sepe e bile a sa nwe sepe. 13 Jaanong Dafide o ne a mmotsa jaana: “O motlhanka wa ga mang, mme o tswa kae?” mme ene o ne a re: “Ke motlhokomedi wa Moegepeto, motlhanka wa monna mongwe wa Moamaleke, le fa go ntse jalo mong wa me o ne a ntlogela ka gonne ke ne ka lwala malatsi a le mararo a a fetileng. 14 Re ne ra tlhasela kwa borwa jwa* Bakeretha+ le mo nageng ya Juda le kwa borwa jwa* Kalebe,+ mme Sikelage re ne ra e fisa ka molelo.” 15 Foo Dafide o ne a mo raya a re: “A o tla nkisa kwa setlhopheng seno sa dirukutlhi?” Ene o ne a araba jaana: “Fa o inkanela ka Modimo gore ga o kitla o mpolaya le gore ga o kitla o nkisa kwa go mong wa me, ke tla go isa kwa setlhopheng seno sa dirukutlhi.”

16 Ka jalo, o ne a mo isa kwa ba neng ba ntse teng, ba ja, ba nwa e bile ba itumeletse dilo tse dintsi tse ba neng ba di gapile kwa lefatsheng la Bafilisitia le kwa lefatsheng la Juda. 17 Foo Dafide o ne a ba kgemetha go tloga mo mosong go sa ntse go le lefitshwana go fitlha maitseboa a a latelang; ga go na monna yo o neng a falola+ ntle le banna ba le 400 ba ba neng ba tshaba ba palame dikamela. 18 Dafide o ne a tsaya sotlhe se Baamaleke ba neng ba se tsere,+ mme Dafide o ne a golola basadi ba gagwe ba babedi. 19 Ga go na sepe sa bone se se neng se tlhaela, go simolola ka se sebotlana go fitlha ka se segolo. Ba ne ba tsaya bomorwaabone le bomorwadiabone le dilo tse ba neng ba di gapile;+ Dafide o ne a golola sengwe le sengwe se ba neng ba se tsere. 20 Ka jalo, Dafide o ne a tsaya matsomane otlhe le metlhape yotlhe, mme banna ba gagwe ba ne ba e kgweetsa kwa pele ga leruo la bone. Ba ne ba re: “Tseno ke dilo tse Dafide a di gapileng.”

21 Go tswa foo, Dafide o ne a goroga kwa banneng ba le 200 ba ba neng ba lapile thata ba ba neng ba paletswe ke go tsamaya le ene e bile ba ne ba setse kwa Molapong wa Besore,+ mme ba ne ba tswa ba tla go kgatlhantsha Dafide le batho ba ba nang le ene. Fa Dafide a atamela banna bao, o ne a ba botsa gore ba ne ba tsoga jang. 22 Le fa go ntse jalo, monna mongwe le mongwe yo o bosula le yo o se nang mosola mo go ba ba neng ba tsamaile le Dafide o ne a re: “E re ka ba ne ba sa tsamaya le rona, ga re kitla re ba naya dilo dipe tse re di golotseng ntle le gore mongwe le mongwe wa bone a ka nna a tsaya mosadi wa gagwe le bomorwawe mme a tsamaya.” 23 Mme gone, Dafide o ne a re: “Bomorwarra, ga lo a tshwanela go dira jalo ka se Jehofa a se re neileng. O ne a re sireletsa a bo a tsenya setlhopha sa dirukutlhi se se neng se tlile go re tlhasela mo seatleng sa rona.+ 24 Ke mang yo o tla dumalanang le lona mo kgannyeng eno? Kabelo ya yo o neng a ile tlhabanong e tla lekana le kabelo ya yo o neng a setse le dithoto.+ Botlhe ba tla nna le kabelo.”+ 25 Mme go tloga mo letsatsing leo go ya pele, o ne a tlhoma seo e le taelo le molao mo Iseraele go fitlha mo letsatsing leno.

26 E rile Dafide a boela kwa Sikelage, o ne a tsaya dilo dingwe mo go tse di gapilweng a bo a di romela kwa bagolwaneng ba Juda ba e neng e le ditsala tsa gagwe a re: “Mpho* ya lona ke eno e e tswang mo dilong tse di gapilweng mo babeng ba ga Jehofa.” 27 O ne a e romela kwa bagolwaneng ba ba neng ba le kwa Bethele,+ kwa Ramothe wa Negebe,* kwa Jatire,+ 28 kwa Aroere, kwa Sifemothe, kwa Eshetemoa,+ 29 kwa Rakale, kwa metseng ya Bajerameele,+ kwa metseng ya Bakene,+ 30 kwa Horema,+ kwa Borashane, kwa Athake, 31 kwa Heberone+ le kwa mafelong otlhe a Dafide le banna ba gagwe ba neng ba ntse ba tsamaya mo go one.

Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
Tswa
Tsena
  • Setswana
  • Romela
  • Tse O ka Di Tlhophang
  • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
  • Melawana ya Tiriso
  • Molawana wa Tshireletsego
  • Di-setting Tsa Websaete
  • JW.ORG
  • Tsena
Romela