LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • 1 Ditiragalo 11
  • Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

Dintlha Tsa 1 Ditiragalo

      • Baiseraele ba tlotsa Dafide gore e nne kgosi (1-3)

      • Dafide o gapa Siona (4-9)

      • Batlhabani ba ba maatla ba ga Dafide (10-47)

1 Ditiragalo 11:1

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Kgotsa “masika a gago.”

Ditshupiso

  • +Dip 13:22; 2Sa 2:1; 5:5; 1Dt 12:23
  • +2Sa 5:1, 2

1 Ditiragalo 11:2

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Seheb., “ke wena yo o neng o ntsha Iseraele le go e tsenya.”

Ditshupiso

  • +1Sa 18:6, 13
  • +2Sa 6:21; 7:8, 9; Pes. 78:70, 71

1 Ditiragalo 11:3

Ditshupiso

  • +1Sa 16:13; 2Sa 2:4; 5:3
  • +1Sa 15:27, 28

1 Ditiragalo 11:4

Ditshupiso

  • +Jos 15:63; Baa 1:21; 19:10
  • +Ge 10:15, 16; 15:18, 21; Ek 3:17

1 Ditiragalo 11:5

Ditshupiso

  • +2Sa 5:6-10
  • +1Dk 8:1; Pes. 2:6; 48:2
  • +1Dk 2:10

1 Ditiragalo 11:6

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Seheb., “tlhogo.”

Ditshupiso

  • +2Sa 2:18

1 Ditiragalo 11:8

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Kgotsa “Milo.” Lereo la Sehebera le le kayang “tlatsa.”

1 Ditiragalo 11:9

Ditshupiso

  • +2Sa 3:1

1 Ditiragalo 11:10

Ditshupiso

  • +1Sa 16:12, 13

1 Ditiragalo 11:11

Ditshupiso

  • +1Dt 27:1, 2
  • +2Sa 23:8
  • +Jos 23:10

Dikgatiso Tse di Farologaneng

  • Kaedi ya go Dira Dipatlisiso

    Tora ya Tebelo,

    10/1/2005, ts. 10

1 Ditiragalo 11:12

Ditshupiso

  • +2Sa 23:9, 10, 15-17
  • +1Dt 8:1, 4

1 Ditiragalo 11:13

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Semela se se tshwanang le korong.

Ditshupiso

  • +1Sa 17:1

1 Ditiragalo 11:14

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Kgotsa “poloko.”

Ditshupiso

  • +Pes. 18:50

1 Ditiragalo 11:15

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Kgotsa “mo Lebaleng le le Kwa Tlase.”

Ditshupiso

  • +1Sa 22:1
  • +Jos 15:8, 12; 2Sa 23:13-17

1 Ditiragalo 11:17

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Bona Ditlhaloso Tsa Mafoko.

Ditshupiso

  • +1Sa 20:6

1 Ditiragalo 11:18

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Bona Ditlhaloso Tsa Mafoko.

Dikgatiso Tse di Farologaneng

  • Kaedi ya go Dira Dipatlisiso

    Tora ya Tebelo,

    11/15/2012, ts. 6

1 Ditiragalo 11:19

Ditshupiso

  • +Ge 9:4; Lef 17:10

Dikgatiso Tse di Farologaneng

  • Kaedi ya go Dira Dipatlisiso

    Tora ya Tebelo,

    11/15/2012, ts. 6

1 Ditiragalo 11:20

Ditshupiso

  • +1Sa 26:6; 2Sa 2:18; 18:2
  • +2Sa 3:30
  • +2Sa 23:18, 19

Dikgatiso Tse di Farologaneng

  • Kaedi ya go Dira Dipatlisiso

    Tora ya Tebelo,

    10/1/2005, ts. 10

1 Ditiragalo 11:21

Dikgatiso Tse di Farologaneng

  • Kaedi ya go Dira Dipatlisiso

    Tora ya Tebelo,

    10/1/2005, ts. 10

1 Ditiragalo 11:22

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Seheb., “morwa monna wa segatlhamelamasisi.”

Ditshupiso

  • +1Dk 4:4; 1Dt 27:1, 5
  • +Jos 15:21
  • +Baa 14:5, 6; 1Sa 17:36, 37; 2Sa 23:20-23

1 Ditiragalo 11:23

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Seheb., “dikubita di le tlhano.” Bona Dintlha B14.

Ditshupiso

  • +1Sa 17:4
  • +1Sa 17:7
  • +1Sa 17:51

1 Ditiragalo 11:25

Ditshupiso

  • +1Dt 11:19

1 Ditiragalo 11:26

Ditshupiso

  • +2Sa 2:18, 23; 1Dt 27:1, 7
  • +2Sa 23:24-39

1 Ditiragalo 11:28

Ditshupiso

  • +1Dt 27:1, 9
  • +1Dt 27:1, 12

1 Ditiragalo 11:29

Ditshupiso

  • +2Sa 21:18; 1Dt 27:1, 11

1 Ditiragalo 11:30

Ditshupiso

  • +1Dt 27:1, 13
  • +1Dt 27:1, 15

1 Ditiragalo 11:31

Ditshupiso

  • +Baa 20:15; 1Dt 12:1, 2

1 Ditiragalo 11:32

Ditshupiso

  • +Jos 24:30

1 Ditiragalo 11:41

Ditshupiso

  • +2Sa 11:3, 17; 12:9; 1Dk 15:5

Ditemana Tse dingwe

1Ditir. 11:1Dip 13:22; 2Sa 2:1; 5:5; 1Dt 12:23
1Ditir. 11:12Sa 5:1, 2
1Ditir. 11:21Sa 18:6, 13
1Ditir. 11:22Sa 6:21; 7:8, 9; Pes. 78:70, 71
1Ditir. 11:31Sa 16:13; 2Sa 2:4; 5:3
1Ditir. 11:31Sa 15:27, 28
1Ditir. 11:4Jos 15:63; Baa 1:21; 19:10
1Ditir. 11:4Ge 10:15, 16; 15:18, 21; Ek 3:17
1Ditir. 11:52Sa 5:6-10
1Ditir. 11:51Dk 8:1; Pes. 2:6; 48:2
1Ditir. 11:51Dk 2:10
1Ditir. 11:62Sa 2:18
1Ditir. 11:92Sa 3:1
1Ditir. 11:101Sa 16:12, 13
1Ditir. 11:111Dt 27:1, 2
1Ditir. 11:112Sa 23:8
1Ditir. 11:11Jos 23:10
1Ditir. 11:122Sa 23:9, 10, 15-17
1Ditir. 11:121Dt 8:1, 4
1Ditir. 11:131Sa 17:1
1Ditir. 11:14Pes. 18:50
1Ditir. 11:151Sa 22:1
1Ditir. 11:15Jos 15:8, 12; 2Sa 23:13-17
1Ditir. 11:171Sa 20:6
1Ditir. 11:19Ge 9:4; Lef 17:10
1Ditir. 11:201Sa 26:6; 2Sa 2:18; 18:2
1Ditir. 11:202Sa 3:30
1Ditir. 11:202Sa 23:18, 19
1Ditir. 11:221Dk 4:4; 1Dt 27:1, 5
1Ditir. 11:22Jos 15:21
1Ditir. 11:22Baa 14:5, 6; 1Sa 17:36, 37; 2Sa 23:20-23
1Ditir. 11:231Sa 17:4
1Ditir. 11:231Sa 17:7
1Ditir. 11:231Sa 17:51
1Ditir. 11:251Dt 11:19
1Ditir. 11:262Sa 2:18, 23; 1Dt 27:1, 7
1Ditir. 11:262Sa 23:24-39
1Ditir. 11:281Dt 27:1, 9
1Ditir. 11:281Dt 27:1, 12
1Ditir. 11:292Sa 21:18; 1Dt 27:1, 11
1Ditir. 11:301Dt 27:1, 13
1Ditir. 11:301Dt 27:1, 15
1Ditir. 11:31Baa 20:15; 1Dt 12:1, 2
1Ditir. 11:32Jos 24:30
1Ditir. 11:412Sa 11:3, 17; 12:9; 1Dk 15:5
  • Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
  • 1
  • 2
  • 3
  • 4
  • 5
  • 6
  • 7
  • 8
  • 9
  • 10
  • 11
  • 12
  • 13
  • 14
  • 15
  • 16
  • 17
  • 18
  • 19
  • 20
  • 21
  • 22
  • 23
  • 24
  • 25
  • 26
  • 27
  • 28
  • 29
  • 30
  • 31
  • 32
  • 33
  • 34
  • 35
  • 36
  • 37
  • 38
  • 39
  • 40
  • 41
  • 42
  • 43
  • 44
  • 45
  • 46
  • 47
Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
1 Ditiragalo 11:1-47

Ditiragalo wa Ntlha

11 Fa nako e ntse e tsamaya, Baiseraele botlhe ba ne ba phuthegela kwa go Dafide kwa Heberone+ mme ba re: “Re lerapo la gago le nama ya gago.*+ 2 Mo nakong e e fetileng fa Saulo e ne e le kgosi, ke wena yo o neng o etelela Iseraele pele mo matsholong a yone.*+ Mme Jehofa, Modimo wa gago o ne a go raya a re: ‘O tla disa batho ba me ba Iseraele, e bile o tla nna moeteledipele wa batho ba me ba Iseraele.’”+ 3 Ka jalo, bagolwane botlhe ba Iseraele ba ne ba tla kwa kgosing kwa Heberone, mme Dafide o ne a dira kgolagano le bone kwa Heberone fa pele ga ga Jehofa. Go tswa foo, ba ne ba tlotsa Dafide gore a nne kgosi ya Iseraele,+ go ya ka lefoko le Jehofa a neng a le buile ka Samuele.+

4 Moragonyana Dafide le Baiseraele botlhe ba ne ba ya kwa Jerusalema, e leng Jebuse,+ kwa Bajebuse+ ba neng ba nna gone. 5 Banni ba Jebuse ba ne ba kgoba Dafide ba re: “Ga o kitla o tsena fano!”+ Le fa go ntse jalo, Dafide o ne a gapa motse o o sireletsegileng wa Siona,+ o moragonyana o neng wa bidiwa Motse wa ga Dafide.+ 6 Ka jalo, Dafide o ne a re: “Ope fela yo e tla nnang ene wa ntlha go kgemetha Bajebuse, o tla nna molaodi* le kgosana.” Mme Joabe+ morwa Seruia o ne a ya pele, mme o ne a nna molaodi. 7 Go tswa foo, Dafide o ne a nna mo motseng oo o o sireletsegileng. Ke gone ka moo ba neng ba o bitsa Motse wa ga Dafide. 8 O ne a simolola go tsosolosa motse oo gotlhe fela, go tswa kwa Thoteng* go ya kwa mafelong a a o dikologileng, mme Joabe o ne a aga sesha dikarolo tse di setseng tsa motse. 9 Ka jalo, Dafide o ne a nna a nonofa le go feta,+ mme Jehofa wa masomosomo o ne a na le ene.

10 Jaanong tseno ke ditlhogo tsa batlhabani ba ba maatla ba ga Dafide, ba ba neng ba mo eme nôkeng mo bogosing jwa gagwe, mmogo le Baiseraele botlhe, gore ba mo dire kgosi go dumalana le se Jehofa a neng a se buile ka Iseraele.+ 11 Leno ke lenaane la batlhabani ba ba maatla ba ga Dafide: Jashobeame+ morwa Mohakemoni, yo e neng e le tlhogo ya ba bararo.+ O ne a bolaya batho ba le 300 ka lerumo ka nako e le nngwe.+ 12 Morago ga gagwe e ne e le Eliasare+ morwa Dodo wa Moahohi.+ E ne e le mongwe wa batlhabani ba bararo ba ba maatla. 13 O ne a na le Dafide kwa Pase-damime,+ kwa Bafilisitia ba neng ba phuthegetse gone gore ba tlhabane le Baiseraele. Jaanong go ne go na le tshimo e e tletseng barele,* mme batho ba ne ba tshabile ka ntlha ya Bafilisitia. 14 Le fa go ntse jalo, o ne a ema fa gare ga tshimo a bo a e lwela mme o ne a nna a kgemetha Bafilisitia, mo Jehofa a neng a tlisa phenyo* e kgolo.+

15 Dikgosana di le tharo mo go tse 30 di ne tsa ya kwa lefikeng, kwa go Dafide kwa logageng lwa Adulama,+ fa masole a Bafilisitia one a ne a kampile mo Mokgatšheng* wa Refaime.+ 16 Ka nako eo, Dafide o ne a le mo lefelong le le sireletsegileng, mme masole a a sireletsang a Bafilisitia a ne a le kwa Bethelehema. 17 Mme Dafide o ne a nyorilwe a bo a re: “E kete nka nwa metsi a khuti ya go bolokela metsi* e e fa kgorong ya Bethelehema!”+ 18 Foo banna ba bararo bao ba ne ba tsena ka dikgoka mo kampeng ya Bafilisitia mme ba ga metsi mo khuting ya go bolokela metsi* e e fa kgorong ya Bethelehema ba bo ba a tlisa kwa go Dafide; le fa go ntse jalo, Dafide o ne a gana go a nwa mme a a tshololela kwa go Jehofa. 19 O ne a re: “Ga nkitla ke nwa metsi ano ka gonne ke boifa Modimo. A nka nwa madi a banna bano ba ba tsentseng matshelo a bone mo kotsing+ ka go ya go ga metsi? Gonne ba tsentse matshelo a bone mo kotsing ka go tlisa metsi ano.” Ka jalo, o ne a gana go a nwa. Tseno ke dilo tse batlhabani ba gagwe ba bararo ba ba maatla ba neng ba di dira.

20 Abishai+ morwarraagwe Joabe,+ o ne a nna tlhogo ya ba bangwe ba bararo; o ne a bolaya batho ba le 300 ka lerumo la gagwe, mme o ne a itsege jaaka ba bararo bale.+ 21 Mo go ba bangwe ba bararo o ne a tlhomologile thata go feta ba babedi, mme e ne e le tlhogo ya bone; le fa go ntse jalo o ne a sa fitlhe mo maemong a ba ntlha ba bararo.

22 Benaia+ morwa Jehoiada e ne e le monna yo o pelokgale* yo o neng a dira ditiro di le dintsi kwa Kabeseele.+ O ne a bolaya barwa ba babedi ba ga Ariele wa kwa Moabe, mme o ne a fologela mo petseng ya metsi mo letsatsing la fa go ne go le kapoko a bo a bolaya tau.+ 23 Gape o ne a bolaya monna wa Moegepeto yo o neng a le bogolo jo bo sa tlwaelegang, wa boleele jwa disentimetara di ka nna 223.*+ Le fa gone Moegepeto yoo a ne a tshwere lerumo le le tshwanang le logong lwa balogi ka seatla,+ o ne a ya kwa go ene a tshwere thobane mme a phamola lerumo mo seatleng sa Moegepeto yoo a bo a mmolaya ka lerumo la gagwe.+ 24 Benaia morwa Jehoiada o ne a dira dilo tseno, mme o ne a itsege ka tsela e batlhabani ba bararo bale ba ba maatla ba neng ba itsege ka yone. 25 Le fa gone a ne a tlhomologile go feta ba ba masome a mararo, o ne a sa fitlhe mo maemong a ba bararo bale.+ Le fa go ntse jalo, Dafide o ne a mo tlhoma go okamela bafemedi ba gagwe.

26 Batlhabani ba ba maatla ba mephato ya sesole e ne e le Asahele+ morwarraagwe Joabe, Elehanane morwa Dodo wa kwa Bethelehema,+ 27 Shamothe wa Moharore, Helese wa Mopelone, 28 Ira+ morwa Ikeshe wa Motekoa, Abiesere+ wa Moanathothe, 29 Sibekai+ wa Mohusha, Ilai wa Moahohi, 30 Maharai+ wa Monetofa, Helede+ morwa Baana wa Monetofa, 31 Ithai morwa Ribai wa Gibea wa Babenjamine,+ Benaia wa Mopirathone, 32 Hurai wa kwa melapong ya Gaashe,+ Abiele wa Moarebatha, 33 Asamafetha wa Mobaharume, Eliaba wa Moshaalabone, 34 bomorwa Hasheme wa Mogisone, Jonathane morwa Shagee wa Moharara, 35 Ahiame morwa Sakara wa Moharara, Elifale morwa Ure, 36 Hefere wa Momekera, Ahija wa Mopelone, 37 Hesero wa Mokaremele, Naarai morwa Esebai, 38 Joele monnawe Nathane, Mibehare morwa Hageri, 39 Seleke wa Moamone, Naharai wa Moberothe, motsholadibetsa wa ga Joabe morwa Seruia; 40 Ira wa Moithire, Garebe wa Moithire, 41 Uria+ wa Mohite, Sabade morwa Ahelai, 42 Adina morwa Shisa wa Morubene, tlhogo ya Barubene, a na le batho ba le 30; 43 Hanane morwa Maaka, Joshafate wa Momithene, 44 Usia wa Moashetarothe, Shama le Jeiele, bomorwa Hothame wa Moaroere; 45 Jediaele morwa Shimeri, le Joha monnawe wa Motise; 46 Eliele wa Momahafa, Jeribai le Joshafia bomorwa Elenaame, le Ithema wa Momoabe; 47 Eliele, Obede le Jaasiele wa Momesoba.

Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
Tswa
Tsena
  • Setswana
  • Romela
  • Tse O ka Di Tlhophang
  • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
  • Melawana ya Tiriso
  • Molawana wa Tshireletsego
  • Di-setting Tsa Websaete
  • JW.ORG
  • Tsena
Romela