Jobe
26 Jobe o ne a araba a re:
2 “Ruri o ne wa thusa yo o se nang maatla!
Ruri o ne wa boloka yo o se nang nonofo!+
3 Ruri o neile yo o se nang botlhale kgakololo e e maatla!+
Ruri o senotse botlhale jwa gago jo bo mosola* ka kgololesego!*
4 O leka go bua le mang,
Mme ke mang yo o go tlhotlheleditseng go bua dilo tse di ntseng jaana?*
5 Ba ba suleng ba a roroma;
Tota e bile ba kwa tlase go gaisa metsi le se se nnang mo go one.
6 Ga go na sepe se se mo Lebitleng* se Modimo*+ a sa kgoneng go se bona
E bile o bona sengwe le sengwe se se mo lefelong la tshenyego.*
7 O otlololela loapi lo lo kwa bokone* mo go se nang sepe,+
O lepeletsa lefatshe mo go se nang sepe;
8 O phuthela metsi sentle mo marung a gagwe,+
Gore maru a se ka a phatloga ka ntlha ya boima jwa one;
9 O tswalela setulo sa gagwe sa bogosi gore se se ka sa bonwa,
O tsharololela leru la gagwe mo godimo ga sone.+
11 Dipilara tsa legodimo di a reketla;
Di gakgametse ka ntlha ya kgalemo ya gagwe.
12 O fudua lewatle ka maatla a gagwe,+
E bile ka tlhaloganyo ya gagwe o thubaganya setshedi se setona sa lewatle.*+
13 Ka mohemo* wa gagwe o dira gore loapi lo apoge;
Seatla sa gagwe se tlhaba noga e e lelemelang.
14 Ano ke maoko fela a ditiro tsa gagwe;+
Ruri se se utlwilweng ka ga gagwe ke modumonyana fela o o kwa tlase!
Ka jalo, ke mang yo o ka tlhaloganyang tumo ya gagwe e kgolo?”+