Jobe
18 Biledade+ wa Moshuha o ne a araba a re:
2 “Lo tla kgaotsa leng go bua mafoko a a ntseng jalo?
Bontshang temogo gore morago ga moo re tle re bue.
4 Tota le fa o ka ikgagoganya dikarolwana o galefile,
A lefatshe le tla tlogelwa ka ntlha ya gago,
Kgotsa a lefika le tla fuduga mo lefelong la lone?
5 Ruri lesedi la motho yo o bosula le tla timiwa,
Le kgabo ya molelo wa gagwe ga e kitla e phatsima.+
6 Ruri lesedi le le mo tenteng ya gagwe e tla nna lefifi,
E bile lobone lo lo mo godimo ga gagwe le tla timiwa.
7 Dikgato tsa gagwe tse ditelele tsa matlhagatlhaga di khutshwafaditswe,
Mme kgakololo ya gagwe e tla dira gore a we.+
8 Gonne dinao tsa gagwe di tla mo tsenya mo letloweng,
Mme o tla kgarakgatshega mo diphatlheng tsa lone.
9 Serai se tla mo phamola ka serethe;
Selaga se tla mo tshwara.+
10 O fitlhetswe mogala fa fatshe,
Le serai se mo tselaneng ya gagwe.
11 Dilo tse di boifisang di mo tshosa mo matlhakoreng otlhe,+
Di bo di mo lelekisa di mo setse morago.
13 Letlalo la gagwe le a jega;
Bolwetse jo bo kotsi thata* bo kometsa ditokololo tsa gagwe.
16 Medi ya gagwe e tla omelela ka fa tlase ga gagwe,
Mme dikala tsa gagwe di tla swaba kwa godimo ga gagwe.
17 Ga a kitla a tlhola a gakologelwa mo lefatsheng,
Le mo mmileng leina la gagwe ga le kitla le itsiwe.*
18 O tla kobiwa mo leseding a isiwa mo lefifing,
E bile o tla lelekiwa mo lefatsheng.
19 Ga a kitla a nna le ngwana le ditlogolwana mo bathong ba gagabo,
E bile ga go kitla go nna le mofalodi mo lefelong le a nnang mo go lone.*
20 Fa letsatsi la gagwe le tla, batho ba ba kwa Bophirima ba tla gakgamala
Mme batho ba ba kwa Botlhaba ba tla aparelwa ke letshogo.
21 Seno ke se se diragalelang ditente tsa modiraphoso
Le lefelo la motho yo o iseng a itse Modimo.”