LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • 2 Ditiragalo 17
  • Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

Dintlha Tsa 2 Ditiragalo

      • Jehoshafate, kgosi ya Juda (1-6)

      • Batho ba a rutiwa (7-9)

      • Batlhabani ba ba maatla ba ga Jehoshafate (10-19)

2 Ditiragalo 17:1

Ditshupiso

  • +1Dk 15:24; 22:41

2 Ditiragalo 17:2

Ditshupiso

  • +2Dt 15:8

2 Ditiragalo 17:3

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Seheb., “batla.”

Ditshupiso

  • +2Sa 8:15

2 Ditiragalo 17:4

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Seheb., “o ne a tsamaya mo.”

Ditshupiso

  • +Dut 4:29; 2Dt 26:1, 5
  • +1Dk 12:28-30; 13:33

2 Ditiragalo 17:5

Ditshupiso

  • +1Dk 9:4, 5; Pes. 132:12
  • +2Dt 18:1

2 Ditiragalo 17:6

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Bona polelwana “Kota e e boitshepo” mo Ditlhaloso Tsa Mafoko.

Ditshupiso

  • +1Dk 22:42, 43
  • +Dut 7:5

Dikgatiso Tse di Farologaneng

  • Kaedi ya go Dira Dipatlisiso

    Tora ya Tebelo,

    6/15/2009, ts. 12

2 Ditiragalo 17:8

Ditshupiso

  • +Dut 33:8, 10; Mal 2:7

2 Ditiragalo 17:9

Ditshupiso

  • +Dut 31:11; Jos 1:7, 8; Neh 8:7

2 Ditiragalo 17:11

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Bona Ditlhaloso Tsa Mafoko.

2 Ditiragalo 17:12

Ditshupiso

  • +2Dt 18:1
  • +2Dt 14:2, 6
  • +1Dk 9:19; 2Dt 8:3, 4

2 Ditiragalo 17:14

Ditshupiso

  • +2Dt 13:3; 26:11-13

2 Ditiragalo 17:17

Ditshupiso

  • +Ge 49:27
  • +2Dt 14:8

2 Ditiragalo 17:19

Ditshupiso

  • +2Dt 11:5, 23

Ditemana Tse dingwe

2 Ditir. 17:11Dk 15:24; 22:41
2 Ditir. 17:22Dt 15:8
2 Ditir. 17:32Sa 8:15
2 Ditir. 17:4Dut 4:29; 2Dt 26:1, 5
2 Ditir. 17:41Dk 12:28-30; 13:33
2 Ditir. 17:51Dk 9:4, 5; Pes. 132:12
2 Ditir. 17:52Dt 18:1
2 Ditir. 17:61Dk 22:42, 43
2 Ditir. 17:6Dut 7:5
2 Ditir. 17:8Dut 33:8, 10; Mal 2:7
2 Ditir. 17:9Dut 31:11; Jos 1:7, 8; Neh 8:7
2 Ditir. 17:122Dt 18:1
2 Ditir. 17:122Dt 14:2, 6
2 Ditir. 17:121Dk 9:19; 2Dt 8:3, 4
2 Ditir. 17:142Dt 13:3; 26:11-13
2 Ditir. 17:17Ge 49:27
2 Ditir. 17:172Dt 14:8
2 Ditir. 17:192Dt 11:5, 23
  • Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
  • 1
  • 2
  • 3
  • 4
  • 5
  • 6
  • 7
  • 8
  • 9
  • 10
  • 11
  • 12
  • 13
  • 14
  • 15
  • 16
  • 17
  • 18
  • 19
Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
2 Ditiragalo 17:1-19

Ditiragalo wa Bobedi

17 Mme morwawe e bong Jehoshafate+ o ne a nna kgosi mo boemong jwa gagwe, mme o ne a nonotsha maemo a gagwe mo Iseraele. 2 O ne a tlhoma mephato ya masole mo metseng yotlhe ya Juda e e sireletsegileng e bile o ne a baya ditlhopha tsa masole a a sireletsang mo lefatsheng la Juda le mo metseng ya Eferaime e rraagwe e bong Asa a neng a e gapile.+ 3 Jehofa o ne a tswelela a na le Jehoshafate ka gonne o ne a tsamaya mo ditseleng tse rraagwemogolo e bong Dafide+ a neng a tsamaya mo go tsone, mme ga a ka a direla* Bobaale. 4 Gonne o ne a direla Modimo wa ga rraagwe+ e bile o ne a latela* ditaelo tsa gagwe, mme ga a ka a latela mekgwa ya Iseraele.+ 5 Jehofa o ne a dira gore bogosi jwa gagwe bo tie thata;+ mme batho botlhe ba Juda ba ne ba tswelela ba naya Jehoshafate dimpho, mme o ne a nna le dikhumo tse dintsi le kgalalelo e kgolo.+ 6 Mme o ne a nna pelokgale a latela ditsela tsa ga Jehofa, e bile o ne a bo a tlosa le mafelo a a kwa godimo a a boitshepo+ le dikota tse di boitshepo*+ mo Juda.

7 Mo ngwageng wa boraro wa puso ya gagwe, o ne a roma gore go bidiwe dikgosana tsa gagwe, e bong Bene-haile, Obadia, Sekarea, Nethanele le Mikaia, mme o ne a ba roma gore ba ye go ruta mo metseng ya Juda. 8 Ba ne ba na le Balefi bano: Shemaia, Nethania, Sebadia, Asahele, Shemiramothe, Jehonathane, Adonija, Tobija le Toba-donija, mme gape ba ne ba na le Elishama le Jehorame e leng baperesiti.+ 9 Ba ne ba simolola go ruta mo Juda, ba tshotse buka ya Molao+ wa ga Jehofa, mme ba ne ba tsamaya mo metseng yotlhe ya Juda ba ruta batho.

10 Magosi otlhe a mafatshe a a neng a le mo tikologong ya Juda a ne a simolola go boifa Jehofa, mme ga a ka a tlhabana le Jehoshafate. 11 Mme Bafilisitia ba ne ba tlisetsa Jehoshafate dimpho le madi e le sehuba.* Baarabia ba ne ba mo tlisetsa diphelefu di le 7 700 le diphoko di le 7 700 go tswa mo matsomaneng a bone.

12 Jehoshafate o ne a nna a nonofa go ya pele,+ mme o ne a tswelela a aga mafelo a a sireletsegileng+ le metse ya mabolokelo+ mo Juda. 13 O ne a dira ditiro tse dikgolo mo metseng ya Juda e bile o ne a na le masole, e leng batlhabani ba ba maatla, kwa Jerusalema. 14 Leno ke lenaane la bone le maikarabelo a bone go ya ka dikgotla tsa bone: go tswa mo Juda go ne go na le baokamedi ba dikete, wa ntlha e ne e le mookamedi Adane, mme o ne a na le batlhabani ba ba maatla ba le 300 000.+ 15 O ne a okametse molaodi Jehohanane, mme ene o ne a na le batlhabani ba le 280 000. 16 Gape o ne a okametse Amasia morwa Sikeri yo o neng a ithaopela go direla Jehofa, mme o ne a na le batlhabani ba ba maatla ba le 200 000. 17 Mme go tswa mo Benjamine+ go ne go na le Eliada, yo e neng e le motlhabani yo o maatla, mme o ne a na le banna ba le 200 000 ba ba tshotseng bora le thebe.+ 18 O ne a okametse Jehosabade, mme ene o ne a na le banna ba le 180 000 ba ba ipaakanyeditseng go ya ntweng. 19 Bano ba ne ba direla kgosi, mme mo godimo ga moo, go ne go na le ba bangwe ba kgosi e neng e ba beile mo metseng e e sireletsegileng mo Juda yotlhe.+

Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
Tswa
Tsena
  • Setswana
  • Romela
  • Tse O ka Di Tlhophang
  • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
  • Melawana ya Tiriso
  • Molawana wa Tshireletsego
  • Di-setting Tsa Websaete
  • JW.ORG
  • Tsena
Romela