LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • 2 Samuele 4
  • Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

Dintlha Tsa 2 Samuele

      • Ishe-boshethe o a bolawa (1-8)

      • Dafide o laela gore ba ba bolaileng Ishe-boshethe ba bolawe (9-12)

2 Samuele 4:1

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Seheb., “diatla tsa gagwe di ne tsa nna bokoa.”

Ditshupiso

  • +2Sa 2:8
  • +2Sa 3:27

2 Samuele 4:2

Ditshupiso

  • +Jos 9:17; 18:21, 25

2 Samuele 4:3

Ditshupiso

  • +Neh 11:31, 33

2 Samuele 4:4

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Kgotsa “a tlhotsa.”

Ditshupiso

  • +1Sa 20:16
  • +2Sa 9:3
  • +1Sa 29:1, 11
  • +2Sa 9:13; 1Dt 8:34

2 Samuele 4:6

Ditshupiso

  • +2Sa 4:2

2 Samuele 4:8

Ditshupiso

  • +2Sa 2:10
  • +1Sa 18:28, 29
  • +1Sa 18:10, 11; 20:1, 33; 23:15

2 Samuele 4:9

Ditshupiso

  • +1Sa 24:12; 26:25; 2Sa 12:7; Pes. 34:7

2 Samuele 4:10

Ditshupiso

  • +2Sa 1:2, 4
  • +2Sa 1:13-15

2 Samuele 4:11

Ditshupiso

  • +Ge 9:6; Ek 21:12; Dip 35:16, 30

2 Samuele 4:12

Ditshupiso

  • +Pes. 55:23
  • +Dut 21:22

Ditemana Tse dingwe

2 Sam. 4:12Sa 2:8
2 Sam. 4:12Sa 3:27
2 Sam. 4:2Jos 9:17; 18:21, 25
2 Sam. 4:3Neh 11:31, 33
2 Sam. 4:41Sa 20:16
2 Sam. 4:42Sa 9:3
2 Sam. 4:41Sa 29:1, 11
2 Sam. 4:42Sa 9:13; 1Dt 8:34
2 Sam. 4:62Sa 4:2
2 Sam. 4:82Sa 2:10
2 Sam. 4:81Sa 18:28, 29
2 Sam. 4:81Sa 18:10, 11; 20:1, 33; 23:15
2 Sam. 4:91Sa 24:12; 26:25; 2Sa 12:7; Pes. 34:7
2 Sam. 4:102Sa 1:2, 4
2 Sam. 4:102Sa 1:13-15
2 Sam. 4:11Ge 9:6; Ek 21:12; Dip 35:16, 30
2 Sam. 4:12Pes. 55:23
2 Sam. 4:12Dut 21:22
  • Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
  • 1
  • 2
  • 3
  • 4
  • 5
  • 6
  • 7
  • 8
  • 9
  • 10
  • 11
  • 12
Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
2 Samuele 4:1-12

Samuele wa Bobedi

4 E rile morwa Saulo e bong Ishe-boshethe+ a utlwa gore Abenere o ne a swetse kwa Heberone,+ o ne a kgobega marapo* mme Baiseraele botlhe ba ne ba tshwenyega. 2 Go ne go na le banna ba le babedi ba ba okametseng ditlhopha tsa dirukutlhi, tse e neng e le tsa ga morwa Saulo: yo mongwe o ne a bidiwa Baana mme yo mongwe a bidiwa Rekabe. E ne e le bomorwa Rimone wa Mobeerothe, wa lotso lwa Benjamine. (Ka gonne Beerothe+ le yone e kile ya bo e tsewa e le karolo ya Benjamine. 3 Babeerothe ba ne ba tshabela kwa Gitaime,+ mme ke batswakwa koo go fitlha mo letsatsing leno.)

4 Jaanong morwa Saulo e bong Jonathane,+ o ne a na le morwa yo o neng a golafetse dinao.*+ O ne a na le dingwaga tse tlhano fa pego ya gore Saulo le Jonathane ba sule e ne e tla e tswa kwa Jesereele,+ mme motlhokomedi wa gagwe o ne a mo tsaya a bo a tshaba, mme fa a ne a ntse a tshaba a tshogile, mosimane o ne a wa mme a golafala. Leina la gagwe e ne e le Mefiboshethe.+

5 Bomorwa Rimone wa Mobeerothe, e bong Rekabe le Baana, ba ne ba ya kwa ntlong ya ga Ishe-boshethe fa go ne go le mogote, fa a ne a robetse motshegare a ikhuditse. 6 Ba ne ba tsena mo ntlong ba itira e kete ba tsaya korong, mme ba ne ba mo tlhaba mo mpeng; go tswa foo Rekabe le morwarraagwe e bong Baana+ ba ne ba tshaba. 7 Fa ba setse ba tsene mo ntlong, o ne a rapame mo bolaong jwa gagwe mo phaposing ya gagwe ya borobalo, mme ba ne ba mo tlhaba ba mmolaya, morago ga moo ba ne ba mo kgaola tlhogo. Go tswa foo, ba ne ba tsaya tlhogo ya gagwe mme ba tsamaya bosigo jotlhe mo tseleng e e yang kwa Araba. 8 Ba ne ba tlisa tlhogo ya ga Ishe-boshethe+ kwa go Dafide kwa Heberone mme ba raya kgosi ba re: “Tlhogo ya ga Ishe-boshethe morwa Saulo, mmaba wa gago+ yo o neng a batla botshelo jwa gago+ ke eno. Mo letsatsing leno Jehofa o naya morena wa me kgosi pusoloso mo go Saulo le mo ditlogolwaneng tsa gagwe.”

9 Le fa go ntse jalo, Dafide o ne a araba Rekabe le morwarraagwe e bong Baana, bomorwa Rimone wa Mobeerothe, mme a ba raya a re: “Ke ikana ka Jehofa Modimo yo o tshelang, ene yo o neng a nkgolola mo matshwenyegong otlhe,+ 10 fa mongwe a ne a mpegela a re, ‘Saulo o sule,’+ mme a akanya gore o ntlisetsa dikgang tse di itumedisang, ke ne ka mo tshwara mme ka mmolaela+ kwa Sikelage. Eo e ne e le tuelo ya morongwa e ke neng ka mo e naya! 11 Ruri go tshwanetse ga dirwa jalo bogolo jang fa banna ba ba bosula ba bolaile monna yo o siameng mo ntlong ya gagwe a le mo bolaong jwa gagwe! A ga ke a tshwanela go batla madi a gagwe mo diatleng tsa lona+ ke bo ke lo nyeletsa mo lefatsheng?” 12 Go tswa foo, Dafide o ne a laela makawana gore a ba bolaye.+ Ba ne ba ba kgaola diatla le dinao ba bo ba ba kaletsa+ fa mogobeng mo Heberone. Mme ba ne ba tsaya tlhogo ya ga Ishe-boshethe ba bo ba e fitlha mo lefelong la go fitlhela la ga Abenere mo Heberone.

Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
Tswa
Tsena
  • Setswana
  • Romela
  • Tse O ka Di Tlhophang
  • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
  • Melawana ya Tiriso
  • Molawana wa Tshireletsego
  • Di-setting Tsa Websaete
  • JW.ORG
  • Tsena
Romela