LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • 1 Samuele 21
  • Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

Dintlha Tsa 1 Samuele

      • Dafide o ja senkgwe se se bewang fa pele ga Modimo kwa Nobe (1-9)

      • Dafide o itshwara jaaka setsenwa kwa Gathe (10-15)

1 Samuele 21:1

Ditshupiso

  • +1Sa 22:9, 19
  • +1Sa 18:13

1 Samuele 21:4

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Kgotsa “a ithibile mo go tlhakaneleng dikobo.”

Ditshupiso

  • +Ek 25:30; Lef 24:5, 9; Mat 12:3, 4
  • +Ek 19:15; Lef 15:16; 2Sa 11:11

1 Samuele 21:5

Ditshupiso

  • +Lef 15:18

1 Samuele 21:6

Ditshupiso

  • +Lef 24:7-9; Mar 2:25, 26; Luk 6:3, 4

Dikgatiso Tse di Farologaneng

  • Kaedi ya go Dira Dipatlisiso

    Tora ya Tebelo,

    3/15/2005, ts. 30

    9/1/2002, ts. 18

    Monna yo Mogolo, kgao. 31

1 Samuele 21:7

Ditshupiso

  • +1Sa 22:9; Pes. 52:Maf
  • +Ge 36:1

1 Samuele 21:9

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Kgotsa “kwa Lebaleng le le Kwa Tlase.”

Ditshupiso

  • +1Sa 17:51, 54
  • +1Sa 17:2, 50
  • +Ek 28:6

1 Samuele 21:10

Ditshupiso

  • +1Sa 27:1
  • +Jos 11:22; 1Sa 5:8; 17:4; 27:2; Pes. 56:Maf

1 Samuele 21:11

Ditshupiso

  • +1Sa 18:6-8; 29:4, 5

1 Samuele 21:12

Ditshupiso

  • +Pes. 56:3, 6

1 Samuele 21:13

Ditshupiso

  • +Pes. 34:Maf

Dikgatiso Tse di Farologaneng

  • Kaedi ya go Dira Dipatlisiso

    Tora ya Tebelo,

    3/15/2005, ts. 24

Ditemana Tse dingwe

1 Sam. 21:11Sa 22:9, 19
1 Sam. 21:11Sa 18:13
1 Sam. 21:4Ek 25:30; Lef 24:5, 9; Mat 12:3, 4
1 Sam. 21:4Ek 19:15; Lef 15:16; 2Sa 11:11
1 Sam. 21:5Lef 15:18
1 Sam. 21:6Lef 24:7-9; Mar 2:25, 26; Luk 6:3, 4
1 Sam. 21:71Sa 22:9; Pes. 52:Maf
1 Sam. 21:7Ge 36:1
1 Sam. 21:91Sa 17:51, 54
1 Sam. 21:91Sa 17:2, 50
1 Sam. 21:9Ek 28:6
1 Sam. 21:101Sa 27:1
1 Sam. 21:10Jos 11:22; 1Sa 5:8; 17:4; 27:2; Pes. 56:Maf
1 Sam. 21:111Sa 18:6-8; 29:4, 5
1 Sam. 21:12Pes. 56:3, 6
1 Sam. 21:13Pes. 34:Maf
  • Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
  • 1
  • 2
  • 3
  • 4
  • 5
  • 6
  • 7
  • 8
  • 9
  • 10
  • 11
  • 12
  • 13
  • 14
  • 15
Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
1 Samuele 21:1-15

Samuele wa Ntlha

21 Moragonyana Dafide o ne a goroga kwa Nobe+ kwa go moperesiti Ahimeleke. Ahimeleke o ne a simolola go roroma fa a kopana le Dafide mme a mo raya a re: “Ke ka ntlha yang fa o le nosi, o sa tla le ope?”+ 2 Dafide o ne a araba moperesiti Ahimeleke a re: “Kgosi e ntaetse gore ke dire sengwe, mme e ne ya nthaya ya re, ‘O se ka wa bolelela ope ka se ke go romileng sone le ka ditaelo tse ke go neileng tsone.’ Ke ne ka rulaganya le makawana a me gore re kopane kwa lefelong lengwe. 3 Jaanong fa go na le dinkgwe di le tlhano, di nneye, kgotsa sepe fela se se leng teng.” 4 Mme moperesiti o ne a araba Dafide a re: “Ga go na senkgwe se se tlwaelegileng, mme gone go na le senkgwe se se boitshepo,+ lo ka di newa fela fa e le gore makawana a ntse a nnetse kgakala le basadi.”*+ 5 Dafide o ne a araba moperesiti jaana: “Tota ga re bolo go kgaogana le basadi fela jaaka mo makgetlong a a fetileng fa ke ne ke tswa ke ya letsholong.+ Fa e le gore mebele ya makawana e boitshepo tota le fa thomo ya rona e le e e tlwaelegileng, ruri e tshwanetse ya bo e le boitshepo le go feta gompieno!” 6 Ka jalo, moperesiti o ne a mo naya senkgwe se se boitshepo,+ ka gonne go ne go se na senkgwe sepe foo fa e se senkgwe se se bewang fa pele ga Modimo, se se neng se tlositswe fa pele ga ga Jehofa gore se emisediwe ka senkgwe se sesha mo letsatsing la fa se ne se tlosiwa.

7 Jaanong mongwe wa batlhanka ba ga Saulo o ne a le teng koo ka letsatsi leo. O ne a patelesega go nna fa pele ga ga Jehofa. Leina la gagwe e ne e le Doege+ wa Moedoma,+ molaodi wa badisa ba ga Saulo.

8 Go tswa foo, Dafide o ne a raya Ahimeleke a re: “A ga go na lerumo kgotsa tšhaka fano? Ga ke a ka ka tsaya tšhaka ya me kgotsa dibetsa tsa me ka gonne thomo ya kgosi e ne e potlakile.” 9 Foo moperesiti o ne a re: “Tšhaka ya ga Goliathe+ wa Mofilisitia, yo o neng wa mmolaya kwa Mokgatšheng* wa Ela+ ke eno, e phuthetswe ka letsela ka fa morago ga khiba.+ Fa e le gore o batla go e itseela, e tseye, ka gonne ke yone fela fano.” Dafide o ne a re: “Ga go na epe e e tshwanang le yone. E nneye.”

10 Mo letsatsing leo, Dafide o ne a tswelela a tshaba+ Saulo, mme la bofelo o ne a goroga kwa go Kgosi Akishe wa Gathe.+ 11 Batlhanka ba ga Akishe ba ne ba mo raya ba re: “A yono ga se Dafide, kgosi ya lefatshe? A ga se ene yo ba neng ba opela ka ene fa ba ne ba bina, ba re,

‘Saulo o bolaile dikete,

Mme Dafide ene o bolaile dikete di le masome’?”+

12 Dafide o ne a akanya ka se ba neng ba se bua, mme a simolola go boifa+ Kgosi Akishe wa Gathe fela thata. 13 Ka jalo, o ne a itira motho yo o sa itekanelang sentle mo tlhaloganyong+ fa pele ga bone mme a itshwara jaaka setsenwa. O ne a dira matshwao mo ditswalong tsa kgoro e bile o ne a tlogela mathe a gagwe a elela mo ditedung. 14 La bofelo Akishe o ne a raya batlhanka ba gagwe a re: “Lo a bona gore monna yo o a tsenwa! Goreng lo mo tlisa mo go nna? 15 A ke tlhoka batho ba ba tsenwang mo nka batlang gore yono a tle go tsenelwa fa pele ga me? A monna yono a ka tsena mo ntlong ya me?”

Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
Tswa
Tsena
  • Setswana
  • Romela
  • Tse O ka Di Tlhophang
  • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
  • Melawana ya Tiriso
  • Molawana wa Tshireletsego
  • Di-setting Tsa Websaete
  • JW.ORG
  • Tsena
Romela