LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • Duteronome 2
  • Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

Dintlha Tsa Duteronome

      • Ba kgarakgatshega mo nageng dingwaga di le 38 (1-23)

      • Ba fenya Kgosi Sihone wa kwa Heshebone (24-37)

Duteronome 2:1

Ditshupiso

  • +Dip 14:25

Duteronome 2:4

Ditshupiso

  • +Dip 20:14; Dut 23:7
  • +Ge 27:39, 40; 36:8, 9
  • +Ek 15:15; 23:27

Duteronome 2:5

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Kgotsa “Lo se ka lwa ba rumola.”

Ditshupiso

  • +Dut 32:8; Jos 24:4; Dit 17:26

Duteronome 2:6

Ditshupiso

  • +Dip 20:18, 19

Duteronome 2:7

Ditshupiso

  • +Dut 29:5; Neh 9:21; Pes. 23:1; 34:9, 10

Duteronome 2:8

Ditshupiso

  • +Dip 20:20, 21
  • +2Dt 8:17
  • +Dip 21:13; Baa 11:17, 18; 2Dt 20:10

Duteronome 2:9

Ditshupiso

  • +Ge 19:36, 37

Duteronome 2:10

Ditshupiso

  • +Ge 14:5

Duteronome 2:11

Ditshupiso

  • +Dut 3:11; 1Dt 20:6
  • +Dip 13:22, 33

Duteronome 2:12

Ditshupiso

  • +Ge 14:6; 36:20
  • +Ge 27:39, 40

Duteronome 2:13

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Kgotsa “Molapo.”

  • *

    Kgotsa “Molapo.”

Ditshupiso

  • +Dip 21:12

Duteronome 2:14

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Kgotsa “Molapo.”

Ditshupiso

  • +Dip 14:33; 32:11; Dut 1:35; Pes. 95:11; Bah 3:18; Jude 5

Duteronome 2:15

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Seheb., “seatla.”

Ditshupiso

  • +1Bk 10:1, 5

Duteronome 2:16

Ditshupiso

  • +Dip 26:63, 64

Duteronome 2:19

Ditshupiso

  • +Ge 19:36, 38; Dut 2:9; Baa 11:15; 2Dt 20:10; Dit 17:26

Duteronome 2:20

Ditshupiso

  • +Ge 15:18-20; Dut 3:11

Duteronome 2:21

Ditshupiso

  • +Dip 13:33; Dut 9:1, 2

Duteronome 2:22

Ditshupiso

  • +Ge 36:8
  • +Ge 14:6; Dut 2:12

Duteronome 2:23

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Go tewa Kereta.

Ditshupiso

  • +Ge 10:19
  • +Ge 10:13, 14

Duteronome 2:24

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Kgotsa “Molapo.”

Ditshupiso

  • +Dip 21:13
  • +Dip 21:23

Duteronome 2:25

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Kgotsa “ba tla nna le ditlhabi tse di tshwanang le tsa pelegi.”

Ditshupiso

  • +Ek 15:14; 23:27; Dut 11:25; Jos 2:9, 10

Duteronome 2:26

Ditshupiso

  • +Jos 13:15, 18; 21:8, 37
  • +Dut 20:10

Duteronome 2:27

Ditshupiso

  • +Dip 21:21, 22

Duteronome 2:30

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Seheb., “Modimo wa gago.”

Ditshupiso

  • +Bar 9:18
  • +Dip 21:25

Duteronome 2:31

Ditshupiso

  • +Dip 32:33; Pes. 135:10-12

Duteronome 2:32

Ditshupiso

  • +Dip 21:23, 24; Baa 11:20

Duteronome 2:34

Ditshupiso

  • +Dut 20:16, 17

Duteronome 2:36

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Kgotsa “Molapo.”

Ditshupiso

  • +Dut 3:12; 4:47, 48; Jos 13:8, 9
  • +Pes. 44:3

Duteronome 2:37

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Kgotsa “Molapo.”

Ditshupiso

  • +Dut 3:16; Baa 11:15
  • +Dip 21:23, 24

Ditemana Tse dingwe

Dute. 2:1Dip 14:25
Dute. 2:4Dip 20:14; Dut 23:7
Dute. 2:4Ge 27:39, 40; 36:8, 9
Dute. 2:4Ek 15:15; 23:27
Dute. 2:5Dut 32:8; Jos 24:4; Dit 17:26
Dute. 2:6Dip 20:18, 19
Dute. 2:7Dut 29:5; Neh 9:21; Pes. 23:1; 34:9, 10
Dute. 2:8Dip 20:20, 21
Dute. 2:82Dt 8:17
Dute. 2:8Dip 21:13; Baa 11:17, 18; 2Dt 20:10
Dute. 2:9Ge 19:36, 37
Dute. 2:10Ge 14:5
Dute. 2:11Dut 3:11; 1Dt 20:6
Dute. 2:11Dip 13:22, 33
Dute. 2:12Ge 14:6; 36:20
Dute. 2:12Ge 27:39, 40
Dute. 2:13Dip 21:12
Dute. 2:14Dip 14:33; 32:11; Dut 1:35; Pes. 95:11; Bah 3:18; Jude 5
Dute. 2:151Bk 10:1, 5
Dute. 2:16Dip 26:63, 64
Dute. 2:19Ge 19:36, 38; Dut 2:9; Baa 11:15; 2Dt 20:10; Dit 17:26
Dute. 2:20Ge 15:18-20; Dut 3:11
Dute. 2:21Dip 13:33; Dut 9:1, 2
Dute. 2:22Ge 36:8
Dute. 2:22Ge 14:6; Dut 2:12
Dute. 2:23Ge 10:19
Dute. 2:23Ge 10:13, 14
Dute. 2:24Dip 21:13
Dute. 2:24Dip 21:23
Dute. 2:25Ek 15:14; 23:27; Dut 11:25; Jos 2:9, 10
Dute. 2:26Jos 13:15, 18; 21:8, 37
Dute. 2:26Dut 20:10
Dute. 2:27Dip 21:21, 22
Dute. 2:30Bar 9:18
Dute. 2:30Dip 21:25
Dute. 2:31Dip 32:33; Pes. 135:10-12
Dute. 2:32Dip 21:23, 24; Baa 11:20
Dute. 2:34Dut 20:16, 17
Dute. 2:36Dut 3:12; 4:47, 48; Jos 13:8, 9
Dute. 2:36Pes. 44:3
Dute. 2:37Dut 3:16; Baa 11:15
Dute. 2:37Dip 21:23, 24
  • Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
  • 1
  • 2
  • 3
  • 4
  • 5
  • 6
  • 7
  • 8
  • 9
  • 10
  • 11
  • 12
  • 13
  • 14
  • 15
  • 16
  • 17
  • 18
  • 19
  • 20
  • 21
  • 22
  • 23
  • 24
  • 25
  • 26
  • 27
  • 28
  • 29
  • 30
  • 31
  • 32
  • 33
  • 34
  • 35
  • 36
  • 37
Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
Duteronome 2:1-37

Duteronome

2 “Go tswa foo, re ne ra fapoga mme ra ya kwa nageng ka tsela ya Lewatle le Lehibidu, fela jaaka Jehofa a ne a mpoleletse,+ mme re ne ra tsamaya malatsi a le mantsi go dikologa Thaba ya Seire. 2 La bofelo Jehofa o ne a nthaya a re, 3 ‘Lo dikologile thaba eno ka lobaka lo loleele. Jaanong yang kwa bokone. 4 Mme o neye batho taelo eno: “Lo fete gaufi le molelwane wa bomorwarraalona, ditlogolwana tsa ga Esau,+ ba ba nnang mo Seire+ mme ba tla boifa ka ntlha ya lona,+ mme lo tshwanetse go nna kelotlhoko thata. 5 Lo se ka lwa tlhabana le bone* ka gonne ga nkitla ke lo naya lefatshe lepe la bone, tota le fa e le karolo e e lekanang le motlhala wa lonao, ka gonne ke neile Esau Thaba ya Seire gore a nne mo go yone.+ 6 Lo ba neye madi a dijo tse lo tla di jang e bile lo duelele metsi a lo tla a nwang.+ 7 Gonne Jehofa, Modimo wa gago o go segofaditse mo go sotlhe se o se dirileng. Modimo o tlhaloganya sentle gore o ne wa tsamaya o raletse naga eno e kgolo. Jehofa, Modimo wa gago o ntse a na le wena dingwaga tseno tse 40 e bile ga o a tlhaela sepe.”’+ 8 Ka jalo, re ne ra feta gaufi le bomorwarraarona, ditlogolwana tsa ga Esau,+ ba ba nnang kwa Seire, re tsamaela kgakala le tsela ya Araba le Elatha le Esione-gebere.+

“Morago ga moo, re ne ra fapoga mme ra tsamaya ka tsela ya naga ya Moabe.+ 9 Foo Jehofa o ne a nthaya a re, ‘O se ka wa tlhabana le Moabe kgotsa wa mo lwantsha ka gonne ga nkitla ke go naya lefatshe lepe la gagwe gore o nne mo go lone, ka gonne ditlogolwana tsa ga Lote+ ke di neile Ara gore di nne mo go yone. 10 (Ke kwa Baemime+ ba neng ba nna gone pele, setšhaba se segolo le sa batho ba bantsi ba baleele jaaka Baanake. 11 Barefaime+ le bone ba ne ba tsewa jaaka Baanake,+ mme Bamoabe ba ne ba tle ba ba bitse Baemime. 12 Mo nakong e e fetileng, Bahore+ ba ne ba nna mo Seire, mme ditlogolwana tsa ga Esau di ne tsa gapa lefatshe leo, tsa ba nyeletsa di bo di nna mo go lone,+ fela jaaka Iseraele a tla dira ka lefatshe le a tla nnang mo go lone, le ruri Jehofa a tla le mo nayang.) 13 Jaanong tsamayang mme lo kgabaganye Mokgatšha* wa Serede.’ Ka jalo, re ne ra kgabaganya Mokgatšha* wa Serede.+ 14 Go ne ga re tsaya dingwaga di le 38 go tswa kwa Kadeshe-barenea go fitlha re kgabaganya Mokgatšha* wa Serede, go fitlha kokomana yotlhe ya banna ba ntwa e swa, fela jaaka Jehofa a ne a ba ikanetse.+ 15 Jehofa o ne a ba nyeletsa ka maatla* a gagwe go fitlha ba fela.+

16 “Fela fa banna botlhe ba ntwa ba sena go swa,+ 17 Jehofa o ne a bua le nna gape a re, 18 ‘Gompieno o tla feta fa karolong ya naga ya Moabe, e leng Ara. 19 Fa o feta gaufi le Baamone, o se ka wa ba tshwenya kgotsa wa ba rumola ka gonne ga nkitla ke go naya lefatshe lepe la Baamone gore o nne mo go lone ka gonne ke le neile ditlogolwana tsa ga Lote gore di nne mo go lone.+ 20 Lefatshe leno le lone le ne le tle le tsewe e le la Barefaime.+ (Ke kwa Barefaime ba neng ba nna gone pele, mme Baamone ba ne ba tle ba ba bitse Basamesumime. 21 E ne e le setšhaba se segolo sa batho ba bantsi e bile ba le baleele jaaka Baanake;+ mme Jehofa o ne a ba nyeletsa fa pele ga Baamone, mme ba ne ba ba leleka ba bo ba nna mo lefatsheng la bone. 22 Seo ke se a neng a se direla ditlogolwana tsa ga Esau, tse gone jaanong di nnang kwa Seire,+ fa a ne a nyeletsa Bahore+ fa pele ga bone gore ba ba leleke mo lefatsheng leo ba bo ba nna mo go lone go fitlha mo letsatsing leno. 23 Fa e le Baafime bone, ba ne ba nna mo metsaneng go ya go fitlha kwa Gasa+ go fitlha Bakafetorime,+ ba ba neng ba tswa kwa Kafetore,* ba ba nyeletsa ba bo ba nna mo lefatsheng la bone.)

24 “‘Tsamayang, mme lo kgabaganye Mokgatšha* wa Arenone.+ Bona, ke tsentse Sihone+ wa Moamore, kgosi ya Heshebone, mo seatleng sa gago. Ka jalo, simololang go gapa lefatshe la gagwe mme lo lwe le ene. 25 Mo letsatsing leno ke tla simolola go dira gore batho botlhe ba ba mo lefatsheng ba ba utlwang pego ka ga gago ba tshoge ba bo ba go boife. Ba tla fuduega e bile ba tla roroma* ka ntlha ya gago.’+

26 “Foo ke ne ka romela barongwa go tswa kwa nageng ya Kedemothe+ go ya kwa go Kgosi Sihone wa Heshebone, ba tshotse mafoko ano a kagiso,+ 27 ‘Mma ke kgabaganye mo lefatsheng la gago. Ke tla tsamaya fela mo tseleng mme ga nkitla ke fapogela ka fa mojeng kgotsa ka fa molemeng.+ 28 Ke tla ja fela dijo tse o tla di nthekisetsang e bile ke tla nwa fela metsi a o tla a nthekisetsang. Ntetle fela go kgabaganya ka dinao 29 go fitlha ke kgabaganya Joredane ke tsena mo lefatsheng le Jehofa, Modimo wa rona a le re nayang. Seno ke se ditlogolwana tsa ga Esau tse di nnang kwa Seire le Bamoabe ba ba nnang kwa Ara ba neng ba se ntirela.’ 30 Le fa go ntse jalo, Kgosi Sihone wa Heshebone o ne a se ka a re letla go kgabaganya ka gonne Jehofa, Modimo wa rona* o ne a mo letla gore a nne tlhogoethata+ le gore pelo ya gagwe e kgwaralale, e le gore a mo tsenye mo seatleng sa gago fela jaaka go diragetse gone jaanong.+

31 “Go tswa foo, Jehofa o ne a nthaya a re, ‘Bona, ke setse ke simolotse go go naya Sihone le lefatshe la gagwe. Simolola go gapa lefatshe la gagwe.’+ 32 E rile Sihone mmogo le batho botlhe ba gagwe ba tswa ba tla go re kgatlhantsha gore ba lwe le rona kwa Jahase,+ 33 Jehofa, Modimo wa rona o ne a re mo naya, mo re neng ra mo fenya le bomorwawe le batho botlhe ba gagwe. 34 Ka nako eo, re ne ra gapa metse yotlhe ya gagwe mme ra senya motse mongwe le mongwe, go akaretsa banna, basadi le bana. Ga re a ka ra tlogela mofalodi ope.+ 35 Ke leruo fela le re neng ra le ikgapela, mmogo le dilo tse re neng re di tsere mo metseng e re neng ra e gapa. 36 Go tswa kwa Aroere,+ e e fa losing lwa Mokgatšha* wa Arenone (go akaretsa le motse o o mo mokgatšheng), go ya go fitlha kwa Gileade, go ne go se na motse ope o re neng ra se ka ra o fitlhelela. Jehofa, Modimo wa rona o ne a re e naya yotlhe.+ 37 Le fa go ntse jalo, ga lo a ka lwa atamela lefatshe la Baamone,+ lotshitshi lotlhe lwa Mokgatšha* wa Jaboke+ le metse e e mo kgaolong e e dithaba kgotsa lefelo lepe fela le Jehofa, Modimo wa rona a neng a re thibetse go ya kwa go lone.

Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
Tswa
Tsena
  • Setswana
  • Romela
  • Tse O ka Di Tlhophang
  • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
  • Melawana ya Tiriso
  • Molawana wa Tshireletsego
  • Di-setting Tsa Websaete
  • JW.ORG
  • Tsena
Romela