LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • 1 Dikgosi 6
  • Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

Dintlha Tsa 1 Dikgosi

      • Solomone o aga tempele (1-38)

        • Phaposi e e kwa tengteng (19-22)

        • Ditšheruba (23-28)

        • Mekgabisa, mabati, lolwapa lo lo mo teng (29-36)

        • Tempele e wediwa morago ga dingwaga di le supa (37, 38)

1 Dikgosi 6:1

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Seheb., “bomorwa Iseraele.”

  • *

    Bona Dintlha B15.

  • *

    Bona Dintlha B8.

Ditshupiso

  • +Ek 12:14, 51
  • +1Dk 6:37
  • +1Dt 28:11, 12; 2Dt 3:1, 2

Dikgatiso Tse di Farologaneng

  • Kaedi ya go Dira Dipatlisiso

    Tsogang!,

    5/2012, ts. 17

    “Lokwalo Longwe le Longwe,” ts. 47

1 Dikgosi 6:2

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Seheb., “dikubita di le 60.” Bona Dintlha B14.

  • *

    Seheb., “dikubita di le 20.”

  • *

    Seheb., “dikubita di le 30.”

Ditshupiso

  • +2Dt 3:3; Esr 6:3

1 Dikgosi 6:3

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Seheb., “tempele ya ntlo.”

  • *

    Kgotsa “bophara.”

  • *

    Seheb., “dikubita di le 20.”

  • *

    Seheb., “dikubita di le 10.”

Ditshupiso

  • +2Dt 3:4

1 Dikgosi 6:4

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Kgotsa “difensetere tse di gabilweng.”

Ditshupiso

  • +Esk 41:26

1 Dikgosi 6:5

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Fano go buiwa ka phaposi ya Boitshepo.

Ditshupiso

  • +Lef 16:2; 2Dt 5:7; Bah 9:3
  • +1Dk 6:10; Esk 41:5, 26

1 Dikgosi 6:6

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Seheb., “dikubita di le tlhano.”

  • *

    Seheb., “dikubita di le thataro.”

  • *

    Seheb., “dikubita di le supa.”

Ditshupiso

  • +Esk 41:6, 7

1 Dikgosi 6:7

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Kgotsa “dihamole.”

Ditshupiso

  • +1Dk 5:17

1 Dikgosi 6:8

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Seheb., “moja.”

Ditshupiso

  • +Esk 41:11

1 Dikgosi 6:9

Ditshupiso

  • +1Dk 6:38
  • +1Dk 5:6; 6:20

1 Dikgosi 6:10

Ditshupiso

  • +1Dk 6:5

1 Dikgosi 6:12

Ditshupiso

  • +Dut 17:18, 19; 1Dk 8:25; 1Dt 28:9
  • +2Sa 7:13; 1Dt 22:9

1 Dikgosi 6:13

Ditshupiso

  • +Ek 25:8; Lef 26:12; Pes. 132:13
  • +1Dt 28:20

1 Dikgosi 6:15

Ditshupiso

  • +1Dk 5:8; 2Dt 3:5

1 Dikgosi 6:16

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Go tewa mo teng ga ntlo.

Ditshupiso

  • +1Dk 6:5
  • +2Dt 3:8, 9; Bah 9:3

1 Dikgosi 6:17

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Go tewa phaposi ya Boitshepo, e e neng e le fa pele ga phaposi ya Boitshepo Jwa Maitshepo.

  • *

    Seheb., “dikubita di le 40.” Bona Dintlha B14.

Ditshupiso

  • +Bah 9:2

1 Dikgosi 6:18

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Kgotsa “dithunya.”

Ditshupiso

  • +1Dk 7:24
  • +Ek 25:33

1 Dikgosi 6:19

Ditshupiso

  • +Bah 9:3
  • +Ek 40:21; 1Dk 8:6

1 Dikgosi 6:20

Ditshupiso

  • +1Dk 6:16
  • +Ek 30:1; 1Dk 7:48

1 Dikgosi 6:21

Ditshupiso

  • +Ek 26:29; 2Dt 3:7
  • +Ek 26:33

1 Dikgosi 6:22

Ditshupiso

  • +Ek 30:1, 3; 40:5

1 Dikgosi 6:23

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Seheb., “logong lwa leokwane,” gongwe phaene ya Alepo.

Ditshupiso

  • +Ge 3:24; 2Dk 19:15; Pes. 99:1
  • +2Dt 3:10-13; 5:8

1 Dikgosi 6:27

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Go tewa phaposi ya Boitshepo Jwa Maitshepo.

Ditshupiso

  • +Pes. 80:1; Isa 37:16; Bah 9:4, 5

1 Dikgosi 6:29

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Seheb., “mo teng le kwa ntle.”

Ditshupiso

  • +2Dt 3:14
  • +Esk 41:17, 18
  • +Ek 25:33; 1Dk 6:18

1 Dikgosi 6:31

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Gongwe go buiwa ka go dirwa ga foreimi ya lebati kgotsa ka selekanyo sa mabati.

1 Dikgosi 6:33

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Fano go buiwa ka phaposi ya Boitshepo.

  • *

    Gongwe go buiwa ka go dirwa ga foreimi ya lebati kgotsa ka selekanyo sa mabati.

1 Dikgosi 6:34

Ditshupiso

  • +Esk 41:24, 25

1 Dikgosi 6:36

Ditshupiso

  • +Ek 27:9; 2Dt 4:9; 7:7
  • +1Dk 7:12

1 Dikgosi 6:37

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Bona Dintlha B15.

Ditshupiso

  • +1Dk 6:1

1 Dikgosi 6:38

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Bona Dintlha B15.

Ditshupiso

  • +1Dt 28:11, 12

Ditemana Tse dingwe

1 Dikg. 6:1Ek 12:14, 51
1 Dikg. 6:11Dk 6:37
1 Dikg. 6:11Dt 28:11, 12; 2Dt 3:1, 2
1 Dikg. 6:22Dt 3:3; Esr 6:3
1 Dikg. 6:32Dt 3:4
1 Dikg. 6:4Esk 41:26
1 Dikg. 6:5Lef 16:2; 2Dt 5:7; Bah 9:3
1 Dikg. 6:51Dk 6:10; Esk 41:5, 26
1 Dikg. 6:6Esk 41:6, 7
1 Dikg. 6:71Dk 5:17
1 Dikg. 6:8Esk 41:11
1 Dikg. 6:91Dk 6:38
1 Dikg. 6:91Dk 5:6; 6:20
1 Dikg. 6:101Dk 6:5
1 Dikg. 6:12Dut 17:18, 19; 1Dk 8:25; 1Dt 28:9
1 Dikg. 6:122Sa 7:13; 1Dt 22:9
1 Dikg. 6:13Ek 25:8; Lef 26:12; Pes. 132:13
1 Dikg. 6:131Dt 28:20
1 Dikg. 6:151Dk 5:8; 2Dt 3:5
1 Dikg. 6:161Dk 6:5
1 Dikg. 6:162Dt 3:8, 9; Bah 9:3
1 Dikg. 6:17Bah 9:2
1 Dikg. 6:181Dk 7:24
1 Dikg. 6:18Ek 25:33
1 Dikg. 6:19Bah 9:3
1 Dikg. 6:19Ek 40:21; 1Dk 8:6
1 Dikg. 6:201Dk 6:16
1 Dikg. 6:20Ek 30:1; 1Dk 7:48
1 Dikg. 6:21Ek 26:29; 2Dt 3:7
1 Dikg. 6:21Ek 26:33
1 Dikg. 6:22Ek 30:1, 3; 40:5
1 Dikg. 6:23Ge 3:24; 2Dk 19:15; Pes. 99:1
1 Dikg. 6:232Dt 3:10-13; 5:8
1 Dikg. 6:27Pes. 80:1; Isa 37:16; Bah 9:4, 5
1 Dikg. 6:292Dt 3:14
1 Dikg. 6:29Esk 41:17, 18
1 Dikg. 6:29Ek 25:33; 1Dk 6:18
1 Dikg. 6:34Esk 41:24, 25
1 Dikg. 6:36Ek 27:9; 2Dt 4:9; 7:7
1 Dikg. 6:361Dk 7:12
1 Dikg. 6:371Dk 6:1
1 Dikg. 6:381Dt 28:11, 12
  • Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
  • 1
  • 2
  • 3
  • 4
  • 5
  • 6
  • 7
  • 8
  • 9
  • 10
  • 11
  • 12
  • 13
  • 14
  • 15
  • 16
  • 17
  • 18
  • 19
  • 20
  • 21
  • 22
  • 23
  • 24
  • 25
  • 26
  • 27
  • 28
  • 29
  • 30
  • 31
  • 32
  • 33
  • 34
  • 35
  • 36
  • 37
  • 38
Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
1 Dikgosi 6:1-38

Dikgosi wa Ntlha

6 Mo ngwageng wa bo480 fa Baiseraele* ba sena go tswa kwa lefatsheng la Egepeto,+ mo ngwageng wa bonê fa Solomone a sena go nna kgosi mo Iseraele, mo kgweding ya Sife*+ (go tewa kgwedi ya bobedi), Solomone o ne a simolola go aga ntlo ya ga Jehofa.*+ 2 Ntlo e Kgosi Solomone a neng a e agela Jehofa e ne e le boleele jwa dimetara di le 27,* bophara jwa dimetara di le 9* le bogodimo jwa dimetara di ka nna 13.*+ 3 Mathudi+ a a fa pele ga tempele* a ne a le boleele* jwa dimetara di le robongwe,* a lekana le bophara jwa ntlo. Boteng jwa one e ne e le dimetara di ka nna nnê le halofo* go tswa fa pele ga ntlo.

4 O ne a direla ntlo difensetere tsa diforeimi tse ditshesane.*+ 5 Mo godimo ga moo, o ne a aga kago e e ka fa letlhakoreng fa thoko ga lobota lwa ntlo; e ne e dikologa dipota tsa ntlo, tsa tempele* le tsa phaposi e e kwa tengteng,+ mme o ne a dira matlwana go e dikologa.+ 6 Letlhatlaganyane le le kwa tlase la matlwana ao le ne le le bophara jwa disentimetara di ka nna 223,* le le fa gare le ne le le bophara jwa dimetara di ka nna pedi le halofo,* mme la boraro le ne le le bophara jwa dimetara di le tharo,* ka gonne o ne a dirile lobota go dikologa ntlo gore dikota di nne mo go lone mme di se ka tsa tshwaragana le dipota tsa ntlo.+

7 Ntlo e ne ya agiwa ka maje a a tswang mo kwaring a a neng a setse a betlilwe,+ mo e leng gore go ne ga se ka ga utlwiwa dihamore* kgotsa dilepe kgotsa didirisiwa dipe tsa tshipi fa e ne e agiwa. 8 Kgoro ya ntlwana e e kwa tlase e ne e le mo letlhakoreng la borwa* la ntlo,+ mme go ne go na le ditepisi tse di itshokeletsang tse di tlhatlogelang kwa letlhatlaganyaneng le le fa gare, mme go tswa mo letlhatlaganyaneng le le fa gare di ne di tlhatlogela kwa letlhatlaganyaneng la boraro. 9 O ne a tswelela a aga ntlo eo a bo a e fetsa+ mme o ne a e direla borulelo ka dikota tsa mosedara le dipolanka tsa mosedara di dirilwe mela.+ 10 O ne a aga matlwana go dikologa ntlo,+ nngwe le nngwe ya one e le bogodimo jwa disentimetara di ka nna 223, mme a ne a tshwaragantswe le ntlo ka dikota tsa mosedara.

11 Mo nakong eo, Jehofa o ne a raya Solomone a re: 12 “Fa o ka tsamaya mo melaong ya me o bo o diragatsa dikatlholo tsa me e bile o boloka ditaolo tsa me tsotlhe ka go tsamaya mo go tsone,+ le nna ke tla diragatsa tsholofetso ya me mo go wena e ke e diretseng Dafide rrago, e leng lefoko le le amanang le ntlo eno e o e agang.+ 13 Mme ke tla aga mo Baiseraeleng,+ e bile ga nkitla ke latlha batho ba me ba Iseraele.”+

14 Solomone o ne a tswelela a aga ntlo go fitlha a e fetsa. 15 O ne a aga dipota tsa ntlo tse di ka fa teng ka diboto tsa mosedara. O ne a manega dipota tse di ka fa teng ka logong, go simologa mo bodilong jwa ntlo go ya kwa ditlhomesong tsa borulelo, mme o ne a manega diboto tsa mofira mo bodilong jwa ntlo.+ 16 Mme o ne a aga karolo ya dimetara di le robongwe e e kwa morago mo ntlong ka diboto tsa mosedara, go simologa mo bodilong go fitlha kwa ditlhomesong, mme mo teng ga yone* a aga phaposi e e kwa tengteng,+ e leng Boitshepo Jwa Maitshepo.+ 17 Mme tempele,*+ e leng karolo ya ntlo e e fa pele ga yone, e ne e le dimetara di le 18.* 18 Mosedara o o ka fa teng ga ntlo o ne o gabilwe makatane+ le malômô* a a thuntseng.+ Gotlhe fela e ne e le mosedara; go ne go se na leje lepe le le bonalang.

19 Mme o ne a baakanya phaposi e e kwa tengteng+ e e mo ntlong gore a beye letlole la kgolagano ya ga Jehofa mo go yone.+ 20 Phaposi e e kwa tengteng e ne e le boleele jwa dimetara di le 9, bophara jwa dimetara di le 9 le bogodimo jwa dimetara di le 9;+ mme o ne a e manega ka gauta e e sa tswakanngwang; o ne a manega sebeso+ ka mosedara. 21 Solomone o ne a manega ntlo mo teng ka gauta e e sa tswakanngwang+ a bo a lepeletsa dikeetane tsa gauta fa pele ga phaposi e e kwa tengteng+ e e neng e manegilwe ka gauta. 22 O ne a manega ntlo yotlhe ka gauta go fitlha ntlo yotlhe e wediwa; gape o ne a manega sebeso+ sotlhe se se gaufi le phaposi e e kwa tengteng ka gauta.

23 O ne a dira ditšheruba+ tse pedi ka logong lwa phaene* mo phaposing e e kwa tengteng, nngwe le nngwe ya tsone e le boleele jwa dimetara di ka nna nnê le halofo.+ 24 Lefuka le le lengwe la tšheruba le ne le le disentimetara di ka nna 223, mme lefuka le lengwe la tšheruba le ne le le disentimetara di ka nna 223. Go tswa kwa ntlheng ya lefuka le lengwe go ya kwa ntlheng ya lefuka le lengwe e ne e le dimetara di ka nna nnê le halofo. 25 Tšheruba ya bobedi le yone e ne e le dimetara di ka nna nnê le halofo. Ditšheruba tse pedi tseo di ne di lekana e bile di bopegile ka go tshwana. 26 Tšheruba e le nngwe e ne e le boleele jwa dimetara di ka nna nnê le halofo, mme go ne go ntse jalo le ka tšheruba e nngwe. 27 Go tswa foo, o ne a tsenya ditšheruba+ mo ntlong e e kwa teng.* Diphuka tsa ditšheruba di ne di tsharolotswe mo e leng gore lefuka la tšheruba e nngwe le ne le fitlha kwa loboteng lo longwe mme lefuka la tšheruba e nngwe le fitlha kwa loboteng lo longwe, mme diphuka tse di neng di tsharololetswe go ela kwa bogareng jwa ntlo, di ne di kgomana. 28 Mme o ne a manega ditšheruba tseo ka gauta.

29 Mme mo dipoteng tsotlhe tsa ntlo gotlhe fela mo diphaposing tse di mo teng le tse di kwa ntle,* o ne a gaba ditshwantsho tsa ditšheruba,+ ditlhare tsa mokolane+ le malômô a a thuntseng.+ 30 O ne a manega bodilo jwa ntlo ka gauta, mo diphaposing tse di ka fa teng le tse di kwa ntle. 31 Mme kgoro ya phaposi e e kwa tengteng o ne a e direla mabati a logong lwa phaene, dipilara tsa mo matlhakoreng le diforeimi, e le karolo ya botlhano.* 32 Mabati ao a mabedi e ne e le a logong lwa phaene, mme mo go one o ne a gaba ditšheruba, ditlhare tsa mokolane le malômô a a thuntseng, mme o ne a di manega ka gauta; o ne a papetlela gauta mo ditšherubeng le mo ditlhareng tsa mokolane. 33 Eo ke tsela e ka yone a neng a direla kgoro ya tempele* diforeimi tsa logong lwa phaene, e e neng e le ya karolo ya bonê.* 34 Mme o ne a dira mabati a mabedi a logong lwa mofira. Lebati le lengwe le ne le na le matlhakore a mabedi a a neng a retologa mo ditshitswaneng, mme lebati le lengwe le ne le na le matlhakore a mabedi a a neng a retologa mo ditshitswaneng.+ 35 O ne a gaba mo go one ditšheruba, ditlhare tsa mokolane le malômô a a thuntseng a bo a manega gauta mo ditshwantshong tseo.

36 O ne a aga lolwapa lo lo mo teng+ ka mela e meraro ya maje a a betlilweng le ka mola wa dikota tsa mosedara.+

37 Mo ngwageng wa bo4, mo kgweding ya Sife,* motheo wa ntlo ya ga Jehofa o ne wa thaiwa;+ 38 mme mo ngwageng wa bo11, mo kgweding ya Bule* (go tewa kgwedi ya borobedi), ntlo e ne ya wediwa mo dikarolong tsotlhe tsa yone le go dumalana le polane ya yone.+ Ka jalo, o ne a e aga dingwaga di le supa.

Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
Tswa
Tsena
  • Setswana
  • Romela
  • Tse O ka Di Tlhophang
  • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
  • Melawana ya Tiriso
  • Molawana wa Tshireletsego
  • Di-setting Tsa Websaete
  • JW.ORG
  • Tsena
Romela