Dipesalema
Go mokaedi; e opelwe le diletswa tsa megala. Pesalema ya ga Dafide.
61 Ao tlhe Modimo, utlwa selelo sa me sa go kopa thuso.
A ko o reetse thapelo ya me ka kelotlhoko.+
2 Ke tla goela kwa go wena ke le kwa mafelelong a lefatshe
Fa maikutlo a me a le kwa tlase.+
Nkise kwa lefikeng le le kwa godimo go mpheta.+
3 Gonne o botshabelo jwa me,
Tora e e nonofileng e e ntshireletsang mo mmabeng.+
4 Ke tla nna moeng mo tenteng ya gago ka bosakhutleng;+
Ke tla tshabela ka fa tlase ga diphuka tsa gago.+ (Selah)
5 Gonne Modimo wa me, o utlwile maikano a me.
O nneile boswa jo o bo nayang batho ba ba boifang leina la gago.+
6 O tla oketsa botshelo* jwa kgosi ka malatsi a mangwe,+
Mme dingwaga tsa gagwe di tla tswelela go tswa kokomaneng go ya kokomaneng.