LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • Pesalema 18
  • Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

Dintlha Tsa Dipesalema

      • Go baka Modimo ka ntlha ya poloko

        • “Jehofa ke lefika la me” (2)

        • Jehofa o ikanyega mo go ba ba ikanyegang (25)

        • Tsela ya Modimo e itekanetse (30)

        • “Boikokobetso jwa gago bo dira gore ke nne mogolo” (35)

Pesalema 18:Maf

Ditshupiso

  • +2Sa 22:1

Pesalema 18:1

Ditshupiso

  • +Pes. 18:32; Isa 12:2

Pesalema 18:2

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Bona Ditlhaloso Tsa Mafoko.

  • *

    Kgotsa “mmoloki wa me yo o maatla.”

  • *

    Kgotsa “kago ya me e e sireletsegileng.”

Ditshupiso

  • +Pes. 3:3; 37:39, 40; 40:17
  • +Dut 32:4
  • +Ge 15:1; 2Sa 22:2-4

Dikgatiso Tse di Farologaneng

  • Kaedi ya go Dira Dipatlisiso

    Tora ya Tebelo,

    5/1/2009, ts. 14

Pesalema 18:3

Ditshupiso

  • +Pes. 50:15

Pesalema 18:4

Ditshupiso

  • +1Sa 20:3; Pes. 116:3
  • +2Sa 20:1; 22:5, 6; Pes. 22:16

Pesalema 18:5

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Kgotsa “Sheole.” Bona Ditlhaloso Tsa Mafoko.

Ditshupiso

  • +Mor 9:12

Pesalema 18:6

Ditshupiso

  • +Pes. 11:4
  • +2Sa 22:7; Pes. 10:17; 34:15; 1Pe 3:12

Pesalema 18:7

Ditshupiso

  • +Baa 5:4
  • +2Sa 22:8-16; Pes. 77:18

Pesalema 18:8

Ditshupiso

  • +Isa 30:27

Pesalema 18:9

Ditshupiso

  • +Pes. 144:5; Isa 64:1
  • +2Sa 22:10

Pesalema 18:10

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Kgotsa “phefo.”

Ditshupiso

  • +Pes. 99:1
  • +Pes. 104:3; Bah 1:7

Pesalema 18:11

Ditshupiso

  • +Pes. 97:2
  • +Job 36:29

Pesalema 18:13

Ditshupiso

  • +1Sa 2:10; 7:10
  • +2Sa 22:14; Pes. 29:3

Pesalema 18:14

Ditshupiso

  • +Isa 30:30
  • +Job 36:32; Pes. 144:6

Pesalema 18:15

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Kgotsa “mesele ya metsi.”

Ditshupiso

  • +Pes. 74:15; 106:9; 114:1, 3
  • +Ek 15:8; 2Sa 22:16

Pesalema 18:16

Ditshupiso

  • +2Sa 22:17-20; Pes. 124:2-4

Pesalema 18:17

Ditshupiso

  • +Pes. 3:7
  • +Pes. 35:10

Pesalema 18:18

Ditshupiso

  • +1Sa 19:11; 23:26

Pesalema 18:19

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Kgotsa “lefelong le le bulegileng.”

Ditshupiso

  • +Pes. 149:4

Pesalema 18:20

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Seheb., “ka gonne ke phepa.”

Ditshupiso

  • +1Sa 26:23; 1Dk 8:32
  • +1Sa 24:11; 2Sa 22:21-25; Pes. 24:3, 4

Pesalema 18:23

Ditshupiso

  • +Pes. 84:11
  • +2Sa 22:24; Dia 14:16

Pesalema 18:24

Ditshupiso

  • +Isa 3:10; Bah 11:6
  • +2Sa 22:25; Dia 5:21

Pesalema 18:25

Ditshupiso

  • +Pes. 97:10
  • +2Sa 22:26-31; Job 34:11; Jer 32:19

Pesalema 18:26

Ditshupiso

  • +Mat 5:8
  • +Pes. 125:5

Pesalema 18:27

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Kgotsa “ba ba bogisiwang.”

  • *

    Seheb., “matlho a a ikgodisang.”

Ditshupiso

  • +Job 34:28
  • +Dia 6:16, 17; Isa 2:11; Luk 18:14

Pesalema 18:28

Ditshupiso

  • +Pes. 97:11; Isa 42:16

Pesalema 18:29

Ditshupiso

  • +2Sa 5:19; Bah 11:32-34
  • +2Sa 22:30; Baf 4:13

Pesalema 18:30

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Seheb., “se itekanetse.”

Ditshupiso

  • +Dut 32:4; Dan 4:37; Tsh 15:3
  • +Pes. 12:6; 19:8
  • +Pes. 18:2; 84:11

Dikgatiso Tse di Farologaneng

  • Kaedi ya go Dira Dipatlisiso

    Tora ya Tebelo,

    9/1/2005, ts. 28

Pesalema 18:31

Ditshupiso

  • +Pes. 86:8; Isa 45:5
  • +Dut 32:31; 1Sa 2:2; 2Sa 22:32-43

Pesalema 18:32

Ditshupiso

  • +Pes. 84:5, 7
  • +Isa 26:7

Pesalema 18:33

Ditshupiso

  • +Hab 3:19

Pesalema 18:35

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Kgotsa “nnonotsha.”

Ditshupiso

  • +Ge 15:1; Dut 33:29; Pes. 28:7
  • +2Sa 22:36; Pes. 113:6-8

Dikgatiso Tse di Farologaneng

  • Kaedi ya go Dira Dipatlisiso

    Atamalana le Jehofa, ts. 201

    Tora ya Tebelo,

    8/1/2004, ts. 9

Pesalema 18:36

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Kgotsa “Manyengana.”

Ditshupiso

  • +Pes. 17:5

Pesalema 18:38

Ditshupiso

  • +Pes. 2:8, 9

Pesalema 18:39

Ditshupiso

  • +Pes. 44:5

Pesalema 18:40

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Kgotsa “O tla nnaya mekwatla ya baba ba me.”

  • *

    Seheb., “didimatsa.”

Ditshupiso

  • +2Sa 22:41; Pes. 34:21

Pesalema 18:43

Ditshupiso

  • +1Sa 30:6
  • +2Sa 8:3; Pes. 2:8
  • +2Sa 22:44-46

Pesalema 18:44

Ditshupiso

  • +Dut 33:29

Pesalema 18:45

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Kgotsa “ba tla nyelela.”

Pesalema 18:46

Ditshupiso

  • +Dut 32:4
  • +Ek 15:2; 2Sa 22:47-49

Pesalema 18:47

Ditshupiso

  • +Dut 32:35; Nah 1:2; Bar 12:19

Pesalema 18:48

Ditshupiso

  • +2Sa 7:9; Pes. 59:1

Pesalema 18:49

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Kgotsa “letsa mmino.”

Ditshupiso

  • +Dut 32:43; Pes. 117:1; Isa 11:10
  • +2Sa 22:50, 51; 1Dt 16:9; Bar 15:9

Pesalema 18:50

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Kgotsa “O tlisetsa kgosi ya gagwe diphenyo tse dikgolo.”

Ditshupiso

  • +Pes. 2:6; 144:10
  • +2Sa 7:15-17; 1Dk 3:6
  • +Pes. 89:20, 36; Isa 9:7; Luk 1:32, 33; Tsh 5:5

Ditemana Tse dingwe

Pes. 18:Maf2Sa 22:1
Pes. 18:1Pes. 18:32; Isa 12:2
Pes. 18:2Pes. 3:3; 37:39, 40; 40:17
Pes. 18:2Dut 32:4
Pes. 18:2Ge 15:1; 2Sa 22:2-4
Pes. 18:3Pes. 50:15
Pes. 18:41Sa 20:3; Pes. 116:3
Pes. 18:42Sa 20:1; 22:5, 6; Pes. 22:16
Pes. 18:5Mor 9:12
Pes. 18:6Pes. 11:4
Pes. 18:62Sa 22:7; Pes. 10:17; 34:15; 1Pe 3:12
Pes. 18:7Baa 5:4
Pes. 18:72Sa 22:8-16; Pes. 77:18
Pes. 18:8Isa 30:27
Pes. 18:9Pes. 144:5; Isa 64:1
Pes. 18:92Sa 22:10
Pes. 18:10Pes. 99:1
Pes. 18:10Pes. 104:3; Bah 1:7
Pes. 18:11Pes. 97:2
Pes. 18:11Job 36:29
Pes. 18:131Sa 2:10; 7:10
Pes. 18:132Sa 22:14; Pes. 29:3
Pes. 18:14Isa 30:30
Pes. 18:14Job 36:32; Pes. 144:6
Pes. 18:15Pes. 74:15; 106:9; 114:1, 3
Pes. 18:15Ek 15:8; 2Sa 22:16
Pes. 18:162Sa 22:17-20; Pes. 124:2-4
Pes. 18:17Pes. 3:7
Pes. 18:17Pes. 35:10
Pes. 18:181Sa 19:11; 23:26
Pes. 18:19Pes. 149:4
Pes. 18:201Sa 26:23; 1Dk 8:32
Pes. 18:201Sa 24:11; 2Sa 22:21-25; Pes. 24:3, 4
Pes. 18:23Pes. 84:11
Pes. 18:232Sa 22:24; Dia 14:16
Pes. 18:24Isa 3:10; Bah 11:6
Pes. 18:242Sa 22:25; Dia 5:21
Pes. 18:25Pes. 97:10
Pes. 18:252Sa 22:26-31; Job 34:11; Jer 32:19
Pes. 18:26Mat 5:8
Pes. 18:26Pes. 125:5
Pes. 18:27Job 34:28
Pes. 18:27Dia 6:16, 17; Isa 2:11; Luk 18:14
Pes. 18:28Pes. 97:11; Isa 42:16
Pes. 18:292Sa 5:19; Bah 11:32-34
Pes. 18:292Sa 22:30; Baf 4:13
Pes. 18:30Dut 32:4; Dan 4:37; Tsh 15:3
Pes. 18:30Pes. 12:6; 19:8
Pes. 18:30Pes. 18:2; 84:11
Pes. 18:31Pes. 86:8; Isa 45:5
Pes. 18:31Dut 32:31; 1Sa 2:2; 2Sa 22:32-43
Pes. 18:32Pes. 84:5, 7
Pes. 18:32Isa 26:7
Pes. 18:33Hab 3:19
Pes. 18:35Ge 15:1; Dut 33:29; Pes. 28:7
Pes. 18:352Sa 22:36; Pes. 113:6-8
Pes. 18:36Pes. 17:5
Pes. 18:38Pes. 2:8, 9
Pes. 18:39Pes. 44:5
Pes. 18:402Sa 22:41; Pes. 34:21
Pes. 18:431Sa 30:6
Pes. 18:432Sa 8:3; Pes. 2:8
Pes. 18:432Sa 22:44-46
Pes. 18:44Dut 33:29
Pes. 18:46Dut 32:4
Pes. 18:46Ek 15:2; 2Sa 22:47-49
Pes. 18:47Dut 32:35; Nah 1:2; Bar 12:19
Pes. 18:482Sa 7:9; Pes. 59:1
Pes. 18:49Dut 32:43; Pes. 117:1; Isa 11:10
Pes. 18:492Sa 22:50, 51; 1Dt 16:9; Bar 15:9
Pes. 18:50Pes. 2:6; 144:10
Pes. 18:502Sa 7:15-17; 1Dk 3:6
Pes. 18:50Pes. 89:20, 36; Isa 9:7; Luk 1:32, 33; Tsh 5:5
  • Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
  • 1
  • 2
  • 3
  • 4
  • 5
  • 6
  • 7
  • 8
  • 9
  • 10
  • 11
  • 12
  • 13
  • 14
  • 15
  • 16
  • 17
  • 18
  • 19
  • 20
  • 21
  • 22
  • 23
  • 24
  • 25
  • 26
  • 27
  • 28
  • 29
  • 30
  • 31
  • 32
  • 33
  • 34
  • 35
  • 36
  • 37
  • 38
  • 39
  • 40
  • 41
  • 42
  • 43
  • 44
  • 45
  • 46
  • 47
  • 48
  • 49
  • 50
Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
Pesalema 18:1-50

Dipesalema

Go mokaedi. Pina e motlhanka wa ga Jehofa e bong Dafide a neng a e opelela Jehofa mo letsatsing le Jehofa a neng a mo golola ka lone mo seatleng sa baba ba gagwe botlhe le mo seatleng sa ga Saulo. O ne a re:+

18 Ke a go rata, wena Jehofa nonofo ya me.+

 2 Jehofa ke lefika la me le kago ya me e e thata e bile ke Ene yo o nkgololang.+

Modimo wa me ke lefika+ la me, yo ke tshabelang kwa go ene,

Thebe ya me le lonaka* lwa me lwa poloko,* lefelo la me la botshabelo le le sireletsegileng.*+

 3 Ke biletsa kwa go Jehofa, yo o tshwanelwang ke go bakwa,

Mme ke tla gololwa mo babeng ba me.+

 4 Dikgole tsa loso di ne di mpofile thata;+

Banna ba ba se nang mosola ba ba jaaka merwalela ya tshoganyetso ba ne ba ntshosa.+

 5 Dikgole tsa Lebitla* di ne di mpofile;

Loso lo ne lo mpeetse serai.+

 6 Ke ne ka bitsa Jehofa fa ke le mo matshwenyegong,

Ke ne ka nna ka goela kwa Modimong wa me ke kopa thuso.

O ne a utlwa lentswe la me a le kwa tempeleng ya gagwe,+

Mme selelo sa me ke kopa thuso se ne sa fitlha mo ditsebeng tsa gagwe.+

 7 Foo lefatshe le ne la simolola go tshikinyega le go reketla;+

Metheo ya dithaba e ne ya roroma

Mme ya kgotlhokgotshega ka gonne Modimo a ne a galefisitswe.+

 8 Mosi o ne wa tlhatloga o tswa mo marobeng a dinko tsa gagwe,

Le molelo o o lailang o ne wa tswa mo molomong wa gagwe;+

Go ne ga tswa magala a a tukang mo go ene.

 9 O ne a dira gore magodimo a obege fa a ntse a fologa,+

Mme lefifi le lentshontsho le ne le le ka fa tlase ga dinao tsa gagwe.+

10 O ne a palama tšheruba mme a tla a fofa.+

O ne a tla ka bofefo a le mo diphukeng tsa moya.*+

11 Foo o ne a ikhurumetsa ka lefifi,+

Metsi a a lefifi le maru a mantshontsho+

A ne a mo dikologile gotlhe fela jaaka tente.

12 Mo phatsimong e e fa pele ga gagwe

Go ne ga tswa sefako le magala a a tukang mo marung.

13 Go tswa foo, Jehofa o ne a simolola go duma a le kwa magodimong;+

Mogodimodimo o ne a dira gore lentswe la gagwe le utlwiwe,+

Go ne ga na sefako le magala a a tukang.

14 O ne a hula metswi ya gagwe mme a ba gasamisa;+

O ne a latlhela legadima la gagwe mo go bone mme a ba tlhakanya tlhogo.+

15 Mme boalo jwa melatswana ya metsi* bo ne jwa bonala;+

Metheo ya lefatshe e ne ya senoga fa o kgalema, wena Jehofa,

E ne ya senolwa ke go tsubutla ga mohemo wa maroba a dinko tsa gago.+

16 O ne a otlolola seatla sa gagwe a le kwa godimo;

O ne a ntshwara mme a nkgoga gore ke tswe mo metsing a a boteng.+

17 O ne a nkgolola mo mmabeng wa me yo o nonofileng,+

Mo go ba ba ntlhoileng, ba ba neng ba nonofile go mpheta.+

18 Ba ne ba ntlhasela mo letsatsing la fa ke ne ke le mo masetlapelong,+

Le fa go ntse jalo, Jehofa o ne a nkema nôkeng.

19 O ne a ntlisa mo lefelong le le sireletsegileng;*

O ne a nkgolola ka gonne ke ne ke mo itumedisa.+

20 Jehofa o nnaya maduo ka gonne ke siame;+

O a ntuela ka gonne ga ke na molato.*+

21 Gonne ke ikobela melao ya ga Jehofa ka metlha,

E bile ga ke a dira selo se se bosula ka go latlha Modimo wa me.

22 Dikatlholo tsa gagwe tsotlhe di fa pele ga me;

Ga nkitla ke itlhokomolosa melao ya gagwe.

23 Ke tla nna ke le yo o siameng fa pele ga gagwe,+

E bile ke tla ithiba gore ke se ka ka dira molato ope.+

24 E kete Jehofa a ka ntuela go ya ka tshiamo ya me,+

Go ya ka go tlhoka molato ga diatla tsa me fa pele ga gagwe.+

25 Fa motho a ikanyega, o mo direla ka boikanyegi;+

Fa motho a se na molato, o dirisana le ene ka go tlhoka molato;+

26 Fa motho a le molemo, o mo direla se se molemo,+

Le fa go ntse jalo, fa motho a tsietsa, wena o itshupa o le botlhale.+

27 Gonne o golola batho ba maemo a a kwa tlase*+

Le fa go ntse jalo, o kokobetsa ba ba ikgodisang.*+

28 Gonne wena Jehofa, ke wena o tshubang lobone lwa me,

O Modimo wa me yo o dirang gore lefifi le le ntikologileng le fetoge lesedi.+

29 Ka thuso ya gago nka kgona go tlhasela setlhopha sa dirukutlhi;+

Ka maatla a Modimo nka kgona go tlola lobota.+

30 Sengwe le sengwe se Modimo wa boammaaruri a se dirang ga se na molato;*+

Lefoko la ga Jehofa le itshekile.+

Modimo ke thebe mo go botlhe ba ba tshabelang mo go ene.+

31 Tota Modimo ke mang kwantle ga ga Jehofa?+

E bile lefika ke mang fa e se Modimo wa rona?+

32 Modimo wa boammaaruri ke ene yo o nnayang maatla,+

Mme o tla tlhamalatsa ditsela tsa me.+

33 O dira gore dinao tsa me di nne jaaka tsa kgama;

O nkemisa mo mafelong a a kwa godimo.+

34 O katisetsa diatla tsa me ntwa;

Mabogo a me a kgona go oba bora jwa kopore.

35 O nnaya thebe ya gago ya poloko,+

Seatla sa gago sa moja se a ntshegetsa,*

Mme boikokobetso jwa gago bo dira gore ke nne mogolo.+

36 O direla dikgato tsa me tselana e e bulegileng;

Dinao* tsa me ga di kitla di relela.+

37 Ke tla lelekisa baba ba me ke bo ke ba tshwara;

Ga nkitla ke boa go fitlha ba fedisitswe.

38 Ke tla ba thubaganya gore ba se ka ba kgona go ema;+

Ba tla wela ka fa tlase ga dinao tsa me.

39 O tla nnaya maatla gore ke ye tlhabanong;

O tla dira gore baba ba me ba phutlhame ka fa tlase ga me.+

40 O tla dira gore baba ba me ba ntshabe,*

Mme ke tla fedisa* ba ba ntlhoileng.+

41 Ba goa ba kopa thuso, mme ga go na yo o ba gololang;

E bile ba goela kwa go Jehofa, mme ga a ba arabe.

42 Ke tla ba thuga gore ba nne boleta jaaka lorole mo phefong;

Ke tla ba latlhela kwa ntle jaaka seretse mo mebileng.

43 O tla nkgolola mo bathong ba ba tshwayatshwayang diphoso.+

O tla ntlhoma gore ke nne tlhogo ya ditšhaba.+

Batho ba ke iseng ke tsamaye ke ba itse ba tla ntirela.+

44 Fa ba utlwa pego ka ga me ba tla inkobela;

Batswakwa ba tla tla ba ikokobeditse fa pele ga me.+

45 Batswakwa ba tla kgobega marapo;*

Ba tla tswa mo dikagong tsa bone tse di thata ba roroma.

46 Jehofa o a tshela! A go bakwe Lefika la me!+

A Modimo wa poloko ya me a godisiwe.+

47 Modimo wa boammaaruri o diragatsa pusoloso mo boemong jwa me;+

O baya ditšhaba ka fa tlase ga me.

48 O mphalotsa mo babeng ba me ba ba galefileng;

O ntsholeletsa kwa godimo ga ba ba ntlhaselang;+

O nkgolola mo mothong yo o ratang thubakanyo.

49 Ke gone ka moo ke tla go galaletsang mo ditšhabeng Jehofa,+

Mme ke tla opelela* leina la gago dipako.+

50 O dira ditiro tse dikgolo gore a boloke kgosi ya gagwe;*+

O bontsha motlodiwa wa gagwe lorato lo lo sa kgaotseng,+

O lo bontsha Dafide le losika lwa gagwe ka bosakhutleng.+

Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
Tswa
Tsena
  • Setswana
  • Romela
  • Tse O ka Di Tlhophang
  • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
  • Melawana ya Tiriso
  • Molawana wa Tshireletsego
  • Di-setting Tsa Websaete
  • JW.ORG
  • Tsena
Romela